Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ikanyega go Botlhokwa

Go Ikanyega go Botlhokwa

Go Ikanyega go Botlhokwa

GO SA ikanyege go simolotse kwa tshimong ya Edene. Mme gone ditso di le dintsi le ditšhaba di tseela boikanyegi kwa godimo mme di tsaya go aka le go tsietsa go sa ratege e bile go le phoso. Go tsewa o ikanyega ke sengwe se motho a ka nnang motlotlo ka sone. Le fa go ntse jalo, go sa ikanyege go setse go tsewa go tlhokega gore motho a kgone go tshela sentle mo setšhabeng sa gompieno. O ikutlwa jang ka gone? A go botlhokwa go lwela go ikanyega? Ke melao efe e e go thusang go dira tshwetso ya se e leng boitsholo jo bo ikanyegang le se e seng jone?

Gore re kgone go kgatlha Modimo, re tshwanetse go ikanyega mo tseleng e re buang ka yone le e re tshelang ka yone. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete mmogo le ene jaana: “A mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe.” (Baefeso 4:25) Gape Paulo o ne a kwala jaana: “Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.” (Bahebera 13:18) Maitlhomo a rona fa re ikanyega ga se gore batho ba bangwe ba re bake. Re ikanyega gonne re tlotla Mmopi wa rona mme re batla go mo kgatlha.

O se Ka wa Fitlha se o Leng Sone

Mo dinageng di le dintsi, batho ba itira se ba seng sone fela gore ba bone melemo mengwe mo botshelong. Ba batla ditlankana tsa maaka, didipoloma le makwalo itshupo a maaka gore ba kgone go tsena mo nageng nngwe e se kafa molaong kana ba bone tiro kgotsa maemo a ba sa tshwanelang go bo ba le mo go one. Batsadi bangwe ba direla bana ba bone ditifikeite tsa maaka tsa matsalo fela gore ba tswelele ba tsena sekolo.

Le fa go ntse jalo, gore re kgone go kgatlha Modimo ga re a tshwanela go nna maferefere. Baebele ya re Jehofa ke “Modimo wa boammaaruri” mme o solofetse gore batho ba ba nang le botsalano le ene ba nne boammaaruri. (Pesalema 31:5) Fa re batla go nna le kamano e e gaufi le Jehofa ga re a tshwanela go etsa “batho ba ba se nang boammaaruri” ba ba “fitlhang se ba leng sone.”—Pesalema 26:4.

Gape go tlwaelegile gore batho ba fitlhe boammaaruri fa go lebega ba tla otlhaelwa phoso nngwe e ba e dirileng. Tota le mo phuthegong ya Bokeresete motho a ka raelesega go dira jalo. Ka sekai, mo phuthegong nngwe lekawana lengwe le ne la itsise bagolwane gore le dirile maleo mangwe. Le fa go ntse jalo, ga le a ka la dumela gore le utswile le fa go ne go na le bosupi jwa seo. Kgabagare go ne ga ntshiwa bosupi jwa gore o ntse a utswa mme a tshwanelwa ke go kgaolwa mo phuthegong. Tota a ka bo a ile a nna botlhale mme a bua dilo tsotlhe tse a di dirileng gore a tle a thusiwe go boela a nna le kamano e e molemo le Jehofa. Ka gonne tota Baebele ya re: “O se ka wa nyenyefatsa kotlhao e e tswang kwa go Jehofa, le gone o se ka wa felelwa ke thata fa a go kgalemela; gonne yo Jehofa a mo ratang o a mo otlhaya.”—Bahebera 12:5, 6.

Ka dinako dingwe, mokaulengwe yo o lekang go tshwanelegela maikarabelo mangwe mo phuthegong a ka leka go fitlha mathata a gagwe a botho kana maitsholo a gagwe a a sa siamang a mo nakong e e fetileng. Ka sekai fa a tlatsa dikopo tsa tshiamelo nngwe e e kgethegileng ya tirelo, a ka nna a se ka a tlhalosa sengwe le sengwe fa a araba dipotso tse di malebana le botsogo jwa gagwe le boitsholo a akanya gore fa a ka bua boammaaruri a ka nna a se ka a tshwanelega. A ka nna a re: ‘Tota ga ke a bua maaka,’ mme a gone o buile boammaaruri le go ikanyega mo go ba bangwe? Ela tlhoko ntlha e e tlhalosiwang mo go Diane 3:32: “Motho yo o tsietsang ke selo se se makgapha mo go Jehofa, mme O atamalane thata le bathokgami.”

Sa ntlha fela, go ikanyega go raya go ikanyega mo go rona ka borona. Gantsi re dumela se re batlang go se dumela go na le go dumela se se siameng kana se se boammaaruri. A bo go le motlhofo jang ne gore re pege ba bangwe molato wa rona! Ka sekai, Kgosi Saulo o ne a leka go buelela go tlhoka kutlo ga gagwe ka go pega ba bangwe molato. Mme seno se ne sa felela ka gore Jehofa a mo latlhe mme a se tlhole a nna kgosi. (1 Samuele 15:20-23) Tota o ne a farologane thata le Kgosi Dafide yo o neng a rapela Jehofa jaana: “La bofelo ke ne ka ipolela boleo jwa me mo go wena, mme ka se ka ka bipa tlolo ya me. Ke ne ka re: ‘Ke tla ipolela ditlolo tsa me mo go Jehofa.’ Mme o ne wa itshwarela tlolo ya maleo a me.”—Pesalema 32:5.

Go Ikanyega go Lere Masego

Go ikanyega kana go sa ikanyege go na le seabe mo tseleng e ba bangwe ba go lebang ka yone. Fa batho ba ka lemoga gore o ne wa ba tsietsa, tota le fa e ka nna gangwe fela, ga ba tlhole ba tla go ikanya mme ga go motlhofo go dira gore ba boele ba go ikanye gape. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o bua boammaaruri e bile o ikanyega o tla itsege jaaka motho wa bothokgami yo o tshwanelwang ke go ikanngwa. Basupi ba ga Jehofa ba itsege ka tsela eo. Ela tlhoko dikai dingwe.

Motsamaisi wa khampani nngwe o ne a lemoga gore bontsi jwa bathapiwa ba gagwe ba tsietsa khampani, ka jalo o ne a kopa gore mapodise a tsereganye. Fa a lemoga gore mothapiwa mongwe yo e neng e le Mosupi wa ga Jehofa le ene o ne a tshwerwe le ba bangwe, o ne a ya kwa mapodiseng gore Mosupi yono a gololwe ka yone nako eo. Ka ntlha yang? Ka gonne motsamaisi o ne a itse gore mothapiwa yono e ne e le modiri yo o ikanyegang le gore o ne a se molato. Mosupi yono o ne a se ka a lelekwa mo tirong fa ba bangwe ba lelekwa. Basupi mmogo le ene ba ne ba itumetse tota ba itse gore boitshwaro jwa gagwe bo dirile gore leina la ga Jehofa le tlotlwe.

Boitshwaro jo bo siameng bo a lemogiwa. Mo setšhabeng sengwe sa mo Afrika, borogo jo batho ba kgabaganyang mosele o mogolo wa metsi ka jone bo ne bo tlhoka go baakanngwa gonne magong mangwe a a mo go jone a ne a utswitswe. Baagi ba lefelo leo ba ne ba tsaya tshwetso ya gore ba kokoanye madi gore ba kgone go tsenya mapolanka a mangwe, mme ke mang yo ba neng ba tla mo ikanya gore a tshware madi ao? Botlhe ba ne ba dumalana gore e nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

Fa naga nngwe ya mo Afrika e ne e aparetswe ke dikhuduego tsa dipolotiki le tsa setso, Mosupi mongwe yo e neng e le akhaontente mo khampaning nngwe ya ditšhabatšhaba o ne a fudusetswa kwa nageng nngwe ke feme eo gonne botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo kotsing. Khampani eno e ne ya rulaganya gore a fetse dikgwedi di le dintsi a berekela kwa nageng e nngwe fa bone ba duela ditshenyegelo tseo go fitlha maemo a ritibala. Ka ntlha yang? Ka gonne mo nakong e e fetileng o ne a ganne go dirisana le bangwe ba ba neng ba loga leano la go tsietsa khampani eo. Batsamaisi ba ne ba mo itse e le motho yo o ikanyegang ka botlalo. A ba ne ba ka dumela go thusa mothapiwa yono fa ba ne ba itse gore o dira ditiro dingwe tsa go sa ikanyege?

Diane 20:7 ya re: “Mosiami o tsamaya mo bothokgaming jwa gagwe.” Motho yo o ikanyegang ke motho yo o bolokang bothokgami. Ga a ke a fora kana a tsietsa mong ke ene. A eno ga se tsela e o batlang ba bangwe ba go tshwara ka yone? Boikanyegi bo botlhokwa thata mo kobamelong ya boammaaruri. Ke tsela e re bontshang ka yone gore re rata Modimo le moagelani wa rona. Fa re ikanyega, re bontsha gore re eletsa go latela molaomotheo o o tlhalositsweng ke Jesu fa a re: “Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.”—Mathaio 7:12; 22:36-39.

Go ikanyega ka dinako tsotlhe go ka nna ga se ka ga nna le matswela a itumedisang mme gone segakolodi se se phepa se re nnang le sone, se botlhokwa thata go feta le fa e ka nna eng e e ka re tlelang ka ntlha ya gone. Kwa bofelong, go ikanyega le go nna mothokgami go na le melemo e megolo thata. Boammaaruri ke gore ga go sepe se se fetang go nna le kamano e e molemo le Jehofa. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go e senya ka go dira tiro nngwe ya go sa ikanyege fela gore batho ba re rate kana gore re kgone go bona molemo mongwe o o seng kafa molaong? Go sa kgathalesege kgwetlho le fa e ka nna efe e re ka lebanang le yone, re ka tlhomamisega ka mafoko ano a mopesalema: “Go itumela monna yo o nonofileng yo o ikanyang Jehofa le yo o sa retolosetsang sefatlhego sa gagwe mo bathong ba ba bodipa, le fa e le mo go ba ba welang mo maakeng.”—Pesalema 40:4.

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Bakeresete ba boammaaruri ga ba reke le go dirisa ditlankana tsa maaka