Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sekolo se Baalogi ba Sone ba Solegelang Batho Molemo Lefatshe ka Bophara

Sekolo se Baalogi ba Sone ba Solegelang Batho Molemo Lefatshe ka Bophara

Sekolo se Baalogi ba Sone ba Solegelang Batho Molemo Lefatshe ka Bophara

MO DIPHUTHEGONG tse di fetang 98 000 tsa Basupi ba ga Jehofa ba ba nnang mo dinageng di feta 200, batho ba ba tswang mo maemong otlhe a botshelo ba rutwa ke Modimo. Go dirisiwa thata Baebele mme boikaelelo jwa thuto eno ke go thusa batho gore ba gole semoyeng ka go ithuta thato ya Modimo le go tshela go dumalana le yone. Batho ba ba amogelang thuto eno ba solegelwa molemo fela thata. Se ba ithutang sone ba se bolelela ba bangwe go dumalana le taelo ya ga Jesu Keresete ya go dira barutwa.—Mathaio 28:19, 20.

Mo godimo ga thulaganyo ya go ruta e e tsweletseng mo diphuthegong tsa bone, Basupi ba ga Jehofa ba na le dikolo di le mmalwa tse di kgethegileng. Sengwe sa tsone ke Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi. Se tlhomilwe ka October 1987 kwa Pittsburgh, Pennsylvania, U.S.A. Tlelase ya ntlha e ne e na le baithuti ba le 24 ba ba buang Seesemane. Fa e sa le ka nako eo go ne ga tshwarwa dikhoso tsa sekolo seno ka dipuo di le 21 mo dinageng di le 43. Go fitlha jaanong go setse go kwadisitswe bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba sa nyalang ba ba tswang mo dinageng tse di fetang 90. Fa baalogi ba sena go wetsa khoso eno ya dibeke tse robedi, ba abelwa go ya go dira kwa go nang le tlhokego e kgolo gone, e ka tswa e le kwa nageng ya gabone kana kwa nageng e sele. Kwa bokhutlong jwa 2005, badiredi ba Bakeresete ba ba fetang 22 000 ba ne ba feditse khoso eno. Ba ne ba segofadiwa fela thata ka ntlha ya go dira ga bone ka natla mmogo le boikokobetso jwa bone fa ba ntse ba tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi e bile ba thusa ba bangwe.—Diane 10:22; 1 Petere 5:5.

Go Dira Dithulaganyo Tsa go ya Sekolong

Baithuti ba le bantsi ba tshwanelwa ke go kopa malatsi kwa tirong ya bone ya nakwana kana ya nako e e tletseng gore ba kgone go nna teng mo Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi. Seno e nna mathata ka dinako tse dingwe. Kwa Hawaii, banna ba le babedi ba Bakeresete ba ba neng ba laleditswe go tla sekolong seno ba ne ba tshwanelwa ke go kopa malatsi kwa tirong ya bone ya borutabana. E re ka ba ne ba na le tumelo ya gore Jehofa o tla ba thusa, ba ne ba isa dikopo tsa bone, ba tlhalosa lebaka la go bo ba batla go ya sekolong seo le kafa se tlileng go ba solegela molemo ka gone. Bobedi jwa bone ba ne ba newa malatsi a gore ba ye sekolong.

Mo mabakeng a mangwe, Basupi ba ba neng ba kopa malatsi kwa tirong gore ba kgone go ya sekolong seno ba ne ba bolelelwa gore ba tlile go latlhegelwa ke tiro ya bone. Ba ne ba tlhopha go ya go amogela thapiso e e tswang mo phuthegong ya ga Jehofa, le fa seno se ne se tla raya gore ba latlhegelwe ke ditiro tsa bone tsa boitshediso. Moragonyana bangwe ba bakaulengwe bano ba ne ba bidiwa gape ke bathapi ba bone gore ba boele tirong fa ba setse ba feditse kwa sekolong. Boikemisetso jo ba nang le jone jwa go nna teng mo sekolong seno bo ka sobokanngwa jaana: Kopa malatsi mo mothaping wa gago, rapela Jehofa gore a go thuse mme o tlogele tsotlhe mo diatleng tsa gagwe.—Pesalema 37:5.

‘Ba Rutwa ke Jehofa’

Mo khosong eno ya dibeke di le robedi, baithuti ba ithuta Baebele ka mo go tseneletseng. Ba ithuta kafa batho ba ga Jehofa ba rulagantsweng ka gone go dira thato ya Modimo le kafa bone ba ka dirisang Baebele ka gone ka tsela e e nang le matswela mo bodireding jwa tshimo, kwa dipokanong tsa phuthego le kwa dikopanong.

Moalogi mongwe yo o nang le kanaanelo o ne a kwalela moithuti mongwe yo o neng a sa ntse a tlile go ya sekolong jaana: “Ruri ke a go tlhomamisetsa, o tlile go bona thuto e e botoka go di gaisa tsotlhe tse o kileng wa nna le tsone. Temana e e umakang go ‘rutwa ke Jehofa’ e nna le bokao jo bo oketsegileng. Dilo tsotlhe tse o tla ithutang tsone koo di tlile go go bopa di bo di itshekise pelo ya gago le botho jwa gago gore di dumalane le sekao sa ga Jesu Keresete. O tlile go nna le boitemogelo jo bogolo go gaisa mo botshelong jwa gago.”—Isaia 54:13.

Bareri, Badisa le Barutisi

Gone jaanong go na le baalogi ba Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi ba ba direlang mo dinageng di le 117. Dinaga tseno di akaretsa ditlhaketlhake tsa Atlantic, Caribbean le Pacific mmogo le dinaga tse bontsi jwa tsone go nang le diofisi tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa mo go tsone. Makala ano a bega gore thapiso e e molemo e baithuti ba e bonang mo sekolong seno e bonala mo tirong ya bone ya go rera, ya bodisa le ya go ruta. Thapiso ya bone e ba tlhomelela gore ba kgone go dirisa Baebele botoka fa ba le mo bodireding jwa tshimo. (2 Timotheo 2:15) Fa ba araba dipotso tsa beng ba matlo, ba dirisa ka botlalo buka ya Go Fetolana ka Dikwalo * mme ba thapisa baboledi ba bangwe ba Bogosi gore le bone ba dire jalo. Tlhagafalo ya baalogi bano e fetela le mo baboleding ba bangwe mme ditiro tsa bone di nonotsha diphuthego.

Bagolwane ba phuthego ba na le tshiamelo ya go ‘disa letsomane,’ ba thusa go tlhokomela ba bangwe ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng. (1 Petere 5:2, 3) Mogolwane mongwe o ne a akgela jaana ka thulaganyo eno: “Re leboga tota go bo ofisi ya lekala e romela banna ba ba thapisitsweng sentle gore ba re thuse go rwala morwalo wa go disa letsomane la Modimo.” Lekala lengwe le le kwa Botlhaba jo bo Kgakala le lone le ne la bega jaana: “Baalogi bano ba pelotlhomogi fela thata. Ba dira ka thata mme seno se dira gore phuthego e ba tlotle thata. Boikobo jwa bone, lorato lwa bone le tlhagafalo ya bone di itsiwe fela thata mme di a anaanelwa. Ba intsha setlhabelo ka go rata, ba fudugela kwa diphuthegong tse di tlhokang badisa.” (Bafilipi 2:4) Banna ba ba tshwanang le bano ba nonotsha badumedi mmogo le bone mme ba tshwanelwa ke go akgolwa.—1 Bakorintha 16:18.

Gape batlhatlheledi ba Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi ba thusa baithuti go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go nna dibui tsa phatlalatsa. E re ka bontsi jwa baalogi bano ba dirisa dikakantsho le kgakololo e ba e amogetseng kwa sekolong, go ise go ye kae ba dirisiwa mo dithulaganyong tsa kopano ya potologo le tsa kopano ya kgaolo. Molebedi mongwe wa potologo o ne a bua gore baalogi bano ba neela “dipuo tse di agang mme ba tlhalosa tshedimosetso ka go baya mabaka ka tsela e e utlwalang.”—1 Timotheo 4:13.

Tsela ya go ruta kwa dipokanong tsa phuthego e ne ya tokafala thata kwa nageng nngwe ya Afrika morago ga gore Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi se tshwarelwe koo mme go romelwe baalogi ba sekolo seno mo tshimong ya teng. Bagolwane ba ba romelwang mo diphuthegong ba ba tswang mo sekolong seno ba thusa thata mo tirong ya go rera, ya go disa phuthego, le ya go ruta mme seno se aga phuthego semoyeng.—Baefeso 4:8, 11, 12.

Balebedi ba Phuthego ba Dira Tiro Botoka

Mo mafelong a le mantsi go tlhokega bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba oketsegileng. Diphuthego dingwe di ka bo di sena bagolwane gotlhelele fa di ka bo di sa romelelwa moalogi wa Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi. Ka jalo, baalogi ba le bantsi ba abelwa go ya go direla kwa go nang le tlhokego e e ntseng jalo gone.

Makala a le mantsi a bega gore banna bano ba “itse dithulaganyo tsa phuthego ka botlalo,” “ba tsaya dikabelo tsa bone masisi,” “mme ba thusa ba bangwe go tlhaloganya le go tlotla phuthego ya ga Jehofa” e bile “ba thusa gore go rene lorato le gore phuthego e gole semoyeng.” Seno se direga ka go bo baalogi ba sekolo seno ba latela se se kwadilweng mo Lefokong la Modimo mme ba sa ikaega ka ditlhaloganyo tsa bone kana ba sa ipone ba le botlhale. (Diane 3:5-7) Banna bao ke dimpho tsa semoya mo diphuthegong tse ba abetsweng mo go tsone.

Go Direla Kwa Ditshimong Tse di Kwa Thoko

Baalogi bangwe ba ba tlhomilweng go nna babulatsela ba ba kgethegileng ba thusa ditlhopha tse di kwa thoko gore e nne diphuthego. Mogolwane mongwe yo o kwa kgaolong e e kwa kgakala ya Guatemala o ne a bontsha kafa a anaanelang thuso ya bone ka teng ka go re: “Go fetile dingwaga di le 20 ke ntse ke tshwenyega ka gore tshimo eno e kgolo e ne e tla tlhokomelwa jang. Ke ne ke rapela thata ka kgang eno. Bakaulengwe ba ba tswang kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi ba thapisitswe sentle gore ba kgone go bua le mo dikgannyeng tse di amanang le phuthego mme ke leboga tota go bona kafa lefelo leno le tlhokometsweng ka lorato ka gone.”

Baalogi ba ithutile go nna le matswela mo ditshimong tse mo go tsone ba tshwanelwang ke go tsamaya maeto a maleele mo ditselaneng tse di mo dithabeng gore ba kgone go fitlha kwa metsaneng e mennye e e gasameng. Fa ba goroga koo, ka bonako fela ba rulaganya gore go nne le ditlhopha tse di kwa thoko le fa baboledi bangwe ba paletswe ke go dira jalo. Ka sekai, mogolwane mongwe wa kwa Niger o ne a kopa thuso ya baalogi bano gonne a bona gore ba ne ba ka kgona go dira tiro e e manontlhotlho mo lefelong le a nnang mo go lone. Bogolo jang kwa mafelong a a kwa kgakala, go motlhofo gore banna ba ba sa nyalang ba nne babulatsela ba ba kgethegileng le balebedi ba potologo. Fela jaaka moaposetoloi Paulo, ba tshwanetse go lebana le ‘dikotsi mo dinokeng le dinokwane, dikotsi mo nageng,’ le mathata a botho mmogo le tlhobaelo ya diphuthego tse ba direlang mo go tsone.—2 Bakorintha 11:26-28.

Ba Thusa Basha

Dikwalo di kgothaletsa basha gore ba gopole Mmopi wa bone. (Moreri 12:1) Baalogi ba ba tlhagafetseng ba Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi ke dikai tse di molemo mo basheng ba Bakeresete. Fa baalogi bangwe ba babedi ba sena go goroga kwa phuthegong nngwe ya kwa United States, nako e bakaulengwe ba e berekang mo tshimong e ne ya oketsega go menagane gabedi. Mo godimo ga moo, palo ya babulatsela ba ka metlha kana baboledi ba nako e e tletseng ba Bogosi e ne ya oketsega go tswa go ba le 2 mme ba nna 11. Seno ke se se diregang mo diphuthegong di le dintsi tse di nang le baalogi bano.

Gape baalogi ba kgothaletsa makawana gore a akanyetse go ya Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi. Seno se kgothaditse ba bangwe ba ba iseng ba nne batlhanka ba bodiredi gore ba tshwanelegele tshiamelo eo. Lekala la kwa Netherlands le bitsa baalogi ba Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi “dikai tse di tshelang tse di ka latelwang ke makawana a a sa ntseng a akanyetsa se a batlang go se dira ka matshelo a bone.”

Go Direla Kwa Diphuthegong Tse di Buang Puo e Sele

Mo dinageng di le dintsi, maiteko a go rerela batho dikgang tse di molemo ka puo ya bone a ntse a golela pele. Gantsi baalogi ba Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi ba ithuta dipuo tse dingwe mme ba direla mo ditshimong tse go nang le batho ba le bantsi ba ba tswang kwa dinageng di sele. Ka sekai, kwa Belgium go tlhokega baboledi ba Bogosi ba ba oketsegileng mo tshimong ya batho ba ba buang Se-Albania, Se-Persia le Se-Russia.

Diphuthego le ditlhopha tse di buang dipuo di sele kwa Boritane, Itali, Jeremane, Mexico, United States le kwa dinageng tse dingwe, di setse di solegelwa molemo thata ke balebedi ba ba etang le batlhanka ba bodiredi ba e leng baalogi ba Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi. Lekala la kwa Korea le bega gore, “baalogi ba ba fetang 200 ba di goga kwa pele mo go thuseng diphuthego le ditlhopha tse di buang dipuo di sele.”

Ba Direla ka Boikobo mo Dikabelong Tse Dingwe

Kwantle ga go direla kwa ditlhopheng le kwa diphuthegong tse di buang dipuo di sele, ba ba alogileng mo Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi ke bagolwane, batlhanka ba bodiredi le balebedi ba ba etang. Bangwe ba amogela dikabelo kwa dinageng di sele, gongwe ba thiba diphatlha tse di tlhokang badiri ka potlako mo Lephateng la Tirelo kwa lekaleng. Ba ba nang le bokgoni jwa go aga ba nna le seabe mo thulaganyong ya go aga Diholo tsa Bogosi.

Koketsego e e nnang teng lefatshe ka bophara ya diphuthego le dipotologo e dira gore go nne go tlhokega balebedi ba ba etang ba ba oketsegileng. Baalogi ba ba rileng ba Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi ba newa thapiso ya dibeke di le lesome mo tirong ya go eta mme morago ga moo ba nna balebedi ba ba etang ba ba thusang kana ba ka metlha gore ba kgone go thusa kwa go nang le tlhokego gone. Gone jaanong baalogi ba ka nna 1 300 ke balebedi ba ba etang mo dinageng di le 97. Mo nageng nngwe ya Afrika diperesente di le 55 tsa balebedi ba teng ba ba etang ba alogile mo Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi. Kwa nageng e nngwe gape ya Afrika palo ya bone ke diperesente di le 70.

Kwa Australia, Botlhaba jo bo Kgakala, Canada, United States le Yuropa, makgolokgolo a baalogi ba sekolo seno a rometswe kwa dinageng tse dingwe go ya go thusa ka dilo tse di tlhokegang koo. Ka tsela eno, melemo e ba e boneng kwa sekolong e aname lefatshe ka bophara.

Ka Morwa wa gagwe Jesu Keresete, Jehofa o dirile gore go nne le ba ba rerang, badisa, barutisi le ba bangwe ba ba tsweletsang pele dilo tse di direlwang Bogosi mo malatsing ano a bofelo. A go na le tsholofelo ya gore go tla nna le koketsego e nngwe gape mo palong ya batho ba Modimo? Ga go pelaelo! Ka jalo, go nna go na le tlhokego e kgolo ya banna ba ba ineetseng gore ba tshwanelegele maikarabelo a magolo. (Isaia 60:22; 1 Timotheo 3:1, 13) Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi se naya bagolwane le batlhanka ba bodiredi tshono ya gore ba tlhomelelwe go atolosa bodiredi jwa bone, mo go tla dirang gore ba solegelwe molemo bone ka bobone mmogo le ba bangwe mo tshimong lefatshe ka bophara.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi se tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi lefatshe ka bophara

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

A o tla ikwadisa mo Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi mme o solegele ba bangwe molemo?