Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Go tshwaiwa go go umakwang mo go Tshenolo 7:3 ke eng?

Tshenolo 7:1-3 ya re: “Ka bona baengele ba banè ba eme mo dikhutlong tse nnè tsa lefatshe, ba ngangatletse diphefo tse nnè tsa lefatshe, gore go se ka ga foka phefo epe mo lefatsheng kgotsa mo lewatleng kgotsa mo setlhareng sepe. Mme ka bona moengele yo mongwe a tlhatloga kwa botlhabatsatsi, a na le lotshwao lwa Modimo yo o tshelang; mme a goela ka lentswe le le kwa godimo kwa baengeleng ba banè ba ba neilweng go gobatsa lefatshe le lewatle, a re: ‘Lo se ka lwa gobatsa lefatshe kgotsa lewatle kgotsa ditlhare, go fitlha re fetsa go tshwaya batlhanka ba Modimo wa rona mo diphatleng.’”

Fa “diphefo tse nnè” di tlogelwa, seo se tla felela ka gore go nne le ‘pitlagano e kgolo,’ e ka yone go tla senngwang bodumedi jwa maaka le dikarolo tse dingwe tsa tsamaiso eno e e boikepo. (Tshenolo 7:14) “Batlhanka ba Modimo wa rona” ke bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng. (1 Petere 2:9, 16) Ka gone, boporofeti jono bo bontsha gore go tshwaiwa ga bomorwarraagwe Keresete go tla bo go weditswe fa pitlagano e kgolo e simologa. Le fa go ntse jalo, ditemana tse dingwe tsa Baebele di bontsha gore go na le nako e batlodiwa ba tshwaiwang ka yone kwa tshimologong. Ka gone, ka dinako tse dingwe, re bua ka go tshwaiwa ga ntlha le ga bofelo. Go na le pharologano efe gareng ga go tshwaiwa gono?

A re sekasekeng kafa makwalo a neng a tshwaiwa ka teng mo metlheng ya bogologolo le lebaka la go bo a ne a tshwaiwa. Go ne go dirisiwa sedirisiwa sengwe go gaba letshwao mo papetleng ya letsopa e e neng e dirisiwa go kana lekwalo. Letshwao leo le le gabilweng mo papetleng ya letsopa le ne le bontsha gore lekwalo leo le boammaaruri kgotsa gore mong wa lone ke mang.—1 Dikgosi 21:8; Jobe 14:17.

Paulo o ne a tshwantsha go tlodiwa ka moya o o boitshepo le letshwao fa a ne a re: “Yo o tlhomamisang gore lona le rona re ba ga Keresete le yo o re tloditseng ke Modimo. Gape o beile letshwao la gagwe mo go rona e bile o re neile sesupo sa se se tlang, ke gore, moya, mo dipelong tsa rona.” (2 Bakorintha 1:21, 22) Ka gone, Jehofa o tlotsa Bakeresete bano ka moya wa gagwe o o boitshepo go bontsha gore ke ba gagwe.

Le fa go ntse jalo, go na le dikgato tse pedi tse batlodiwa ba tshwaiwang ka tsone. Go tshwaiwa ga kwa tshimologong go farologana le ga kwa bofelong (1) ka boikaelelo jwa gone le (2) ka nako e go diregang ka yone. Go tshwaiwa ga kwa tshimologong ke ga fa motho a sena go dirwa leloko le lesha la setlhopha sa Bakeresete ba ba tloditsweng. Go tshwaiwa ga kwa bofelong go tlhomamisa gore motho yono yo o tlhophilweng le yo o tshwailweng o bontshitse ka botlalo gore o a ikanyega. Ke ka nako eno ya go tshwaiwa ga bofelo motlodiwa a bewang letshwao la bosakhutleng ‘mo phatleng’ go bontsha gore ke ‘motlhanka wa Modimo wa rona’ yo o lekilweng le yo o ikanyegang. Tshenolo kgaolo 7 e bua ka go tshwaiwa gono ga bofelo.—Tshenolo 7:3.

Moaposetoloi Paulo o ile a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng jaana fa a bua ka nako e go tshwaiwa ga kwa tshimologong go diregang ka yone: “Le lona lo ne lwa solofela mo go ene fa lo sena go utlwa lefoko la boammaaruri, e leng dikgang tse di molemo kaga poloko ya lona. Gape ka ene, fa lo sena go dumela, lo ne lwa tshwaiwa ka moya o o boitshepo o o solofeditsweng.” (Baefeso 1:13, 14) Mo maemong a le mantsi pego ya Baebele e bontsha gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tshwaiwa ka bonako fela morago ga go utlwa dikgang tse di molemo mme ba nna balatedi ba ga Keresete. (Ditiro 8:15-17; 10:44) Go tshwaiwa jalo go ne go bontsha gore Modimo o a ba amogela. Le fa go ntse jalo, go ne go sa bolele go amogelwa ke Modimo ga makgaolakgang. Ka ntlha yang?

Paulo o ile a bolela gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba ‘tshwaelwa letsatsi la go gololwa.’ (Baefeso 4:30) Seno se bontsha gore go feta nako e e rileng, go le gantsi dingwaga di le dintsi, morago go gore motho a tshwaiwe la ntlha. Batlodiwa ba tshwanetse go nna ba ikanyega go tloga ka letsatsi la ntlha la fa ba tshwaiwa ka moya o o boitshepo go fitlha ka ‘letsatsi la go gololwa’ go tswa mo mebeleng ya bone ya nama—ke go re, go fitlha ba swa. (Baroma 8:23; Bafilipi 1:23; 2 Petere 1:10) Ka gone, ke fela kwa bofelong jwa botshelo jwa ga Paulo a neng a ka re: “Ke tabogile lobelo go ya bofelong, ke bolokile tumelo. Go tswa mo nakong eno go ya pele ke beetswe serwalo sa tshiamo.” (2 Timotheo 4:6-8) Jesu le ene o ne a raya phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng a re: “Itshupe o ikanyega go ya losong, mme ke tla go naya serwalo sa botshelo.”—Tshenolo 2:10; 17:14.

Lefoko “serwalo” le naya bosupi jo bongwe gape jwa gore go feta lobaka lo lo rileng go tloga ka nako ya go tshwaiwa ga ntlha go fitlha ka nako ya go tshwaiwa ga bofelo. Ka ntlha yang? Mo metlheng ya bogologolo, e ne e le tlwaelo gore motabogi yo o fentseng lobelo a newe serwalo. Gore a newe serwalo seo, o ne a sa tshwanela go tsenela lebelo fela. O ne a tshwanetse go taboga go fitlha kwa bofelong jwa lone. Go ntse jalo le ka Bakeresete ba ba tloditsweng, le bone ba tla newa serwalo sa botshelo jwa bosasweng kwa legodimong fa fela ba ka itshoka go fitlha kwa bofelong jwa lobelo lwa bone—go tloga ka nako ya go tshwaiwa ga bone ga kwa tshimologong go fitlha ka nako ya go tshwaiwa ga bofelo.—Mathaio 10:22; Jakobe 1:12.

Masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ileng ba tshwaiwa ka go tshwaiwa ga kwa tshimologong ba tla tshwaiwa leng ka go tshwaiwa ga bofelo? Bape fela ba ba sa ntseng ba tshela mo lefatsheng ba tla tshwaiwa “mo diphatleng” tsa bone pele ga pitlagano e kgolo e simolola. Fa diphefo tse nnè tsa pitlagano di tlogelwa, Baiseraele botlhe ba semoya ba tla bo ba setse ba tshwailwe ka letshwao la bofelo le fa gone go tla bo go sa ntse go na le ba le mmalwa ba ba sa ntseng ba tshela mo lefatsheng ba letetse gore ba wetse botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng.