Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Moganetsakeresete o a Senolwa

Moganetsakeresete o a Senolwa

Moganetsakeresete o a Senolwa

O NE o tla itshireletsa jang fa o ne o itse gore bolwetse bongwe jo bo kotsi jwa leroborobo bo tlhasetse mo lefelong le o nnang mo go lone? Gongwe o ne o tla itshireletsa ka go nonotsha thulaganyo ya gago ya mmele ya go lwa le malwetse le go tila batho ba ba ka go tshwaetsang. Re tshwanetse go dira se se tshwanang le ka tsela ya semoya. Baebele ya re moganetsakeresete “o setse a le mo lefatsheng.” (1 Johane 4:3) Gore re tle re se ka ra “tshwaediwa,” re tshwanetse go itse gore ke bomang “ba ba nang le bolwetse” jono mme re tile go ikopanya le bone. Se se molemo ke gore Baebele e re naya lesedi malebana le kgang eno.

Lefoko “Moganetsakeresete” le raya “yo o kgatlhanong le (kana yo o mo boemong jwa ga) Keresete.” Ka jalo ka kakaretso, lefoko leno le raya botlhe ba ba ganetsang kana ba ba buang maaka ba re ke bone Keresete kana baemedi ba gagwe. Jesu ka boene o ne a re: “Yo o seng mo letlhakoreng la me o kgatlhanong le nna [kana ke moganetsakeresete], le ene yo o sa phutheng le nna o a gasamisa.”—Luke 11:23.

Gone mme, Johane o kwadile ka moganetsakeresete dingwaga di feta 60 fa Jesu a sena go swa a bo a tsosediwa kwa legodimong. Ka jalo, dilo tse moganetsakeresete a di dirang di tshwanetse go tlhaloganngwa go ya kafa di amang ka teng balatedi ba ba ikanyegang ba ga Keresete mo lefatsheng.—Mathaio 25:40, 45.

Moganetsakeresete o Ganetsa Bakeresete

Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe gore lefatshe ka kakaretso le ne le tla ba tlhoa. O ne a re: “Batho ba tla lo isa kwa pitlaganong e bile ba tla lo bolaya, mme lo tla nna ba ba tlhoilweng ke ditšhaba tsotlhe ka ntlha ya leina la me. Mme baporofeti ba le bantsi ba maaka ba tla tsoga ba bo ba timetsa ba le bantsi.”—Mathaio 24:9, 11.

Ka gonne balatedi ba ga Keresete ba bogisiwa “ka ntlha ya leina la [ga Jesu],” go bonala sentle gore ba ba ba bogisang ke baganetsakeresete, ba kgatlhanong le Keresete. “Baporofeti ba maaka,” ba bangwe ba bone e kileng ya bo e le Bakeresete, le bone ke baganetsakeresete. (2 Johane 7) Moaposetoloi Johane o ne a re: “Baganetsakeresete [bano] ba le bantsi ba ne ba tswa mo go rona, mme e ne e se ba mofuta wa rona; ka gonne fa e ne e le ba mofuta wa rona, ba ka bo ba ile ba nna le rona.”—1 Johane 2:18, 19.

Mafoko a ga Jesu le a ga Johane a bontsha sentle gore moganetsakeresete ga se motho a le mongwe fela mme ke batho ba le bantsi ba ba farologaneng. Gape, ka gonne e le baporofeti ba maaka, bongwe jwa maikaelelo a bone a magolo ke go anamisa maaka a bodumedi. Mengwe ya mekgwa e ba e dirisang ke efe?

Go Anamisa Maaka ka Bodumedi

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa modirimmogo le ene e bong Timotheo gore a ele tlhoko dithuto tsa batlhanogi, ba ba tshwanang le Himenaeo le Fileto, ba “lefoko la bone le tla anama[ng] jaaka ntho e e kekelang.” Paulo o ne a oketsa ka go re: “Bone banna bano ba fapogile mo boammaaruring, ba re tsogo ya baswi e setse e diragetse; mme ba phetsola tumelo ya bangwe.” (2 Timotheo 2:16-18) Go lebega Himenaeo le Fileto ba ne ba ruta gore tsogo e ne e le selo sa tshwantshetso mme Bakeresete ba ne ba setse ba tsositswe ka tsela ya semoya. Gone ke boammaaruri gore, jaaka Paulo a buile, go nna morutwa wa mmatota wa ga Jesu go dira gore motho a tshele mo matlhong a Modimo. (Baefeso 2:1-5) Le fa go ntse jalo, thuto ya ga Himenaeo le Fileto e ne e sa dumalane le tsholofetso ya ga Jesu ya tsogo ya mmatota ya baswi e e neng e tla dirwa mo pusong ya Bogosi jwa Modimo.—Johane 5:28, 29.

Moragonyana setlhopha sa batho ba ba bidiwang Ba-Gnostic se ne sa anamisa dikgopolo tseno tsa gore tsogo e ke selo sa tshwantshetso. Ka gonne ba-Gnostic ba ne ba dumela gore motho o ne a ka bona kitso (gnoʹsis ka Segerika) ka tsela ya masaitsiweng, ba ne ba kopanya Bokeresete jwa botlhanogi le filosofi ya Segerika le masaitsiweng a kwa Botlhaba. Ka sekai, ba ne ba dumela gore sengwe le sengwe fela se se bonalang ga se a siama, mme ka lebaka leo Jesu ga a tla ka mmele wa motho mme o ne a lebega fela a na le mmele wa motho. Jaaka re bone, seno ke sone se moaposetoloi Johane a neng a tlhagisa ka sone.—1 Johane 4:2, 3; 2 Johane 7.

Maaka a mangwe a a neng a buiwa dingwaga di le dintsi morago ga moo ke thuto ya se se bidiwang Tharonngwe e e boitshepo, e e rutang gore Jesu ke Modimo Mothatayotlhe e bile ke Morwa Modimo. Dr. Alvan Lamson, mo bukeng ya gagwe ya The Church of the First Three Centuries, a re thuto ya Tharonngwe “ga e a simologa mo Dikwalong tsa Sejuda le tsa Bokeresete; mme e ne ya simologa ya bo e tsenngwa mo Bokereseteng ke Borara ba ba latelang dithuto tsa ga Plato.” “Borara ba ba latelang dithuto tsa ga Plato” e ne e le bomang? E ne e le baruti ba batlhanogi ba ba neng ba rata thata dithuto tsa boheitane tsa mofilosofi wa Mogerika, e bong Plato.

Go tsenya thuto ya Tharonngwe mo Bokereseteng e ne e le tsela e e botlhale e e ileng ya dirisiwa ke moganetsakeresete, ka gonne thuto eno e ne ya dira gore go nne jaaka e kete Modimo ga a ka ke a itsiwe e bile e ne ya dira gore go se ka ga tlhola go bonala sentle gore o amana jang le Morwawe. (Johane 14:28; 15:10; Bakolosa 1:15) Akanya fela, motho a ka ‘atamela Modimo’ jang jaaka Baebele e kgothatsa, fa e le gore ga go kgonege go tlhaloganya gore Modimo ke mang?—Jakobe 4:8.

Se sengwe se se oketsang tlhakatlhakano eno ke gore baranodi ba bantsi ba Baebele ba ntshitse leina la Modimo, e bong Jehofa, mo dithanolong tsa bone le fa gone le tlhaga makgetlho a feta 7 000 mo mokwalong wa ntlhantlha! Go bonala sentle gore go leka go dira Mothatayotlhe masaitsiweng, le go mo dira masaitsiweng a a se nang leina go tlontlolola Mmopi wa rona le Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng ka tsela e e maswe thata. (Tshenolo 22:18, 19) Gape, go emisetsa leina la Modimo ka direto tse di tshwanang le Morena le Modimo go ganetsana le ntlha ya thapelo ya ga Jesu ya sekao, e karolo e nngwe ya yone e reng: “A leina la gago le itshepisiwe.”—Mathaio 6:9.

Baganetsakeresete ba Gana Bogosi Jwa Modimo

Baganetsakeresete ba matlhagatlhaga thata mo “metlheng ya bofelo,” e leng nako e re tshelang mo go yone gone jaanong. (2 Timotheo 3:1) Maikaelelo a magolo a batsietsi bano ba metlha ya segompieno ke go tsietsa batho gore ba se ka ba itse gore seabe sa ga Jesu ke sefe mo go nneng Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, jo e leng puso e e kwa legodimong e e tlileng go busa lefatshe lotlhe mo nakong e e sa fediseng pelo.—Daniele 7:13, 14; Tshenolo 11:15.

Ka sekai, baeteledipele ba bodumedi ba rera gore Bogosi jwa Modimo ke boemo jwa pelo ya motho, mme seo ga se fitlhelwe gope mo Baebeleng. (Daniele 2:44) Ba bangwe ba re Keresete o dirisa dipuso tsa batho le ditheo tsa bone. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.” (Johane 18:36) Ee ruri, Satane ke ene “mmusi wa lefatshe” le “modimo wa tsamaiso eno ya dilo,” e seng Keresete. (Johane 14:30; 2 Bakorintha 4:4) Ke ka lone lebaka leo go leng gaufi gore Jesu a fedise dipuso tsotlhe tsa batho mme e nne ene fela Mmusi wa lefatshe. (Pesalema 2:2, 6-9; Tshenolo 19:11-21) Batho ba rapelela seno fa ba rapela Thapelo ya Morena, ba re: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng.”—Mathaio 6:10.

Ka gonne baeteledipele ba bantsi ba bodumedi ba ema nokeng ditsamaiso tsa dipolotiki tsa lefatshe, ba ile ba ganetsa ba bo ba bogisa batho ba ba rerang boammaaruri ka Bogosi jwa Modimo. Go a kgatlha gore buka ya Baebele ya Tshenolo e umaka seaka sa tshwantshetso—“Babelona yo Mogolo”—yo o ‘tagilweng ke madi a baitshepi le ke madi a basupi ba ga Jesu.’ (Tshenolo 17:4-6) Gape o akafala ka tsela ya semoya ka go ema nokeng “dikgosi” tsa lefatshe kana babusi ba dipolotiki, bao le bone ba mo lebogang ka go mo direla dilo. Mosadi yono wa tshwantshetso o emela madumedi a maaka a lefatshe. Ke ene karolo e kgolo ya moganetsakeresete.—Tshenolo 18:2, 3; Jakobe 4:4.

Moganetsakeresete o ‘Tsikitla Ditsebe’

Kwa ntle ga gore batho ba bantsi ba ba ipitsang Bakeresete ga ba amogele boammaaruri jwa Baebele, ga ba batle go tshela ka melao ya Baebele ya boitshwaro ka gonne ba batla go itshwara ka tsela e batho ba bantsi ba itshwarang ka yone. Lefoko la Modimo le ne la bua ka seno se ise se diragale fa le re: “Go tla nna le lobaka lwa nako lo ba [batho ba ba ipolelang gore ba direla Modimo] tla se keng ba iteseletse go amogela thuto e e itekanetseng, mme, tumalanong le dikeletso tsa bone, ba tla ikokoanyetsa barutisi gore ditsebe tsa bone di tsikitliwe.” (2 Timotheo 4:3) Barutisi bano ba maaka gape ba tlhalosiwa go twe ke “baaposetoloi ba maaka, badiri ba ba tsietsang, ba ba iphetolang baaposetoloi ba ga Keresete.” Baebele gape ya re: “Bokhutlo jwa bone bo tla nna kafa ditirong tsa bone.”—2 Bakorintha 11:13-15.

Ditiro tsa bone di akaretsa “boitshwaro jo bo repileng,” jo e leng go nyatsa ka tsela e e feteletseng melaometheo e e siameng ya boitshwaro. (2 Petere 2:1-3, 12-14) Gompieno re bona baeteledipele ba bantsi ba bodumedi le balatedi ba bone ba latela kana ba dumelela mekgwa e e seng ya Bokeresete, e e tshwanang le bosodoma le go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang. Tsweetswee iphe nako ya go bapisa mekgwa eno e batho ba bantsi ba e amogelang le e ba itshwarang ka yone le se Baebele e se buang mo go Lefitiko 18:22; Baroma 1:26, 27; 1 Bakorintha 6:9, 10; Bahebera 13:4; le Jude 7.

“Tlhatlhobang Dipolelwana Tse di Tlhotlheleditsweng”

Ka ntlha ya se se tlhalositsweng fa godimo, re tshwanetse go tsaya tsia mafoko a ga moaposetoloi Johane gore re se ka ra tsaya dilo tse re di dumelang motlhofo fela. O tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa dumela dipolelwana dingwe le dingwe tse di tlhotlheleditsweng, mme tlhatlhobang dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng go bona gore a di tswa mo Modimong, ka gonne baporofeti ba le bantsi ba maaka ba tswetse mo lefatsheng.”—1 Johane 4:1.

Sekaseka sekai se se molemo sa batho bangwe ba ba neng “ba na le mogopolo o o bulegileng” ba ba neng ba nna kwa motseng wa Berea wa lekgolo la ntlha la dingwaga. Ba ne ba “amogela lefoko ka mogopolo o o tlhagafetseng thata, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno [tse di neng di buiwa ke Paulo le Silase] di ne di ntse jalo.” (Ditiro 17:10, 11) Le fa batho ba kwa Berea ba ne ba rata go ithuta, ba ne ba tlhomamisa gore a se ba neng ba se utlwa le go se dumela se ne se theilwe ka botlalo mo Dikwalong.

Le gompieno, Bakeresete ba boammaaruri ga ba tsamaye fela le mogoro ka go dira dilo tse batho ba bantsi ba di dirang, mme go na le moo ba ngaparela boammaaruri jo bo kwadilweng mo Baebeleng. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Seno ke se ke tswelelang ke se rapelela, gore lorato lwa lona lo tote fela thata ka kitso ya boammaaruri le temogo e e tletseng.”Bafilipi 1:9.

Fa o ise o nne le “kitso ya boammaaruri le temogo e e tletseng,” ikemisetse go nna le yone ka go ithuta se tota se rutwang ke Baebele. Batho ba ba etsang Baberea ga ba tsiediwe ke “mafoko a tsietso” a baganetsakeresete. (2 Petere 2:3) Go na le moo, ba gololwa ke boammaaruri jwa semoya jwa ga Keresete wa mmatota le balatedi ba gagwe ba boammaaruri.—Johane 8:32, 36.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 4]

SE BAEBELE E SE BUANG KA MOGANETSAKERESETE

“Bana ba babotlana, ke nako ya bofelo [go bonala e le bofelo jwa motlha wa baaposetoloi], mme, fela jaaka lo utlwile gore moganetsakeresete o e tla, le jaanong go setse go na le baganetsakeresete ba le bantsi.”1 Johane 2:18.

“Moaki ke mang fa e se yo o latolang gore Jesu ke Keresete? Yono ke moganetsakeresete, yo o latolang Rara le Morwa.”1 Johane 2:22.

“Polelwana nngwe le nngwe e e tlhotlheleditsweng e e sa ipoleleng Jesu ga e tswe mo Modimong. Mo godimo ga moo, eno ke polelwana e e tlhotlheleditsweng ya moganetsakeresete yo lo utlwileng gore o a tla, mme jaanong o setse a le mo lefatsheng.”1 Johane 4:3.

“Batsietsi ba le bantsi ba tswetse mo lefatsheng, batho ba ba sa boleleng fa ba dumela gore Jesu Keresete o tla a le mo nameng. Yono ke motsietsi le moganetsakeresete.”2 Johane 7.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

MOTSIETSI YO O TLANG KA DITSELA TSE DI FAROLOGANENG

Lefoko “moganetsakeresete” le kaya batho botlhe ba ba ganetsang se Baebele e se buang ka Jesu Keresete, botlhe ba ba kgatlhanong le Bogosi jwa gagwe, le botlhe ba ba sotlang balatedi ba gagwe. Gape le akaretsa batho, mekgatlho, le ditšhaba tse di buang maaka ka go ipolela gore di emela Keresete kana tse di ipayang mo maemong a ga Mesia ka go ipagololela mogodu di solofetsa gore di tla kgona go dira selo se e leng Keresete fela a ka kgonang go se dira—go tlisa kagiso ya mmatota le polokesego.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Augustine: ©SuperStock/age fotostock

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jaaka batho ba kwa Berea, re tshwanetse go ‘tlhatlhoba Dikwalo letsatsi le letsatsi’