Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A tsela e Jesu a neng a bua le mmaagwe ka yone kwa moletlong wa lenyalo la kwa Kana e ne e bontsha lenyatso?—Johane 2:4.

Go ise go ye kae fa Jesu a sena go kolobediwa, ene le barutwa ba gagwe ba ne ba lalediwa go ya moletlong wa lenyalo kwa Kana. Mmaagwe le ene o ne le gone koo. Fa beine e sena go fela, Maria o ne a raya Jesu a re: “Ga ba na beine.” Fa Jesu a araba, o ne a raya mmaagwe a re: “Ke dirang ka wena, mosadi? Nako ya me ga e ise e tle.”—Johane 2:1-4.

Gompieno fa motho a ne a ka bitsa mmaagwe a re “mosadi” le go mo raya a re “ke dirang ka wena?” go ne go tla tsewa e le go tlhoka maitseo le go nyatsa. Mme gone, fa re ne re ka latofatsa Jesu ka gore o ne a le lenyatso re ne re tla bo re itlhokomolosa tlwaelo le tsela ya go bua ya motlha oo. Go tlhaloganya tsela e mafoko ano a neng a dirisiwa ka yone mo metlheng ya Baebele go tla re thusa fela thata.

Malebana le lefoko “mosadi,” Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words ya re: “Fa lefoko leno le dirisiwa go buiwa le mosadi ga le dirisiwe go mo kgalema kana ka tsela e e bosula, go na le moo le dirisiwa ka tsela ya go mo reta kana go mo tlotla.” Dikgatiso tse dingwe di dumalana le seno. Ka sekai, The Anchor Bible ya re: “Lefoko leno ga le dirisiwe go omanya kana go bontsha go tlhoka maitseo, kana go tlhoka lorato . . . E ne e le tsela e e tlwaelegileng ya ga Jesu ya go bitsa basadi ka tsela e bontshang tlotlo.” The New International Dictionary of New Testament Theology e tlhalosa gore lefoko leno “le dirisiwa kwantle ga maikutlo ape a go nyatsa.” Mme thanodi ya ga Gerhard Kittel e e bidiwang Theological Dictionary of the New Testament e bolela gore lefoko leo ga le dirisiwe ka gope ka “tsela ya go nyatsa kana go kgoba.” Ka gone, ga re a tshwanela go akanya gore Jesu o ne a le lenyatso kana a se na maitseo fa a ne a bitsa mmaagwe a re “mosadi.”—Mathaio 15:28; Luke 13:12; Johane 4:21; 19:26; 20:13, 15.

Go tweng ka mafoko a a reng “ke dirang ka wena?” Go bonala mafoko ano e le sekapuo se se tlwaelegileng sa Sejuda se se tlhagang makgetlo a le mmalwa mo Baebeleng. Ka sekai mo go 2 Samuele 16:10, go buiwa ka Dafide a thibela Abishai go bolaya Shimei ka mafoko a a reng: “Ke dirang ka lona, lona bomorwa Seruia? Mma a mphutse jalo, ka gonne Jehofa ka boene o mo reile a re, ‘Hutsa Dafide!’” Le mo go 1 Dikgosi 17:18 re bolelelwa gore e ne ya re fa motlholagadi wa kwa Sarepate a fitlhela morwawe a sule, o ile a raya Elija a re: “Ke tshwanetse go dira eng ka wena, monna wa Modimo wa boammaaruri? O tlile kwa go nna go nkgakolola boleo jwa me le go bolaya morwaake.”

Go tswa mo dikaing tseno tsa Baebele, re kgona go bona gore mafoko a a reng “ke dirang ka wena?” gantsi a dirisiwa go gana go nna le seabe mo go sengwe kana a bontsha go se dumalane le kgopolo e e rileng, e seng go bontsha lenyatso. Go tweng he ka mafoko a Jesu a neng a a raya Maria?

Fa Maria a ne a raya Jesu a re “Ga ba na beine,” go bonala a ne a sa itsise Jesu fela ka seo, go na le mo, o ne a akantsha gore a dire sengwe ka gone. Jesu o ne a dirisa sekapuo seo se se neng se tlwaelegile go gana kakantsho e e bofitlha ya ga Maria, mme mafoko a o neng a oketsa ka one a a reng, “Nako ya me ga e ise e tle,” a re thusa go lemoga lebaka la go bo a ne a dira jalo.

Go tloga ka nako ya fa Jesu a ne a kolobediwa le go tlodiwa ka 29 C.E., o ne a itse sentle gore e ne e le thato ya ga Jehofa gore a tshele botshelo jwa boikanyegi jo kgabagare bo neng bo tla felela ka gore a swe, a tsosiwe le go galalediwa, e re ka e ne e le Mesia yo o solofeditsweng. O ne a re: “Morwa motho [o] ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Fa nako ya loso lwa ga Jesu e ntse e atamela, o ne a dira gore seno se itsege ka go re: “Nako e tlile.” (Johane 12:1, 23; 13:1) Ka gone, mo thapelong ya bosigo jwa pele ga a swa, o ne a re: “Rara, nako e tlile; galaletsa morwao, gore morwao a tle a go galaletse.” (Johane 17:1) Mme kgabagare e ne ya re fa boidiidi bo goroga go tla go mo tshwara kwa Gethesemane, o ne a tsosa barutwa ba gagwe ba ba neng ba robetse a bo a re: “Nako e gorogile! Bonang! Morwa motho o okelwa mo diatleng tsa baleofi.”—Mareko 14:41.

Le fa go ntse jalo, kwa lenyalong la kwa Kana, Jesu o ne a sa tswa go simolola bodiredi jwa gagwe jaaka Mesia mme “nako” ya gagwe e ne e ise e fitlhe. Boikaelelo jwa gagwe jo bogolo e ne e le go dira thato ya ga Rraagwe ka tsela le ka nako e Rraagwe a neng a laetse ka yone, mme o ne a sa batle ope a kgoreletsa boikaelelo jwa gagwe jwa go diragatsa seo. Fa a ne a tlhalosetsa mmaagwe seno, o ne a bua ka mafoko a a tlhamaletseng mme gone e se ka lonyatso. Maria le ene o ne a se ka a tlhabisiwa ditlhong kana a kgopisiwa ke mafoko ao a morwawe. Tota e bile, e ne ya re fa Maria a lemoga se morwawe a neng a se kaya, o ne a raya batho ba ba neng ba direla kwa lenyalong a re: “Le fa e le eng se a se lo bolelelang, lo se dire.” Go na le gore Jesu a itlhokomolose mmaagwe, o ne a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha jaaka Mesia—a fetola metsi go nna beine ya maemo a a kwa godimo—ka go dira jalo a bontsha go nna tekatekano mo kgannyeng ya go dira thato ya ga Rraagwe le go tsaya tsia se mmagwe a neng a amegile ka sone.—Johane 2:5-11.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Jesu o ne a bua le mmaagwe ka bopelonomi mme gone e le ka mafoko a a tlhamaletseng