Ke Eng fa re Tshwanetse go Itse Gore Moganetsakeresete ke Mang?
Ke Eng fa re Tshwanetse go Itse Gore Moganetsakeresete ke Mang?
Moaposetoloi yo o tlhotlheleditsweng o ne a kwala jaana bogologolo: “Lo utlwile gore moganetsakeresete o e tla.” (1 Johane 2:18) A bo mafoko ao a kgatlha jang ne! Batho ba ntse ba ipotsa gore a kaya eng ka makgolokgolo a dingwaga. Moganetsakeresete ke mang? O tla tla leng? O tlile go dirang fa a tla?
BATHO ba ba neng ba latofadiwa go twe ke baganetsakeresete ba bantsi. Mo nakong e e fetileng, batho ba ba neng ba bidiwa “moganetsakeresete” ba ne ba akaretsa Bajuda, Bomopapa ba Katoliki le babusibagolo ba Roma. Ka sekai, fa Mmusimogolo Frederick II (1194-1250) a ne a gana go tsenela Botlhabanelatumelo mo boemong jwa kereke, Mopapa Gregory IX o ne a mmitsa moganetsakeresete mme a mo kgaola mo kerekeng. Yo o neng a tlhatlhama Gregory, e bong Innocent IV, o ne a mo kgaola gape. Ka ntlha ya moo, Frederick o ne a re Innocent ke ene moganetsakeresete.
Moaposetoloi Johane ke ene fela mokwadi wa Baebele yo o neng a dirisa lefoko “moganetsakeresete.” Mo makwalong a mabedi a a bidiwang ka leina la gagwe, lefoko leno le tlhaga makgetlho a le matlhano, mo bongweng le mo bontsing. Ditemana tse lefoko leno le tlhagang mo go tsone di thathamisitswe mo lebokoseng le le mo tsebeng e e latelang. Mo ditemaneng tseno re kgona go bona gore moganetsakeresete ke moaki le motsietsi, yo o ikemiseditseng go senya kamano e motho a nang le yone le Keresete le Modimo. Ke sone se moaposetoloi a neng a rotloetsa Bakeresete mmogo le ene jaana: “Baratwa, lo se ka lwa dumela dipolelwana dingwe le dingwe tse di tlhotlheleditsweng, mme tlhatlhobang dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng go bona gore a di tswa mo Modimong, ka gonne baporofeti ba le bantsi ba maaka ba tswetse mo lefatsheng.”—1 Johane 4:1.
Jesu le ene o ne a tlhagisa ka batsietsi, kana baporofeti ba maaka, a re: ‘Ba tla mo go lona ba le mo diaparong tsa dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolakang. Lo tla ba lemoga ka maungo a bone [kana, ditiro].’ (Mathaio 7:15, 16) A Jesu le ene o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe ka moganetsakeresete yono wa tshwantshetso? A re boneng gore re ka lemoga jang motsietsi yono yo o setlhogo.