Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Solofela mo go Jehofa Mme o Nne Pelokgale

Solofela mo go Jehofa Mme o Nne Pelokgale

Solofela mo go Jehofa Mme o Nne Pelokgale

“Solofela mo go Jehofa; nna pelokgale mme o letle pelo ya gago e nonofe. Ee, solofela mo go Jehofa.”—PESALEMA 27:14.

1. Tsholofelo e botlhokwa go le kana kang, mme lefoko leno le dirisiwa jang mo Dikwalong?

TSHOLOFELO ya mmatota e tshwana le lesedi le legolo. E re thusa go leba ka kwa ga diteko tse re lebaneng le tsone gone jaanong le go lebana le isagwe ka bopelokgale le ka boipelo. Ke Jehofa fela yo o ka re nayang tsholofelo e e tlhomameng, e a re nayang yone ka Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng. (2 Timotheo 3:16) Tota e bile, mafoko “tsholofelo,” “solofetse,” le “solofela” a tlhaga ka makgetlo a a fetang 160 mo Baebeleng mme a kaya go letela sengwe se se molemo ka tlhoafalo le ka tlhomamo. * Tsholofelo e e ntseng jalo e feta kgakala keletso fela e e sa reng sepe, e e ka tswang e se na motheo kana e ka nna ya se ka ya diragadiwa.

2. Tsholofelo e ile ya nna le seabe sefe mo botshelong jwa ga Jesu?

2 Fa Jesu a ne a lebane le diteko le mathata, o ne a leba ka kwa ga se se neng se mo diragalela ka nako eo mme a solofela mo go Jehofa. “Ka ntlha ya boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe o ne a itshokela kota ya tlhokofatso, a nyatsa ditlhong, mme o ntse kafa seatleng sa moja sa setulo sa bogosi sa Modimo.” (Bahebera 12:2) E re ka Jesu a ne a tlhomile mogopolo thata mo tebelelong ya go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa le go itshepisa leina la gagwe, o ne a se ka a fapoga mo tseleng ya gagwe ya go ikobela Modimo, go sa kgathalasege gore seo se ne se tla felela ka eng.

3. Tsholofelo e na le seabe sefe mo botshelong jwa batlhanka ba Modimo?

3 Kgosi Dafide o umaka tsela e tsholofelo le bopelokgale di amanang ka yone fa a re: “Solofela mo go Jehofa; nna pelokgale mme o letle pelo ya gago e nonofe. Ee, solofela mo go Jehofa.” (Pesalema 27:14) Fa re batla pelo ya rona go nonofa, le ka motlha ga re a tshwanela go letla tsholofelo ya rona e koafala, go na le moo, re tshwanetse go nna re akantse ka yone le go e tsaya e le botlhokwa. Go dira jalo go tla re thusa go etsa Jesu mo go bontsheng bopelokgale le tlhagafalo fa re ntse re nna le seabe mo tirong e a abetseng barutwa ba gagwe go e dira. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Ee ruri, mo Baebeleng tsholofelo e umakwa mmogo le tumelo le lorato, ke nonofo e e botlhokwa e e nnelang ruri e batlhanka ba Modimo ba e bontshang ka bontsi.—1 Bakorintha 13:13.

A o ‘Tota mo Tsholofelong’?

4. Bakeresete ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe” ba solofetse eng ka tlhoafalo?

4 Batho ba Modimo ba letetswe ke isagwe e e itumedisang. Bakeresete ba ba tloditsweng ba letetse ka tlhoafalo go ya go dira le Keresete kwa legodimong, fa “dinku tse dingwe” tsone di solofetse go “gololwa mo go nneng motlhanka wa go bola mme [ba] nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo [ba mo lefatsheng].” (Johane 10:16; Baroma 8:19-21; Bafilipi 3:20) ‘Kgololesego eo e e galalelang’ e akaretsa go gololwa mo boleong le mo matsweleng a jone a a sa itumediseng. Ee ruri, Jehofa—Moabi wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng”—o tla abela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang mpho e e molemo fela.—Jakobe 1:17; Isaia 25:8.

5. Re ka kgona jang go ‘tota mo tsholofelong’?

5 Tsholofelo ya Bokeresete e tshwanetse go nna le seabe se se kana kang mo botshelong jwa rona? Baroma 15:13 ya re: “E kete Modimo yo o nayang tsholofelo a ka lo tlatsa ka boipelo jotlhe le kagiso ka go dumela ga lona, gore lo tote mo tsholofelong ka maatla a moya o o boitshepo.” Ee, tsholofelo e ka tshwantshiwa, e seng le lesedinyana la kerese mo lefifing, mme le marang a a phatsimang thata a letsatsi la mo mosong, a tlatsa botshelo jwa motho ka kagiso, boitumelo, boikaelelo le bopelokgale. Ela tlhoko gore re ka ‘tota mo tsholofelong’ fa re dumela Lefoko la Modimo le le kwadilweng le go amogela moya wa gagwe o o boitshepo. Baroma 15:4 ya re: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” Ka gone, ipotse jaana: ‘A ke boloka tsholofelo ya me e ntse e nonofile ka go ithuta Baebele ka tlhagafalo, ke e bala letsatsi le letsatsi? A ke rapelela moya wa Modimo gangwe le gape?’—Luke 11:13.

6. Re tshwanetse go ithiba mo go eng e le gore re boloke tsholofelo ya rona e ntse e nonofile?

6 Jesu, Motlhomasekao wa rona o ne a nonotshiwa ke Lefoko la Modimo. Ka go sekaseka sekao sa gagwe ka kelotlhoko, re tila go ‘lapa le gore meya ya rona e se ka ya felelwa ke thata.’ (Bahebera 12:3) Ga go pelaelo gore fa tsholofelo ya rona e re e filweng ke Modimo e koafala mo megopolong le mo dipelong tsa rona kana fa re simolola re tlhoma mogopolo mo dilong di sele—gongwe mo dilong tse di bonalang kana mo mekgeleng ya selefatshe—go ise go ye kae re tla simolola go otsela semoyeng mme seo kgabagare se tla dira gore re se ka ra tlhola re nna le nonofo le bopelokgale jwa go tshela go ya ka melaometheo ya boitshwaro. Fa re na le tsela e e ntseng jalo ya go akanya, re ka nna ra ba ra “senyegelwa ke tumelo [ya rona] jaaka go thubega ga sekepe.” (1 Timotheo 1:19) Kafa letlhakoreng le lengwe, tsholofelo ya boammaaruri e nonotsha tumelo ya rona.

Tsholofelo e Botlhokwa mo go Nneng le Tumelo

7. Tsholofelo e botlhokwa go le kana kang mo tumelong?

7 Baebele ya re: “Tumelo ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” (Bahebera 11:1) Ka gone, tsholofelo ga se nonofo fela e e amanang le tumelo; ke karolo ya konokono ya tumelo. Akanya ka Aborahame. Fa o leba dilo go ya kafa rona batho re di lebang ka teng, ene le mosadi wa gagwe Sara, ba ne ba setse ba fetile dingwaga tsa go tshola bana fa Jehofa a ne a ba solofetsa go nna le moruaboswa. (Genesise 17:15-17) Aborahame o ile a tsibogela seo jang? “Le mororo a ne a sa tlhole a na le tsholofelo, le fa go ntse jalo o ne a na le tumelo e thailwe mo tsholofelong, gore a tle a nne rre wa ditšhaba di le dintsi.” (Baroma 4:18) Ee, tsholofelo e Aborahame a neng a e neilwe ke Modimo e ne ya dira gore tumelo ya gagwe ya gore o tla nna le moruaboswa, e nne le motheo o o tlhomameng. Seo se ne sa dira gore tumelo ya gagwe e godise tsholofelo ya gagwe le go e nonotsha. Ee, Aborahame le Sara ba ile ba bo ba nna le bopelokgale jwa go tlogela legae la bone le ba masika a bone mme ba tshela botshelo jwa bone jotlhe ba nna mo megopeng mo nageng ya seeng!

8. Go nna boitshoko ka boikanyegi go nonotsha tsholofelo jang?

8 Aborahame o ne a boloka tsholofelo ya gagwe e nonofile ka go ikobela Jehofa ka botlalo, tota le fa go ne go se motlhofo go dira jalo. (Genesise 22:2, 12) Ka tsela e e tshwanang, ka go nna kutlo le ka go itshoka mo tirelong ya ga Jehofa, re ka tlhomamisega ka tuelo ya rona. Paulo o ile a re: “Boitshoko” bo felela ka “boemo jo bo amogelesegang,” mme boemo jo bo amogelesegang jone, bo tlhagisa tsholofelo, “mme tsholofelo ga e swabise.” (Baroma 5:4, 5) Ke gone ka moo Paulo a ileng a bua gape jaana: “Re eletsa gore mongwe le mongwe wa lona a bontshe botlhaga jo bo tshwanang gore lo nne le tlhomamisego e e tletseng ya tsholofelo go fitlha fela kwa bokhutlong.” (Bahebera 6:11) Tsela e e ntseng jalo e e molemo ya go leba dilo, e e ikaegileng ka go nna le kamano ya botsala jo bogolo le Jehofa, e ka re thusa go lebana le bothata bope fela ka bopelokgale.

“Ipeleng mo Tsholofelong”

9. Re ka dira eng ka metlha se se ka re thusang go ‘ipela mo tsholofelong’?

9 Tsholofelo e re e filweng ke Modimo e feta kgakala sepe fela se lefatshe le ka re solofetsang sone. Pesalema 37:34 ya re: “Solofela mo go Jehofa mme o boloke tsela ya gagwe, mme o tla go godisa gore o rue lefatshe. Fa baikepi ba kgaolwa, o tla bona seo.” Ee, re na le mabaka a a utlwalang a gore re ‘ipele mo tsholofelong.’ (Baroma 12:12) Le fa go ntse jalo, gore re kgone go dira jalo re tshwanetse go nna re akantse ka tsholofelo eno ya rona. A ka metlha o akanya ka tsholofelo eno e o e filweng ke Modimo? A o tle o ipone o le mo Paradaiseng, o na le botsogo jo bo molemo, o se na ditlhobaelo, o tshela le batho ba o ba ratang, mme o dira tiro e e kgotsofatsang? A o tle o tlhatlhanye ka ditshwantsho tsa Paradaise tse di mo dikgatisong tsa rona? Go akanya jalo ka metlha ka dilo tseno go ka tshwantshiwa le go phimola fensetere e o ka e dirisang go leba bontle jwa lefelo ka yone. Fa re tlhokomologa go phimola fensetere, leswe le mamoto a yone a ka dira gore re se ka ra bona bontle jwa lefelo leo sentle. Re ka simolola go ngokiwa kgatlhego ke dilo tse dingwe. A le ka motlha re se letle seo se re diragalela!

10. Ke eng fa go letela tuelo go ama kamano ya rona le Jehofa ka tsela e e molemo?

10 Ke boammaaruri gore, lebaka le legolo la go bo re direla Jehofa ke ka gonne re mo rata. (Mareko 12:30) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go letela tuelo ka tlhoafalo. Tota e bile, Jehofa o lebeletse gore re dire jalo! Bahebera 11:6 ya re: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go mo itumedisa sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” Ke eng fa Jehofa a batla gore re mo tseye e le Moduedi? Ka gonne fa re dira jalo, re bontsha gore re itse Rraarona wa kwa legodimong sentle. O pelotshweu e bile o rata bana ba gagwe. Akanya fela gore go ne go ka hutsafatsa jang ga ba ga nna motlhofo jang gore re kgobege marapo fa re ne re se na “isagwe le tsholofelo.”—Jeremia 29:11.

11. Tsholofelo e e tswang kwa Modimong e ne ya thusa Moshe jang go dira ditshwetso tse di siameng?

11 Sekao se se molemo sa motho yo o neng a nna a tlhomile mogopolo mo tsholofelong e a e abetsweng ke Modimo ke Moshe. E re ka Moshe e ne e le “morwa morwadia Faro,” o ne a na le tshono ya go nna le taolo, maemo le khumo ya Egepeto. A o ne a tla gagamalela dilo tseno, kana o ne a tla direla Jehofa? Ka bopelokgale o ne a tlhopha go direla Jehofa. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a “leba ka tlhomamo kwa go neweng maduo.” (Bahebera 11:24-26) Ee, ruri Moshe o ne a se ka a itlhokomolosa tsholofelo e Jehofa a neng a mo abetse yone.

12. Ke eng fa tsholofelo ya Bokeresete e tshwana le tlhoro ya phemelo?

12 Moaposetoloi Paulo o ne a bapisa tsholofelo le tlhoro ya phemelo. Tlhoro ya rona ya phemelo ya tshwantshetso e sireletsa maatla a rona a go akanya, a a re kgontshang go dira ditshwetso tse di siameng, go ela tlhoko dilo tse e leng tsone di tlang pele le go boloka bothokgami. (1 Bathesalonika 5:8) A ka metlha o nna o rwele tlhoro ya gago ya phemelo? Fa o dira jalo, jaaka Moshe le Paulo, o tla dira gore tsholofelo ya gago e ikaege, e seng mo ‘dikhumong tse di sa tlhomamang, mme mo Modimong, yo o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re di ipelele.’ Ke boammaaruri gore go tlhoka motho bopelokgale go se latele bontsi ka go tila ditiro tsa bogagapa! Tota e bile, a go a utlwala gore motho a itetle go latlhegelwa ke “botshelo jwa mmatota,” jo bo tlileng go bonwa ke batho ba ba beileng tsholofelo ya bone mo go Jehofa e bile ba mo rata?—1 Timotheo 6:17, 19.

“Ga ke Na ke Go Tlogela ka Gope”

13. Jehofa o tlhomamisetsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang eng?

13 Batho ba ba beileng tsholofelo ya bone mo tsamaisong eno ya dilo ba tshwanetse go akanya thata ka dilo tse di sa itumediseng tse ba tlileng go lebana le tsone jaaka fa “ditlhabi tsa tlalelo” tsa lefatshe leno di ntse di oketsega. (Mathaio 24:8) Mme gone ba ba beileng tsholofelo ya bone mo go Jehofa ga ba na poifo e e ntseng jalo. Ba tla tswelela pele ba “nna ka polokesego mme ga [ba] na go tshwenngwa ke go boifa masetlapelo.” (Diane 1:33) E re ka ba sa baya tsholofelo ya bone mo tsamaisong ya jaanong ya dilo, ba sekegela tsebe kgakololo eno ya ga Paulo ka boipelo: “A mokgwa wa lona wa botshelo e se ka ya nna wa go rata madi, lo ntse lo kgotsofetse ka dilo tsa jaanong. Gonne o rile: ‘Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.’”—Bahebera 13:5.

14. Ke eng fa Bakeresete ba sa tshwanela go tlhobaela ka tsela e e feteletseng ka dilo tsa nama tse ba di tlhokang?

14 Mafoko ano a gatelela ka tsela e e utlwalang sentle gore Modimo o tla re tlhokomela. Jesu le ene o re tlhomamisetsa tsela e e lorato e Modimo a amegang ka yone ka rona: “Nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe [dilo tsa botshelo tse re di tlhokang] lo tla di okelediwa. Jalo, lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone.” (Mathaio 6:33, 34) Jehofa o a itse gore ga go motlhofo gore re tlhagafalele Bogosi jwa gagwe mme gape re tla re tlhokomela maikarabelo a rona a dilo tsa nama tse re di tlhokang. Ka gone, a re ikaegeng ka ene ka botlalo gore o na le bokgoni le keletso ya go re thusa ka dilo tse re di tlhokang.—Mathaio 6:25-32; 11:28-30.

15. Bakeresete ba ipoloka jang ba na le ‘leitlho le le sa raraanang’?

15 Re bontsha go ikaega ka Jehofa fa re boloka ‘leitlho la rona le sa raraana.’ (Mathaio 6:22, 23) Motho yo o nang le leitlho le le sa raraanang o tlhoafetse o na le maitlhomo a a siameng e bile ga a rate maemo ka bogagapa le ka bopelotshetlha. Go nna le leitlho le le sa raraanang ga go bolele gore re tshelele mo lehumeng le le tlhomolang pelo kana re tlhokomologe go dira maikarabelo a rona a Bokeresete. Go na le moo, go bolela gore re bontshe go “itekanela sentle ga mogopolo” fa re ntse re dira gore go direla Jehofa e nne gone go tlang pele mo botshelong jwa rona.—2 Timotheo 1:7.

16. Ke eng fa tumelo le bopelokgale di tlhokega gore re kgone go boloka leitlho la rona le sa raraana?

16 Go ipoloka o na le leitlho le le sa raraanang go tlhoka motho tumelo le bopelokgale. Ka sekai, fa mothapi a gatelela gore ka metlha o bereke nako e e oketsegileng ka nako e e leng ya dipokano, a ka bopelokgale o tla kgomarela dilo tsa semoya tse e leng tsone di tlang pele? Fa motho a sa dumele ka botlalo gore Jehofa o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla tlhokomela batlhanka ba gagwe, Satane o tla tlhoka fela gore a oketse kgatelelo e motho yoo a lebanang le yone mme motho yoo a ka tlogela gotlhelele go tlhola a nna gone mo dipokanong. Ee, go tlhaela tumelo ga rona go ka naya Satane tshono ya go nna ene yo o re laolang, a re direla tshwetso ya gore dilo tse di tlang pele mo botshelong ke dife, e seng Jehofa. A bo seo se ka utlwisa botlhoko jang ne!—2 Bakorintha 13:5.

“Solofela mo go Jehofa”

17. Batho ba ba ikanyang Jehofa ba duelwa jang le e leng gone jaanong?

17 Gangwe le gape Dikwalo di bontsha gore batho ba ba solofelang le go ikanya Jehofa ga ba ke ba latlhegelwa. (Diane 3:5, 6; Jeremia 17:7) Ke boammaaruri gore, ka dinako tse dingwe ba tshwanelwa ke go kgotsofalela go tshela fela ka go le go nnye, mme gone ba tsaya seo e se sepe fa se bapisiwa le masego a ba tlileng go nna le one. Ka gone ba bontsha gore ba “solofela mo go Jehofa” le gore ba dumela ba sa belaele gore kgabagare o tla abela batho ba gagwe ba ba ikanyegang dilo tsotlhe tse di siameng tse ba di eletsang. (Pesalema 37:4, 34) Ka gone, tota le gone jaanong ba itumetse ka botlalo. “Tebelelo ya basiami ke go ipela, mme tsholofelo ya baikepi e tla nyelela.”—Diane 10:28.

18, 19. (a) Ke mafoko afe a a lorato a Jehofa a re tlhomamisetsang ka one? (b) Re ka baya Jehofa jang kafa ‘letsogong la rona la moja’?

18 Fa mosimanyana yo monnye a tsamaya le rraagwe a mo tshwere seatla, o ikutlwa a sireletsegile. Go ntse jalo le ka rona fa re ntse re tsamaya le Rraarona wa kwa legodimong. Jehofa o ile a raya Iseraele a re: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. . . . Ke tla go thusa tota. . . . Gonne nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, Nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’”—Isaia 41:10, 13.

19 A bo seo e le setshwantsho se se amang pelo jang ne—Jehofa a re tshwere ka seatla! Dafide o ile a re: “Ke beile Jehofa fa pele ga me ka metlha. Ka gonne o kafa seatleng sa me sa moja, ga ke na go reketlisiwa.” (Pesalema 16:8) Re ka baya Jehofa jang kafa ‘seatleng sa rona sa moja’? Re dira jalo bobotlana ka ditsela tse pedi. Ya ntlha, re letla Lefoko la gagwe le re kaela mo go sengwe le sengwe se re se dirang mo botshelong; mme sa bobedi, re tlhoma mogopolo mo tuelong e e molemolemo e Jehofa a re solofetsang yone. Mopesalema Asafe o ile a opela jaana: “Ke na le wena ka metlha; o tshwere seatla sa me sa moja. O tla nkgoga ka kgakololo ya gago, mme morago ga moo o tla nkisa kgalalelong.” (Pesalema 73:23, 24) Ka mafoko ao a a re tlhomamisetsang, re ka lebana le isagwe re na le tshepo.

“Kgololo ya Lona e a Atamela”

20, 21. Batho ba ba solofelang mo go Jehofa ba letetswe ke isagwe e e ntseng jang?

20 Letsatsi lengwe le lengwe le le fetang le dira gore go potlake thata gore re nne re beile Jehofa kafa seatleng sa rona sa moja. Lefatshe la ga Satane le tla tloga le welwa ke pitlagano e e iseng e ko e nne gone pele, mme e tla simolola pele ka go senngwa ga bodumedi jwa maaka. (Mathaio 24:21) Batho ba ba se nang tumelo ba tla aparelwa ke poifo. Le fa go ntse jalo, ka nako eo ya khuduego e kgolo, batlhanka ba ga Jehofa ba ba pelokgale ba tla ipela mo tsholofelong ya bone! Jesu o ile a re: “Fa dilo tseno di simolola go diragala, emang lo tlhamaletse lo bo lo tsholetse ditlhogo tsa lona, ka gonne kgololo ya lona e a atamela.”—Luke 21:28.

21 Ka gone, a re ipeleng mo tsholofelong e re e abetsweng ke Modimo mme re se ka ra tsiediwa kana ra raelwa ke maano a a boferefere a ga Satane. Mme gape, a re lweng ka natla go nna le tumelo, lorato le poifomodimo. Fa re dira jalo, re tla nna le bopelokgale jwa go ikobela Jehofa mo maemong otlhe mme re ganetse Diabolo. (Jakobe 4:7, 8) Ee, “nnang pelokgale, mme e kete pelo ya lona e ka nonofa, lona lotlhe ba lo letileng Jehofa.”—Pesalema 31:24.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 1 Le mororo mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika lefoko “tsholofelo” gangwe le gape le kaya tuelo ya kwa legodimong ya Bakeresete ba ba tloditsweng, mo setlhogong seno, go tlotliwa ka lefoko tsholofelo ka kakaretso.

A o Ka Araba?

• Tsholofelo ya ga Jesu e ne ya mo thusa jang gore a nne pelokgale?

• Tumelo le tsholofelo di amana jang?

• Tsholofelo le tumelo di ka naya Mokeresete bopelokgale jang go itlhomela dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa gagwe?

• Ke eng fa batho ba ba ‘solofelang mo go Jehofa’ ba ka letela isagwe ba na le tshepo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

E ka ne o sa le monnye kana o godile, a o kgona go ipona o le mo Paradaiseng?