Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Daniel le Betšhe ya Gagwe ya Kopano

Daniel le Betšhe ya Gagwe ya Kopano

Daniel le Betšhe ya Gagwe ya Kopano

JESU o ne a kgalema baeteledipele ba bodumedi ba baitimokanyi ba ba neng ba galefa fa ba ne ba bona basimanyana ba baka Modimo phatlalatsa. Go ne go tshwanela gore Jesu a ba botse jaana: “A lo ne lo ise lo ke lo bale fa go tweng, ‘O lerile pako ka se se tswang mo molomong wa masea le ba ba anyang’?”—Mathaio 21:15, 16.

Daniel wa dingwaga tse thataro, yo o kopanelang le phuthego ya puo ya Se-Russia kwa Jeremane, ke sekai se se bontshang gore basha ba sa ntse ba baka Jehofa. O ne a ya kopanong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Duisburg a tsamaya le mmaagwe le kgaitsadie. E ne e le la ntlha ba nna teng kwa kopanong e kgolo jalo. Sengwe le sengwe ka kopano eno se ne se sa tlwaelega mo go bone: ba ne ba nna kwa hoteleng, go ne go na le bareetsi ba bantsi, ba ne ba reeditse ba sa sute ka malatsi a mararo, go ne go na le batho ba ba kolobediwang mmogo le terama. Mme Daniel ene o ne a itshwara jang? O ne a itshwere sentle.

Ka Mantaga morago ga kopano, Daniel a boetse gae, o ne a tsoga ka makuku a ya sekolong sa bana ba bannye. Ke eng se se neng se sa ntse se le mo baking ya gagwe? Betšhe ya gagwe e e bontshang gore o tswa kopanong! Mmaagwe o ne a mo raya a re: “Kopano e fetile. Gompieno o ka tlosa betšhe.” Mme Daniel o ne a re: “Ke batla gore mongwe le mongwe a bone gore ke ne ke ile kae le gore ke ithutile eng.” Ka jalo letsatsi lotlhe kwa sekolong sa bana ba bannye, o ne a ntse a kopetse betšhe ya gagwe ka boitumelo jo bogolo. Fa morutabana wa gagwe a mmotsa ka yone, o ne a mo tlhalosetsa kafa thulaganyo ya kopano e tsamaileng ka teng.

Ka go dira jalo Daniel o ne a latela sekao sa basimane le basetsana ba bantsintsi ba ba ntseng ba baka Jehofa phatlalatsa ka dingwagangwaga.