Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o ile wa itumelela go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

• Ke eng se se ka thusang Mokeresete wa boammaaruri fa mongwe yo a mo ratang a tlogela Jehofa?

Inonotshe wena le maloko a mangwe a lelapa a a ikanyegang. Nna o tshwaregile ka go direla Jehofa. Nna o iketleeditse go thusa ba bangwe. O se ka wa latlhegelwa ke tsholofelo ya gore motho yoo yo o mo ratang a ka nna a boa. O se ka wa ipaya molato. Tlotla thulaganyo ya Modimo ya go kgalemela mme o buisane le ditsala tsa gago ka maikutlo a gago.—9/1, ditsebe 18-21.

• Ke ditsela dife tse pedi tse Dikwalo di re thusang ka tsone go lemoga ‘metlha ya bofelo’?

Baebele e bolelela pele ditiragalo tse di tla diragalang ka nako ya “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 24:3, 7, 8; Luke 21:11) Gape e tlhalosa go fetoga ga mekgwa le ditiro tsa batho ba ba tshelang mo “metlheng ya bofelo.” (2 Timotheo 3:1-5) Se se kgatlhang ke gore dikgang tse di molemo tsa bogosi di ne di tshwanetse go rerwa ka yone nako eo.—9/15, ditsebe 4-6.

• Boikarabelo jwa phuthego ke bofe fa Mokeresete yo o kgweetsang koloi a nna le kotsi e go swang batho mo go yone?

Bagolwane ba ba sekasekang kgang eno ba ka nna ba fitlhela gore mokgweetsi ga a na molato wa madi gonne a ne a ka se kgone go laola maemo a a bakileng loso. Fa go na le molato wa madi mme motho yo o molato a ikwatlhaya, o tla kgalemiwa ka Dikwalo mme a tseelwe ditshiamelo mo phuthegong.—9/15, tsebe 30.

• Ke ka ntlha yang fa botshelo jo bo sa khutleng bo sa ikaega ka kgatelopele mo go tsa saense?

Go na le maiteko a le mantsi a borasaense ba a dirileng go leka go lelefatsa botshelo jwa batho, jaaka go leka go oketsa makgetlho a disele di kgonang o intšhafatsa ka one kana ka mokgwa wa go dira lewela la setshedi go dirisiwa jini ya sone go naya balwetse dirwe tse disha tse mmele o ka di amogelang kwantle ga bothata. Mme Baebele e bontsha gore tsela fela e batho ba ka bonang botshelo jo bo sa khutleng ka yone ke ka thekololo ya ga Jesu.—10/1, ditsebe 3-5.

• A kolobetso ya Bakeresete e tswa mo moetlong wa Bajuda wa go Tlhapa?

Nnyaa ga e tswe mo go one. Bajuda ba ne ba dira moetlo wa go iitshekisa, o kolobetso ya ga Johane e neng e sa o tlhoke. Go iitshekisa go go neng go tlhokwa ke Molao wa Moshe go ne go tshwanetse go nna go boaboelediwa, mme kolobetso e e dirwang ke Bakeresete yone e dirwa gangwe fela.—10/15, ditsebe 12-13.

• Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi ke eng?

Ke khoso ya dibeke di le robedi ya bagolwane ba phuthego le batlhanka ba bodiredi ba ba sa nyalang ba ba ka kgonang go abelwa go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo gone. Ba ka nna ba abelwa go direla mo phuthegong e ba tswang mo go yone, golo gongwe mo lefelong leo kana kwa nageng e nngwe.—11/15, ditsebe 10-11.

• Moganetsakeresete yo o umakiwang mo go 1 Johane 2:18; 4:3 ke eng kana ke mang?

Ka kakaretso lefoko “moganetsakeresete” le raya batho botlhe ba ba ganetsang kana ba ba buang maaka ba re ke bone Keresete kana baemedi ba gagwe. Mafoko a ga Jesu le Johane a bontsha gore moganetsakeresete ke setlhopha sa batho ba le bantsi ba ba anamisang maaka a bodumedi mme ba gana Bogosi jwa Modimo.—12/1, ditsebe 4-6.