Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Rata Modimo ka Gonne O a Go Rata

Rata Modimo ka Gonne O a Go Rata

Rata Modimo ka Gonne O a Go Rata

“O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.”—MATHAIO 22:37.

1, 2. Ke eng se se ka tswang se dirile gore go tsoge potso e e kaga gore molao o mogolo go gaisa e mengwe ke ofe?

GO BONALA potso eo e ne e le e Bafarasai ba motlha wa ga Jesu ba neng ba tlhola ba ganetsana thata ka yone. Mo melaong e e fetang 600 ya Molao wa ga Moshe, ke ofe o o neng o le botlhokwa thata go feta e mengwe? A e ne e le molao o o malebana le go ntsha ditlhabelo? Kana e bile, ditlhabelo di ne di ntshediwa gore batho ba itshwarelwe maleo le go leboga Modimo. A kgotsa molao o mogolo go feta yotlhe e ne e le o o malebana le go rupa? Le one molao oo o ne o le botlhokwa ka gonne go rupa e ne e le sesupo sa kgolagano e Jehofa a neng a e dirile le Aborahame.—Genesise 17:9-13.

2 Kafa letlhakoreng le lengwe, go bonala batho ba ba neng ba gana diphetogo ba ne ba bolela gore e re ka molao mongwe le mongwe wa Modimo o le botlhokwa—le fa mengwe e ne e ka lebega e se botlhokwa jaaka e mengwe—go ne go tla bo go le phoso go tlotlomatsa taelo nngwe go feta tse dingwe. Bafarasai ba ne ba swetsa ka gore ba botse Jesu potso eo e e tsositseng kgang ya moruthutha. Ba ne ba lebeletse gore gongwe o tla bua sengwe se se tla dirang gore a nyadiwe ke batho. Mongwe wa bone o ne a atamela Jesu a bo a mmotsa jaana: “Taelo e kgolo thata mo Molaong ke efe?”—Mathaio 22:34-36.

3. Jesu o ile a re taelo e kgolo go di feta tsotlhe ke efe?

3 Karabo e Jesu a neng a araba ka yone e botlhokwa thata mo go rona gompieno. Fa a araba, o ne a sobokanya dilo tse e leng dikarolo tsa konokono tsa kobamelo ya boammaaruri. Jesu o ile a araba jaana a nopola Duteronome 6:5: “‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha.” Le fa Mofarasai yoo a ne a kopile Jesu taelo e le nngwe fela, Jesu o ne a mo naya e nngwe gape. O ne a re, a nopola Lefitiko 19:18: “Ya bobedi, e e tshwanang le yone, ke eno, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’” Go tswa foo Jesu o ne a bontsha gore kobamelo e e itshekileng e ikaegile ka melao eo e mebedi. Morago ga moo o ne a bua jaana, a thibela maiteko ape fela a monna yono a neng a ka a dira go leka go mo kopa gore a tlhomaganye melao e mengwe go ya ka botlhokwa jwa yone: “Molao otlhe le Baporofeti, di ikaegile ka ditaelo tse pedi tseno.” (Mathaio 22:37-40) Mo setlhogong seno, re tla sekaseka molao o mogolo go gaisa mo melaong eno e mebedi. Ke eng fa re tshwanetse go rata Modimo? Re ka bontsha jang gore re rata Modimo? Mme re ka dira jang gore re godise lorato loo? Go botlhokwa gore re itse dikarabo tsa dipotso tseno, ka gonne fa re batla go itumedisa Jehofa, re tshwanetse go mo rata ka pelo ya rona yotlhe, ka moya otlhe le ka tlhaloganyo yotlhe.

Botlhokwa Jwa Lorato

4, 5. (a) Ke eng fa Mofarasai a ile a se ka a gakgamalela karabo ya ga Jesu? (b) Ke eng se Modimo a se tsayang se le botlhokwa go feta ditlhabelo le ditshupelo?

4 Go bonala Mofarasai yo o neng a botsa Jesu potso eo a ile a se ka a gakgamadiwa ke karabo ya ga Jesu. O ne a itse gore go rata Modimo e ne e le selo sa konokono mo kobamelong ya boammaaruri, le fa batho ba le bantsi ba ne ba sa bontshe lorato lo lo ntseng jalo. Mo disinagogeng, go ne go tlwaelegile gore ba buele kwa godimo mafoko a Shema, kana thapelo ya go ipolela tumelo, mme e ne e akaretsa mafoko a a mo go Duteronome 6:4-9, a Jesu a neng a a nopola. Go ya ka pego e e tsamaisanang le eo, ya Mareko, morago ga moo Mofarasai o ne a raya Jesu a re: “Moruti, o buile sentle tumalanong le boammaaruri, ‘Ene o Mongwe, e bile ga go na ope yo mongwe kwantle ga Gagwe’; mme go mo rata mono ka pelo yotlhe ya motho le ka tlhaloganyo yotlhe ya motho le ka nonofo yotlhe ya motho le go rata moagelani wa motho mono jaaka motho a ithata go botlhokwa thata go na le ditshupelo tsotlhe tse di fisiwang di feletse le ditlhabelo.”—Mareko 12:32, 33.

5 Ee ruri, le fa Molao o ne o laela gore go ntshiwe ditshupelo tse di fisiwang le ditlhabelo, selo se tota Modimo a neng a se tsaya se le botlhokwa e ne e le pelo e e tlhotlhelediwang ke lorato ya batlhanka ba gagwe. Modimo o ne a tsaya thaga e motho a neng a mo ntshetsa yone ka lorato le ka boineelo e le botlhokwa thata go feta diketekete tsa diphelefu tsa motho yo o neng a di ntsha setlhabelo ka maitlhomo a a sa siamang. (Mika 6:6-8) Gopola pego ya motlholagadi wa mohumanegi yo Jesu a neng a mo lebile kwa tempeleng kwa Jerusalema. Madinyana a mabedi a o neng a a tsenya mo letloleng a ne a ka se kgone go reka le e leng thaga e le nngwe fela. Le fa go ntse jalo, moneelo oo wa gagwe, o a neng a o ntshetsa Jehofa ka pelo e e tletseng lorato, o ne o le botlhokwa thata mo go Jehofa go feta meneelo e megolo ya bahumi ba ba neng ba e ntsha go tswa mo mading a a ba saletseng. (Mareko 12:41-44) Go nametsa pelo ruri go itse gore go sa kgathalasege maemo a rona, Jehofa o anaanela thata selo se rotlhe re ka kgonang go mmontsha sone, e leng lorato lo re mo ratang ka lone!

6. Paulo o ile a reng ka botlhokwa jwa lorato?

6 Moaposetoloi Paulo o ile a bua jaana, a gatelela botlhokwa jwa lorato mo kobamelong ya boammaaruri: “Fa ke bua ka diteme tsa batho le tsa baengele mme ke se na lorato, ke ntse kapetla ya kgotlho e e tsosang modumo kgotsa semebala e e opanngwang. Fa ke na le mpho ya go porofeta e bile ke tlwaelane le diphiri tse di boitshepo tsotlhe le kitso yotlhe, fa ke na le tumelo yotlhe mo ke ka tlhomang dithaba go sele, mme ke se na lorato, ga ke sepe. Fa ke ntsha dilo tsa me tsotlhe go fepa ba bangwe, e bile ke neela mmele wa me, gore ke tle ke ipelafatse, mme ke se na lorato, ga ke boelwe ke sepe gotlhelele.” (1 Bakorintha 13:1-3) Ga go pelaelo gore, lorato ke selo sa botlhokwa fa re batla go itumedisa Modimo. Mme gone, re ka bontsha go rata Jehofa jang?

Kafa re Bontshang go Rata Jehofa ka Teng

7, 8. Re ka bontsha jang gore re rata Jehofa?

7 Batho ba le bantsi ba akanya gore lorato ke maikutlo a re ka se kang ra kgona go a laola, jaaka ka sekai, fa monna a iphitlhela fela a rata mosadi. Le fa go ntse jalo, lorato lwa boammaaruri ga se maikutlo fela a re nang le one. Lo bonala ka ditiro, e seng ka maikutlo fela. Baebele e tlhalosa lorato e re ke “tsela e e di gaisang tsotlhe” gape ya re ke sengwe se re tshwanetseng go se ‘latelela.’ (1 Bakorintha 12:31; 14:1) Bakeresete ba kgothalediwa go rata, e seng fela ka “lefoko le fa e le ka loleme, mme ka tiro le boammaaruri.”—1 Johane 3:18.

8 Lorato lwa Modimo lo re tlhotlheletsa go dira se se mo itumedisang le go femela le go ema nokeng bolaodi jwa gagwe, ka mafoko le ka ditiro. Lo re tlhotlheletsa go tila go rata lefatshe le ditsela tsa lone tse di sa siamang. (1 Johane 2:15, 16) Batho ba ba ratang Modimo ba tlhoile bosula. (Pesalema 97:10) Go rata Modimo go akaretsa le go rata moagelani, e leng kgang e re tla e sekasekang mo setlhogong se se latelang. Mo godimo ga moo, go rata Modimo go re tlhoka gore re mo ikobele. Baebele ya re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.”—1 Johane 5:3.

9. Jesu o ne a bontsha go rata Modimo ka tsela efe?

9 Jesu o ile a bontsha ka tsela e e molemo gore go rata Modimo go kaya eng. Lorato lo ile lwa mo tlhotlheletsa go tlogela legae la gagwe la kwa legodimong mme a tla go tshela mo lefatsheng. Lo ne lwa mo tlhotlheletsa go galaletsa Rraagwe ka dilo tse a neng a di dira le tse a neng a di ruta. Lorato lo ne lwa mo tlhotlheletsa go “nna kutlo go fitlha losong.” (Bafilipi 2:8) Go nna kutlo jalo—go a neng a bontsha lorato ka gone—go ne ga bula tsela ya gore batho ba ba ikanyegang ba kgone go amogelwa ke Modimo. Paulo o ile a re: “Gonne fela jaaka ba le bantsi ba ne ba dirwa baleofi ka botlhokakutlo jwa motho a le mongwe [Adame], ka tsela e e tshwanang ba le bantsi ba tla dirwa ba ba siameng ka go utlwa ga motho a le mongwe [Keresete Jesu].”—Baroma 5:19.

10. Ke eng fa go rata Modimo go akaretsa go nna kutlo?

10 Jaaka Jesu, le rona re bontsha lorato lwa rona ka go nna kutlo mo Modimong. Johane, moaposetoloi yo Jesu a neng a mo rata thata, o ile a re: “Seno ke se lorato lo se rayang, gore re tswelele re tsamaya ka fa ditaelong tsa gagwe.” (2 Johane 6) Batho ba ruri ba ratang Jehofa ba tlhoafalela kaelo ya gagwe. Ba ikanya botlhale jwa Modimo le go ikobela kaelo ya gagwe e e lorato ka gonne ba lemoga gore ba ka se kgone go kaela dikgato tsa bone ka katlego. (Jeremia 10:23) Ba tshwana le batho ba Berea wa bogologolo ba ba neng ba na le mogopolo o o bulegileng ba ba neng ba amogela molaetsa wa Modimo ka “mogopolo o o tlhagafetseng thata,” ba na le keletso e kgolo ya go dira thato ya Modimo. (Ditiro 17:11) Ba ne ba tlhatlhoba Dikwalo ka tlhoafalo go tlhaloganya thato ya Modimo ka botlalo, e leng se se neng se ba thusa go bontsha lorato lwa bone ka ditiro tse dingwe gape tsa go nna kutlo mo go ene.

11. Go rata Modimo ka pelo ya rona yotlhe, mogopolo, moya le nonofo go kaya eng?

11 Jaaka fa Jesu a ile a bolela, go rata Modimo go akaretsa pelo ya rona yotlhe, mogopolo, moya le nonofo. (Mareko 12:30) Lorato lo lo ntseng jalo lo simologa mo pelong, lo akaretsa dikeletso tsa rona le maikutlo a a kwa teng, mme re na le keletso e kgolo ya go itumedisa Jehofa. Gape re rata Jehofa ka mogopolo wa rona. Boineelo jwa rona mo go ene ga se jwa go tlhoka kitso; re ithutile Jehofa—dinonofo tsa gagwe, melao ya gagwe le maikaelelo a gagwe. Re dirisa moya wa rona, gotlhe ga rona le botshelo jwa rona go mo direla le go mmaka. Re dirisa le nonofo ya rona go dira jalo.

Mabaka A go Bo re Tshwanetse go Rata Jehofa

12. Ke eng fa Modimo a batla gore re mo rate?

12 Lebaka lengwe la go bo re tshwanetse go rata Jehofa ke ka gonne a batla gore re bontshe dinonofo tsa gagwe. Modimo ke motswedi wa lorato le sekao se segolo sa lone. Moaposetoloi Johane yo o tlhotlheleditsweng o ile a re: “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Batho ba ne ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo; re ne ra bopiwa ka tsela ya gore re bontshe lorato. Tota e bile, bolaodi jwa ga Jehofa bo ikaegile ka lorato. O batla gore batho ba ba mo direlang e nne fela ba ba mo direlang ka gonne ba mo rata le ka gonne ba batla go busiwa ke tsela ya gagwe e e siameng ya go busa. Ee ruri, lorato lo botlhokwa thata gore dibopiwa tsotlhe di tshele ka kagiso le kutlwano.

13. (a) Ke eng fa Baiseraele ba ile ba laelwa jaana: “O rate Jehofa Modimo wa gago”? (b) Ke eng fa go utlwala go bo Jehofa a lebeletse gore re mo rate?

13 Lebaka le lengwe la go bo re rata Jehofa ke ka gonne re anaanela se a re diretseng sone. Gopola gore Jesu o ile a raya Bajuda a re: “O rate Jehofa Modimo wa gago.” Go ne go sa lebelelwa gore ba rate modimo yo o kgakala fela le bone le yo ba sa mo itseng. Ba ne ba tshwanetse go rata Modimo yo o neng a ba senoletse lorato lwa gagwe. Jehofa e ne e le Modimo wa bone. E ne e le Ene yo o ba ntshitseng kwa Egepeto go ba isa kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, Ene yo o neng a ba sireletsa, a ba tlamela le go ba rata, Ene yo o neng a ba otlhaya ka lorato. Mme le gompieno, Jehofa ke Modimo wa rona, ene yo o neng a ntsha Morwawe go nna thekololo gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. A bo go utlwala jang ne go bo Jehofa a lebeletse gore re bontshe kanaanelo ka gore le rona re bontshe go mo rata! Lorato lwa rona ke lorato lwa go tsiboga; re kopiwa go rata Modimo ka gonne a re rata. Re rata Ene yo o re ‘ratileng pele.’—1 Johane 4:19.

14. Lorato lwa ga Jehofa lo tshwana jang le lwa motsadi yo o lorato?

14 Tsela e Jehofa a ratang batho ka yone e tshwana le tsela e motsadi yo o lorato a ratang bana ba gagwe ka yone. Le fa batsadi ba sa itekanela, ba dira ka natla ka dingwaga di le dintsi go tlhokomela bana ba bone, ba dira jalo ka go intsha setlhabelo se segolo mo dilong tse di bonalang le tse dingwe. Batsadi ba ruta bana ba bone, ba a ba kgothatsa, ba ba ema nokeng le go ba otlhaya ka gonne ba batla gore ba itumele le go atlega. Batsadi ba batla gore bana ba ba lebogele seo ka eng? Ba batla gore bana ba bone ba ba rate le go tsaya tsia dilo tse ba ba rutang tsone e le gore bana ba solegelwe molemo. A Rraarona yo o itekanetseng wa kwa legodimong ga a na lebaka le le utlwalang la go lebelela gore re mmontshe kanaanelo ya lorato ka ntlha ya dilo tsotlhe tse a re diretseng tsone?

Go Lwela go Nna le Lorato Lwa go Rata Modimo

15. Kgato ya pele ya go lwela go nna le lorato lwa go rata Modimo ke efe?

15 Ga re ise re bone Modimo le fa e le go utlwa lentswe la gagwe. (Johane 1:18) Le fa go ntse jalo, o re laletsa go nna le kamano ya lorato le ene. (Jakobe 4:8) Re ka dira seo jang? Kgato ya pele ya go rata mongwe ke ya go tsaya matsapa a go itse motho yoo; ga go motlhofo go nna le maikutlo a go rata motho yo re sa mo itseng. Jehofa o re abetse Lefoko la gagwe, e leng Baebele, gore re ithute ka ene. Ke gone ka moo Jehofa, ka phuthego ya gagwe, a re kgothaletsang go bala Baebele ka metlha. Ke Baebele e e re rutang ka Modimo, dinonofo tsa gagwe, botho jwa gagwe, le tsela e a ileng a dirisana le batho ka yone ka diketekete tsa dingwaga. Fa re ntse re tlhatlhanya ka dipego tse di ntseng jalo, kanaanelo ya rona le lorato lwa rona ka ene di tla gola.—Baroma 15:4.

16. Go akanya ka bodiredi jwa ga Jesu go godisa jang lorato lo re ratang Modimo ka lone?

16 Tsela ya konokono e re ka godisang lorato lwa rona lwa go rata Jehofa ka yone ke ka go akanya ka botshelo le bodiredi jwa ga Jesu. Kana e bile, Jesu o ne a tshwana le Rraagwe thata jaana mo a neng a ka re: “Yo o mponeng o bone le Rara.” (Johane 14:9) A ga o amiwe maikutlo ke kutlwelobotlhoko e Jesu a neng a e bontsha ka go tsosa morwa yo o esi wa motlholagadi mo baswing? (Luke 7:11-15) A ga go itumedise go itse gore o ne a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao le mororo e ne e le Morwa Modimo le monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela? (Johane 13:3-5) A ga o kgothadiwe ke go itse gore e ne e le motho yo o atamelesegang motlhofo, le e leng mo baneng tota, le mororo e ne e le motho yo mogolo le yo o botlhale go gaisa botlhe? (Mareko 10:13, 14) Fa re ntse re tlhatlhanya ka kanaanelo ka dilo tseno, re nna le maikutlo a a tshwanang le a Bakeresete ba Petere a neng a bua jaana ka bone: “Le fa lo ise lo ke lo [bone Jesu], lo a mo rata.” (1 Petere 1:8) Fa lorato lo re ratang Jesu ka lone lo ntse lo gola, lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo tla gola ka tsela e e tshwanang.

17, 18. Lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo tla gola fa re tlhatlhanya ka dithulaganyo dife tse di lorato tse a re diretseng tsone?

17 Tsela e nngwe e re ka godisang lorato lo re ratang Modimo ka lone ke ka go tlhatlhanya ka dithulaganyo tse dintsi tse di bontshang lorato tse a re diretseng tsone gore re itumelele botshelo—bontle jwa popo, mefutafuta e e sa feleng ya dijo tse di monate, kamano e e lorato ya ditsala tse di molemo, le dilo tse dingwe tse dintsintsi tse di monate tse di re itumedisang le tse di re kgotsofatsang. (Ditiro 14:17) Fa re ntse re ithuta go le gontsi ka Modimo, re tla nna le mabaka a mantsi a go anaanela bomolemo le bopelotshweu jwa gagwe jo bogolo. Akanya ka dilo tsotlhe tse Jehofa a go diretseng tsone ka namana. A ga o dumalane gore o tshwanelwa ke gore o mo rate?

18 Nngwe ya dimpho tse dintsi tse Modimo a re abelang tsone, ke tshono e re nang le yone ya go mo atamela ka thapelo nako nngwe le nngwe, ka re itse gore “Moutlwi wa thapelo” o a re reetsa. (Pesalema 65:2) Jehofa o abetse Morwawe yo o rategang taolo ya go busa le go atlhola. Le fa go ntse jalo, ga a abele ope, go akaretsa le Morwawe tota, tshiamelo ya go reetsa dithapelo. O reetsa dithapelo tsa rona ka boene. Ka gone, kamego e e lorato e Jehofa a re bontshang yone e re dira gore re atamelane thata le ene.

19. Ke ditsholofetso dife tsa ga Jehofa tse di re atametsang mo go ene?

19 Gape re atamalana le Jehofa fa re akanya ka dilo tse a ikaeletseng go di direla batho mo isagweng. O ile a solofetsa gore o tla fedisa malwetse, kutlobotlhoko le loso. (Tshenolo 21:3, 4) Fa batho ba setse ba dirilwe gore ba itekanele, ga go kitla go nna le ope wa bone yo o nnang le mathata a go ngomoga pelo, go kgobega marapo kana go welwa ke masetlapelo. Ga go kitla go tlhola go nna le tlala, khumanego le dintwa. (Pesalema 46:9; 72:16) Lefatshe le tla fetolwa go nna paradaise. (Luke 23:43) Jehofa o tla tlisa masego ano ka gonne a re rata, e seng ka gonne a patelesega.

20. Moshe o ne a reng ka melemo ya go rata Jehofa?

20 Ka gone, re na le mabaka a a utlwalang a gore re rate Modimo wa rona le go dira gore lorato loo lo gole. A o tla tswelela pele o nonotsha lorato lo o ratang Modimo ka lone, o mo letla go kaela ditsela tsa gago? Tshwetso ke ya gago. Moshe o ne a lemoga melemo ya go lwela go nna le lorato lwa go rata Jehofa le go ipoloka re na le lone. Moshe o ne a raya Baiseraele ba bogologolo a re: “O tlhophe botshelo gore o nne o ntse o tshela, wena le bana ba gago, ka go rata Jehofa Modimo wa gago, ka go reetsa lentswe la gagwe le ka go mo ngaparela; gonne ke ene botshelo jwa gago le boleele jwa malatsi a gago.”—Duteronome 30:19, 20.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa go le botlhokwa gore re rate Jehofa?

• Re ka bontsha jang gore re rata Modimo?

• Ke mabaka afe a re nang le one a a dirang gore re rate Jehofa?

• Re ka lwela jang go nna le lorato lwa go rata Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ruri Jehofa o anaanela se rotlhe re ka kgonang go se bontsha—lorato lo re mo ratang ka lone

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

“Yo o mponeng o bone le Rara.”—Johane 14:9