Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Leba Dilo Tse di Boitshepo ka Tsela e Jehofa a di Lebang ka Yone?

A o Leba Dilo Tse di Boitshepo ka Tsela e Jehofa a di Lebang ka Yone?

A o Leba Dilo Tse di Boitshepo ka Tsela e Jehofa a di Lebang ka Yone?

“Lo disitse ka kelotlhoko . . . gore go tle go se ka ga nna le mogokafadi ope le fa e le mongwe yo o sa anaaneleng dilo tse di boitshepo.”—BAHEBERA 12:15, 16.

1. Ke boikutlo bofe jwa gompieno jo batlhanka ba ga Jehofa ba se nang jone?

LEFATSHE ka kakaretso le nna le tlhokomologa dilo tse di boitshepo go ya pele. Moithutaloago wa Mofora e bong Edgar Morin o ile a re: “Dilo tsotlhe tse boitshwaro jo bo molemo bo ikaegileng ka tsone—Modimo, tlholego, nagagae, hisitori, mabaka—ga di tlhole di ikanngwa ka botlalo jaaka pele. . . . Batho ba batla go itlhophela boitsholo jo bone ba batlang go tshela ka jone.” Seno se bontsha “moya wa lefatshe,” kana “moya o jaanong o dirang mo baneng ba botlhokakutlo.” (1 Bakorintha 2:12; Baefeso 2:2) Batho ba ba ineetseng mo go Jehofa le ba ba ikobelang bolaodi jwa gagwe jo bo siameng ka go rata ga ba na moya o o ntseng jalo wa boitaolo. Go na le moo, batlhanka ba Modimo ba tsaya tsia seabe se se botlhokwa se boitshepo bo nang le sone mo kobamelong ya bone mo go Jehofa. Ke dilo dife mo botshelong jwa rona tse re tshwanetseng go di tsaya di le boitshepo? Mo setlhogong seno re tla sekaseka dilo di le tlhano tse di leng boitshepo mo batlhankeng botlhe ba Modimo. Setlhogo se se latelang sone se tla bua thata ka go nna boitshepo ga dipokano tsa rona tsa Bokeresete. Mme gone, lefoko “boitshepo” totatota le kaya eng?

2, 3. (a) Dikwalo di gatelela jang go nna boitshepo ga ga Jehofa? (b) Re bontsha jang gore re tsaya leina la ga Jehofa le le boitshepo?

2 Go ya ka Sehebera sa Baebele, lefoko “boitshepo” le naya kgopolo ya go tlhaolega. Mo kobamelong, “boitshepo” bo amana le sengwe se se tlhaolegileng mo dilong tse di tlwaelegileng, kana sengwe se se tsewang se le boitshepo. Jehofa o boitshepo ka ditsela tsotlhe. O bidiwa gore ke “Yo O Boitshepotshepo.” (Diane 9:10; 30:3) Kwa Iseraele wa bogologolo, moperesiti yo mogolo o ne a rwala sethathelela tlhogo se se nang le papetla ya gauta e e gabilweng mafoko a a reng, “Boitshepo ke jwa ga Jehofa.” (Ekesodo 28:36, 37) Kwa legodimong ditšheruba le boserafe ba ba emeng go dikologa setulo sa bogosi sa ga Jehofa ba tlhalosiwa mo Dikwalong ba bolela jaana: “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo Jehofa.” (Isaia 6:2, 3; Tshenolo 4:6-8) Go boaboeletsa lefoko boitshepo jalo go gatelela gore Jehofa o boitshepo, o phepa, e bile o itshekile ka selekanyo se segolo. Tota ke ene Motswedi wa boitshepo.

3 Leina la ga Jehofa le boitshepo. Mopesalema o ile a re: “A ba bake leina la gago. Le legolo e bile le a boitshega, le boitshepo.” (Pesalema 99:3) Jesu o ile a re ruta go rapela jaana: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe [kgotsa, le dirwe boitshepo; le tsewe le le boitshepo].” (Mathaio 6:9) Mmaagwe Jesu wa mo lefatsheng, e bong Maria, o ile a re: “Moya wa me o godisa Jehofa, . . . Yo o maatla o ntiretse ditiro tse dikgolo, e bile go boitshepo leina la gagwe.” (Luke 1:46, 49) Batlhanka ba ga Jehofa ba tsaya leina la gagwe le le boitshepo mme ba tila go dira sepe fela se se ka senyang leina la gagwe le le boitshepo. Mo godimo ga moo, re leba boitshepo go ya kafa Jehofa a bo lebang ka teng, ke gore, re tsaya dilo tse a di tsayang di le boitshepo, di le boitshepo.—Amose 5:14, 15.

Lebaka La go Bo re Tlotla Jesu ka Tlotlo e e Boteng

4. Ke eng fa Baebele e tlhalosa Jesu e le “Moitshepi”?

4 E re ka Jesu e le “morwa yo o tsetsweng a le esi” wa Modimo yo o boitshepo Jehofa, o bopilwe a le boitshepo. (Johane 1:14; Bakolosa 1:15; Bahebera 1:1-3) Ka gone, o bidiwa gore ke “Moitshepi wa Modimo.” (Johane 6:69) O ne a tswelela a le boitshepo jalo fa botshelo jwa gagwe jwa kwa legodimong bo ne bo fetisediwa mo lefatsheng, ka gonne Maria o ne a tshola Jesu ka thuso ya maatla a moya o o boitshepo. Moengele o ile a mo raya a re: “Moya o o boitshepo o tla tla mo go wena . . . se se tsalwang se tla bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.” (Luke 1:35) Fa Bakeresete ba kwa Jerusalema ba ne ba rapela Jehofa, ba ne ba bitsa Morwa Modimo gabedi ba re “motlhanka yo o boitshepo wa gago e bong Jesu.”—Ditiro 4:27, 30.

5. Ke kabelo efe e e boitshepo e Jesu a ileng a e dira mo lefatsheng, mme ke eng fa madi a gagwe a le botlhokwa?

5 Jesu o ne a na le kabelo e e boitshepo e a neng a tshwanelwa ke go e dira fa a le mo lefatsheng. Fa a ne a kolobediwa ka 29 C.E., o ne a tlodiwa go nna Moperesiti yo Mogolo wa tempele e kgolo ya ga Jehofa ya semoya. (Luke 3:21, 22; Bahebera 7:26; 8:1, 2) Mo godimo ga moo, o ne a tshwanetse go swa loso lwa go intsha setlhabelo. Madi a gagwe a a tsholotsweng a ne a tla nna thekololo e batho ba ba nang le boleo ba neng ba ka bolokwa ka yone. (Mathaio 20:28; Bahebera 9:14) Ka gone, re tsaya madi a ga Jesu e le selo se se “boitshepo.”—1 Petere 1:19.

6. Re ikutlwa jang ka Keresete Jesu, mme ka ntlha yang?

6 Moaposetoloi Paulo o ile a bolela jaana a bontsha gore re tlotla Kgosi le Moperesiti wa rona yo Mogolo, Jesu Keresete ka tlotlo e e boteng: “Modimo o ne a [godisetsa Morwawe] kwa boemong jo bo kwa godimo mme ka bopelonomi a mo naya leina le le kwa godimo ga leina lengwe le lengwe le sele, gore ka leina la ga Jesu lengole lengwe le lengwe le tle le obame la ba ba kwa legodimong le ba ba mo lefatsheng le ba ba kafa tlase ga lefatshe, le loleme longwe le longwe lo tle lo bolele ka phuthologo fa lo dumela gore Jesu Keresete ke Morena kgalalelong ya Modimo Rara.” (Bafilipi 2:9-11) Re bontsha gore re leba dilo tse di boitshepo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone ka go ikokobeletsa Moeteledipele le Kgosi ya rona e jaanong e busang, e bong Jesu Keresete, Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, ka go rata.—Mathaio 23:10; Bakolosa 1:18.

7. Re ka bontsha jang gore re ikokobeletsa Keresete?

7 Go ikokobeletsa Keresete gape go akaretsa gore re neele banna ba a ba dirisang go etelela pele mo tirong e gone jaanong a e kaelang, tlotlo e e ba tshwanetseng. Seabe sa batlodiwa ba e leng karolo ya Setlhopha se se Laolang le balebedi ba setlhopha seno se ba tlhomileng ba makala, ba dikgaolo, ba dipotologo le ba diphuthego, se tshwanetse sa dira gore re tseye boikarabelo jwa bone e le jo bo boitshepo. Ka gone, thulaganyo eno e re tlhoka gore re ba tlotle ka tlotlo e e boteng le go ba ikokobeletsa.—Bahebera 13:7, 17.

Batho ba ba Boitshepo

8, 9. (a) Baiseraele e ne e le setšhaba se se boitshepo ka tsela efe? (b) Jehofa o ne a gatelela molaomotheo wa go nna boitshepo jang mo Baiseraeleng?

8 Jehofa o ne a dira kgolagano le Iseraele. Kgolagano eo e ne ya dira gore setšhaba seo se sesha se nne le maemo a a kgethegileng. Ba ne ba itshekisiwa, kana ba dirwa gore ba tlhaolege. Jehofa ka boene o ile a ba raya a re: “Lo itshupe lo le boitshepo mo go nna, ka gonne nna Jehofa ke boitshepo; mme ke lo lomolola mo ditšhabeng gore lo nne ba me.”—Lefitiko 19:2; 20:26.

9 Go tloga fela kwa tshimologong ya setšhaba sa Iseraele, Jehofa o ne a gatelela mo setšhabeng seno botlhokwa jwa go nna boitshepo. Ba ne ba sa tshwanela le e leng go tshwara thaba e ba neng ba newa Melao e e Lesome mo go yone ka gonne seo se ne se tla felela ka loso. Ka nako eo Thaba ya Sinai e ne e tsewa e le boitshepo. (Ekesodo 19:12, 23) Thulaganyo ya boperesiti, motlaagana le dilwana tsa one le tsone di ne di tshwanetse go tsewa di le boitshepo. (Ekesodo 30:26-30) Go tweng ka phuthego ya Bokeresete?

10, 11. Ke eng fa go ka twe phuthego ya Bokeresete ya batlodiwa e boitshepo, mme seno se ama “dinku tse dingwe” ka tsela efe?

10 Jehofa o tsaya phuthego ya Bokeresete ya batlodiwa e le boitshepo. (1 Bakorintha 1:2) Tota e bile, setlhopha sotlhe sa Bakeresete ba ba tloditsweng mo lefatsheng se tshwantshiwa le tempele e e boitshepo, le mororo e se bone tempele e kgolo ya semoya ya ga Jehofa. Jehofa o nna mo tempeleng eo ka moya wa gagwe o o boitshepo. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Seoposengweng le [Keresete Jesu] kago yotlhe, ka e kopanngwa mmogo ka kutlwano, e gola e nna tempele e e boitshepo ya ga Jehofa. Seoposengweng le ene, le lona, lo agiwa mmogo go nna lefelo le Modimo a tla nnang mo go lone ka moya.”—Baefeso 2:21, 22; 1 Petere 2:5, 9.

11 Paulo o ile a tswelela ka go raya Bakeresete ba ba tloditsweng a re: “A ga lo itse gore lo tempele ya Modimo, le gore moya wa Modimo o nna mo go lona? . . . Tempele ya Modimo e boitshepo, tempele e lona lo leng yone.” (1 Bakorintha 3:16, 17) Jehofa o ‘nna’ mo gare ga batlodiwa e bile o ‘tsamaya mo gare ga bone’ ka moya wa gagwe. (2 Bakorintha 6:16) O tswelela pele go kaela “motlhanka” wa gagwe yo o ikanyegang. (Mathaio 24:45-47) “Dinku tse dingwe” di anaanela tshiamelo e di nang le yone ya go kopanela le setlhopha seno sa “tempele.”—Johane 10:16; Mathaio 25:37-40.

Dilo Tse di Boitshepo mo Botshelong Jwa Bakeresete

12. Ke dilo dife tse re di tsayang di le boitshepo mo botshelong jwa rona, mme ka ntlha yang?

12 Ga go gakgamatse go bo dilo di le dintsi tse di amanang le maloko a a tloditsweng a phuthego ya Bokeresete le ditsala tsa bone di tsewa di le boitshepo. Kamano ya rona le Jehofa ke sengwe sa dilo tse di boitshepo. (1 Ditiragalo 28:9; Pesalema 36:7) Re e tsaya e le botlhokwa thata jaana mo re sa letleng sepe kgotsa ope go koafatsa kamano ya rona le Modimo wa rona Jehofa. (2 Ditiragalo 15:2; Jakobe 4:7, 8) Thapelo e re thusa thata mo go ipolokeng re na le kamano e e molemo le Jehofa. Moporofeti Daniele o ne a tsaya thapelo e le boitshepo thata jaana mo a neng a tswelela ka tlwaelo ya gagwe ya go rapela Jehofa tota le fa go dira jalo go ne go ka tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing. (Daniele 6:7-11) “Dithapelo tsa baitshepi,” kana Bakeresete ba ba tloditsweng, di tshwantshiwa le maswalo a a neng a dirisiwa mo tempeleng. (Tshenolo 5:8; 8:3, 4; Lefitiko 16:12, 13) Mafoko ano a a tshwantshang a gatelela go nna boitshepo ga thapelo. A bo e le tshiamelo e e molemo jang ne go kgona go buisana le Molaodimogolo wa lobopo! Ke sone se re tsayang thapelo e le boitshepo mo botshelong jwa rona.

13. Ke maatla afe a a leng boitshepo, mme re ka tila jang go kgoreletsa go dira ga one mo botshelong jwa rona?

13 Go na le maatla a Bakeresete ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone ba a tsayang a le boitshepo mo botshelong jwa bone, maatla ao ke moya o o boitshepo. Moya oo ke maatla a a dirang a ga Jehofa, mme e re ka ka metlha o dira tumalanong le thato ya Modimo yo o Boitshepo, o bidiwa ka tshwanelo go twe ke “moya o o boitshepo.” (Johane 14:26; Baroma 1:4) Ka moya o o boitshepo, Jehofa o tlamela batlhanka ba gagwe ka maatla a go rera dikgang tse di molemo. (Ditiro 1:8; 4:31) Jehofa o abela batho “ba ba mo utlwang jaaka mmusi” moya wa gagwe, ba ba ‘nnang ba tsamaya ka moya,’ e seng go ya ka keletso ya senama. (Ditiro 5:32; Bagalatia 5:16, 25; Baroma 8:5-8) Maatla ano a a nonofileng a thusa Bakeresete go tlhagisa “maungo a moya”—dinonofo tse di molemo—le ‘ditiro tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo.’ (Bagalatia 5:22, 23; 2 Petere 3:11) Fa re tsaya moya o o boitshepo o le boitshepo, re tla tila go dira sepe fela se se ka o hutsafatsang, kana se se ka kgoreletsang go dira ga one mo botshelong jwa rona.—Baefeso 4:30.

14. Ke tshiamelo efe e batlodiwa ba e tsayang e le boitshepo, mme dinku tse dingwe le tsone di nna le seabe jang mo tshiamelong eo?

14 Selo se sengwe gape se re se tsayang se le boitshepo ke tshiamelo e re nang le yone ya go bidiwa ka leina la Modimo yo o boitshepo, Jehofa. (Isaia 43:10-12, 15) Jehofa ke ene yo o thusang Bakeresete ba ba tloditsweng go tshwanelega go nna “badiredi ba kgolagano e ntšha.” (2 Bakorintha 3:5, 6) Ka gone ba neilwe tiro ya go rera “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi” le go ‘dira batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.’ (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Ba dira tiro eo ka boikanyegi mme dimilione tsa batho ba sekadinku ba tsiboga jaana ka tsela ya tshwantshetso: “Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.” (Sekarea 8:23) Batho bano ba direla ka tsela ya semoya e le “balemirui” le ‘babaakanyi ba mefine’ ba “badiredi ba Modimo wa rona” ba ba tloditsweng. Ka tsela eo, ba dinku tse dingwe ba thusa batlodiwa fela thata mo go wetseng bodiredi jwa bone mo lefatsheng lotlhe.—Isaia 61:5, 6.

15. Ke tiro efe e moaposetoloi Paulo a ileng a e tsaya e le boitshepo, mme ke eng fa le rona re e tsaya e le boitshepo?

15 Moaposetoloi Paulo o ne a tsaya bodiredi jwa gagwe jwa phatlalatsa e le selo se se boitshepo. O ile a itlhalosa e le ‘motlhanka wa ga Keresete Jesu mo ditšhabeng, yo o tshwaregileng mo tirong e e boitshepo ya dikgang tse di molemo tsa Modimo.’ (Baroma 15:16) Fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba Korintha, o ile a bitsa bodiredi jwa gagwe a re ke “letlotlo.” (2 Bakorintha 4:1, 7) Ka bodiredi jwa rona jwa phatlalatsa, re itsise “ditaelo tse di boitshepo tsa Modimo.” (1 Petere 4:11) Ka gone, e ka ne re batlodiwa kana re dinku tse dingwe, re go tsaya e le tshiamelo e e boitshepo go nna le seabe mo tirong ya go neela bosupi.

“Re Itekanedisa Boitshepo mo go Boifeng Modimo”

16. Ke eng se se ka re thusang go tila go nna batho ba ba “sa anaaneleng dilo tse di boitshepo”?

16 Moaposetoloi Paulo o ile a tlhagisa Bakeresete ka ene gore ba se ka ba nna batho ba ba “sa anaaneleng dilo tse di boitshepo.” Go na le moo, o ne a ba gakolola gore ba ‘latelele boitshepiso,’ ‘ba dise ka kelotlhoko gore go tle go se nne le modi ope o o nang le botlhole o o ka melang mme wa baka letshwenyo le gore ba le bantsi ba se ka ba leswafadiwa ke one.’ (Bahebera 12:14-16) Mafoko a a reng ‘modi o o nang le botlhole’ a lebisitse go batho ba se kae mo phuthegong ya Bokeresete ba ba ka ratang go tshwayatshwaya diphoso tsela e dilo di dirwang ka yone. Ka sekai, ba ka nna ba se ka ba dumalana le tsela e Jehofa a lebang boitshepo jwa lenyalo ka yone kana botlhokwa jwa go ipoloka re le phepa mo boitsholong. (1 Bathesalonika 4:3-7; Bahebera 13:4) Kana ba ka anamisa dipuo tsa botlhanogi, “dipuo tse di se nang mosola tse di senyang boitsheko jwa se se boitshepo,” tse di buiwang ke batho ba ba ‘fapogileng mo boammaaruring.’—2 Timotheo 2:16-18.

17. Ke eng fa go tlhoka batlodiwa go nna ba tsaya matsapa a magolo go bontsha go leba boitshepo ka tsela e Jehofa a bo lebang ka yone?

17 Paulo o ile a kwalela bakaulengwe ba gagwe ba batlodiwa jaana: “Baratwa, a re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya, re itekanedisa boitshepo mo go boifeng Modimo.” (2 Bakorintha 7:1) Mafoko ano a bontsha gore Bakeresete ba ba tloditsweng, “ba ba nang le seabe mo pitsong ya selegodimo,” ba tshwanetse go nna ba tsaya matsapa a magolo go itshupa gore ba bontsha go leba boitshepo go ya ka tsela e Jehofa a bo lebang ka yone mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa bone. (Bahebera 3:1) Moaposetoloi Petere le ene o ile a gakolola bakaulengwe ba gagwe ba ba tloditsweng ka moya jaana: “Jaaka bana ba ba utlwang, tlogelang go bopega go ya ka dikeletso tse pele lo neng lo na le tsone mo go tlhokeng kitso ga lona, mme, tumalanong le Moitshepi yo o neng a lo bitsa, le lona ka bolona nnang boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa lona.”—1 Pet. 1:14, 15.

18, 19. (a) Batho ba “boidiidi jo bogolo” ba bontsha jang gore ba leba dilo tse di boitshepo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone? (b) Dilo tse dingwe tse di boitshepo mo botshelong jwa rona jwa Bokeresete tse go tla tlotliwang ka tsone mo setlhogong se se latelang ke dife?

18 Go tweng ka batho ba “boidiidi jo bogolo,” ba ba tla falolang “pitlagano e kgolo”? Le bone ba tshwanetse go supa gore ba leba dilo tse di boitshepo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone. Mo bukeng ya Tshenolo, ba tlhalosiwa ba direla Jehofa “tirelo e e boitshepo” mo lelwapeng lwa mo lefatsheng lwa tempele ya gagwe ya semoya. Ba bontsha go dumela setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete, mme ba ‘tlhatswitse diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana,’ ka tsela ya tshwantshetso. (Tshenolo 7:9, 14, 15) Seno se dira gore ba itumelele go amogelwa ke Jehofa mme go ba naya boikarabelo jwa gore ba ‘intlafatse leswe lengwe le lengwe la nama le moya, ba itekanedisa boitshepo mo go boifeng Modimo.’

19 Selo sa botlhokwa mo botshelong jwa Bakeresete ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone ke go kopana ka metlha go tla go obamela Jehofa le go ithuta Lefoko la gagwe. Jehofa o tsaya dikokoano tseno tsa batho ba gagwe di le boitshepo. Kgang ya gore re ka bontsha jang gore re leba dilo tse di boitshepo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone mo kgannyeng eno e e botlhokwa le gore ke eng fa re tshwanetse go dira jalo, go tla tlotliwa ka yone mo setlhogong se se latelang.

Go Boeletsa

• Ke boikutlo bofe jwa lefatshe jo batlhanka ba ga Jehofa ba se nang jone?

• Ke eng fa Jehofa e le Motswedi wa sengwe le sengwe se se boitshepo?

• Re ka bontsha jang gore re tlotla go nna boitshepo ga ga Keresete?

• Ke dilo dife tse re tshwanetseng go di tsaya di le boitshepo mo botshelong jwa rona?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Kwa Iseraeleng wa bogologolo, boperesiti, motlaagana le dilwana tsa one di ne di tshwanetse go tsewa di le boitshepo

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Bakeresete ba ba tloditsweng mo lefatsheng ke karolo ya tempele e e boitshepo

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Thapelo le bodiredi jwa rona jwa phatlalatsa ke dimpho tse di boitshepo