Kgakololo e e Molemo ya go Godisa Bana
Kgakololo e e Molemo ya go Godisa Bana
FA Ruth a bua ka lekgetlho la ntlha a le moimana a re: “Ke ne ke na le dingwaga di le 19, ke nna kgakala le ba lelapa la gaetsho mme ke sa itse gore ke dire eng.” Ka gonne e ne e le ene fela ngwana kwa ga bone, o ne a ise a ko a akanye thata ka kgang ya go nna motsadi. O ne a tla bona kae kgakololo e e molemo?
Jan, yo jaanong a nang le bana ba babedi, ene a re: “Kwa tshimologong ke ne ke itshepa thata. Mme ga go a ka ga tsaya nako go lemoga gore ke ne ke se na kitso e e neng e tlhokega.” Le fa batsadi ba ka tswa ba sa itse gore ba dire eng di sa ntse di tloga fela, kana ba lemoga moragonyana gore ga ba itse se ba tshwanetseng go se dira, ba ka bona kae thuso ya kafa ba ka godisang bana ba bone ka teng?
Gompieno batsadi ba le bantsi ba dirisa Internet go batla tshedimosetso. Le fa go ntse jalo, gongwe o ka tswa o ipotsa gore kgakololo e ba e fitlhelang moo e molemo go le kana kang. Go botlhokwa go nna kelotlhoko thata. A o itse gore ke bomang ba ba tsentseng kgakololo eo mo Internet? Ba atlegile go le kana kang fa ba godisa bana ba bone? Ruri o batla go nna kelotlhoko fa go tliwa mo dikgannyeng tse di amang lelapa la gago. Ka dinako tse dingwe jaaka setlhogo se se fetileng se bontshitse, le kgakololo ya baitse ga e kgotsofatse. Ka jalo, o ka bona kae kaelo?
Motswedi o le osi wa kgakololo ya go godisa bana ke Jehofa Modimo, Mosimolodi wa lelapa. (Baefeso 3:15) Ke ene fela motho yo tota a itseng. Mo Lefoko la gagwe, Baebele, o re naya kaelo e e molemo, e e mosola, e tota e thusang. (Pesalema 32:8; Isaia 48:17, 18) Go ikaegile ka rona gore re e dirise.
Banyalani ba le mmalwa ba ne ba kopiwa gore ba tlhalose se ba se ithutileng fa ba godisa bana bone gore e nne bagolo ba ba boifang Modimo. Ba ne ba re ba atlegile ka gonne ba ne ba dirisa melaometheo ya Baebele. Ba lemogile gore kgakololo ya Baebele e molemo gompieno fela jaaka e ne e le molemo bogologolo fa Baebele e ne e kwalwa.
Iphe Nako le Bone
Fa Catherine, yo o nang le bana ba le babedi a ne a bodiwa gore ke kgakololo efe e e mo thusitseng thata, ka bonako fela o ne a umaka Duteronome 6:7. Temana eo ya re: “O . . . jalele [melaometheo ya Baebele] kwa teng mo go morwao o bo o bue ka [yone] fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.” Catherine o ne a lemoga gore o ne a tshwanetse go ipha nako a na le bana ba gagwe gore a tle a kgone go dirisa kgakololo eo.
O ka nna wa re, ‘Go dira seo ga go motlhofo jaaka go buiwa.’ E re ka malapa a le mantsi a tlhoka gore batsadi boobabedi ba bereke gore ba kgone go a tlamela, batsadi ba ba nnang ba tshwaregile ba ka kgona jang go ipha nako e e oketsegileng le bana ba bone? Torlief, yo morwawe jaanong a nang le lelapa, a re selo sa botlhokwa ke go dirisa kgakololo e e mo go Duteronome. Tsamaya le bana ba gago gongwe le gongwe kwa o yang teng, mme o tla bulegelwa ke sebaka sa go bua le bone motlhofo fela. Torlief a re: “Nna le morwaake re ne re dira ditiro tsa mo gae mmogo. Re ne re tsaya maeto mmogo re le lelapa. Re ne re ja mmogo.” A re ka ntlha ya seo “morwaarona o ne a nna a gololesegile go bua le rona.”
Mme ke eng se se ka dirwang fa puisano e le bothata mme go se motlhofo go tlotla mmogo? Seno ka dinako tse dingwe se direga fa bana ba ntse ba gola. Mme le teng foo, go ipha nako le bone go ka thusa. Monna wa ga Catherine, e bong Ken, a re fa morwadiabone a ne a tsena mo dingwageng tsa bosha, morwadiabone o ne a na le go ngongorega a re rraagwe ga a mo reetse. Basha ba bantsi ba lela ka sone seo. Ke eng se a neng a tla se dira go baakanya bothata joo? Ken a re: “Ke ne ka simolola go dirisa nako e ntsi ke na le ene re le babedi fela, re tlotla ka dilo tse a di akanyang, tsela e a ikutlwang ka yone le ka dilo tse di Diane 20:5) Le fa go ntse jalo, Ken o dumela gore lebaka la go bo go dira jalo go ile ga thusa ke gore mo legaeng la bone puisano e ne e se bothata. A re: “Nna le morwadiake re ne re ntse re na le kamano e e molemo, ka jalo o ne a ikutlwa a gololesegile go bua le nna.”
mo utlwisang botlhoko. Seo ruri se ile sa thusa.” (Patlisiso nngwe ya bosheng e begile gore basha ke bone ba umakang gantsi go feta batsadi gore batsadi le bana ga ba dirise nako e ntsi ba le mmogo. Ka jalo ke eng fa o sa latele kgakololo ya Baebele. Dirisa nako e ntsi ka mo o ka kgonang ka teng o na le bana ba gago—fa o iketlile fela le fa o bereka, o le kwa gae le fa o le mo loetong, mo mosong fa o tsoga le bosigo pele ga o ya go robala. Fa go kgonega, tsamaya le bone gongwe le gongwe kwa o yang teng. Jaaka Duteronome 6:7 e bontsha, ga go na sepe se se ka emisetsang go ipha nako le bana ba gago.
Ba Rute Mekgwa e Mentle
Mario, yo o nang le bana ba babedi, le ene a re: “Bontsha bana lorato thata mme o ba balele.” Le fa go ntse jalo, ga se fela kgang ya go tokafatsa maatla a bana ba gago a go akanya. O tshwanetse go ba ruta kafa ba ka farologanyang ka teng se se siameng le se se sa siamang. Mario gape a re: “Ithute Baebele le bone.”
Baebele e gakolola batsadi jaana ka seo: “Lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme lo ba godise ka lorato ka thapiso ya Bokeresete le kgakololo.” (Baefeso 6:4, Weymouth) Mo malapeng a mantsi gompieno ga go na tao ya mekgwa e mentle. Bangwe ba dumela gore fa bana ba gola ba tla kgona go itlhophela gore ba tla dirisa mekgwa efe e mentle. A o bona seno se utlwala? Fela jaaka mebele ya bana e tlhoka go fepiwa sentle gore e gole e nonofile e bile e itekanetse, ka tsela e e tshwanang ditlhaloganyo le dipelo tsa bana di tlhoka tao. Fa bana ba gago ba sa ithute mekgwa e mentle ya boitsholo mo go wena kwa gae, ba tla ithuta mekgwa ya bana ba ba tsenang sekolo le bone le barutabana, kana e ba e utlwang mo metsweding ya dikgang.
Baebele e ka thusa batsadi go ruta bana ba bone gore ba kgone go farologanya se se siameng le se se sa siamang. (2 Timotheo 3:16, 17) Jeff, yo e leng mogolwane yo o nang le boitemogelo wa Mokeresete yo o godisitseng bana ba le babedi, o buelela go dirisa Baebele go ruta bana mekgwa e mentle ya boitsholo. A re: “Go dirisa Baebele go thusa bana go lemoga kafa Mmopi a ikutlwang ka teng ka kgang e e rileng, e seng fela kafa Mmè le Rrè ba ikutlwang ka teng ka yone. Re lemogile gore Baebele e na le bokgoni jo bo tlhomologileng jwa go fitlhelela tlhaloganyo le pelo. Fa re ne re batla go baakanya bothata jo bo amanang le boitshwaro jo bo phoso kana go akanya ka tsela e e phoso, re ne re ipha nako ya go batla temana e e buang ka kgang eo. Go tswa foo, fa re na le ene re ne re mmadisa temana eo. Gantsi ngwana o ne a tsholola dikeledi fa a sena go bala temana eo. Re ne re gakgamala. Baebele e ne e na le maatla go feta le fa e le eng fela se re neng re ka akanya go se bua kana go se dira.”
Bahebera 4:12 ya re: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla . . . mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” Ka jalo, molaetsa wa Baebele ga se dipono fela tsa batho ba Modimo a ba dirisitseng go e kwala kana dilo tse di ba diragaletseng. Go na le moo, e tlhalosa tsela e Modimo a lebang dikgang tsa boitsholo ka yone. Seno se dira gore e se ka ya tshwana le metswedi epe e mengwe ya kgakololo. Fa o dirisa Baebele go ruta bana ba gago, o ba thusa go leba dilo jaaka Modimo a di leba. Seo se tla dira gore thapiso e o ba thapisang ka yone e nne ya boleng jo bo kwa godimo thata, mme se tla go thusa gore o fitlhelele pelo ya ngwana wa gago botokanyana.
Catherine, yo o umakilweng fa godimo o dumalana le seo. A re: “Fa boemo bo le thata, re ne re batla kgakololo mo Lefokong la Modimo—mme e ne e thusa!” A o ka dirisa Baebele botokanyana go ruta bana ba gago go farologanya se se siameng le se se siamang?
Nna Tekatekano
Moaposetoloi Paulo o umaka molaomotheo o mongwe wa botlhokwa o o thusang go godisa bana. O ne a raya Bakeresete mmogo le ene a re: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.” (Bafilipi 4:5) Seo se akaretsa le bana ba rona gore ba tshwanetse go re bona re le batho ba ba tekatekano. Mme o gakologelwe gore go nna tekatekano go bontsha gore motho o na le “botlhale jo bo tswang kwa godimo.”—Jakobe 3:17.
Le fa go ntse jalo, go nna tekatekano go amana jang le go thapisa bana? Le fa re ba thusa kafa re ka kgonang ka teng, ga re laole sengwe le sengwe se ba se dirang. Ka sekai, Mario, yo o umakilweng fa godimo, ke Mosupi wa ga Jehofa, mme a re: “Re ne re tlhola re tlotla le bana ba rona ka kolobetso, ka tirelo ya nako e e tletseng, le ka go ipeela mekgele e mengwe ya semoya. Mme re ne re ba tlhalosetsa sentle gore ba ne ba tshwanetse go itirela tshwetso eo fa nako eo e fitlha.” Seo se ile sa felela jang? Bana ba bone boobabedi jaanong ke bareri ba nako e e tletseng.
Baebele e tlhagisa borrabana jaana mo go Bakolosa 3:21: “Lo se ka lwa galefisa bana ba lona, gore ba se ka ba tshwenyega mo maikutlong.” Catherine o rata temana eo thata. Fa motsadi a fela pelo, go nna motlhofo gore a galefe kana a lebelele gore bana ba dire dilo tse ba sa kgoneng go di dira. Mme a re, “o se ka wa lebelela gore ngwana wa gago a dire dilo tse wena o ka kgonang go di dira.” Catherine le ene ke Mosupi wa ga Jehofa, mme o tswelela ka go re: “Dira gore ba itumelele go direla Jehofa.”
Jeff, yo o umakilweng fa godimo, a re: “Fa bana ba rona ba ne ba ntse ba gola, tsala nngwe ya rona e ne ya re bolelela gore e lemogile gore gantsi e ne e gana mo dilong tse dintsi tse bana ba gagwe ba neng ba di batla. Seo se ne se ba utlwisa botlhoko e bile se dira gore ba ikutlwe ba gateletswe. O ne a akantsha gore rona re batle ditsela tsa go amogela dilo tse bana ba rona ba di batlang, gore re tile boemo joo.
Jeff a re: “Re ne ra bona seno e le kgakololo e e molemo. Ka jalo re ne ra batla ditshono tse bana ba rona ba neng ba ka dira dilo le ba bangwe mo maemong a re neng re a letla. Ka jalo re ne re na le go ba raya re re: ‘A lo ne lo itse gore semangmang o dira selo sa gore le sa gore? Ke eng lo sa ye le lona?’ Kana fa bana ba rona ba re kopa gore re ba ise golo gongwe, re ne re ikgoga fela le fa tota re lapile. Seo re ne re se direla fela gore re se ka ra gana.” Seo ke sone se go nna tekatekano go se rayang—go akanyetsa le go ineela mme go sa tlolwe melaometheo ya Baebele.
Solegelwa Molemo ke Kgakololo e e Molemo
Bontsi jwa banyalani bano jaanong ke bommèmogolo le borrèmogolo. Ba itumelela go bona melaometheo eno ya Baebele e thusa bana ba bone gore ba atlege go nna batsadi. A o ka solegelwa molemo ke kgakololo ya Baebele?
Fa Ruth, yo o umakilweng kwa tshimologong, a ne a nna motsadi, ka dinako tse dingwe ene le monna wa gagwe ba ne ba iphitlhela ba sa itse gore ba dire eng. Mme thuso e ne e le teng. Ba ne ba na le kgakololo e e molemo go di gaisa tsotlhe ya Lefoko la Modimo, Baebele. Basupi ba ga Jehofa ba gatisitse dibuka di le dintsi tse di thusang go tlhaloganya Baebele tse di ka thusang batsadi. Dingwe tsa tsone ke Ithute mo Morutising yo Mogolo, Buka ya Me ya Dipolelo tsa Baebele, Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, le Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe ba ba Kileng ba Tshela. Torlief, monna wa ga Ruth, a re: “Gompieno go na le ntletsentletse ya kgakololo e e theilweng mo Baebeleng e batsadi ba ka e dirisang. Ba ka kgona go lebana le maemo otlhe a botshelo fa ba godisa ngwana fela fa ba dirisa kgakololo eo.”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]
Se BAITSE ba se Buang . . . Se BAEBELE e se Buang
Ka go Bontsha Lorato:
Mo bukeng ya The Psychological Care of Infant and Child (1928), Dr. John Broadus Watson o ne a raya batsadi jaana: “Lo se ka lwa tlamparela le go atla” bana ba lona. “Lo se ka lwa ba hara.” Le fa go ntse jalo, bosheng jaana Dr. Vera Lane le Dr. Dorothy Molyneaux ba ne ba kwala jaana mo makasineng wa Our Children (March 1999): “Dipatlisiso di bontsha gore bana ba bannye ba ba sa bontshiweng lorato gantsi ga ba gole sentle.”
Go farologana le seo, Isaia 66:12 ya re Modimo o bontsha batho ba gagwe lorato e dirisa mafoko a a tlhalosang lorato lwa motsadi mo ngwaneng wa gagwe. Ka tsela e e tshwanang, fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba leka go thiba bana ba bannye gore ba se ka ba ya kwa go Jesu, o ne a ba kgalema, a re: “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba.” Go tswa foo “a tsaya bana ka mabogo mme a simolola go ba segofatsa.”—Mareko 10:14, 16.
Ka go Ba Ruta Mekgwa e Mentle:
Mo New York Times Magazine ya 1969, Dr. Bruno Bettelheim o ne a gatelela gore ngwana o na le “tshwanelo ya go leba dilo ka tsela ya gagwe, a sa tlhotlhelediwe ke se [batsadi ba gagwe] ba tlholang [ba se bua], mme a tlhotlhelediwa ke se ene a se lemogang mo botshelong.” Le fa go ntse jalo, dingwaga di ka nna 30 morago ga foo Dr. Robert Coles, yo e leng mokwadi wa buka ya The Moral Intelligence of Children (1997), o ne a re: “Bana ba tlhoka thata go nna le maikaelelo le go kaelwa mo botshelong, ba tlhoka mekgwa e mentle ya boitsholo” e batsadi ba bone le batho ba bangwe ba bagolo ba e amogelang.
Diane 22:6 e kgothatsa batsadi jaana: “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.” Lefoko la Sehebera le le ranotsweng go twe “thapisa” gape le raya “go simolola” mme fano le raya go simolola go naya lesea tao. Ka gone batsadi ba kgothalediwa gore ba simolole go ruta bana ba bone mekgwa e e siameng go tloga ba sa le masea. (2 Timotheo 3:14, 15) Gantsi ba ka se lebale se ba se ithutileng mo dingwageng tseno tsa fa ba sa ntse ba le masea.
Ka Kotlhao:
Dr. James Dobson o ne a kwala jaana mo bukeng ya The Strong-Willed Child (1978): “Fa motsadi yo o lorato a otlhaya bana ka go ba itaya ke tsela ya go ba ruta e e thibelang boitshwaro jo bo kotsi.” Mme mo setlhogong se se tserweng mo kgatisong ya bosupa ya buka e e ratwang thata ya Baby and Child Care (1998), Dr. Benjamin Spock o ne a re: “Go itaya bana go ba ruta gore motho yo mogolo ka dingwaga, yo o nonofileng go ba feta o na le maatla a go dira sengwe le sengwe se a se batlang, le fa a le phoso kana a se phoso.”
Baebele e bua jaana ka kotlhao: “Thupa le kgalemelo di naya botlhale.” (Diane 29:15) Le fa go ntse jalo, ga se ngwana mongwe le mongwe yo o tlhokang go itewa. Diane 17:10 ya re: “Kgalemelo e tsena kwa teng mo go yo o nang le tlhaloganyo go na le go itaya sematla ga lekgolo.”
[Setshwantsho]
Dirisa Baebele go fitlhelela pelo
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Batsadi ba ba botlhale ba rulaganyetsa bana ba bone boitlosobodutu