Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Atlega le go Palelwa ga Kgakololo ya “Baitse”

Go Atlega le go Palelwa ga Kgakololo ya “Baitse”

Go Atlega le go Palelwa ga Kgakololo ya “Baitse”

MO LEFATSHENG gompieno batho ba ba nang le dikhomputara ba ka kgona go batla kgakololo e e newang batsadi mo go se se bidiwang Internet mme ka bonako fela ba bone ditshupiso di feta dimilione di le 26 tse di malebana le kgang eno. Fa o ka dirisa motsotso o le mongwe fela go bala nngwe le nngwe ya ditshupiso tseo, ngwana wa gago o tla gola a bo a tswe mo gae o ise o fetse go di bala.

Mo metlheng ya pele ga dingaka tsa malwetse a bana, baithutatlhaloganyo ba bana, le Internet, batsadi ba ne ba bona kae kgakololo? Gantsi ba ne ba e newa ke ba losika. Bommè, borre, borakgadi, bommangwane, borangwane, borremogolo le bomalome ba ne ba nna ba iketleeleditse go naya kaelo, go thusa ka tsa madi le go tlhokomela bana. Mme mo dinageng tse dintsi, batho ba bantsi ba tswa kwa magaeng mme ba fudugela kwa ditoropong mme seo se sentse dikamano tse di atamalaneng tseo tsa losika. Gantsi mo metlheng ya gompieno bommabana le borrabana ba lebana le tiro e e thata ya go godisa bana ba le bosi.

Leno ke lone lebaka le le dirang gore gompieno ditiro tsa go tlhokomela bana di bo di atile jaana. Lebaka le lengwe ke gore batho ba bantsi ba dumela thata mo saenseng. Go ela kwa bofelong jwa bo1800, batho ba kwa Amerika ba ne ba setse ba dumela gore saense e ka tokafatsa karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa motho. Ba ne ba tsaya gore e ka thusa le mo go godiseng bana. Ka jalo e ne ya re fa American National Congress of Mothers (Lekgotla la Amerika la Bommè) le ne le ngongorega ka “go palelwa ga batsadi go sikara maikarabelo a bone” ka 1899, go ne ga tlhaga ‘baitse ba bantsi ba tsa saense’ ba batla go thusa. Ba ne ba solofetsa gore ba tla thusa bommè le borrè ba ba palelwang go godisa bana ba bone.

Go Dirisa Dibuka go Godisa Bana

Le fa go ntse jalo, ke eng se baitse bano ba se fitlheletseng? A batsadi gompieno ga ba na ditlhobaelo e bile ba kgona go godisa bana ba bone botoka go gaisa batsadi ba maloba? Go ya ka patlisiso e e dirilweng bosheng kwa Boritane, ga go a nna jalo. Patlisiso eo e bontshitse gore diperesente di le 35 tsa batsadi ba ba nang le bana ba bannye ba sa ntse ba batla kgakololo e ba ka e ikanyang. Ba bangwe ba na le maikutlo a gore se ba ka se dirang fela ke go latela maikutlo a bone a tlholego fa ba godisa bana.

Ann Hulbert mo bukeng ya gagwe ya Raising America: Experts, Parents, and a Century of Advice About Children, o dira dipatlisiso mo dibukeng tse di setseng di kwadilwe tse di buang ka kgodiso ya bana. Hulbert, yo o nang le bana ba le babedi, a re ke dintlha di sekae fela tsa baitse bao tse di neng di theilwe mo saenseng ya mmatota. Tota, go lebega kgakololo ya bone e ne e tlhotlhelediwa thata ke dilo tse di ba diragaletseng mo botshelong go na le mo tshedimosetsong ya mmatota ya dilo tse di diragalang. Tota e bile fa re leba ditiragalo tse di fetileng, go lebega bontsi jwa dilo tse ba neng ba di kwadile di ne di ka se solegele molemo go ya go ile, di ganetsana e bile ka dinako tse dingwe di sa tlwaelega le e seng.

Ka jalo, seo se raya gore batsadi ba dire eng gompieno? Boammaaruri ke gore bontsi jwa bone ba tlhakane tlhogo, ba newa kgakololo e ntsintsi, dipono tse di farologaneng ka dilo, le dipono tse di ganetsanang go feta le fa e le leng pele. Le fa go ntse jalo, ga se batsadi botlhe ba ba ikutlwang ba latlhegile e bile ba se na kaelo. Batsadi mo lefatsheng lotlhe ba solegelwa molemo ke motswedi wa bogologolo wa botlhale o o sa ntseng o itshupa e le motswedi wa kgakololo e e molemo e e ka ikanngwang, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang.