Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Oketsa Boipelo le Seriti sa Letsatsi la Gago la Lenyalo

Oketsa Boipelo le Seriti sa Letsatsi la Gago la Lenyalo

Oketsa Boipelo le Seriti sa Letsatsi la Gago la Lenyalo

GORDON, yo o nang le dingwaga di ka nna 60 a nyetse a re: “Letsatsi la me la lenyalo e ne e le lengwe la malatsi a a botlhokwa thata le a a itumedisang go a feta otlhe a botshelo jwa me.” Ke eng se se dirang gore letsatsi la lenyalo le nne botlhokwa jaana mo Bakereseteng ba boammaaruri? Ke gore ke letsatsi le ka lone ba dirang maikano a a boitshepo mo go bangwe ba ba ba ratang thata—mo molekaneng wa bone wa lenyalo le mo go Jehofa Modimo. (Mathaio 22:37; Baefeso 5:22-29) Ee, batho ba ba rulaganyetsang lenyalo ba batla go ipelela letsatsi la bone la lenyalo, mme gape ba batla go tlotla Mosimolodi wa lenyalo.—Genesise 2:18-24; Mathaio 19:5, 6.

Monyadi a ka dirang go oketsa seriti sa tiragalo eno e e itumedisang? Monyadiwa ene a ka dirang go bontsha gore o tlotla monna wa gagwe le Jehofa? Ba bangwe ba ba leng teng ba ka oketsa jang boipelo jwa letsatsi la lenyalo? Go akanya ka melaometheo mengwe ya Baebele go tla thusa go araba dipotso tseo, mme go dirisa melaometheo eo go tla fokotsa mathata ape a a neng a ka nna teng mme a sulafatsa tiragalo eno e e kgethegileng.

Ke Mang yo o Ikarabelelang?

Kwa dinageng di le dintsi, lenyalo le ka kwadisiwa kafa molaong ke modiredi wa Basupi ba ga Jehofa. Tota le kwa dinageng tse kwa go tsone manyalo a tshwanetseng a kwadisiwa ke magiseterata, banyalani ba ka nna ba batla go beelwa puo e e theilweng mo Baebeleng. Mo puong eno, gantsi monyadi o gopodiwa ka seabe se a se filweng ke Modimo sa go nna tlhogo ya lelapa. (1 Bakorintha 11:3) Fela jalo, monyadi ke ene a nang le boikarabelo jo bogolo ka se se tla diragalang kwa lenyalong. Gone ke boammaaruri gore gantsi dithulaganyo tsa lenyalo ka bolone le mokete o o ka latelang di dirwa go sa le gale. Ke ka ntlha yang fa seno e ka nna bothata?

Lebaka lengwe ke gore ba losika lwa monna kgotsa mosadi ba ka leka go nna le tlhotlheletso e kgolo mo dithulaganyong tsa lenyalo. Rodolfo, yo o nyadisitseng batho ba le bantsi, a re: “Ka dinako tse dingwe, monyadi o gatelelwa thata ke ba losika, bogolo jang fa e le gore ba thusa go duelela mokete wa lenyalo. Ba ka nna ba gagamalela gore dilo di dirwe ka tsela e e rileng ka nako ya lenyalo le kwa moketeng o o latelang. Seno se ka nyatsa seabe sa monyadi sa Dikwalo jaaka ene yo o ikarabelelang tiragalo eno.”

Max, yo o nang le dingwaga di feta 35 a ntse a nyadisa batho, o akgela jaana: “Ke etse tlhoko gore fa go ntse go ya, banyadiwa ke bone ba etelelang pele mo go direng ditshwetso tsa se se tla diragalang kwa manyalong le kwa moketeng wa lenyalo, banna bone ba sa bue sepe se se kalo.” David, yo le ene a nyadisitseng batho ba le bantsi, o akgela jaana: “Banyadi ba ka tswa ba sa tlwaela go etelela pele mme gantsi ga ba nne le seabe go le kalo mo go baakanyetseng lenyalo.” Monyadi a ka sikara boikarabelo jwa gagwe sentle jang?

Puisano e Oketsa Boipelo

E le gore monyadi a diragatse boikarabelo jwa gagwe sentle jwa go baakanyetsa lenyalo, go tshwanetse ga buisanwa sentle. Baebele e bolela jaana ka tlhamalalo: “Go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng.” (Diane 15:22) Le fa go ntse jalo, go ka tilwa mathata a mantsi ka gore monyadi a tlotle pele ka dithulaganyo tsa lenyalo le monyadiwa, ba lelapa le ba bangwe ba ba ka ba nayang kgakololo e e molemo e e theilweng mo Baebeleng.

Ee, go botlhokwa gore bobedi jo bo beeletsaneng bo tlotle mmogo pele ka dithulaganyo le dilo tse di ka diragalang. Ka ntlha yang? Utlwa mafoko a ga Ivan le mosadi wa gagwe, Delwyn, ba ba setseng ba na le dingwaga tse dintsi ba le mo lenyalong le le itumetseng mme ba goletse mo ditsong tse di sa tshwaneng. Ivan fa a gopola dithulaganyo tsa lenyalo la bone, a re: “Ke ne ke itse sentle gore ke batla lenyalo le le ntseng jang, go akaretsa mokete wa lenyalo o ditsala tsa me tsotlhe di neng di tla nna teng mo go one, kuku ya lenyalo, le mosadi wa me a apere mosese o mosweu wa lenyalo. Mme Delwyn ene o ne a batla lenyalo le lennye, le le se nang kuku ya lenyalo. E bile o ne a akantse go apara sengwe se sele e seng mosese o mosweu.”

Banyalani bano ba ne ba rarabolola kgang ya bone jang? Ka go buisana ka bopelonomi le ka boikanyegi. (Diane 12:18) Ivan o oketsa jaana: “Re ne ra bala ditlhogo tse di theilweng mo Baebeleng ka kgang ya manyalo, jaaka tse di gatisitsweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 15, 1984. * Tshedimosetso eno e ne ya re thusa go leba tiragalo eno ka tsela ya semoya. E re ka re godile ka ditsela tse di sa tshwaneng, mongwe le mongwe wa rona o ne a tshwanelwa ke go tlogela dilo dingwe tse a neng a di batla.”

Aret le Penny le bone ba ne ba dira se se tshwanang. Aret o bolela jaana ka letsatsi la bone la lenyalo: “Nna le Penny re ne ra tlotla ka dilo tse di farologaneng tse re ka ratang di direga kwa lenyalong, mme re ne ra kgona go dumalana. Re ne ra rapelela gore Jehofa a re segofatse mo letsatsing leo. Ke ne ka kopa kgakololo le mo batsading ba rona le mo banyalaning ba bangwe ba ba godileng mo phuthegong. Dikakantsho tsa bone di ne di le mosola thata. Re feleditse re na le lenyalo le lentle.”

Go Apara le go Ipaakanya ka Seriti

Go a utlwala gore monyadi le monyadiwa ba bo ba batla go lebega sentle ka lenyalo la bone. (Pesalema 45:8-15) Ba ka nna ba dirisa nako, boiteko le madi ba batla diaparo tse di tshwanelang. Ke melaometheo efe ya Baebele e e ka ba thusang go tlhopha moaparo o o nang le seriti e bile o le montle?

Akanya ka diaparo tsa monyadiwa ka letsatsi leo. Le fa batho ba farologana ka se ba se ratang, le mo dinageng tse di farologaneng go sa tlwaelwa dilo tse di tshwanang, kgakololo ya Baebele yone e dira gongwe le gongwe. Basadi ba tshwanetse gore ba “ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo.” Seo se ama basadi ba Bakeresete ka dinako tsotlhe, mme ruri se akaretsa letsatsi la lenyalo. Ntlha ke gore lenyalo le le monate ga le tlhoke “moaparo wa tlhwatlhwa e e kwa godimo thata.” (1 Timotheo 2:9; 1 Petere 3:3, 4) Ruri go a kgotsofatsa fa kgakololo eno e dirisiwa!

David, yo o umakilweng pelenyana, o akgela jaana: “Banyalani ba bantsi ba leka go latela melaometheo ya Baebele, mme ba tshwanetse go akgolwa. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe mesese ya banyadiwa le baemisi ba bone ga e bontshe bori, e ntsha sehuba thata kgotsa e a bonaletsa.” Mogolwane mongwe wa Mokeresete fa a kopana le monyadi le monyadiwa pele ga lenyalo, o ba thusa go dira dilo ka tsela ya Bokeresete. Jang? Ka go ba botsa gore a diaparo tse ba akantseng go di apara di tla bo di siametse gore ba ka di apara kwa pokanong ya Bokeresete. Gone ke boammaaruri gore diaparo tsa lenyalo e ka tswa e se mofuta o o aparwang kwa dipokanong mme e ka tswa e le mofuta o o aparwang ke banyadiwa mo lefelong la lona. Le fa go ntse jalo, di tshwanetse go supa bori go ya ka ditekanyetso tsa Bokeresete tse di nang le seriti. Le fa bangwe mo lefatsheng ba ka tsaya gore melao ya Baebele e a gatelela, Bakeresete ba boammaaruri ba kgotsofalela go gana maiteko a lefatshe a go ba pateletsa go bopega jaaka lone.—Baroma 12:2; 1 Petere 4:4.

Penny a re: “Nna le Aret ga re a ka ra tsaya diaparo tsa lenyalo kgotsa mokete e le tsone tsa botlhokwa thata, mme re ne ra tlhoma mogopolo mo tiragalong ya go nyala ka boyone, e e neng e le yone karolo ya botlhokwa go gaisa tse dingwe tsotlhe mo letsatsing leo. Dilo tsa botlhokwa tse ke di gopolang, ga se gore ke ne ke apere eng kgotsa ke ne ke ja eng, mme ke gore ke tlhotse le mang letsatsi leo le kafa ke neng ka itumela ka teng go nyalana le monna yo ke mo ratang.” Banyalani ba Bakeresete ba tshwanetse go nna ba gopotse dilo tse di ntseng jalo fa ba rulaganyetsa lenyalo la bone.

Holo ya Bogosi—Lefelo le le Nang le Seriti

Banyalani ba le bantsi ba Bakeresete ba rata go tshwarela lenyalo la bone mo Holong ya Bogosi fa e le teng. Ke ka ntlha yang fa ba rata jalo? Bangwe ba ne ba tlhalosa jaana: “Re ne re itse gore lenyalo ke thulaganyo e e boitshepo ya ga Jehofa. Go nyalana mo Holong ya Bogosi, lefelo la rona la kobamelo, go ne ga thusa go gatelela mo go rona go tloga fela kwa tshimologong gore Jehofa o ne a tshwanetse go nna karolo ya lenyalo la rona. Molemo o mongwe wa go tshwarela lenyalo mo Holong ya Bogosi e seng kwa lefelong le sele ke gore go ne go bontsha ba masika ba ba sa dumeleng ba ba tlileng lenyalong kafa re tsayang kobamelo ya rona go Jehofa e le botlhokwa ka teng.”

Fa bagolwane ba phuthego ba ba ikarabelelang ka Holo ya Bogosi ba letla gore lenyalo le tshwarelwe koo, banyalani ba tshwanetse ba ba itsise go sa le gale gore ba ikaeletse go baakanya Holo jang. Tsela nngwe e monyadi le monyadiwa ba ka bontshang gore ba tlotla balalediwa ka yone ke gore ba ititeye sehuba gore ba tshware nako kwa lenyalong. Mme ruri ba tla batla go tlhomamisa gore sengwe le sengwe se dirwa ka tsela e e nang le seriti. * (1 Bakorintha 14:40) Ka jalo ba tla tila mekgwa e e feteletseng ya go itshupa e e tlwaelegileng mo manyalong a mantsi a lefatshe.—1 Johane 2:15, 16.

Ba ba tlang lenyalong le bone ba ka bontsha gore ba leba lenyalo ka tsela ya ga Jehofa. Ka sekai, ba ka se lebelele gore lenyalo leno le gaise manyalo a mangwe a Bakeresete, jaaka e kete go na le kgaisano ya gore ke mang yo lenyalo la gagwe le leng lentle go gaisa a mangwe. Gape Bakeresete ba ba godileng semoyeng ba itse gore go nna teng kwa Holong ya Bogosi le go reetsa puo e e theilweng mo Baebeleng go botlhokwa e bile go mosola go feta go ya moketeng wa lenyalo. Fa nako kgotsa maemo a sa dumele gore Mokeresete a ye puong a bo a ye le kwa moketeng, ruri go ka nna botoka go ya Holong ya Bogosi. Mogolwane mongwe yo o bidiwang William a re: “Fa baeng ba tlogela go ya Holong ya Bogosi kwantle ga lebaka mme ba bo ba nna teng kwa moketeng moragonyana, seo se bontsha go se tlhaloganye kafa tiragalo eno e leng boitshepo ka teng. Tota le fa re sa lalediwa kwa moketeng, re ka bontsha go ema monyadi le monyadiwa nokeng mme re neye bosupi jo bo molemo mo masikeng a a sa dumeleng a a tlileng lenyalong ka go nna teng kwa Holong ya Bogosi.”

Go Itumela le Morago ga Letsatsi la Lenyalo Tota

Ba tsa papadi ba dirile lenyalo kgwebo e kgolo tota. Go ya ka pego nngwe ya bosheng, kwa United States, gantsi lenyalo le “tlhoka $22 000 [R145 000], kgotsa halofo ya madi a a amogelwang [ka ngwaga] ke lelapa kwa Amerika.” Batho ba bantsi ba ba nyalanang, kgotsa ba malapa a bone, ba tlhotlhelediwa ke tsa papatso go tsena mo sekolotong se segolo ka letsatsi leo le le losi, mme ba bo ba tshwanelwa ke go se duela dingwagangwaga. A eo ke tsela e e molemo ya go simolola lenyalo? Batho ba ba sa itseng melaometheo ya Baebele kgotsa ba ba se nang sepe le yone ba ka tlhopha magasigasi ao, mme Bakeresete ba boammaaruri ba farologane gotlhelele!

Banyalani ba le bantsi ba Bakeresete ba ile ba kgona go dirisa nako le dithoto tsa bone go dumalana le boineelo jwa bone mo Modimong ka go lekanyetsa lenyalo la bone gore ba kgone go le duelela le ka go tlhoma mogopolo mo karolong ya semoya ya tiragalo eno. (Mathaio 6:33) Ela tlhoko sekai sa ga Lloyd le Alexandra, ba ba ntseng ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng ka dingwaga di le 17 fa e sa le ba nyalane. Lloyd o akgela jaana: “Bangwe ba ka tswa ba ile ba tsaya gore lenyalo la rona le ne le se na dilo tse dintsi, mme nna le Alexandra re ne re itumetse tota. Re ne re dumela gore letsatsi la lenyalo la rona ga le a tshwanela go nna mokgweleo wa sekoloto se se tla re salang morago, mme e nne nako ya go keteka thulaganyo ya ga Jehofa ya go itumedisa batho ba babedi.”

Alexandra o oketsa jaana: “Ke simolotse go bula tsela pele re nyalana, mme ke ne ke sa batle go latlha tshiamelo eno fela gore ke nne le lenyalo la magasigasi. Letsatsi la rona la lenyalo le ne le kgethegile tota. Le fa go ntse jalo, e ne e le tshimologo fela ya botshelo jwa rona jwa lenyalo. Re dirisitse kgakololo ya gore re tile go tlhoma mogopolo thata mo letsatsing la go nyala, mme re batlile kaelo ya ga Jehofa mo matshelong a rona malebana le botshelo jwa lenyalo. Seno ruri se re tliseditse masego a ga Jehofa.” *

Ee, letsatsi la lenyalo la lona ke nako e e kgethegileng. Tsela e lo ikutlwang ka yone le e lo dirang dilo ka yone mo letsatsing leo, lo ka nna lwa tswelela lo dira ka yone le mo botshelong jwa lona jwa lenyalo mo dingwageng tse di tlang. Ka jalo, ikaegeng ka Jehofa gore a lo kaele. (Diane 3:5, 6) Dirang gore se se tla diregang mo letsatsing la lenyalo la lona e nne se se agang semoyeng. Mongwe le mongwe wa lona a eme yo mongwe nokeng mo seabeng se a se filweng ke Modimo. Ka go rialo lo ka thaya motheo o o nonofileng wa lenyalo la lona, mme ka thuso ya ga Jehofa, lo tla itumela ka tsela e e tla tswelelang pele le morago ga letsatsi la lona la lenyalo.—Diane 18:22.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 Go ne ga nna le tshedimosetso e e oketsegileng mo makasineng wa Tsogang! wa February 8, 2002, o o gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 20 Fa banyalani ba rulaganyetsa gore go nne le mongwe yo o tsayang dinepe kgotsa bidio kwa Holong ya Bogosi, ba tshwanetse ba tlhomamisa go sa le gale gore ga go sepe se se tla dirwang se se ka digang seriti sa lenyalo.

^ ser. 25 Bona tsebe 26 ya buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Banyalani ba tshwanetse ba buisana ka tshosologo mme e le ka tlotlo fa ba ntse ba rulaganyetsa lenyalo

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Dirang gore se se tla diregang mo letsatsing la lenyalo la lona e nne se se agang semoyeng