Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ruri re ka Kgona go Itse Modimo?

A Ruri re ka Kgona go Itse Modimo?

A Ruri re ka Kgona go Itse Modimo?

“Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka . . . Modimo yo o esi wa boammaaruri.”—JOHANE 17:3.

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a re: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso!” O ne a boa a re: “A bo dikatlholo tsa gagwe di ka se ka tsa hukutsega jang ne le ditsela tsa gagwe e le tse di sa ka keng tsa latedisiwa!” (Baroma 11:33) A go ya ka mafoko ano re tshwanetse go swetsa ka gore batho ba ka se kgone go bona botlhale le kitso ya Modimo, gore go ka se kgonege go mo itse mmogo le maikaelelo a gagwe?

Mo bathong ba ba ngangatletseng filosofi nngwe ya bodumedi karabo ke ee. The Encyclopedia of Religion e bua jaana ka filosofi eno: “Modimo o kwa godimo go feta sengwe le sengwe se se ka itsiweng ka ene. . . . Modimo a ka se bidiwe ka leina kana a tlhalosiwa. Leina le fa e le lefe kana tlhaloso le fa e le efe e mmeela melelwane, mme Modimo . . . ga a na melelwane. . . . Ga a kake a ithutiwa, ka gonne a ka se itsiwe.” *

Go ya ka makasine wa Newsweek, batho ba bantsi ba e seng badumedi ba sekametse mo go amogeleng “thuto e ntšha ya bodumedi” e e reng, “go na le boammaaruri bo le bongwe fela, mme boammaaruri jono ke gore ga go na boammaaruri.”

Le fa go ntse jalo, batho ba bantsi ga ba kgone go araba dipotso tse di mabapi le lebaka la go bo re tshela. Ba bona mathata a a ngomolang pelo a lehuma, bolwetse le thubakanyo. Batho ba ba ntseng jalo ba ka tswa ba kgobiwa marapo thata ke go bo botshelo bo sa tlhomama. Ba ka tswa ba eletsa thata go bona dikarabo, mme fa ba sa di bone ba swetsa ka gore ga di yo. Ka jalo, bontsi jwa batho ba ba ntseng jalo ba tlogetse bodumedi mme ba ipatlela tsela ya go atamela Modimo—fa e le gore ba sa ntse ba dumela gore tota o Modimo o teng.

Se Baebele e se Buang

Batho ba ba dumelang mo Baebeleng e bile ba dumela gore Jesu Keresete ke Mmueledi wa Modimo ba tshwanetse go kgatlhegela go itse se Baebele e se buang. Gongwe o a gakologelwa gore Jesu o kile a bua ka ditsela tse pedi, ‘tsela e e atlhameng e bile e bulegile e e isang tshenyegong’ le ‘tsela e e pitlaganeng e e isang botshelong.’ O ne a tlhalosa gore batho ba ba tsamayang mo ditseleng tseo tse pedi ba ka lemogiwa jang, a re: “Lo tla lemoga batho bao ka maungo a bone.” Ke maungo afe ao? Ka se ba se dirang, mme e seng ka se ba se buang jaaka Jesu a ile a tlhalosa a re: “Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re, ‘Morena, Morena,’ yo o tla tsenang mo bogosing jwa magodimo, mme yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa magodimong o tla tsena.” Ga go a lekana gore motho a ipolele gore o dumela mo Modimong. Re tshwanetse go dira thato ya Modimo. Ka jalo go a utlwala gore re tshwanetse go nna le kitso ya boammaaruri ka se thato ya Modimo e leng sone pele.—Mathaio 7:13-23.

Jesu o ne a tlhalosa gore go a kgonega gore batho ba nne le kitso ya boammaaruri ka Modimo. O ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Ka jalo go a bonala gore re ka nna le botlhale le kitso tse Modimo a di senolang fela fa re leka ka natla go di batla. Mpho ya Modimo mo bathong ba ba dirang jalo ke botshelo jo bo sa khutleng, ka jalo go batla jalo go ka re solegela molemo tota.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Batho ba madumedi a kwa Botlhaba a Sehindu, Se-Tao le Sebuda le bone ba dumela se se tshwanang.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Jesu o ne a re tsela e e pitlaganeng e isa botshelong