Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa O ne A Segofatsa Thata Keletso Ya me Ya go Nna Morongwa

Jehofa O ne A Segofatsa Thata Keletso Ya me Ya go Nna Morongwa

Kgang ya Botshelo

Jehofa O ne A Segofatsa Thata Keletso Ya me Ya go Nna Morongwa

Jaaka go boletse Sheila Winfield da Conceição

Morongwa mongwe yo o neng a re etetse go tswa kwa Afrika o kile a re bolelela gore kwa kabelong ya gagwe, batho botlhe ba a mo amogela ba bo ba reetsa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka kelotlhoko. Ke ne ka akanya jaana, ‘Ruri nka eletsa go bereka tshimo e e tshwanang le eo!’ Puisano e ke nnileng le yone le morongwa yono ke sa ntse ke na le dingwaga di le 13, e ne ya dira gore ke nne le keletso ya go nna morongwa.

MME gone lelapa la rona le simolotse go ithuta ka Jehofa dingwaga pelenyana ga tiragalo eo. Moso mongwe ka 1939, makawana a le mabedi a a apereng sentle a ne a kokota mo mojakong wa rona kwa Hemel Hempstead, kafa ntle fela ga Greater London mo Engelane. E ne e le Basupi ba ga Jehofa. Ke tshotswe ngwaga pele ga foo ka jalo ga ke gopole ketelo eo. Mmè o ne a ba leleka ka go ba bolelela gore Rre a ka nna a kgatlhegela se ba buang ka sone mme gone ga a yo, o tla boa ka ura ya borobongwe maitseboa. Mmè o ne a gakgamala tota fa a bona ba boa gape mo maitseboeng one ao! Fa Rre e bong Henry Winfield a sena go tlhomamisa gore ba eme kae mo dikgannyeng tsa dipolotiki le tsa bosetšhaba, o ne a ba amogela mme a dumela go ithuta Baebele. O ne a gatela pele ka bonako go fitlha a kolobediwa. Dingwaga di le mmalwa moragonyana, Mmè e bong Kathleen le ene o ne a simolola go ithuta. O ne a kolobediwa ka 1946.

Ka 1948 ke ne ka simolola go nna le seabe ka metlha mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Ke ne ka akanya gore ke ne ke tla tlhoka tshupanako gore ke kgone go bega ka tshwanelo nako e ke e berekileng mo bodireding. Matlhatso mangwe le mangwe, rona bana re ne re fiwa ledi le le lengwe fela la dipeni di le thataro (disente di le thataro) fa re ne re ka itshwara sentle gore re ithekele se re se batlang. Ke ne ka nna ka boloka dipeni tsa me di le thataro lobaka lwa dingwaga di le pedi gore ke ithekele tshupanako e e neng e le tlhwatlhwatlase go di feta tsotlhe ka nako eo. Le fa go ntse jalo, kgaitsadiake yo monnye e bong Ray, ka metlha o ne a kopa Rre gore a mo fe e le madi a mabedi, ledi lengwe le lengwe e le dipeni tse tharo, e seng ledi le le lengwe fela la dipeni tse thataro. Letsatsi lengwe o ne a emelela Rre jaana gore a mo neye madi a le mabedi mo Rre a neng a bo a galefa. Ray o ne a simolola go lela a re o ne a tlhoka madi ano ka ntlha ya sephiri sa gagwe le Jehofa. Kgabagare Ray o ne a re tlhalosetsa a re: “Dipeni di le tharo ke tlile go di tsenya mo lebokosong la moneelo mme tse dingwe tse tharo tsone ke tsa me.” Mmè o ne a tsholola dikeledi tsa boitumelo, mme ka bonako fela Rre o ne a batla madi a mabedi a lengwe le lengwe la one e leng dipeni tse tharo, mme nna ke ne ka ithuta botlhokwa jwa go tshegetsa tiro ya Bogosi ka madi.

Mo e ka nnang ka yone nako eo, Rre o ne a dira dithulaganyo tsa go fudugela kwa go neng go na le tlhokego e kgolo ya baboledi ba Bogosi gone. Ka 1949 o ne a rekisa polasi le marekisetso a gagwe a mmu le motlhaba mme a simolola go bula tsela, a dira e le modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka kolobediwa ka September 24, 1950, ke supa boineelo jwa me mo go Jehofa. Go tloga ka nako eo go ya pele, fa re le mo malatsing a boikhutso a selemo ke ne ke ikwadisetsa go nna mmulatsela wa nako ya malatsi a boikhutso (jaanong o bidiwa mmulatsela yo o thusang) mme ke dirisa diura di le 100 mo bodireding ka kgwedi. Mme seo e ne e le tshimologo fela. Go ise go ye kae ke ne ka nna le keletso e e nonofileng mo pelong ya go dira mo go oketsegileng go tsweletsa kobamelo e e itshekileng.

Keletso Ya me Ya go Nna Morongwa

Ka 1951, Rre o ne a abelwa kwa Bideford, kwa Bokone jwa Devon. Moragonyana fela ga gore re goroge koo, morongwa yo o neng a direla kwa Afrika o ne a etela phuthego ya rona jaaka go umakilwe kwa tshimologong. Morago ga moo, keletso ya me ya go nna morongwa e ne ya tlhotlheletsa ditshwetso tsotlhe tsa me. Barutabana ba me kwa sekolong ba ne ba itse ka mokgele wa me mme ba ne ba dira bojotlhe go leka go nkgoba marapo ba akanya gore gongwe ke tla ya go batla tiro ya boitshediso. Le fa go ntse jalo, mo letsatsing la me la bofelo kwa sekolong fa ke ya kwa phaposing ya barutabana go ya go ba leboga le go ba sadisa sentle, mongwe wa bone o ne a re: “Re a go akgola! Ke wena fela moithuti yo tota a itseng gore o batlang mo botshelong. Re solofela gore o tla fitlhelela mokgele wa gago.”

Ga ke a ka ka senya nako, ke ne ka bona tiro ya nakwana mme ka December 1, 1955 ka nna mmulatsela wa ka metlha. Moragonyana Mmè le bokgaitsadiake le bone e ne ya nna babulatsela. Ka jalo go ne ga feta dingwaga di le mmalwa lelapa la rona lotlhe le le mo bodireding jwa nako e e tletseng.

Ke ya Kwa Ireland

Ngwaga morago ga foo, ke ne ka bona taletso ya go direla kwa Ireland. Eno e ne e le kgato ya ntlha e e tla nthusang go fitlhelela mokgele wa me wa go nna morongwa. Ka February 1957, ke ne ka goroga kwa Cork, e e kafa borwa jwa Ireland ke na le babulatsela ba bangwe ba basha e bong June Napier le Beryl Barker.

Tshimo ya Ireland e ne e le thata. Kereke ya Roma Katoliki e ne e re ganetsa fela thata. Re ne re tlhomamisa gore go na le tsela ya go tswa mo kagong kana mo difoleteng tse re tsenang mo go tsone gore fa go tlhokega re kgone go tshaba motlhofo. Re ne re fitlha dibaesekele tsa rona kgakala le fa re neng re bereka teng, mme gantsi mongwe o ne a di bona a bo a sega dithaere tsa teng kana a di ntsha mowa.

Nako nngwe fa nna le Beryl re ne re etetse banni ba lefelo lengwe le legolo la difolete, ke fa setlhopha sa bana se re goa se re tlhapatsa e bile ba re ngata ka maje. Ka jalo re ne ra tsena mo lebenkeleng le le rekisang mashi le le neng le lebane le ntlo ya mongwe. Segopa se ne sa tla go kgobokana kafa ntle. E re ka Beryl a ne a rata mashi thata, o ne a nwa digalase di le pedi kana di le tharo tsa mashi le gone a di nwa ka bonya a solofetse gore segopa seno se tla phatlalala. Ga se a ka sa phatlalala. Moragonyana lekawana lengwe la moruti le ne la tsena mo lebenkeleng. E re ka a ne a akanya gore re baeng, o ne a ithaopela go re bontsha lefelo leo. Le fa go ntse jalo, sa ntlha o ne a re isa mo phaposing nngwe mo ntlong, mme fa re ntse re dutse foo ka tidimalo o ne a direla monnamogolo mongwe yo o neng a swa tirelo ya bofelo. Mme morago ga moo re ne ra tswa mo ntlong eo ra tsamaya le moruti yono. Fa segopa se re bona re ntse re tlotla le moruti, se ne sa phatlalala.

Ke ya Gileade

Ka 1958, go ne go tlile go tshwarwa Kopano ya Ditšhabatšhaba ya Thato ya Bomodimo kwa New York. Rre o ne a tlile go ya, le nna ke ne ke batla go ya mme ke ne ke sena madi. Mme mmemogolo o ne a tlhokafala re sa lebelela mme a ntlogelela diponto di le 100. Madi a loeto lotlhe lwa go ya kopanong le go boa e ne e le diponto di le 96, ka jalo ke ne ka ya go reka tekete ya sefofane ka yone nako eo.

Moragonyana fela ga foo, moemedi mongwe yo o tswang kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Boritane o ne a re etela mme a laletsa babulatsela botlhe ba ba kgethegileng ba ba neng ba ya kopanong gore ba tsenye dikopo tsa go thapisediwa borongwa kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Ke ne ke sa dumele se ke se utlwang! O ne a naya botlhe ba ba neng ba le teng dikopo kwantle ga me. Ke ne ke sa ntse ke le monnye. Ke ne ka kopa gore le nna a nneye, ka mo tlhalosetsa gore ke ne ke setse se tlogetse naga ya gaetsho mme totatota ke ne ke le mo kabelong ya borongwa. Fa a bona kafa ke ikemiseditseng ka teng, o ne a nnaya foromo. Ruri ke ne ka rapela ka tlhoafalo tota gore ke amogelwe! Karabo e ne ya tla ka bonako mme ke ne ke amogetswe kwa Gileade.

Se se neng sa intumedisa le go feta ke gore ke ne ka kwadisiwa mo tlelaseng ya bo33 ya Gileade mmogo le babulatsela ba bangwe ba le 81 ba ba tswang kwa dinageng di le 14. Dikgwedi di le tlhano tsa khoso eo ya Gileade di ne tsa feta ka bonako tota. Fa khoso eo e setse e ya kwa bofelong, Mokaulengwe Nathan H. Knorr o ne a re naya puo ya diura di le nnè e e neng ya re kgothatsa. O ne a kgothatsa ba ba neng ba ka kgona go nna ba sa nyala gore ba dire jalo. (1 Bakorintha 7:37, 38) Mme rona ba re neng re batla go nyalwa mo isagweng, o ne a akantsha gore re dire lenaane la dilo tse re di tlhokang mo molekaneng yo o tshwanetseng wa lenyalo. Mme fa go ka nna le mongwe yo re mo kgatlhegelang, re sekaseke motho yoo go ya ka lenaane la dilo tse re di kwadileng.

Lenaane la dilo tse ke neng ke di tlhoka mo mothong yo e tla nnang monna wa me le ne le akaretsa dilo tse di latelang: O ne a tshwanetse go nna morongwa le ene mme a rate Jehofa, a itse thata ka boammaaruri jwa Baebele go mpheta, a ikemisetse go se nne le bana pele ga Aramagedona gore re kgone go tswelela ka bodiredi jwa nako e e tletseng, a bue Seesemane ka thelelo, mme a nne mogolo mo go nna ka dingwaga. Lenaane leno le ne la nthusa tota e re ka ke ne ke sa ntse ke le mosha wa dingwaga di le 20 yo o neng a le gaufi le go amogela kabelo ya go ya go direla kwa nageng e e kwa kgakala.

Ke ya Brazil

Ka Sontaga, August 2, 1959, re ne ra aloga mme ra itsisiwe dikabelo tsa rona. Nna, Vehanouch Yazedjian, Sarah Greco, Ray le Inger Hatfield, Sonia Springate, le Doreen Hines re ne ra abelwa kwa Brazil. Re ne re itumetse tota. Ke ne ke akantse fela ka dikgwa tsa teng, dinoga, ditlhare tsa rabara le Baindia ba naga eo. Le fa go ntse jalo, fa ke goroga koo ke ne ka gakgamala tota! Go na le go gorogela mo sekgweng sa dipula sa Amazon, ke ne ka gorogela mo Rio de Janeiro, motse wa segompieno o o mogote o ka nako eo e neng e le motsemoshate wa naga eo.

Bothata jwa ntlha fela jo re neng re tshwanetse go lebana le jone e ne e le go ithuta Sepotokisi. Mo kgweding ya ntlha, re ne re dirisa diura di le 11 letsatsi le letsatsi re ithuta. Morago ga go rera nakwana mo Rio le go nna kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya koo, ke ne ka romelwa kwa legaeng la barongwa kwa Piracicaba, mo São Paulo State, mme moragonyana ka romelwa kwa legaeng la barongwa kwa Porto Alegre mo Rio Grande do Sul State.

Mme mo tshimologong ya 1963, ke ne ka amogela taletso ya go ya go dira mo Lephateng la Thanolo kwa lekaleng. Lephata leo le ne le okametswe ke Floriano Ignez da Conceição, yo o neng a re rutile Sepotokisi fa re ne re goroga mo Rio. O ne a ithuta boammaaruri ka 1944, fa go ne go na le Basupi ba le 300 fela mo Brazil, mme a aloga mo tlelaseng ya bo22 ya Gileade. Letsatsi lengwe, morago ga dikgwedi di le mmalwa, Mokaulengwe Conceição o ne a nkopa gore ke sale ka nako ya dijo tsa motshegare gore a tle a bue sengwe le nna. Kwa tshimologong ke ne ke tshwenyegile. A go sengwe se se phoso se ke se dirileng? Fa nako ya dijo tsa motshegare e fitlha ke ne ka ya go mmotsa gore o ne a batla go bua le nna ka eng. O ne a nkaraba ka gore: “Ke kopa gore re nyalane.” Ke ne ka gamarega fela. Morago ga moo ke ne ka mo kopa gore a mphe nako ya go akanya ka kgang eno mme ka tabogela kwa dijong tsa motshegare.

Floriano e ne e se ene mokaulengwe wa ntlha go nkgatlhegela. Le fa go ntse jalo, go fitlha ka nako eo, ke ne ke ise ke bone ope yo o neng a tshwanela dilo tse ke di kwadileng mo lenaaneng la go batla molekane wa lenyalo yo o tshwanelegang. Ke dumela gore lenaane leo la me le nthusitse gore ke se ka ka dira tshwetso e e phoso. Mo lekgetlong leno dilo di ne di farologane. Floriano o ne a na le dilo tsotlhe tse ke di batlang mo monneng! Ka jalo re ne ra nyalana ka May 15, 1965.

Go Lebana le Bothata Jwa Bolwetse

Go sa kgathalesege mathata a nna le Floriano re neng ra lebana le one, lenyalo e nnile boitemogelo jo bo itumedisang tota. Bongwe jwa mathata ao e ne e le mathata a botsogo a ga Floriano a a simolotseng pelenyana fela ga gore re nyalane. Mo dingwageng tse di fetileng, lekgwafo la gagwe la molema le ne la koafala thata mme jaanong ditlamorago tsa seo di ne di simolola go mmakela mathata. Ka ntlha ya seo re ne ra tlogela Bethele, mme ra abelwa go ya go nna babulatsela ba ba kgethegileng kwa motseng wa Teresópolis, mo kgaolong e e dithaba ya Rio de Janeiro State. Re ne re solofetse gore maemo a bosa a koo a tla mo thusa gore a nne botoka.

Mo godimo ga moo, ka December 1965, ke ne ka amogela dikgang tsa gore Mmè o ne a lwala thata a tshwerwe ke kankere. Re ne re kwalelana makwalo ka metlha mme ke ne ke na le dingwaga di le supa ke sa mmone. Ka jalo o ne a re duelela sepalamo gore re tle go mmona kwa Engelane. Dingaka di ne tsa ara Mmè, mme di ne tsa palelwa ke go ntsha kankere. Le fa a ne a sa tsoge mo bolaong e bile a lwala thata, o ne a ntse a batla go nna le seabe mo tirong ya go rera. O ne a na le motšhine wa go tlanya mo phaposing ya gagwe ya borobalo gore a kgone go biletsa motho yo o tlanyang mafoko a a neng a batla gore a a tlanye mo makwalong a gagwe. Gape o ne a tle a neele bosupi ka bokhutshwane mo bathong ba ba neng ba re etela. O ne a tlhokafala ka November 27, 1966. Mo kgweding e a tlhokafetseng ka yone o ne a bega diura di le lesome tse a di berekileng mo bodireding jwa tshimo! Rre o ne a tswelela ka boikanyegi mo bodireding jwa bobulatsela go fitlha a tlhokafala ka 1979.

Morago ga loso lwa ga Mmè, nna le Floriano re ne ra boela mo Brazil mo e sa leng re ntse re direla teng mo Rio de Janeiro State. Kwa tshimologong re ne ra abelwa tiro ya potologo mo motsemogolong, mme re ne ra itumelela tiro eo ka nako e khutshwane fela gonne Floriano o ne a simolola go lwala thata. Ka jalo re ne ra boela kwa Teresópolis ra ya go nna babulatsela ba ba kgethegileng.

Kgabagare ka 1974, morago ga dingwaga Floriano a ntse a dirwa dikalafi tse di botlhoko, dingaka di ne tsa ntsha lekgwafo la gagwe la molema. Ka nako eo, o ne a sa kgone go direla jaaka molebedi yo o okamelang kana go nna mmulatsela yo o kgethegileng, mme gone o ne a kgona go tshwara dithuto tsa Baebele kwa sepatela ka nako ya baeng—nngwe ya tsone o ne a e tshwara ka Seesemane le Moamerika mongwe yo o bidiwang Bob yo o neng a tlogetse tiro. Bob o ne a amogela boammaaruri mme moragonyana a kolobediwa. Kgabagare Floriano o ne a fola mme fa e sa le ka nako eo ke mmulatsela wa ka metlha.

Jehofa o Segofaditse Bodiredi Jwa Me

Mo dingwageng tse di ntseng di feta, ke ntse ke tsweletse ke le mmulatsela yo o kgethegileng mme Jehofa o segofaditse bodiredi jwa me. Ke ne ka nna le tshiamelo e e molemo ya go thusa batho ba feta 60 kwa Teresópolis, gore ba neele matshelo a bone mo go Jehofa. Mo bathong bao mongwe wa bone e ne e le mosadi yo o bidiwang Jupira yo ke neng ka mo ruta le go bala. Fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka ithuta le bana ba gagwe ba bagolwane ba le robedi. Ka ntlha ya seo, Jupira mmogo le maloko a a fetang 20 a lelapa la gagwe le ba losika ba direla Jehofa ba tlhagafetse gompieno. Mongwe wa bone ke mogolwane, ba le bararo bone ke batlhanka ba bodiredi mme ba le babedi ke babulatsela.

Ke ne ka ithuta go nna le boikutlo jo bo siameng malebana le go ithuta ga batho boammaaruri. Nako nngwe ke ne ke tshwere thuto ya Baebele le mosadi mongwe yo mosha yo o bidiwang Alzemira fa monna wa gagwe Antônio a ne a ntshosetsa ka gore o tla dira gore ke longwe ke dintša tse pedi tse ditona fa ke sa tswe mo ntlong ya bone ka yone nako eo. Morago ga tiragalo eo ke ne ke kopana le Alzemira ka sewelo fela, mme dingwaga di le supa morago ga moo Antônio o ne a ntetla gore ke ithute Baebele le Alzemira gape. Le fa go ntse jalo, Antônio o ne a sa ntse a sa batle gore ke bue le ene ka Baebele. E ne ya re tsatsi lengwe pula e na, ka mo kopa gore a tle go ithuta le rona. Ke ne ka lemoga gore bothata jwa gagwe e ne e le gore o ne a sa itse go bala le go kwala. Go tloga ka nako eo, Floriano le ba bangwe ba ne ba ithuta le ene mme ba mo ruta go bala. Gompieno Alzemira le Antônio ba kolobeditswe. Antônio o thusa thata mo phuthegong, o tsamaya le basha ba le bantsi mo bodireding.

Ano ke mangwe a maitemogelo a le mmalwa fela a a re nnileng le one mo dingwageng di feta 20 tse re neng ra direla kwa Teresópolis ka tsone. Mo tshimologong ya 1988, re ne ra newa kabelo e ntšha—motse wa Niterói, kwa re neng ra direla teng dingwaga di le tlhano tse di neng tsa latela pele re fudugela kwa Santo Aleixo. Mme morago ga moo re ne ra isiwa kwa Phuthegong ya Japuíba, mo bogareng jwa Rio, mme ra nna le tshiamelo ya go simolola Phuthego ya Ribeira.

Botshelo Jo bo Sa Raraanang Mme bo Kgotsofatsa

Mo dingwageng tse dintsi tse di ntseng di feta, nna le Floriano re nnile le tshiamelo ya go thusa batho ba ba fetang 300 go neela matshelo a bone mo go Jehofa. Gone jaanong bangwe ba bone ba direla kwa lekaleng, ba bangwe ke babulatsela, bagolwane le batlhanka ba bodiredi. Ke leboga Modimo tota go bo a re thusitse ka moya wa gagwe o o boitshepo gore re thuse batho ba le bantsi jaana!—Mareko 10:29, 30.

Ke boammaaruri gore Floriano o ne a tshwanelwa ke go lebana le mathata a a masisi a botsogo. Go sa kgathalesege maemo ano a gagwe, o ntse a nitame, a itumetse e bile a tshepa Jehofa. O rata go re: “Gompieno boitumelo ga bo nne teng ka go bo motho a tshela botshelo jo bo se nang mathata. Bo nna teng fa Jehofa a re thusa go lebana le mathata a rona.”—Pesalema 34:19.

Ka 2003, go ne ga fitlhelwa kankere mo leitlhong la me la molema. Ke ne ka ya go arwa, mme leitlho la me la ntshiwa ka tsenngwa la maitirelo le le tshwanelwang go tlhatswiwa gantsintsi ka letsatsi. Go sa kgathalesege maemo ano, Jehofa o ntshegofaditse ka gore ke tswelele ke na le nonofo ya go mo direla ke le mmulatsela yo o kgethegileng.

Mo kgannyeng ya dikhumo, e sale ke ntse ke tshela botshelo jo bo sa raraanang. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ntshegofaditse tota mo kabelong ya me mme o nkhumisitse semoyeng. Kakgelo e e neng ya dirwa ke kgaitsadi yole wa morongwa ka tiro ya go rera kwa Afrika e itshupile e tshwanela kabelo ya rona ya kwa Brazil tota. Ruri Jehofa o segofaditse thata keletso ya me ya go nna morongwa!

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Ke na le ba lelapa la me, 1953

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Ke neela bosupi kwa Ireland, 1957

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ke na le barongwa mmogo le nna kwa Brazil ka 1959. Go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng: Nna, Inger Hatfield, Doreen Hines, le Sonia Springate

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ke na le monna wa me