Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Neela Bosupi ka Botlalo le ka “Bopelokgale jo Bogolo”

Go Neela Bosupi ka Botlalo le ka “Bopelokgale jo Bogolo”

“Re Tshwanetse go Utlwa Modimo e le Mmusi Bogolo go Batho”

Go Neela Bosupi ka Botlalo le ka “Bopelokgale jo Bogolo”

SEGOPA se se dikgoka se batla go betsa motlhanka yo o boikobo wa Modimo go fitlha a swa. Pele fela ga seo se direga, masole a Roma a tsubula monna yono mo batlhaseding ba gagwe mme a mo tlhatlhela mo kgolegelong. Tiragalo eno e simolola mogolagang wa ditiragalo tse dingwe tse di tsayang dingwaga di ka nna tlhano. Mme ka ntlha ya seno, badiredi ba bagolo ba le bantsi ba Roma ba utlwa ka ga Jesu Keresete.

Monna yo o bogisiwang yono ke moaposetoloi Paulo. Mo e ka nnang ka 34 C.E., Jesu o ne a senola gore Paulo (Saulo) o tla sikara leina la Gagwe fa pele ga ‘dikgosi.’ (Ditiro 9:15) Ka ngwaga wa 56 C.E., seno se ne se ise se diragale. Le fa go ntse jalo, fa moaposetoloi yono a atamela kwa bokhutlong jwa loeto lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa, dilo di nna gaufi le go fetoga.

O a Tlhaselwa Mme Seo Ga se Mo Kgobe Marapo

Paulo o tswelela ka loeto lwa gagwe lwa go ya Jerusalema mme ‘ka moya’ Bakeresete bangwe ba mo tlhagisa gore o ya go bogisiwa botlhoko kwa motseng oo. Paulo o araba jaana ka bopelokgale: “Ke iketleeleditse e seng fela go bofiwa mme le go swela leina la Morena Jesu kwa Jerusalema.” (Ditiro 21:4-14) Fela fa Paulo a etela tempele kwa Jerusalema, Bajuda ba ba tswang kwa Asia ba ba itseng kafa tiro ya gagwe ya go rera e atlegileng ka gone kwa Asia, ba tlhotlheletsa segopa gore se mmolaye. Ka bonako fela, masole a Baroma a tla go mo thusa. (Ditiro 21:27-32) Tiragalo eno e naya Paulo tshono e e nnang gone ka sewelo ya gore a bolele boammaaruri ka Jesu a bolelela batho ba ba leng kgatlhanong le ene mmogo le ba ba nang le maemo mo pusong.

Go Rerela Batho ba go Leng Thata go ba Fitlhelela

Paulo o tswatswailwa mo ditepising tsa kago ya tshireletso e e bidiwang Tora ya Antonia o isiwa kwa lefelong le le sireletsegileng. * Moaposetoloi o neela segopa seo sa badumedi bosupi jo bo nonofileng a ntse a le mo ditepising tseo. (Ditiro 21:33–22:21) Fela fa a sena go umaka thomo ya gagwe ya go rerela Baditšhaba, go tsoga mmudubudu gape. Molaodi wa masole e bong Lysias o laela gore Paulo a botsolotswe a ntse a kgwathisiwa go utlwa gore ke ka ntlha yang fa Bajuda ba mo latofatsa. Le fa go ntse jalo, fa Paulo a ba bolelela gore ke moagi wa Roma, ga ba tlhole ba mo kgwathisa. Mo letsatsing le le latelang, Lysias o isa Paulo fa pele ga Sanehederine gore a utlwe gore ke ka ntlha yang fa Bajuda ba mo latofatsa.—Ditiro 22:22-30.

Paulo o bona tshono e nngwe gape e e molemo ya go rerela Bajuda mmogo le ene fa a le fa pele ga kgotlatshekelokgolo. Moefangele yono yo o pelokgale o bolela ka tumelo e a nang le yone mo tsogong ya baswi. (Ditiro 23:1-8) Letlhoo le le tletseng polao la Bajuda bano le a gola mme Paulo o isiwa kwa bonnong jwa masole. Mo bosigong jo bo latelang, o amogela tlhomamisetso eno e e nametsang go tswa go Morena: “Nna le bopelokgale jo bogolo! Gonne fela jaaka o ntse o neela bosupi ka botlalo ka dilo tse di leng kaga me mo Jerusalema, jalo o tshwanetse go naya bosupi le kwa Roma.”—Ditiro 23:9-11.

Leano la go bolaya Paulo le a kgorelediwa fa ka tshoganyetso a isiwa kwa Kaesarea mo sephiring kwa motsemogolong wa puso ya Roma o o kwa Judea. (Ditiro 23:12-24) Kwa Kaesarea go bulega ditshono tse dingwe gape tsa botlhokwa mme Paulo o rerela “dikgosi.” Mme gone sa ntlha fela, moaposetoloi o bontsha Molaodi Felise gore ga go bosupi jo bo tshegetsang dilo tse a latofadiwang ka tsone. Moragonyana Paulo o rerela Felise le mosadi wa gagwe Drusilla kaga Jesu, go nna boikgapo, tshiamo le ka katlholo e e tlang. Le fa go ntse jalo, Paulo o fetsa dingwaga di le pedi mo kgolegelong gonne Felise o ne a solofetse gore o tla mo naya madi gore a mo golole mme Paulo ga a ka a go dira.—Ditiro 23:33–24:27.

Fa Felise a sena go tlhatlhangwa ke Feseto, Bajuda ba leka gape go dira gore Paulo a atlholwe a bo a bolawe. Kgetsi eno e tshwarelwa gape kwa Kaesarea, mme Paulo o dira gore kgetsi eno e se ka ya isiwa kwa Jerusalema ka go bua jaana: “Ke eme fa pele ga setulo sa katlholo sa ga Kaesara . . . Ke ikuela kwa go Kaesara!” (Ditiro 25:1-11, 20, 21) Malatsi a le mmalwa morago ga moo, fa moaposetoloi a sena go iphemela fa pele ga ga Kgosi Herode Ageripa II, kgosi eo e ne ya re: “Mo nakong e khutshwane o tla ntlhotlheletsa gore ke nne Mokeresete.” (Ditiro 26:1-28) Mo e ka nnang ka 58 C.E., Paulo o romelwa kwa Roma. Fa moaposetoloi yono yo o tlhagafetseng a ntse a tshwerwe koo, o batla ditsela tse ka tsone a ka tswelelang a rera ka Keresete mo dingwageng tse pedi tse di latelang. (Ditiro 28:16-31) Go lebega kgabagare Paulo a ne a kgona go ema fa pele ga Mmusimogolo Nero, yo o neng a re ga a na molato, mme a kgona go tswelela gape ka tiro ya gagwe ya borongwa a gololesegile. Ga go pego ya moaposetoloi yo mongwe gape yo o kileng a nna le tshono ya go fitlhelela banna ba maemo a a kwa godimo jalo ka dikgang tse di molemo.

Fela jaaka go bontshitswe kwa godimo, moaposetoloi Paulo o ne a kgona go tshela go dumalana le molaomotheo wa botlhokwa o o tlhalositsweng fa pele ga kgotlatshekelo ya Bajuda ke Bakeresete mmogo le ene fa ba re: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” (Ditiro 5:29) Ruri o re tlhometse sekao se se molemo tota! Go sa kgathalesege maiteko a batho ba neng ba a dira go mo thibela, moaposetoloi o ne a utlwa taelo ya gore a neele bosupi ka botlalo. Mme ka ntlha ya go utlwa Modimo a nitame jalo, Paulo o ne a diragatsa kabelo ya gagwe e le “sejana se se tlhophilweng” go sikarela leina la ga Jesu “kwa ditšhabeng mmogo le kwa dikgosing le kwa go bomorwa Iseraele.”—Ditiro 9:15.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Bona 2006 Calendar of Jehovah’s Witnesses, November/December.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9]

A PAULO O NE A BATLA FELA GO IPHEMELA?

Fa a ne a akgela ka potso eno, mokwadi Ben Witherington III o ne a kwala jaana: “Go ya kafa Paulo . . . a lebang dilo ka gone, selo sa botlhokwatlhokwa ga se gore ene a iphemele, go na le moo ke gore a neele bosupi ka efangele mo balaoding, e leng Bajuda mmogo le Baditšhaba. . . . Totatota efangele ke yone e sekisiwang.”