Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Moreri

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Moreri

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Moreri

“MOTHO yo o tsetsweng ke mosadi, o botshelo bokhutshwane e bile o tletse matshwenyego,” go ne ga rialo tlhogo ya lotso e bong Jobe. (Jobe 14:1) A bo go le botlhokwa jang ne gore re se ka ra senya botshelo jwa rona jo bokhutshwane ka ditiro tse di se nang mosola! Ke ditiro dife tse re tshwanetseng go dirisa nako ya rona, maatla a rona le dilo tsotlhe tsa rona, go di gagamalela? Ke dife tse re tshwanetseng go di tila? Mafoko a a botlhale a a kwadilweng mo bukeng ya Baebele ya Moreri a re naya kaelo e e molemo mo kgannyeng eno. Molaetsa wa kgakololo eno o “kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.”—Bahebera 4:12.

E re ka buka eno ya Moreri e kwadilwe ke monna yo o itsegeng thata ka botlhale jwa gagwe, e bong Kgosi Solomone wa Iseraele ya bogologolo, e na le kgakololo e e molemo e e malebana le dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong le tse di seng botlhokwa. E re ka Solomone a umaka dingwe tsa ditiro tsa gagwe tsa kago, o tshwanetse a bo a ile a kwala buka ya Moreri morago ga gore a wetse dikago tseo mme e le pele ga a fapoga mo kobamelong ya boammaaruri. (Nehemia 13:26) Seo se bolela gore Solomone a ka tswa a e kwadile pele ga 1000 B.C.E., go ela kwa bofelong jwa puso ya gagwe ya dingwaga tse 40.

KE ENG SE E SENG LEFELA?

(Moreri 1:1–6:12)

“Sengwe le sengwe ke lefela!” go ne ga rialo mophuthi, yo gape a neng a re: “Motho o na le poelo efe mo tirong yotlhe ya gagwe ya bonatla e a e dirang ka natla kafa tlase ga letsatsi?” (Moreri 1:2, 3) Mafoko a a reng “lefela” le “kafa tlase ga letsatsi” a tlhaga gangwe le gape mo bukeng ya Moreri. Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “lefela” totatota le kaya “mohemo” “mouwane” mme le naya kgopolo ya go se nne botlhokwa, go se nnele ruri kana go se nne le boleng jo bo nnetseng ruri. Mafoko a a reng “kafa tlase ga letsatsi” a kaya “mo lefatsheng leno.” Ka gone, sengwe le sengwe—ditiro tsotlhe tsa batho tse di sa dumalaneng le thato ya Modimo—ke lefela.

Solomone a re: “Disa dinao tsa gago le fa e le leng fela fa o ya kwa ntlong ya Modimo wa boammaaruri; mme a go atamelwe gore go utlwiwe.” (Moreri 5:1) Go nna le seabe mo kobamelong ya boammaaruri ya ga Jehofa Modimo ga se lefela. Tota e bile, go ela tlhoko kamano ya rona le ene ke selo sa botlhokwa se se ka dirang gore re tshele botshelo jo bo kgotsofatsang.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:4-10—Ke ka tsela efe medikologo ya tlholego e ‘lapisang’? Mophuthi o umaka dilo di le tharo fela tsa motheo tse di dirang gore re kgone go tshela mo lefatsheng—letsatsi, phefo le modikologo wa metsi. Boammaaruri ke gore, medikologo ya tlholego e mentsi, mme e raraane tota. Motho a ka fetsa botshelo jotlhe jwa gagwe a ithuta ka yone a bo a sa ntse a sa e tlhaloganye ka botlalo. Seo ruri se ka “lapisa.” Gape go bolaisa pelo go bapisa botshelo jwa rona jo bokhutshwane le go ipoapoeletsa go go sa feleng ga medikologo eno. Tota le maiteko a go ribolola dilo tse disha ka yone a a lapisa. Kana e bile, dilo tse disha tse batho ba di ribololang ga se sepe se sesha fa e se melaometheo e Modimo wa boammaaruri a sa bolong go e tlhoma le e a sa bolong go nna a e dirisa mo popong.

2:1, 2—Ke eng fa go buiwa ka setshego e le “botsenwa”? Setshego se ka re thusa go lebala matshwenyego a rona ka nakwana, mme go ijesa monate go ka re thusa go se tseye mathata a rona a le boima go le kalo. Le fa go ntse jalo, setshego ga se fedise mathata a rona. Ka gone, go batlana le boitumelo ka go nnela setshego go tlhalosiwa e le “botsenwa.”

3:11—Ke eng se Modimo a se dirileng “sentle mo motlheng wa sone”? Dingwe tsa dilo tse Jehofa Modimo a di dirileng ‘dintle,’ kana gore di tshwanele le go nna molemo ka nako e e tshwanetseng, ke go bopa Adame le Efa, kgolagano ya motshewagodimo, kgolagano le Aborahame, kgolagano le Dafide, go tla ga Mesia le go tlhongwa ga ga Jesu Keresete go nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe gape se Jehofa a tla se dirang “sentle” mo isagweng. Re ka tlhomamisega gore lefatshe le lesha le tla nna selo sa mmatota ka nako ya teng e e tshwanetseng.—2 Petere 3:13.

3:15b—“Modimo wa boammaaruri o nna a senka se se latelelwang” ka tsela efe? Mafoko a a reng “se se latelelwang” a ka tswa a raya se Modimo a ikaelelang go se dira. Le fa gone modikologo o o sa kgaotseng wa botshelo le loso le wa ntwa le kagiso o ka dira gore motho a ikutlwe a se na maatla le go mo dira gore a akanye gore hisitori e nna e ipoapoeletsa, Modimo wa boammaaruri a ka senka le go diragatsa sotlhe se a batlang go se dira. (Moreri 3:1-10, 15a) Mafoko a a reng “se se latelelwang” gape a ka tswa a amana le basiami, ba gantsi ba latelelwang ke baikepi. Mo kgannyeng eno, Jehofa o nna a senka basiami gore a ‘bontshe nonofo ya gagwe’ mo boemong jwa bone.—2 Ditiragalo 16:9.

5:9—“Poelo ya lefatshe e mo gare ga bone botlhe” ka tsela efe? Baagi botlhe ba lefatshe ba ikaegile ka “poelo ya lefatshe”—dilo tse lefatshe le di tlhagisang. Go ntse jalo le ka kgosi. Gore e bone maungo a masimo a yone, batlhanka ba yone ba tshwanetse go dira ka natla go lema masimo a yone.

Se re Ithutang Sone:

1:15. Ke matsapa a lefela go fetsa nako le maatla o leka go baakanya kgatelelo le tshiamololo e re e bonang gompieno. Ke Bogosi jwa Modimo fela jo bo ka kgonang go fedisa boikepo.—Daniele 2:44.

2:4-11. Ditiro tsa setso tse di jaaka, dikago, ditshingwana, mmino le botshelo jwa manobonobo ke “go kgaratlhela phefo” fela ka gonne ga di dire gore botshelo jwa motho e nne jo bo kgotsofatsang le go mo leretse boitumelo jo bo nnelang ruri.

2:12-16. Botlhale bo botoka go feta boeleele ka gonne bo ka thusa motho go rarabolola mathata mangwe. Le fa go ntse jalo, malebana le loso, botlhale jwa batho ga bo botoka ka gope. Tota le fa motho a ka tswa a ile a tuma ka ntlha ya go nna le botlhale joo, go ise go ye kae o a lebalwa.

2:24; 3:12, 13, 22. Ga go phoso go itumelela maungo a ditiro tsa rona.

2:26. Botlhale jwa bomodimo, jo bo leretseng motho boitumelo, bo abelwa ‘motho yo o siameng fa pele ga Jehofa.’ Ga go kgonege gore motho a ka nna le botlhale jono kwantle ga gore a nne le kamano e e molemo le Modimo.

3:16, 17. Ga re a tshwanela go lebelela gore dilo di tla dirwa ka tshiamiso mo maemong otlhe. Go na le go tshwenyega thata ka dilo tse di diregang mo lefatsheng gompieno, re tshwanetse go letela Jehofa gore e nne ene yo o tlhamalatsang dilo.

4:4. Tiro ya bonatla e e dirwang ka botswerere e ka leretse motho kgotsofalo. Le fa go ntse jalo, go dira ka natla e le fela gore o gaise ba bangwe go rotloetsa moya wa kgaisano mme go ka tsala maikutlo a letlhoo le go fufegelana. Go dira ga rona ka natla mo bodireding jwa Bokeresete go tshwanetse ga tlhotlhelediwa ke go nna le maitlhomo a a siameng.

4:7-12. Kamano ya rona le batho ba bangwe e botlhokwa thata go feta dilo tse di bonalang mme ga re a tshwanela go e tlhokomologa ka ntlha ya go gagamalela dikhumo.

4:13. Ga se ka metlha maemo le dingwaga di dirang gore motho a tlotlwe. Batho ba ba nang le maemo a boikarabelo ba tshwanetse go dira dilo ka botlhale.

4:15, 16. “Ngwana, yo e leng wa bobedi”—motlhatlhami wa kgosi—a ka simolola pele a engwa nokeng ke ‘botlhe ba ba neng ba le gone pele ga gagwe,’ mme ‘morago ga moo ga ba kitla ba mo ipelela.’ Ee, go tuma ke ga nakwana fela.

5:2. Dithapelo tsa rona di tshwanetse go nna tse di akanyeditsweng thata le tse di bontshang tlotlo, e se ka ya nna mafoko fela a a sa reng sepe.

5:3-7. Go akanya thata ka dilo tse di bonalang go ka dira gore motho a ijese dijo tsa ditoro ka dilo tsa bogagapa. Gape go ka dira gore a tlhobaele, a tlhorege boroko, a sa kgone go itumelela boroko jo bo monate. Go bua bobe go ka dira gore motho a lebege a le seeleele mo bathong ba bangwe le gore a dire maikano mo Modimong a sa akanya. ‘Go boifa Modimo’ go tla re thibela go dira sepe fela sa dilo tseno.

6:1-9. Go thusa eng go nna le dikhumo, tlotlomalo, botshelo jo boleele, le e leng lelapa le legolo fa maemo a sa re letle go itumelela dilo tseno? Mme “go botoka go bona ka matlho,” kana go lebana le boammaaruri “go na le go kgarakgatshega ga moya,” ke gore, go leka go kgotsofatsa dikeletso tse go sa kgonegeng gore motho a ka di kgotsofatsa. Ka gone, tsela ya botshelo e e molemo go gaisa tsotlhe ke go kgotsofalela go nna le ‘dijo le se re ipipang ka sone’ fa re ntse re itumelela dilo tse di molemo mo botshelong le go tlhoma mogopolo mo go ipolokeng re na le kamano e e molemo le Jehofa.—1 Timotheo 6:8.

KGAKOLOLO GO BA BA BOTLHALE

(Moreri 7:1–12:8)

Re ka sireletsa jang leina la rona le le molemo kana tsela e re itsegeng ka yone? Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe ka babusi ba batho le tshiamololo e re e bonang e direga? E re ka baswi ba sa ikutlwe, re tshwanetse go dirisa botshelo jwa rona jang? Basha ba ka dirisa nako le maatla a bone jang ka tsela e e botlhale? Kgakololo e e molemo ya mophuthi mo dilong tseno le tse dingwe re e kwaletswe mo go Moreri kgaolo 7 go ya go 12.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

7:19—Ke ka tsela efe botlhale bo nonofileng go feta “banna ba le lesome ba ba nang le taolo”? Fa palo ya lesome e dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso mo Baebeleng, e emela go felela. Solomone o bolela gore boleng jwa go sireletsa jwa botlhale bo bogolo go feta palo e e feletseng ya masole a a disitseng motse.

10:2—Go bolelwa eng fa go twe pelo ya motho e “mo seatleng sa gagwe sa moja” kana “mo seatleng sa gagwe sa molema”? E re ka gantsi go nna mo seatleng sa moja go kaya go amogelwa, fa go twe pelo ya motho e kafa seatleng sa gagwe sa moja go tewa gore pelo ya gagwe e mo tlhotlheletsa go dira molemo. Le fa go ntse jalo, fa pelo ya motho e mo tlhotlheletsa go dira bosula, ga twe e kafa seatleng sa gagwe sa molema.

10:15—‘Tiro ya bonatla ya dimatla e di lapisa’ ka tsela efe? Fa motho a tlhaela temogo, tiro ya gagwe ya bonatla e palelwa ke go tlhagisa sepe fela se se mosola. Ga e mo dire gore a nne le kgotsofalo epe. Matsapa ao a lefela a lapisa motho fela.

11:7, 8—Mafoko a a reng: “Lesedi le lone le monate, mme go molemo gore matlho a bone letsatsi,” a kaya eng? Lesedi le letsatsi ke dilo tse di diretsweng go itumelelwa ke batshedi. Ka mafoko ano Solomone o bolela gore go molemo go tshela le gore re “ipele” pele malatsi a lefifi, kana a botsofe a re amoga nonofo le maatla.

11:10—Ke eng fa “bosha le botlhaga jwa botshelo” e le lefela? Fa dilo tseno di sa dirisiwe sentle ke lefela ka gonne fela jaaka mouwane, malatsi a matlhagatlhaga a bosha a nyelela ka bofefo.

Se re Ithutang Sone:

7:6. Go tshega ka nako e e sa tshwanelang go fedisa pelo e bile ga go na mosola fela jaaka modumo wa mitlwa o o tukang kafa tlase ga pitsa. Re tshwanetse go tila setshego se se ntseng jalo.

7:21, 22. Ga re a tshwanela go tshwenyega thata ka se batho ba bangwe ba se buang ka rona.

8:2, 3; 10:4. Fa re tshwaiwa diphoso kana re kgalemelwa ke mookamedi kana mothapi wa rona, go botlhale go nna re ritibetse maikutlo. Go dira jalo go botoka go na le go ‘itlhaganelela go tswa fa pele ga gagwe,’ ke go re, o tlogela tiro ka lepotlapotla.

8:8; 9:5-10, 12. Botshelo jwa rona bo ka fela re sa lebelela fela jaaka fa tlhapi e tshwarwa ke letloa kana nonyane e tshwarwa ke seru. Mo godimo ga moo, ga go na ope yo o ka thibelang maatla a botshelo go tswa mo mothong ka nako ya loso, e bile ga go na ope yo o sa amiweng ke ntwa e loso lo e lwang le batho. Ka gone, ga re a tshwanela go nna fela re sa dire sepe, re senya nako. Jehofa o batla gore re tseye botshelo bo le botlhokwa le go itumelela jone ka tsela e e siameng. Go dira jalo, re tshwanetse go dira gore tirelo ya ga Jehofa e nne yone e tlang pele mo botshelong jwa rona.

8:16, 17. Motho ga a ka ke a tlhaloganya ka botlalo bogolo jwa sengwe le sengwe se Modimo a se dirileng le se a letlileng gore se diragalele batho, le fa re ne re ka itima boroko re leka go se tlhaloganya. Go tshwenyega thata ka dilo tse di sa siamang tse di dirilweng go tla dira fela gore re se ka ra itumelela botshelo.

9:16-18. Re tshwanetse go tsaya botlhale bo le botlhokwa tota le fa batho ba le bantsi ba sa bo tseye bo le botlhokwa. Mafoko a motho yo o botlhale a a buang a ritibetse a botoka go na le go goa ga seeleele se dira modumo o mogolo.

10:1. Re tshwanetse go ela tlhoko mafoko le ditiro tsa rona. Boeleele bo le bongwe fela, jo bo jaaka go phatloga ka kgalefo, go nwa bojalwa go feta selekanyo gangwe fela, kana tiragalo e le nngwe fela ya boitshwaro jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, bo ka senya leina le le molemo la motho yo o tlotlegang.

10:5-11. Ga re a tshwanela go tswela pelo batho ba ba beilweng mo maemong a a kwa godimo mme ba sa tshwanelege. Go se tshwanelege le e leng fa o dira tiro e e seng thata go ka felela ka matswela a a sa itumediseng. Go na le moo, go molemo go ithuta go nna le bokgoni jwa go “dirisa botlhale gore o tle o atlege.” A bo go le botlhokwa jang ne gore re nne ditswerere mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa!

11:1, 2Re tshwanetse go itlwaetsa go nna pelotshweu ka pelo yotlhe. Go dira jalo go tla dira gore le rona re bontshiwe bopelotshweu.—Luke 6:38.

11:3-6. Go sa tlhomamang ga botshelo ga go a tshwanela ga re dira gore re etsaetsege.

11:9; 12:1-7. Basha ba a ikarabelela mo go Jehofa. Ka gone, ba tshwanetse go dirisa nako le maatla a bone mo tirelong ya Modimo pele ga botsofe bo ba amoga nonofo ya bone.

“MAFOKO A BA BA BOTLHALE” A RE KAELE

(Moreri 12:9-14)

Re tshwanetse go leba jang “mafoko a a itumedisang” a mophuthi a neng a a batla le go a kwala? Go farologana le “dibuka tse dintsi” tsa botlhale jwa batho, “mafoko a ba ba botlhale a tshwana le ditlhabapholo, fela jaaka dimapo tse di kokotetsweng di ntse, ba ba ineelang mo go phutheng dipolelwana ba ntse jalo; di neilwe go tswa kwa modiseng a le mongwe.” (Moreri 12:10-12) Mafoko a a botlhale a a tswang mo “modiseng a le mongwe,” Jehofa, a re thusa go nna re tlhomame mo botshelong jwa rona.

Go dirisa kgakololo e e botlhale ya buka ya Moreri go tla re thusa go tshela botshelo jo bo kgotsofatsang le jo bo itumedisang. Mo godimo ga moo, re tlhomamisediwa jaana: “Dilo di tla tsamaela ba ba boifang Modimo wa boammaaruri sentle.” Ka gone, a re ititeyeng sehuba gore re tla “boifa Modimo wa boammaaruri mme [re] boloke ditaelo tsa gagwe.”—Moreri 8:12; 12:13.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Nngwe ya ditiro tse dintlentle tsa Modimo e tla diragala ka nako ya teng e e tshwanetseng

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Dimpho tsa Modimo di akaretsa dijo, dino, le go bona molemo ka tiro yotlhe ya rona ya bonatla