Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlotla Dikokoano Tsa Rona Tse di Boitshepo

Go Tlotla Dikokoano Tsa Rona Tse di Boitshepo

Go Tlotla Dikokoano Tsa Rona Tse di Boitshepo

“Gape ke tla ba tlisa mo thabeng ya me e e boitshepo ke bo ke dire gore ba ipele mo teng ga ntlo ya me ya thapelo.”—ISAIA 56:7.

1. Ke mabaka afe a Dikwalo a a dirang gore re tlotle dipokano tsa rona?

JEHOFA o phuthile batho ba gagwe, Bakeresete ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone, gore ba mo obamele mo ‘thabeng ya gagwe e e boitshepo.’ O dira gore ba ipele mo teng ga ‘ntlo ya gagwe ya thapelo,’ tempele ya gagwe ya semoya, e e leng “ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe.” (Isaia 56:7; Mareko 11:17) Ditiragalo tseno di bontsha gore Jehofa o boitshepo e bile o mogolo. Fa re bontsha go tlotla dipokano tsa rona tse re ithutang le go obamela mo go tsone, re bontsha gore re leba dilo tse di boitshepo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone.

2. Ke eng se se bontshang gore Jehofa o ne a tsaya mafelo a o neng a a tlhophetse gore go obamelwe mo go one a le boitshepo, mme Jesu o ne a bontsha jang gore le ene o a tsaya a le boitshepo?

2 Kwa Iseraele wa bogologolo, lefelo le Jehofa a neng a le tlhophile gore a obamelwe kwa go lone le ne le tshwanetse go tsewa le le boitshepo. Motlaagana le dilwana tsotlhe tsa one di ne di tshwanetse go tlodiwa le go itshepisiwa “gore di nne boitshepotshepo.” (Ekesodo 30:26-29) Diphaposi tse pedi tsa motlaagana di ne di bidiwa “Lefelo le le Boitshepo” le “Boitshepo Jwa Maitshepo.” (Bahebera 9:2, 3) Moragonyana motlaagana o ne wa tseelwa maemo ke tempele ya kwa Jerusalema. E re ka Jerusalema e ne e le boremelelo jwa kobamelo ya ga Jehofa, e ne ya bidiwa “motse o o boitshepo.” (Nehemia 11:1; Mathaio 27:53) Ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng, ene ka boene o ne a bontsha go tlotla tempele. O ne a galefela batho ba ba neng ba bontsha go nyatsa tempele ka go ananya le go kgabaganya mo go yone.—Mareko 11:15, 16.

3. Ke eng se se bontshang gore dikokoano tsa Baiseraele di ne di le boitshepo?

3 Baiseraele ba ne ba kokoana ka metlha go tla go obamela Jehofa le go reetsa Molao wa gagwe o balwa. Malatsi mangwe a meletlo ya bone a ne a bidiwa gore ke dikokoano tse di boitshepo kana dikopano tse di masisi, e leng se se bontshang gore dikokoano tseno di ne di tsewa di le boitshepo. (Lefitiko 23:2, 3, 36, 37) Ka nako ya kokoano ya setšhaba mo motlheng wa ga Esera le Nehemia, Balefi “ba ne ba tlhalosetsa batho molao.” E re ka “batho botlhe ba ne ba lela fa ba ne ba utlwa mafoko a molao,” Balefi “ba ne ba laela batho botlhe gore ba didimale, ba re: ‘Didimalang! gonne letsatsi leno le boitshepo.’” Ka nako eo Baiseraele ba ne ba keteka Moletlo wa Diobo ka ‘boipelo jo bogolo.’ Mo godimo ga moo, “buka ya molao wa Modimo wa boammaaruri e ne e balelwa kwa godimo letsatsi le letsatsi, go simolola ka letsatsi la ntlha go fitlha mo letsatsing la bofelo; mme ba tswelela go tshwara moletlo malatsi a le supa, mme mo letsatsing la borobedi go ne go na le kopano e e masisi, go ya ka molao.” (Nehemia 8:7-11, 17, 18) Ruri tseo e ne e le dikokoano tse di boitshepo tse di neng di tlhoka ba ba neng ba tlile mo go tsone go reetsa ka kelotlhoko le ka tlotlo.

Dipokano Tsa Rona ke Dikokoano Tse di Boitshepo

4, 5. Ke dilo dife tse di bontshang gore dipokano tsa rona ke dikokoano tse di boitshepo?

4 Ke boammaaruri gore gompieno Jehofa ga a na motse o o boitshepo mo lefatsheng, o o nang le tempele e e kgethegileng e e neetsweng kobamelo ya gagwe. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go lebala gore dipokano tsa kobamelo ya ga Jehofa ke dikokoano tse di boitshepo. Re kopana mmogo gararo ka beke, go tla go bala le go ithuta Dikwalo. Mo go tsone Lefoko la ga Jehofa le “tlhalosiwa ka botlalo,” mme jaaka mo motlheng wa ga Nehemia, molao wa gagwe “o dirwa gore o nne le bokao.” (Nehemia 8:8) Dipokano tsa rona tsotlhe di simolola ka thapelo le go konelwa ka yone, mme gantsi mo go tsone re opela dipina tse di bakang Jehofa. (Pesalema 26:12) Ruri dipokano tsa phuthego ke karolo ya kobamelo ya rona mme re tshwanetse go nna le boikutlo jo bo molemo le go reetsa ka tlotlo fa re le mo go tsone.

5 Jehofa o segofatsa batho ba gagwe fa ba kopana go tla go mo obamela mmogo, go tla go ithuta Lefoko la gagwe le go itumelela botsala jo bo molemo le Bakeresete ba bangwe. Re ka tlhomamisega gore nako ya dipokano ke nako e ‘Jehofa a laolang gore tshegofatso ya gagwe e nne koo.’ (Pesalema 133:1, 3) Re tla bona tshegofatso eo fa re nna gone le go reetsa thulaganyo eo ya semoya ka tlhoafalo. Mo godimo ga moo, Jesu o ile a re: “Koo go nang le ba le babedi kgotsa ba le bararo gone ba phuthegile ka leina la me, ke gone koo mo gare ga bone.” Tota mafoko ao a malebana le fa bagolwane ba Bakeresete ba kopane go sekaseka mathata a a masisi gareng ga batho bangwe, mme gone gape a ka dirisiwa le mo kgannyeng ya dipokano tsa rona. (Mathaio 18:20) Fa Keresete a nna teng ka moya o o boitshepo fa Bakeresete ba kopane mmogo ka leina la gagwe, a ga re a tshwanela go tsaya dikokoano tseo di le boitshepo?

6. Go ka tweng ka mafelo a rona a kobamelo, a mannye le a magolo?

6 Ke boammaaruri gore Jehofa ga a nne mo ditempeleng tse di agilweng ka diatla. Le fa go ntse jalo, Diholo Tsa Bogosi ke mafelo a kobamelo ya boammaaruri. (Ditiro 7:48; 17:24) Re kopana mo go tsone go tla go ithuta Lefoko la ga Jehofa, go mo rapela le go mo opelela dipako. Go ntse jalo le ka Diholo Tsa Dikopano. Mafelo a mangwe a magolo a a hirelwang dikopano tsa rona—a a jaaka diholo tse dikgolo, mabala a metshameko—a fetoga mafelo a kobamelo ka nako ya fa a dirisediwa dikokoano tsa rona tse di boitshepo. Mafelo ao a go obamela, a mannye kana a magolo, a tshwanelwa ke gore re a tlotle mme tlotlo eo e tshwanetse go bonala mo boikutlong le mo boitshwarong jwa rona.

Ditsela Tsa go Bontsha go Tlotla Dikokoano Tsa Rona

7. Re ka bontsha ka tsela efe e e bonalang gore re tlotla dikokoano tsa rona?

7 Go na le ditsela tse di tlhamaletseng tse re ka bontshang go tlotla dikokoano tsa rona ka tsone. Nngwe ya ditsela tseo ke ka go nna gone fa go opelwa dipina tsa Bogosi. Bontsi jwa tsone di tlhamilwe ka tsela ya thapelo mme di tshwanetse go opelwa ka tsela e e bontshang tlotlo. Moaposetoloi Paulo o ile a bua jaana ka Jesu a nopola Pesalema 22: “Ke tla bolela leina la gago mo go bomorwarre; ke tla go baka ka pina mo gare ga phuthego.” (Bahebera 2:12) Ka gone, re tshwanetse go tlhomamisa gore re dutse mo ditulong tsa rona pele ga modulasetulo a itsise pina e e opelwang mme go tswa foo re tlhome mogopolo mo bokaong jwa mafoko fa re ntse re opela. E kete go opela ga rona go ka bontsha boikutlo jo bo tshwanang le jwa mopesalema yo o ileng a kwala jaana: “Ke tla baka Jehofa ka pelo ya me yotlhe mo setlhopheng se se atamalaneng thata sa ba ba thokgameng le mo phuthegong.” (Pesalema 111:1) Ee, go batla go opelela Jehofa dipako go tshwanetse ga re dira gore re goroge go sa le gale kwa dipokanong tsa rona le go nna mo go tsone go fitlha kwa bofelong jwa tsone.

8. Ke sekai sefe mo Baebeleng se se bontshang gore dithapelo mo dipokanong tsa rona di tshwanelwa ke gore re di reetse ka tlotlo?

8 Sengwe gape se se godisang botlhokwa jwa dipokano tsa rona tsotlhe ke thapelo e e tswang pelong e e rapelwang mo boemong jwa botlhe ba ba leng gone. Nako nngwe Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Jerusalema ba ne ba kopane mme “ba tlhatlosetsa mantswe a bone ka nako e le nngwe fela kwa Modimong” ka thapelo e e tswang pelong. Ka ntlha ya seo, ba ne ba tswelela pele—go sa kgathalasege pogiso—“ba bua lefoko la Modimo ka bopelokgale.” (Ditiro 4:24-31) A o ka akanya fela batho ba ba neng ba tlile ba letla megopolo ya bone go kgarakgatshega ka nako ya thapelo eo? Nnyaa, ba ne ba rapela “ka nako e le nngwe fela.” Dithapelo tse di rapelwang mo dipokanong tsa rona di bontsha boikutlo jwa tlotlo jo botlhe ba ba leng gone ba nang le jone. Di tshwanelwa ke gore re di reetse ka tlotlo.

9. Re ka bontsha jang gore re tlotla dikokoano tsa rona tse di boitshepo ka moaparo le boitshwaro jwa rona?

9 Mo go godimo ga moo, re ka bontsha gore re tlotla dikokoano tsa rona tse di boitshepo go le kana kang ka tsela e re aparang ka yone. Tsela e re lebegang ka yone, ka moaparo le ka go ipaakanya le yone e ka dira gore dipokano tsa rona di nne le seriti. Moaposetoloi Paulo o ile a gakolola jaana: “Ke eletsa gore mo lefelong lengwe le lengwe banna ba tswelele ba rapela, ba tsholetsa diatla tse di ikanyegang, kwantle ga tšhakgalo le dikganetsano. Ka tsela e e tshwanang ke eletsa gore basadi ba ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo, e seng ka ditsela tsa go loga moriri loetse le ka gouta kgotsa diperela kgotsa moaparo wa tlhwatlhwa e e kwa godimo thata, fa e se ka tsela e e tshwanelang basadi ba ba ipolelang fa ba tlotla Modimo.” (1 Timotheo 2:8-10) Fa re le kwa dikopanong tse dikgolo tse di tshwarelwang mo mabaleng a metshameko, moaparo wa rona o ka tshwanela maemo a bosa mme gone o ntse o na le seriti. Mo godimo ga moo, go tlotla dikopano tsa rona go tla re thusa gore re tile go ja kana go tlhafuna tšhunkama ka nako ya thulaganyo. Go apara sentle le go nna le boitshwaro jo bo siameng kwa dikokoanong tsa rona go tlotla Jehofa Modimo, kobamelo ya gagwe le baobamedi ka rona.

Boitshwaro jo bo Tshwanelang Batho ba Modimo

10. Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha jang gore go batlega boitshwaro jwa maemo a a kwa godimo mo dipokanong tsa rona tsa Bokeresete?

10 Mo go 1 Bakorintha kgaolo 14, re fitlhela kgakololo e e molemo ya ga moaposetoloi Paulo malebana le kafa dipokano tsa phuthego di tshwanetseng go tshwarwa ka teng. O ne a konela ka go re: “A dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.” (1 Bakorintha 14:40) Dipokano tsa rona ke karolo ya botlhokwa ya ditiro tsa phuthego ya Bokeresete, mme di re tlhoka gore boitshwaro jwa rona e nne jo bo tshwanelang batho ba ga Jehofa.

11, 12. (a) Ke eng se se tshwanetseng go gatelelwa mo megopolong ya bana ba ba nnang gone mo dipokanong tsa rona? (b) Bana ba ka tlhalosa tumelo ya bone jang ka tsela e e tshwanetseng mo dipokanong tsa rona?

11 Bana ke bone segolobogolo ba tshwanelwang ke go rutwa go itshwara sentle mo dipokanong tsa rona. Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go tlhalosetsa bana ba bone gore Holo ya Bogosi le lefelo le go tshwarelwang Thuto ya Buka ya Phuthego mo go lone ga se mafelo a go tshamekela. Ke mafelo a re tshwanetseng go obamela Jehofa mo go one le go ithuta Lefoko la gagwe. Kgosi Solomone yo o botlhale o ile a kwala jaana: “Disa dinao tsa gago le fa e le leng fela fa o ya kwa ntlong ya Modimo wa boammaaruri; mme a go atamelwe gore go utlwiwe.” (Moreri 5:1) Moshe o ne a ruta Baiseraele gore ba kokoane mmogo, bagolo le “ba bannye.” O ne a re: “Phutha batho . . . gore ba reetse le gore ba ithute, e re ka ba tshwanetse go boifa Jehofa Modimo wa lona le go tlhokomela go diragatsa mafoko otlhe a molao ono. Mme bomorwaabone ba ba iseng ba itse ba reetse, mme ba ithute go boifa Jehofa.”—Duteronome 31:12, 13.

12 Le gompieno, bana ba rona ba nna gone mo dipokanong le batsadi ba bone segolobogolo gore ba reetse le go ithuta. Fa bana ba setse ba kgona go tlhoma mogopolo le go tlhaloganya dithuto tsa motheo tsa Baebele, le bone ba ka dira “polelo phatlalatsa” ya tumelo ya bone ka go nna le seabe ka go akgela dikakgelo tse dikhutshwane. (Baroma 10:10) Ngwana yo monnye a ka simolola ka go bua mafoko a sekae fa a araba potso e a e tlhaloganyang. A ka simolola pele ka go bala karabo, mme gone fa nako e ntse e ya, o tla leka go itlhalosa ka mafoko a gagwe. Seno se solegela ngwana molemo e bile se a mo itumedisa, mme dikakgelo tseo tse ka tsone ba tlhalosang tumelo ya bone ka mafoko a bone, di itumedisa bagolo ba ba leng gone. Ga go pelaelo gore batsadi ba tlhomela bana sekao ka go akgela bone ka bobone. Gape go molemo gore fa go kgonega bana ba nne le Dibaebele tsa bone, buka ya dipina, le kgatiso e e ithutiwang. Gape ba tshwanetse go ithuta go bontsha go tlotla dikgatiso tseno. Dilo tseno tsotlhe di tla gatelela mo megopolong ya bana gore dipokano tsa rona ke dikokoano tse di boitshepo.

13. Re solofela eng ka batho ba e leng la ntlha ba nna gone mo dipokanong tsa rona?

13 Ke boammaaruri gore, ga re batle gore dipokano tsa rona di tshwane le ditirelo tsa dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete. Ditirelo tseno di na le go nna tse di gagametseng le tse di bosisi ka tsela e e feteletseng kana go nna modumo jaaka e kete ke dikonsarata. Re batla gore dipokano tsa rona kwa Diholong tsa Bogosi di nne tse di itumedisang le tse di botsalano mme gone e se ka tsela e e tla dirang gore di lebege e le dikokoano tsa maitiso. Re kopana mmogo ka boikaelelo jwa go tla go obamela Jehofa, ka gone, ka metlha dipokano tsa rona di tshwanetse go nna le seriti. Re batla gore fa re sena go reetsa thulaganyo e e neelwang le go ela tlhoko boitshwaro jwa rona le jwa bana ba rona, batho ba e leng la ntlha ba nna gone ba tle ba re: “Ruri Modimo o mo gare ga lona.”—1 Bakorintha 14:25.

Karolo e e Tla Nnelang Ruri ya Kobamelo ya Rona

14, 15. (a) Re ka tila jang go ‘tlhokomologa ntlo ya Modimo wa rona’? (b) Isaia 66:23 e setse e diragadiwa ka tsela efe?

14 Jaaka go boletswe pelenyana, Jehofa o kokoanya batho ba gagwe le go dira gore ba ipele mo ‘ntlong ya gagwe ya thapelo,’ tempele ya gagwe ya semoya. (Isaia 56:7) Monna yo o ikanyegang e bong Nehemia o ne a gakolola Bajuda ba gaabo gore ba bontshe go tlotla tempele ya mmatota ka tsela e e tshwanetseng ka go e ema nokeng ka dilo tse di bonalang. O ne a re: “Ga re a tshwanela go tlhokomologa ntlo ya Modimo wa rona.” (Nehemia 10:39) Mo godimo ga moo, ga re a tshwanela go tlhokomologa taletso ya ga Jehofa ya gore re mo obamele mo teng ga ‘ntlo ya gagwe ya thapelo.’

15 Isaia o ne a porofeta jaana fa a ne a bontsha botlhokwa jwa go kopana mmogo ka metlha go tla go obamela: “‘Ruri go tla diragala gore go tloga ka ngwedi o mosha go ya go ngwedi o mosha le go tloga ka sabata go ya go sabata nama yotlhe e tla tla go inkobela,’ go buile Jehofa.” (Isaia 66:23) Seo se a direga gompieno. Ka metlha, beke nngwe le nngwe ya kgwedi nngwe le nngwe, Bakeresete ba ba ineetseng ba kokoana mmogo go tla go obamela Jehofa. Ba dira seno ka go nna gone mo dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa. A o mongwe wa ba ba ‘tlang go ikobela Jehofa ka metlha’?

16. Ke eng fa go nna gone mo dipokanong e tshwanetse go nna karolo e e nnetseng ruri ya botshelo jwa rona gone jaanong?

16 Isaia 66:23 e tla diragadiwa ka botlalo mo lefatsheng le lesha le Jehofa a le solofeditseng. Ka nako eo, ka tsela ya mmatota ‘nama yotlhe e tla tla go ikobela,’ kana go obamela Jehofa ka bosakhutleng, beke nngwe le nngwe le kgwedi nngwe le nngwe. E re ka go kopana mmogo go tla go obamela Jehofa e tlile go nna karolo e e nnetseng ruri ya botshelo jwa rona jwa semoya mo tsamaisong e ntšha ya dilo, a ga re a tshwanela go dira gore go nna gone ka metlha mo dikokoanong tsa rona tse di boitshepo e nne karolo e e nnetseng ruri ya botshelo jwa rona gone jaanong?

17. Ke eng fa re tlhoka dipokano tsa rona “le go feta e re ka [re] bona letsatsi le atamela”?

17 Fa bokhutlo bo ntse bo atamela, re tshwanetse go ititaya sehuba go feta le fa e le leng pele gore re nne gone go tla go obamela mo dikokoanong tsa rona tsa Bokeresete. Ka go bo re tsaya dipokano tsa rona di le boitshepo, ga re letle tiro ya boitshediso, tiro ya sekolo kgotsa sekolo sa bosigo di re dira gore re tlolwe ke go kopana ka metlha le badumedi ka rona. Re tlhoka go nonotshiwa ke go kopana mmogo. Dipokano tsa phuthego di re naya tshono ya go itsane, go kgothatsana le go tlhotlheletsana “mo loratong le mo ditirong tse di molemo.” Re tshwanetse go dira jalo “le go feta e re ka [re] bona letsatsi le atamela.” (Bahebera 10:24, 25) Ka gone, e kete re ka bontsha go tlotla dikokoano tsa rona tse di boitshepo ka go nna gone ka metlha, ka go apara sentle le ka go itshwara sentle. Fa re dira jalo, re bontsha gore re leba dilo tse di boitshepo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone.

Go Boeletsa

• Ke eng se se bontshang gore dipokano tsa batho ba ga Jehofa di tshwanetse go tsewa di le boitshepo?

• Ke dilo dife tse di bontshang gore dipokano tsa rona ke dikokoano tse di boitshepo?

• Bana ba ka bontsha jang gore ba tlotla go nna boitshepo ga dipokano tsa rona?

• Ke eng fa re tshwanetse go dira gore go nna gone ka metlha mo dipokanong e nne karolo e e nnetseng ruri ya botshelo jwa rona?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Dipokano tse re obamelang Jehofa ka tsone ke dikokoano tse di boitshepo go sa re sepe gore di tshwarelwa kae

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Bana ba rona ba nna gone mo dipokanong go tla go reetsa le go ithuta