Kgangkgolo E e Go Amang
Kgangkgolo E e Go Amang
A O NA le tsala kana mongwe mo lapeng yo o mo ratang thata? O ne o ka reng fa mongwe a ne a ka go latofatsa ka gore o atamalane le motho yoo fela gore o solegelwe molemo ka tsela nngwe? A o ne o se na go utlwa botlhoko, gongwe le go galefa fela thata? Seo ke sone se Satane Diabolo a latofatsang batho botlhe ba ba atamalaneng thata le Jehofa Modimo ka sone.
Akanya ka se se neng sa direga fa Satane a ne a atlega go faposa batho ba ntlha ba babedi, Adame le Efa, gore ba tlole molao wa Modimo mme ba tsuologele Modimo mmogo le ene. A se se neng sa direga se ne se raya gore batho ba ne ba tla ikobela Jehofa fela fa go dira jalo go ne go ba solegela molemo? (Genesise 3:1-6) Dingwaga di ka nna 2 500 fa Adame a sena go tsuologa, Satane o ne a tsosa kgang eno—mme o ne a e lebisitse mo monneng yo o neng a bidiwa Jobe. E re ka tatofatso e Satane a e dirileng e bontsha sentle gore kgangkgolo ke eng fano, a re sekasekeng pego eo ya Baebele ka kelotlhoko.
“Nka se Tlose Bothokgami Jwa Me mo Go Nna”
Jobe ke “monna yo o se nang molato e bile a thokgame, a tshaba Modimo e bile a fapoga bosula.” Le fa go ntse jalo, Satane o dira gore bothokgami jwa ga Jobe bo lebege bo sa siama. O botsa Jehofa: “A Jobe o boifa Modimo lefela?” Go tswa foo Diabolo o senya Modimo le Jobe leina ka go latofatsa Jehofa a re o rekile Jobe gore a ikanyege mo go ene ka go mo sireletsa le go mo segofatsa. Satane o gwetlha Modimo a re: “Go na le moo, ntsha seatla sa gago, tsweetswee, o ame sengwe le sengwe se a nang le sone mme o bone gore a ga a na go go tlhapatsa fa pele ga gago.”—Jobe 1:8-11.
Gore Jehofa a tle a arabe ditatofatso tseo, o letla Satane go leka Jobe. Diabolo o tlisetsa monna yono yo o ikanyegang masetlapelo a latelana, e le fa a leka go mo faposa mo go direleng Modimo. Diruiwa tsotlhe tsa ga Jobe di ne di utswiwa kana di bolawa, batlhokomedi ba gagwe le bana ba gagwe ba bolawa. (Jobe 1:12-19) A mme gone Satane o a atlega? Nnyaa le e seng! Le fa Jobe a sa itse gore Diabolo ke ene a mmakelang diteko tseno, o ne a re: “Jehofa ka boene o neile, mme Jehofa ka boene o tsere. A leina la ga Jehofa le nne le bakwe.”—Jobe 1:21.
Morago ga foo Satane o tla fa pele ga ga Jehofa, yo o mo rayang a re: “[Jobe] o ngangatletse bothokgami jwa gagwe, le fa gone o ntlhotlheletsa gore ke mo senye kwantle ga lebaka.” (Jobe 2:1-3) Kgangkgolo ke boikanyego jwa ga Jobe—nonofo e e tlhokang gore motho a ikanyege ka botlalo mo Modimong a bo a ngaparele tshiamo thata. Go tla go fitlha fano Jobe o fentse mo kgangkgolong eno ya bothokgami. Mme le fa go ntse jalo, Diabolo ga a ineele.
Go tswa foo Satane o bua sengwe se se akaretsang batho botlhe. O raya Jehofa a re: “Letlalo mo boemong jwa letlalo, mme sengwe le sengwe se monna a nang le sone o tla se ntsha mo boemong jwa moya wa gagwe. Go na le moo ntsha seatla sa gago, tsweetswee, mme o mo ame Jobe 2:4, 5) Ka go dirisa lefoko le le akaretsang e leng “monna” go na le go dirisa leina Jobe, Diabolo o belaela bothokgami jwa motho mongwe le mongwe. Sentlentle, a re: ‘Motho a ka dira sengwe le sengwe go boloka botshelo jwa gagwe. Fa o ka nnaya sebaka, nka faposa mongwe le mongwe mo Modimong.’ A ga go na motho yo o ka tswelelang a ikanyega mo Modimong ka dinako tsotlhe le mo maemong otlhe?
go fitlha kwa lerapong la gagwe le nama ya gagwe mme o bone gore a ga a na go go tlhapatsa fa pele ga gago.” (Jehofa o letla Diabolo gore a tlhokofatse Jobe ka bolwetse jo bo kotsi. Jobe o utlwa botlhoko thata mo a rapelang Modimo gore e kete a ka swa. (Jobe 2:7; 14:13) Le fa go ntse jalo, Jobe a re: “Nka se tlose bothokgami jwa me mo go nna go fitlha ke swa!” (Jobe 27:5) Jobe o bua seno ka gonne a rata Modimo, mme ga go na sepe se se ka fetolang seo. Jobe o itshupa e le monna yo o ikanyegang ka botlalo. Baebele ya re: “Fa e le Jehofa ene, a segofatsa bokhutlo jwa ga Jobe morago ga moo go feta tshimologo ya gagwe.” (Jobe 42:10-17) A go nnile le batho ba bangwe ba ba tshwanang le Jobe? Ke eng se se diregileng mo tsamaong ya nako?
Kafa Kgwetlho eo e Arabilweng ka Teng
Mo go kgaolo 11 ya buka ya Baebele ya Bahebera 11, moaposetoloi Paulo o umaka maina a le mmalwa a banna le basadi ba ba ikanyegang ba metlha ya pele ga Bokeresete, go akaretsa Noa, Sara le Moshe. Go tswa foo moaposetoloi a re: “Ke tla felelwa ke nako fa ke ka tswelela ke anela kaga [ba bangwe].” (Bahebera 11:32) Batlhanka bano ba ba ikanyegang ba Modimo ba ne ba le bantsi thata mo e leng gore Paulo o ba bitsa ‘leru le legolo la basupi,’ a ba tshwantsha le maru a magolo a a apesang loapi. (Bahebera 12:1) Mo makgolokgolong a a ntseng a feta a dingwaga, batho ba le bantsintsi ba dirisitse kgololesego ya bone ya go itlhophela mme ba tlhopha go ikanyega mo go Jehofa Modimo.—Joshua 24:15.
Karabo ya makgaolakgang ya se Satane a se buileng gore a ka faposa batho mo go Jehofa e ne ya tswa mo go Morwa Modimo ka boene, e bong Jesu Keresete. Le fa a ile a utlwa botlhoko jo bo ngomolang pelo jwa loso fa a ne a le mo koteng ya tlhokofatso, seo ga se a ka sa dira gore a tlogele go ikanyega ka botlalo mo Modimong. Fa Jesu a ne a neela mowa, o ne a goa a re: “Rara, ke neela moya wa me mo diatleng tsa gago.”—Luke 23:46.
Go feta ga nako go bontshitse sentle gore Diabolo ga a kgona go faposa mongwe le mongwe mo go direleng Modimo wa boammaaruri. Batho ba le bantsintsi ba ithutile ka Jehofa mme ba mo ‘rata ka pelo yotlhe ya bone le ka moya otlhe wa bone le ka mogopolo otlhe wa bone.’ (Mathaio 22:37) Go ikanyega ga bone ka botlalo mo go Jehofa go supile gore Satane o ne a bua maaka mo kgannyeng ya go ikanyega ga batho. Le wena o ka supa gore Diabolo o maaka ka go nna monna kana mosadi yo o ikanyegang.
Ke Eng se o Tshwanetseng go se Dira?
Thato ya Modimo ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) O ka dira seo jang? Iphe nako ya go ithuta Baebele le go ‘tsenya kitso ka Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo a mo romileng, e bong Jesu Keresete.’—Johane 17:3.
Satane o gwetlhile boikanyego jwa motho ka go belaela maitlhomo a motho a go direla Modimo. Gore kitso e tle e tlhotlheletse maitlhomo a gago, e tshwanetse go fitlhelela pelo ya gago. Mme gore seno se direge, ga se kgang fela ya go batla tshedimosetso mo Baebeleng. Itlwaetse go akanyetsa kwa teng ka se o se ithutang. (Pesalema 143:5) Fa o bala Baebele kana kgatiso e e theilweng mo Baebeleng, iphe nako ya go sekaseka dipotso tse di tshwanang le tseno: ‘Seno se nthuta eng ka Jehofa? Ke dinonofo dife tsa Modimo tse ke ithutang ka tsone fano? Ke tlhoka go di dirisa mo dikarolong dife tsa botshelo jwa me? Ke eng se Modimo a se amogelang le se a sa se amogeleng? Seo se ama jang tsela e ke ikutlwang ka yone ka Modimo?’ Go akanyetsa jalo kwa teng go tla dira gore o rate Mmopi wa gago thata.
Go ikanyega mo Modimong ga go felele fela mo bodumeding. (1 Dikgosi 9:4) Go ikanyega mo go Jehofa Modimo go tlhoka gore motho a bo a na le boitsholo jo bo siameng mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo. Le fa go ntse jalo, go ikanyega ga go na go dira gore o ikutlwe o fetwa ke sepe se se molemo. Jehofa ke “Modimo yo o itumetseng,” mme o batla gore o itumelele botshelo. (1 Timotheo 1:11) Jaanong sekaseka mekgwa mengwe e o tshwanetseng go e tila gore o tle o nne o le phepa mo boitsholong mme o tshele o itumetse o bo o amogelwe ke Modimo.
Tila Boitsholo jo bo Maswe Jwa Tlhakanelodikobo
Jehofa ka boene o ne a tlhoma molao wa lenyalo mo Lefokong la gagwe Baebele, o o reng: “Monna o tla [tlogela] rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.” (Genesise 2:21-24) E re ka banyalani ba fetogile “nama e le nngwe,” ba tlotla thulaganyo ya Modimo ya lenyalo fa ba tlhakanela dikobo ba le babedi fela. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “A lenyalo le tlotlege mo go botlhe, le bolao jwa lenyalo bo nne bo sa leswafala, gonne Modimo o tla atlhola bagokafadi le baakafadi.” (Bahebera 13:4) Polelo e e reng “bolao jwa lenyalo” e raya tlhakanelodikobo fa gare ga monna le mosadi ba ba nyalaneng kafa molaong. Fa mongwe wa bone a ka tlhakanela dikobo ka kwa ntle ga lenyalo o tla bo a akafala mme o tla atlholwa botlhoko ke Modimo.—Malaki 3:5.
Go tweng ka go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo? Seno le sone se kgatlhanong le melao ya boitsholo e Jehofa a e tlhomileng. Baebele ya re: “Seno ke se Modimo o se ratang . . . gore lo ithibe mo kgokafalong.” (1 Bathesalonika 4:3) Bosodoma, go robala le wa losika, go robala le diphologolo le gone ke maleo mo Modimong. (Lefitiko 18:6, 23; Baroma 1:26, 27) Mongwe le mongwe yo o batlang go itumedisa Modimo le go tshela a itumetse tota o tshwanetse go kgaogana le boitsholo jo bo maswe.
Go tweng ka boitshwaro jo bo gakatsang kgotelo ya tsa tlhakanelodikobo le motho o ise o nyalane le ene? Mokgwa ono ga o itumedise Jehofa. (Bagalatia 5:19) Motho o tshwanetse le go ikela tlhoko gore a se ka a akanya ka dilo tsa boitsholo jo bo sa siamang. Jesu o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:28) Mafoko ao a lebisitswe le mo mokgweng wa go leba ditshwantsho tse di hepisang mo pampiring, mo dibidiong le mo dibaesekopong kana mo thelebisheneng le mo khomputareng; go bala ka ditiro tsa tlhakanelodikobo; le go reetsa mafoko a a sa tshwanelang a dipina. Go tila dilo tseo go itumedisa Modimo mme go tlhotlheletsa botshelo jwa motho ka tsela e e molemo.
Go tweng ka go tshameka ka maikutlo a lorato? Go tshameka ka maikutlo a lorato go tlhalosiwa go twe ke boitshwaro jwa go “tshameka ka maikutlo a lorato kana boitshwaro jo bo tsosang keletso ya tlhakanelodikobo.” Fa monna yo o nyetseng kana mosadi yo o nyetsweng a dira jalo le motho yo a sa nyalanang le ene o a bo a tlola melaometheo ya Baebele e bile a itshupa gore ga a tlotle Jehofa. (Baefeso 5:28-33) Ga go a tshwanela le e seng gore batho ba ba seng mo lenyalong ba bontshane lorato fela go itlosa bodutu! Ke eng se se tla diregang fa motho yo mongwe a tsaya go tshameka jalo ka maikutlo a lorato masisi mme wena e ne e se maikaelelo a gago? Akanya fela gore seo se ka utlwisa motho yo mongwe botlhoko jang mo maikutlong. Selo se sengwe se se masisi le go feta ke gore go tshameka ka maikutlo a lorato go ka felela ka boaka kana ka kgokafalo. Mme kafa letlhakoreng le lengwe, motho o tla itlotla le go feta fa a tshwara batho ba bong bo sele ka tsela e e itshekileng.—1 Timotheo 5:1, 2.
Go Itumedisa Modimo mo Dikarolong Tse Dingwe Tsa Botshelo
Bojalwa ke ntletsentletse fela mo dinageng tse dintsi. A go phoso go bo nwa? Baebele ga e thibele go nwa beine, biri kana majalwa a mangwe ka tekano. (Pesalema 104:15; 1 Timotheo 5:23) Le fa go ntse jalo, go nwa mo go feteletseng le botagwa di phoso mo matlhong a Modimo. (1 Bakorintha 5:11-13) Go a utlwala gore o ka se batle gore go nwa mo go feteletseng go senye botsogo jwa gago kana go senye botshelo jwa gago jwa lelapa.—Diane 23:20, 21, 29-35.
Jehofa ke “Modimo wa boammaaruri.” (Pesalema 31:5) Baebele ya re, ‘ga go kgonege gore Modimo a ake.’ (Bahebera 6:18) Fa o batla go amogelwa ke Modimo, o tshwanetse go tila go bua maaka. (Diane 6:16-19; Bakolosa 3:9, 10) Baebele e kgothatsa Bakeresete ka go re: “Mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe.”—Baefeso 4:25.
Gape go na le mokgwa wa go betšha. Le fa batho ba bantsi ba go rata, go betšha ke mokgwa wa bopelotshetlha, ka gonne ke tsela ya go batla go nna le madi a a latlhegetseng batho ba bangwe. Jehofa ga a amogele batho ba ba nang le “bopelotshetlha jwa poelo ya go sa ikanyege.” (1 Timotheo 3:8) Fa o batla go itumedisa Jehofa, o tla tila mokgwa le fa e le ofe wa go betšha, go akaretsa dilothari, motshameko wa bingo kana go betšha mo mabelong a dipitse. Mme fa o dira jalo o nna le madi a a oketsegileng a o ka a dirisang go thusa ba lelapa la gago.
Go utswa, mo e leng go tsaya sengwe se e seng sa gago, le gone ke mokgwa o mongwe wa bopelotshetlha. Baebele ya re: “O se ka wa utswa.” (Ekesodo 20:15) Go phoso go reka dilo tse o itseng gore di utswilwe mmogo le go itseela dilo o sa newa tetla ya go dira jalo. Baebele ya re: “A moutswi a se ka a tlhola a utswa, mme go na le moo a a dire ka natla, a dira ka diatla tsa gagwe se e leng tiro e e molemo, gore a tle a nne le sengwe se a se abelang mongwe yo o tlhokang.” (Baefeso 4:28) Go na le gore batho ba ba ratang Jehofa ba utswe nako mo bathaping ba bone, ba dira ka boikanyego letsatsi lotlhe. Ba “eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.” (Bahebera 13:18) Mme go nna le segakolodi se se seng molato go dira gore motho a nne le kagiso ya mogopolo.
Modimo o leba jang motho yo o bogale jo bo feteletseng? Baebele e tlhagisa jaana: “O se ka wa nna molekane le ope yo o tlwaetseng go nna bogale; mme o se ka wa ikopanya le motho yo o shakgalang thata.” (Diane 22:24) Bogale jo bo sa laolesegeng gantsi bo felela ka thubakanyo. (Genesise 4:5-8) Baebele e bua jaana ka go ipusolosetsa: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. Nayang dilo tse di molemo mo ponong ya batho botlhe. Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe. Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, mme thibogelang tšhakgalo; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.’” (Baroma 12:17-19) Fa re latela kgakololo eo, re tla tshela re na le kagiso mme seo se tla oketsa boitumelo jwa rona.
O ka Kgona
A o ka kgona go ikanyega mo Modimong le fa o raelesega go dira se se fapaaneng? Ee o ka kgona. O nne o itse gore Modimo o batla gore o atlege go bontsha gore Satane o phoso mo kgangkgolong ya boikanyegi, ka gonne Lefoko la Gagwe la re: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.”—Diane 27:11.
O ka rapela gore Jehofa a go nonotshe gore o dire se se siameng mo matlhong a gagwe. (Bafilipi 4:6, 7, 13) Ka jalo, ikemisetse go dira maiteko a go oketsa kitso e o nang le yone ya Lefoko la Modimo, Baebele. Go akanya ka se o se ithutang mo Baebeleng go tla go thusa go nonotsha lorato lwa gago mo Modimong mme go tla go tlhotlheletsa gore o batle go mo itumedisa. Johane wa Ntlha 5:3 ya re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” Basupi ba ga Jehofa mo lefelong la gaeno ba tla itumelela go go thusa go ithuta Baebele. O kopiwa gore o ikgolaganye le bone mo lefelong le o nnang mo go lone kana o kwalele bagatisi ba makasine ono.
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Jobe o ne a nna a ikanyega le fa a lekwa
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Go oketsa kitso e o nang le yone ka Lefoko la Modimo go tla nonotsha maikemisetso a gago a go dira se se siameng