A o Ka Pitlologa mo Loratong?
A o Ka Pitlologa mo Loratong?
KEETANE e e tshwereng tshetledi ya sekepe e tshwanetse go emelana le go kgothakgothiwa ke diphefo tse di maatla gore e kgone go tshwara sekepe gore se se ka sa katogela kgakala le lobopo. Lefa go ntse jalo, keetane eo e ka kgona go dira jalo fa fela maseka a a e tshwaraganyang a siame e bile a nonofile. Go seng jalo keetane e ka kgaoga.
Go ntse fela jalo le ka phuthego ya Bokeresete. Gore phuthego e nne e nonofile e bile e itumetse, maloko a yone a tshwanetse go tshwaragana mmogo ka kutlwano. Ke eng se se ba tshwaraganyang? Ke lorato, lo e leng lone sebofo se se nonofileng go gaisa sa kutlwano. Ga go gakgamatse go bo Jesu Keresete a ile a raya balatedi ba gagwe a re: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” Ee ruri, Bakeresete ba boammaaruri ba ratana ka lorato lo lo sa akaretseng fela botsala le go tlotlana. Ba na le lorato lwa go intsha setlhabelo.—Johane 13:34, 35.
Go Anaanela Badumedi ka Rona
Diphuthego di le dintsi di na le batho ba dingwaga tse di sa tshwaneng, ditso, dinaga, dingwao, dipuo le maemo a loago a a sa tshwaneng. Mongwe le mongwe wa bone o na le dilo tse a di ratang le tse a sa di rateng, dilo tse a di solofetseng le tse a di boifang mme gantsi mongwe le mongwe o na le mokgweleo o a o sikereng—gongwe e le bolwetse kana go tlhobaela ka tsa madi. Dipharologano tseno di ka nna tsa kgoreletsa kutlwano ya Bokeresete. Ke eng se se ka re thusang go pitlologa mo loratong lwa rona mme re tswelele re le seoposengwe le mororo go na le dikgwetlho tseno? Go anaanela botlhe mo phuthegong ka kanaanelo ya mmatota go tla re thusa go nonotsha lorato lo re ratanang ka lone.
Mme gone, go anaanela motho go kaya eng? Go ya ka The New Shorter Oxford English Dictionary, lefoko, “anaanela” le kaya “go akanyetsa; go tseela kwa godimo ka tsela e e lekaneng; go tsaya sengwe se le botlhokwa kana se le molemo; go lebogela sengwe.” Fa re anaanela badumedi ka rona re akanyetsa dilo tse ba di tlhokang, re ba tseela kwa godimo, re ba tsaya ba le botlhokwa e bile re lebogela go bo ba obamela Modimo le rona. Seo se dira gore re ba rate fela thata. Go sekaseka ka bokhutshwane mafoko a moaposetoloi Paulo a ileng a a kwalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba Korintha go tla re thusa go bona kafa re ka bontshang lorato lwa Bokeresete ka botlalo ka teng.
Bakorintha ba ‘Pitlagane Mo ba Se Nang Sebaka’
Paulo o ile a kwala lekwalo la gagwe la ntlha le le yang go Bakorintha ka 55 C.E. mme la bobedi ngwaga morago ga foo. Mafoko a gagwe a bontsha gore bangwe mo phuthegong ya Korintha ba ne ba sa anaanele badumedi ka bone. Paulo o ile a tlhalosa seemo ka tsela eno: “Molomo wa rona o buletswe lona, Bakorintha, pelo ya rona e pitlologile. Ga lo a pitlagana mo lo se nang sebaka mo go rona, mme lo pitlagane mo lo se nang sebaka mo loratong lwa lona lwa bopelonomi.” (2 Bakorintha 6:11, 12) Paulo o ne a bolela eng fa a ne a re ba ‘pitlagane mo ba se nang sebaka’?
O ne a bolela gore ba ne ba sa phutholola dipelo tsa bone le go nna pelotshweu. Mokanoki mongwe wa Baebele o akanya gore Bakorintha ba ne
“ba bontsha go se rate” Paulo “ka go mo bakela maemo a a thata ka ntlha ya dipelaelo tse di sa utlwaleng . . . le go kgopisega ka ntlha ya go akanya gore ga a dirisane le bone sentle.”Ela tlhoko kgakololo e Paulo a neng a ba naya yone: “E le go duela ka tsela e e tshwanang—ke bua jaaka ke bua le bana—le lona, pitlologang.” (2 Bakorintha 6:13) Paulo o ne a kgothaletsa Bakorintha go pitlologa mo loratong lo ba neng ba rata badumedi ka bone ka lone. Seno se ne se tla bolela gore ba tlhotlhelediwe ke maikutlo a a siameng le bopelotshweu e seng ke go belaelana.
Go Pitlologa mo Loratong Gompieno
Go a itumedisa go bona kafa baobamedi ba boammaaruri ba Modimo gompieno ba lekang ka bojotlhe ka teng go pitlologa mo loratong lo ba ratanang ka lone. Ke boammaaruri gore, go pitlologa go tlhoka motho matsapa a magolo. Ga se kgang ya go itse fela gore o tshwanetse go pitlologa. Go pitlologa go re tlhoka gore re itshware ka tsela e e farologaneng le ya batho ba ba sa tsheleng ka melaometheo ya Baebele. Gantsi batho ba ba ntseng jalo ga ba anaanele batho ba bangwe. Ga ba kgathalele batho ba bangwe, ga ba na tlotlo e bile ba rata go sotla ka mafoko. Ka gone, a le ka motlha re se itetle go tlhotlhelediwa ke maikutlo a a ntseng jalo. A bo go ne go tla utlwisa botlhoko thata jang ne fa lorato lwa rona lo ne lo ka koafadiwa ke go se tshepane jaaka lwa Bakorintha! Seno se ne se ka direga fa re ne re ka itlhaganelela go bona diphoso tsa Mokeresete ka rona mme re le bonya go tsaya tsia dinonofo tsa gagwe tse di molemo. Gape seno se ne se ka direga fa re ne re ka gana go pitlologela mongwe ka gonne e le wa lotso lo sele.
Go na le moo, motlhanka wa Modimo yo o pitlologang mo loratong o na le kanaanelo ya mmatota ka badumedi ka ene. O ba tseela kwa godimo, o tlotla seriti sa bone e bile o akanyetsa dilo tse ba di tlhokang. Tota le fa a na le lebaka le Johane 13:35.
le utlwalang la go ngongorega, o iketleeletsa go itshwarela mme ga a itetle go nna ka sekgopi. Go na le moo, o tshepa badumedi ka ene le fa a sa tlhaloganye maitlhomo a bone. Go nna pelotshweu go mo thusa go bontsha lorato lo Jesu a neng a akantse ka lone fa a ne a bolelela pele jaana: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”—Pitlologa Mme o Dire Ditsala Tse Disha
Lorato lwa boammaaruri lo tla re thusa go pitlologa gore re se ka ra nna botsalano fela mo bathong ba e leng ditsala tsa rona mme go na le moo re akaretse le batho ba re sa atamalanang thata le bone mo phuthegong. Batho bao e ka nna bomang? Bangwe ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ditlhong ka ntlha ya mabaka mangwe, mme ba na le ditsala di se kae fela. Kwa tshimologong re ka ikutlwa re se na sepe se re tshwanang le bone ka sone ntle le gore re baobamedi mmogo. Mme gone a ga go boammaaruri gore bangwe ba batho ba e neng ya nna ditsala tse dikgolo mo Baebeleng ke batho ba go neng go bonala ba se na sepe se ba tshwanang ka sone?
Ka sekai, Ruthe le Naomi, ba ne ba farologana thata ka dingwaga, e le ba lotso lo lo sa tshwaneng e bile ba bua puo e e sa tshwaneng. Le fa go ntse jalo, botsala jwa bone bo ne jwa se ka jwa amiwa ke dipharologano tseo. Jonathane o ne a godisiwa e le kgosana mme Dafide ene e le modisa. Ba ne ba farologana thata ka dingwaga, mme gone botsala jwa bone e ne e le jo bo atamalaneng go gaisa jotlhe jo go buiwang ka jone mo Dikwalong Tse di Boitshepo. Dikai tseno ka bobedi e ne e le motswedi wa botsala jo bo leretseng beng ba jone boitumelo le go tshegetsana semoyeng.—Ruthe 1:16; 4:15; 1 Samuele 18:3; 2 Samuele 1:26.
Le gompieno go nna le botsala jo bogolo gareng ga Bakeresete ba boammaaruri ba ba nang le dingwaga tse di sa tshwaneng kana ba ba tswang mo maemong a a sa tshwaneng a botshelo. Ka sekai, Regina ke mmè yo o se nang molekane yo o nang le bana ba babedi ba dingwaga tsa bolesome. * O dula a tshwaregile thata mme ga a na nako e kalo ya go itisa le batho ba bangwe. Harald le Ute ke banyalani ba ba godileng ba ba se nang bana. Fa o lebile malapa ano a mabedi o ka bona go se na sepe se a tshwanang ka sone. Le fa go ntse jalo, Harald le Ute ba ne ba dirisa kgakololo ya Baebele ya gore ba pitlologe. Ba ne ba dira maiteko a go akaretsa Regina le bana ba gagwe mo ditirong di le dintsi tsa bone, ba ipha nako le bone mo bodireding le go itumelela boitapoloso le bone.
A le rona re ka pitlologa re dira gore botsala jwa rona bo se ka jwa akaretsa fela batho ba e leng ditsala tsa rona? Ke eng fa re sa leke go tsalana le badumedi ka rona ba naga e sele, ba setso se sele kana ba dingwaga tse di sa tshwaneng le tsa rona?
Go Tsibogela Dilo Tse ba Bangwe ba di Tlhokang
Go nna pelotshweu go tla re tlhotlheletsa go se itlhokomolose dilo tse batho ba bangwe ba di tlhokang. Dilo dife? Ee, ela tlhoko maloko a phuthego ya Bokeresete. Basha ba tlhoka kaelo, bagodi ba tlhoka kgothatso, badiredi ba nako e tletseng ba tlhoko go akgolwa le go engwa nokeng le badumedi ka rona ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba tlhoka mongwe yo o ka ba sekegelang tsebe. Mongwe le mongwe wa rona o na le dilo tse a di tlhokang. Re batla go tsibogela dilo tseno ka botlalo ka mo re ka kgonang ka teng.
Go pitlologa go akaretsa gore re bontshe go akanyetsa ba ba nang le mathata a a kgethegileng. A o itse mongwe yo o lwalang bolwetse jo bo sa foleng kana yo o lebaneng le teko ya mofuta mongwe mo botshelong? Go pitlologa mo loratong lwa rona le go lwela go nna pelotshweu go tla re thusa go akanyetsa le go ema nokeng ba ba tlhokang thuso.
Fa dipolelopele tsa Baebele kaga isagwe di ntse di diragadiwa, kutlwano e kgolo ya botsala mo phuthegong e tla nna botlhokwa thata go feta dithoto, bokgoni kana katlego. (1 Petere 4:7, 8) Mongwe le mongwe wa rona a ka dira gore go nne le kutlwano eo e kgolo ya botsala mo phuthegong ya rona ka go pitlologa mo loratong lo re ratang badumedi ka rona ka lone. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re segofatsa fela thata ka ntlha ya go dira tumalanong le lefoko la ga Morwawe, Jesu Keresete, yo o ileng a re: “Eno ke taelo ya me, gore lo ratane fela jaaka ke lo ratile.”—Johane 15:12.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 17 Maina mangwe a fetotswe.
[Mafoko a a mo go tsebe 10]
Go anaanela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona go bolela gore re ba tseela kwa godimo, re tlotla seriti sa bone mme re akanyetsa dilo tse ba di tlhokang