Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Christophe Plantin—Moetapele mo Kgatisong ya Dibaebele

Christophe Plantin—Moetapele mo Kgatisong ya Dibaebele

Christophe Plantin—Moetapele mo Kgatisong ya Dibaebele

JOHANNES GUTENBERG (mo e ka nnang ka 1397-1468) o itsege ka go gatisa Baebele ya ntlha e e neng ya gatisiwa ka ditlhaka tse di gabilweng. Mme ga se batho ba le bantsi ba ba itseng ka ga Christophe Plantin. Ke ene moetapele mo tirong ya go gatisa e bile o ne a thusa thata gore mo dingwageng tsa bo1500 batho lefatshe ka bophara ba kgone go nna le dibuka le Dibaebele.

Christophe Plantin o ne a tsholwa mo e ka nnang ka 1520 kwa Saint-Avertin, kwa Fora. Fa Plantin a le mo dingwageng tsa bo20, o ne a ya go nna kwa Antwerp mo Nageng e e Kwa Tlase gonne a ne a rata lefelo le batho ba lone ba neng ba amogela madumedi a a farologaneng e bile ikonomi ya lone e le e e solofetsang go feta ya kwa Fora. *

Tiro ya ga Plantin e simolotse ka go kopanya dibuka le go dira ka matlalo. Tiro ya gagwe e e duleng diatla ya matlalo e ne e ratwa thata ke bahumi. Le fa go ntse jalo, sengwe se se neng sa mo diragalela ka 1555, se ne sa dira gore a fetole tiro eno ya gagwe. Plantin o ne a tlhaselwa mo seterateng sa Antwerp, fa a ne a isitse lebokoso le lennye la letlalo le le neng le batliwa ke mmusi mongwe wa Naga e e Kwa Tlase e bong Kgosi Philip II wa Spain. Banna bangwe ba ba tagilweng ba ne ba mo tlhaba ka tšhaka mo legetleng. Le fa gone Plantin a ne a fola, o ne a sa tlhole a kgona go dira tiro ya diatla mme o ne a patelesega go tlogela kgwebo eno ya gagwe. Plantin o ne a simolola tiro ya go gatisa a thusiwa ka madi ke moetapele wa setlhopha sa Ba-Anabaptist yo o bidiwang Hendrik Niclaes.

“Go Bereka ka Natla le ka Boitshoko”

Plantin o ne a bitsa bogatisetso jwa gagwe De Gulden Passer (Khampase ya Gauta). Letshwao le a neng a itsege ka lone e ne e le khampase ya gauta e e nang le mokwalo o o gabilweng o o reng “Labore et Constantia,” mo go rayang “Go Bereka ka Natla le ka Boitshoko.” Letshwao leno le ne le tshwanela tota go tlhalosa monna yono yo o senatla.

E re ka Plantin a ne a tshela mo motlheng o o neng o tletse ka dikhuduego tsa bodumedi le tsa dipolotiki o ne a leka ka natla gore a se ka a tsena mo mathateng. Tiro ya go gatisa e ne e le botlhokwa thata mo go ene go feta le fa e ka nna eng. Mokwadi mongwe yo o bidiwang Maurits Sabbe o ne a umaka gore, le fa Plantin a ne a dumalana le Diphetogo tsa Boporotesetanta, “o ne a sa ntshe maikutlo a gagwe ka botlalo mo kgannyeng ya bodumedi.” Mme ka ntlha ya seno go ne ga nna le magatwe a gore Plantin o gatisa dibuka tsa botlhanogi. Ka sekai, ka 1562 o ne a patelesega go tshabela kwa Paris lobaka lo lo fetang ngwaga.

Fa Plantin a boela kwa Artwerp ka 1563, o ne a simolola go dirisana le bagwebi ba ba humileng ba bontsi jwa bone e neng e le ba ditumelo tsa Ba-Calvin. Mo dingwageng di le tlhano tse a dirisaneng le bone ka tsone, ba ne ba kgona go gatisa dikgatiso di le 260 tse di farologaneng mo metšhineng ya ga Plantin ya go gatisa. Dikgatiso tseno di ne di akaretsa Baebele ya Sehebera, ya Segerika le ya Selatine mmogo le dikgatiso tse di kgabisitsweng bontle tsa Baebele ya Louvain ya Katoliki ya Ba-Dutch.

“Tiro ya Botlhokwa go Gaisa Tsotlhe e e Fitlheletsweng mo Tirong ya go Gatisa”

Ka 1567, fa puso ya kwa Spain e ne e ganediwa thata mo Nageng e e Kwa Tlase, Kgosi Philip II wa kwa Spain o ne a romela Mmusi wa Alba go ya go busa naga eo. Mmusi yono o ne a dirisa dithata tsotlhe tse a di neilweng ke kgosi go leka go emisa kganetso e e neng e ntse e gola ya Baporotesetanta. Ka jalo, Plantin o ne a simolola tiro e kgolo e a neng a solofela gore e tla tlosa dipelaelo tse di neng di le teng tsa gore ke mokgelogi. O ne a eletsa thata go gatisa ditemana tsa Baebele ka dipuo tsa ntlhantlha. Fa Plantin a gatisa kgatiso eno e ntšha, o ne a kgona go bona thuso ya ga Philip II. Kgosi eno e ne ya mo solofetsa gore e tla mo etleetsa ka madi mme ya romela molatedi yo o itsegeng thata wa diphetogo, Arias Montano gore a ye go okamela tiro eo.

Montano o ne a na le bokgoni jwa dipuo mme a kgona go bereka diura di le 11 ka letsatsi. O ne a thusiwa ke bomankge ba bangwe ba dipuo ba ba buang Se-Spain, Se-Belgium le Sefora. Maitlhomo a bone e ne e le go dira kgatiso e ntšha ya thanolo e e itsegeng ya Complutensian Polyglot. * Kwantle ga Vulgate ya Selatine, Septuagint ya Segerika le ditemana tsa Sehebera sa ntlhantlha, Baebele e ntšha ya ga Plantin ya Polyglot e ne e akaretsa gape le Targum ya Searamaika le Peshitta ya Se-Seriac mmogo le dithanolo tsa tsone tse di farologaneng tsa Selatine, tse di tlhalosang mafoko ka tlhamalalo.

Tiro ya go gatisa e ne ya simolola ka 1568. Namane eno e tona ya tiro e ne ya wediwa ka 1573. Tiro eno e ne e weditswe ka bonako fa e bapisiwa le ditiro tse dingwe tsa motlha oo. Mo lekwalong le Montano a neng a le kwalela Kgosi Philip II o ne a re: “Mono re kgona go fitlhelela tiro e ntsi mo kgweding e le nngwe go na le e e fitlhelelwang kwa Roma mo ngwageng.” Plantin o ne a gatisa dikhopi di le 1 213 tsa Baebele e ntšha ya Polyglot, tse nngwe le nngwe ya tsone e neng e dirilwe ka dibolumo tse dikgolo di le robedi. Mo tsebeng ya setlhogo go ne go na le setshwantsho se se gatisitsweng sa tau, poo, phiri le kwanyana di ja mmogo ka kagiso mo bojelong bo le bongwe, go tshwantsha mafoko a Isaia 65:25. Tlhwatlhwa ya sete e e iseng e bofiwe go nna bolumo e ne e le di-guilders di le 70—e leng madi a le mantsi thata gonne lelapa le le tlwaelegileng fela le ne le amogela di-guilders di ka nna 50 ka ngwaga. Moragonyana sete e e feletseng e ne ya bidiwa Antwerp Polyglot. Gape e ne e bidiwa Biblia Regia (Baebele ya Segosi) gonne Kgosi Philip II e ne e le ene a e etleeditseng.

Le fa gone Pope Gregory XIII ene a ne a amogela Baebele eo, Arias Montano o ne a tshwaiwa diphoso thata ka ntlha ya tiro ya gagwe. Lengwe la mabaka a a neng a dira gore a tshwaiwe diphoso ke gore Montano o ne a tsaya ditemana tsa ntlhantlha tsa Sehebera di gaisa tsa Vulgate ya Selatine. Moganetsi wa gagwe yo mogolo e ne e le León de Castro, moithutabodumedi wa Mo-Spain yo o neng a tsaya Vulgate ya Selatine e na le taolo. De Castro o ne a latofatsa Montano ka go senya ditemana tsa thanolo eno ka thuto ya gagwe e e kgatlhanong le Tharonngwe. Ka sekai, de Castro o ne a umaka ka tlhamalalo gore Peshitta ya Se-Seriac e ntshitse mokwalo o o tletseng diphoso o o itsenyeditsweng fela mo go 1 Johane 5:7 o o reng: “Kwa legodimong, Rara, Lefoko le Moya o o Boitshepo: mme boraro jono ke motho a le mongwe.” (King James Version) Le fa go ntse jalo, Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Bokgelogi ya kwa Spain e ne ya supa gore Montano ga a molato mo ditatofatsong tsotlhe tsa bokgelogi tse a neng a belaelwa ka tsone. Bangwe ba tsaya Antwerp Polyglot e le “tiro ya go gatisa e e botlhokwatlhokwa e e fitlheletsweng ke mogatisi a le mongwe mo lekgolong la bo16 la dingwaga.”

Melemo e e Nnetseng Ruri

Bagatisi ba le bantsi ba nako eo ba ne ba na le metšhine e le mebedi kana e le meraro fela ya go gatisa. Le fa go ntse jalo, mo pakeng e tiro ya ga Montano ya go gatisa e neng e le ntsi ka yone, o tshwanetse a bo a ne a na le metšhine e ka nna 22 ya go gatisa le badiri ba le 160. O ne a itsege jaaka mogatisi yo o di gogang kwa pele mo bathong ba ba buang Sepanishe.

Mo go yone nako eo, puso ya Spain e ne e ganediwa thata mo Nageng e e Kwa Tlase. Antwerp le yone e ne ya iphitlhela e le mo ntweng eo. Ka 1576, masole a kwa Spain a a neng a sa newa tuelo ya one a ne a tsuologa mme a thopa motse. Go ne ga fisiwa matlo a feta 600, mme diketekete tsa batho ba ba nnang mo Antwerp ba ne ba bolawa. Bagwebi ba ne ba tshaba mo motseng. Seno se ne sa dira gore Plantin a latlhegelwe ke madi a le mantsi thata. Mo godimo ga moo, o ne a patelesega go duela badiradikhuduego bano madi a a kwa godimo thata a lekgetho.

Ka 1583, Plantin o ne a fudugela kwa Leiden, motse o o leng dikilometara di ka nna 100 kafa bokone jwa Antwerp. Fa a goroga koo o ne a tlhoma bogatisetso mme a tlhomiwa go nna mogatisi wa Yunibesithi ya Leiden, e leng setheo se se theilweng ke Baporotesetanta ba Ba-Calvin. Ditatofatso tsa bogologolo tsa go sa ikanyege tse Kereke ya Katoliki e neng e mo latofatsa ka tsone di ne tsa runya gape. Ka jalo Plantin o ne a boela kwa Antwerp kwa bofelong jwa 1585, moragonyana fela ga gore motse oo o busediwe mo pusong ya Spain. Ka nako eo o ne a le mo dingwageng tsa bo60, mme bathapiwa ba Khampase ya Gauta ba ne ba fokotsegile go nna ba le banè fela mme ba dira ka motšhini o le mongwe wa go gatisa. Plantin o ne a simolola go aga bogatisetso sesha. Le fa go ntse jalo, ga bo a ka jwa tlhola bo tshwana le jwa pele, mme Plantin ene o ne a tlhokafala ka July 1, 1589.

Mo dingwageng di le 34, Christophe Plantin o ne a gatisa dikgatiso tse di farologaneng di le 1 863, e leng palogare ya dikgatiso di ka nna 55 ngwaga le ngwaga. Tota le gompieno seno se sa ntse se tsewa e le tiro e kgolo e e fitlheletsweng ke mogatisi a le mongwe! Le fa gone Plantin a ne a sa nitama mo bodumeding, tiro ya gagwe e ne e sa rotloetse fela go gatisa, e ne e rotloetsa gape le go ithuta Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. (2 Timotheo 3:16) E le ruri Plantin le bagatisi mmogo le ene ba nnile le seabe se segolo gore kgabagare batho botlhe ba nne le Dibaebele.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Polelwana “Naga e e Kwa Tlase” e raya lefelo le le fa losing lwa lewatle le le fa gare ga Jeremane le Fora, le le akaretsang Belgium ya segompieno, Netherlands le Luxembourg.

^ ser. 11 Baebele eno e e nang le dipuo tse di farologaneng e ne ya gatisiwa ka 1517. E ne e na le ditemana dingwe tse di kwadilweng ka Sehebera, Segerika le Selatine mme dikarolo dingwe di kwadilwe ka Searamaika. Bona setlhogo se se reng, “Complutensian Polyglot Sedirisiwa se se Botlhokwa sa go Ranola” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 15, 2004, ditsebe 28-31.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 15]

MUSIAMO WA PLANTIN-MORETUS

Kago e e mo toropong ya Antwerp, kwa Plantin le ditlogolwana tsa gagwe ba neng ba nna teng le go berekela teng e ne ya bulelwa batho botlhe ka 1877 gore e nne Musiamo. Ga go bogatisetso bope jo bongwe jwa nako eo jo bo sa ntseng bo siame. Metšhini e le metlhano ya go gatisa ya go tloga ka lekgolo la bo17 le la bo18 la dingwaga e beilwe foo. E mengwe e mebedi—ya bogologolo go e feta yotlhe mo lefatsheng—ke ya mo nakong ya ga Plantin. Musiamo oo o na le di-matrix di le 15 000 tse di dirisediwang go bopa ditlhaka, magong a le 15 000 a a setilweng le dipoleiti tsa go gatisa tse di gabilweng tsa kopore di le 3 000. Laeborari ya musiamo ono e na le mekwalo ya seatla e le 638 ya go simolola ka lekgolo la bo9 go ya go la bo16 la dingwaga mmogo le dibuka di le 154 tse di neng tsa gatisiwa pele ga ngwaga wa 1501. Mekwalo eno e akaretsa Baebele ya ntlhantlha ya ga Gutenberg e e nnileng teng pele ga 1461 mmogo le nngwe ya Dibaebele tsa ga Plantin tse di itsegeng thata tsa Antwerp Polyglot.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Arias Montano

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Antwerp Polyglot e na le ditemana tsa Sehebera, “Vulgate” ya Selatine, le “Septuagint” ya Segerika mmogo le “Peshitta” ya Se-Seriac le Targum ya Searamaika mmogo le dithanolo tsa tsone tsa Selatine

[Motswedi wa Setshwantsho]

By courtesy of Museum Plantin-Moretus/Stedelijk Prentenkabinet Antwerpen

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ditshwantsho tseno ka bobedi: By courtesy of Museum Plantin-Moretus/Stedelijk Prentenkabinet Antwerpen