Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa re Tshwanetse go Dira se se Siameng?

Ke Eng fa re Tshwanetse go Dira se se Siameng?

Ke Eng fa re Tshwanetse go Dira se se Siameng?

MONNA mongwe yo o rutegileng o kile a re: “Ke na le bokgoni jwa go eletsa, mme ga ke na bokgoni jwa go dira se se molemo. Gonne molemo o ke o eletsang ga ke o dire, mme bosula jo ke sa bo eletseng ke jone jo ke tlwaetseng go bo dira.” Ke ka ntlha yang fa monna yono a ne a palelwa ke go dira molemo o a neng a eletsa go o dira? O ne a re: “Ka gone, ke fitlhela molao ono mo go nna: gore fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna. Tota ke itumedisiwa ke molao wa Modimo go ya ka motho yo ke leng ene mo teng, mme ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me.”—Baroma 7:18, 19, 21-23.

Mafoko ao a ga moaposetoloi Paulo, a a kwadilweng dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, a tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go le thata jaana gore batho ba ba sa itekanelang ba dire se se siameng. Go tlhokega gore motho a bo a na le maatla a go dira se se siameng gore a kgone go ngaparela melaometheo e e siameng, segolobogolo fa a le mo maemong a a thata. Ka jalo, go molemo gore re botse jaana, Lebaka la botlhokwa go a feta otlhe la go bo re tshwanetse go dira se se siameng ke lefe?

Sekaseka se Baebele e se buang ka isagwe ya motho yo o nang le mekgwa e mentle ya boitsholo. Mo go Pesalema 37:37, 38, re bala jaana: “Lebelela motho yo o se nang molato mme o nne o lebile motho yo o thokgameng, gonne isagwe ya motho yoo e tla nna le kagiso. Mme batlodi ruri ba tla nyelediwa mmogo; isagwe ya baikepi e tla kgaolwa.” Diane 2:21, 22 ya re: “Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.”

Le fa ditsholofetso tseno le tse dingwe tse di fitlhelwang mo Baebeleng di re naya lebaka la go tshela ka tsela e e itumedisang Modimo, ga se tsone lebaka la konokono la go bo re tshwanetse go tshela jalo. Lebaka la go bo re tshwanetse go tshela ka tsela e e itumedisang Modimo le amana le kgangkgolo e e amang dibopiwa tsotlhe tse di botlhale. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa gore kgangkgolo eo ke eng le gore e re ama jang.