Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Atlegang ka Gone

Kafa o ka Atlegang ka Gone

Kafa o ka Atlegang ka Gone

FELA jaaka batsadi ba tlhokomela bana ba bone mme ba batla gore ba atlege, Rraarona yo o kwa legodimong le ene o a re tlhokomela mme o batla gore re atlege. Jehofa o re bontsha tlhokomelo e e lorato ka go re naya tshedimosetso e ntsi e e malebana le go atlega mmogo le go se atlege. Totatota, fa Baebele e bua ka motho yo o reetsang se Modimo a se buang e bua jaana ka tlhamalalo: “Sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”—Pesalema 1:3.

Mme fa e le gore go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa go le thata go fitlhelela botshelo jwa katlego, jo bo itumetseng le jo bo kgotsofatsang. Go sekaseka temana eno ya dipesalema go tla re naya karabo e e tla re bontshang kafa re ka atlegang ka gone.

“Kgakololo ya Baikepi”

Mopesalema o tlhagisa ka kotsi ya go tsamaya mo “kgakololong ya baikepi.” (Pesalema 1:1) ‘Moikepi’ yo mogolo ke Satane Diabolo. (Mathaio 6:13) Dikwalo di re bolelela gore ke “mmusi wa lefatshe leno” le gore “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (Johane 16:11; 1 Johane 5:19) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo kgakololo e ntsi e e fitlhelwang mo lefatsheng leno e bontsha tsela e yo o boikepo yono a akanyang ka yone.

Ke kgakololo ya mofuta ofe e e fitlhelwang mo go ba ba boikepo? Ka kakaretso fela, baikepi ba tlontlolola Modimo. (Pesalema 10:13) Ka jalo re dikologilwe ke kgakololo ya ba ba boikepo e e tlhokomologang Modimo le e e mo tlontlololang. Batho ba ba tshelang gompieno ba rotloetsa “keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong.” (1 Johane 2:16) Metswedi ya tshedimosetso e kgothaletsa batho go rata dikhumo gore “ba bone go le gontsi ka mo ba ka kgonang ka teng mo botshelong.” Lefatshe ka bophara, dikhampani di dirisa madi a a kwa godimo ga dibilione di le 3,3 tsa diranta ka ngwaga mo dipapatsong e le go tlhotlheletsa batho gore ba reke dilo tse ba di rekisang—go sa kgathalesege gore a bareki ba a di tlhoka kana ga ba di tlhoke. Mme dipapatso tseno ga di a fetola fela mekgwa ya batho ya go reka. Di dirile gore batho ba lebe katlego ka tsela e e sa tshwanelang.

Mme ka ntlha ya seo, le fa batho ba na le dilo tse mo nakong e e fetileng go neng go le thata go di fitlhelela, ba sa ntse ba tlhoka kgotsofalo, mme ba batla dithoto tse di oketsegileng. Ba na le maikutlo a gore ga ba ka ke ba kgona go itumela le go atlega fa ba se na dilo tseno. Tsela eno ya go akanya e phoso e bile ‘ga e tswe mo go Rara, e tswa mo lefatsheng.’—1 Johane 2:16.

Mmopi wa rona o itse se tota se ka dirang gore re atlege. Kgakololo ya gagwe e farologana thata le ‘kgakololo ya baikepi.’ Ka jalo go batla go amogelwa ke Modimo fa kafa letlhakoreng le lengwe re batla katlego ya lefatshe leno go tshwana le go leka go tsamaya mo ditseleng tse pedi tse di farologaneng ka nako e le nngwe. Ga go kgonege. Ga go gakgamatse go bo Baebele e tlhagisa jaana: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo”!—Baroma 12:2.

O se Ka wa Bopega Jaaka Lefatshe

Lefatshe leno le le tlhotlhelediwang ke Satane le leka go dira e kete le kgatlhegela boitumelo jwa rona. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko. Gakologelwa gore Satane o ne a tsietsa mosadi wa ntlha e bong Efa e le fela gore a ikgotsofatse. Mme o ne a mo dirisa gore a raele Adame gore le ene a leofe. Gompieno Satane o dirisa gape le batho gore ba fetise kgakololo ya gagwe e e boikepo.

Ka sekai, go ne go lebeletswe gore David yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng a bereke diura tse di oketsegileng a bo a tsamaye maeto a mantsintsi a kgwebo. David a re: “Ke ne ke tloga Mantaga ka makuku mme ke boa Labone maitseboa.” E re ka ditsala tse di ikanyegang tsa ga David, maloko a lelapa la gagwe le badirimmogo le ene ba ne ba bona go tlhokega gore a dire jalo gore a kgone go bona katlego ya lefatshe leno, ba ne ba mo kgothatsa gore a tswelele a bereka jalo “a akanyetse ba lelapa la gagwe.” Ba ne ba mmolelela gore o ne a tla tshwanela go bereka jalo dingwaga di sekaenyana fela go fitlha a tlhomama mo tirong. David o tlhalosa jaana: “Ba ne ba mpha mabaka a e keteng a a utlwala ba re seno se tla solegela ba lelapa la me molemo gonne ke tla kgona go ba tlisetsa madi a a oketsegileng—mme ke tla kgona go atlega. Le fa ke ne ke sa nne le ba lelapa la me, ditsala tsa me di ne tsa dira gore ke bone e kete tota ke naya ba lelapa la me go le gontsi.” Fela jaaka David ba le bantsi ba dira ka natla go naya ba malapa a bone sengwe le sengwe se ba akanyang gore ba a se tlhoka. Mme a go latelela kgakololo eno go dira gore motho a atlege? Ke eng se tota lelapa le se tlhokang?

David o ne a lemoga seno fa a ne a le mo loetong lwa kgwebo. O bolela jaana: “Ke ne ke ntse ke bua le morwadiake Angelica mo founong fa a nthaya a re: ‘Papa, ke ka ntlha yang fa o sa batle go nna le rona mo lapeng?’ Ke ne ka utlwa botlhoko thata.” Kakgelo eno ya morwadie e ne ya nonotsha keletso ya gagwe ya go tlogela tiro. David o ne a dira tshwetso ya gore a neye ba lelapa la gagwe se tota ba se tlhokang—go nna le ene.

Go Dirisa Kgakololo ya Modimo go Dira Gore Motho a Atlege

O ka kgona jang go ganetsa tshedimosetso e e sa siamang e e tletseng jaana mo lefatsheng gompieno? Mopesalema o re bolelela gore batho ba ba atlegileng le ba ba itumetseng ke ba ba ‘natefelelwang ke molao wa ga Jehofa, mme ba balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo.’—Pesalema 1:2.

Fa Modimo a ne a tlhoma Joshua gore e nne moeteledipele wa setšhaba sa Iseraele, O ne a mo raya a re: ‘O balele Lefoko la Modimo kwa tlase motshegare le bosigo.’ Ee go ne go le botlhokwa go bala le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo, mme gape Joshua o ne a tshwanetse gore a ‘tlhokomele go dira kafa go sotlhe se se neng se kwadilwe mo go one.’ Ke boammaaruri gore go bala Baebele fela ka bogone ga go kake ga dira gore ka kgakgamatso fela o atlege. O tshwanetse go dirisa se o se balang. Joshua o ne a bolelelwa jaana: “O tla dira gore tsela ya gago e atlege e bile o tla dira ka botlhale.”—Joshua 1:8.

Akanya ka ngwana yo o nyenyang a dutse mo diropeng tsa motsadi wa gagwe yo o lorato ba ntse ba bala polelo nngwe e ba e ratang mmogo. Go sa kgathalesege gore ba e badile makgetlo a le kae pele ga foo, ba ntse ba itumelela dinako tse ba nnang mmogo ka tsone ba e bala. Motho yo o ratang Modimo le ene o itumelela go bala Baebele letsatsi le letsatsi—o natefelelwa ke nako e a e dirisang le Rraagwe yo o kwa legodimong. Fa motho yoo a latela kgakololo le kaelo ya ga Jehofa o nna “jaaka setlhare se se jetsweng fa melatswaneng ya metsi, se se ntshang leungo la sone ka paka ya sone se dikala tsa sone tse di nang le makakaba di sa swabeng, mme sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”—Pesalema 1:3.

Setlhare se mopesalema a buang ka sone fano ga se gole fela ka kgakgamatso. Se jetswe ka kelotlhoko mo motsweding wa metsi mme se tlhokomelwa ke molemi. Ka tsela e e tshwanang Rraarona yoo kwa legodimong o baakanya tsela e re akanyang ka yone a dirisa kgakololo e e mo Dikwalong. Mme ka ntlha ya seno re a atlega re bo re nna le dinonofo tse di kgatlhang Modimo.

Le fa go ntse jalo, “baikepi ga ba a nna jalo.” Ke boammaaruri gore go ka nna ga lebega e kete ba a atlega ka nakwana, mme kgabagare ba nna le phelelo e e maswe. Ga ba ‘kitla ba ema mo katlholong.’ Go na le moo, “tsela ya baikepi e tla nyelela.”—Pesalema 1:4-6.

Ka jalo o se ka wa letla gore lefatshe le tlhotlheletse mekgele ya gago le mekgwa ya gago. Le fa o ka tswa o na le bokgoni e bile go lebega o tla nna le katlego ya lefatshe leno, nna kelotlhoko kafa o dirisang bokgoni jwa gago ka gone kana kafa o dirang gore lefatshe le bo dirise ka gone. Go latelela dikhumo go sa tlhokege go ka dira gore motho a ‘swabe.’ Kafa letlhakoreng le lengwe, go nna le kamano e e molemo le Modimo go tla dira gore o nne le katlego ya boammaaruri le boitumelo.

Kafa o ka Atlegang ka Gone

Ke ka ntlha yang fa sengwe le sengwe se motho a se dirang se atlega fa a latela kgakololo ya Modimo? Mopesalema o ne a sa bue ka katlego ya lefatshe leno. Go atlega ga motho yo o boifang Modimo go amanngwa le go dira ga gagwe thato ya Modimo—mme thato ya Modimo e atlega ka metlha. A re boneng kafa go dirisa melaometheo ya Baebele go ka dirang gore o atlege ka gone.

Lelapa: Dikwalo di gakolola banna “go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone,” mme mosadi wa Mokeresete ene o laelwa “go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” (Baefeso 5:28, 33) Batsadi ba kgothalediwa gore ba nne le nako le bana ba bone, ba tshege le bone, le gore ba ba rute dilo tse di botlhokwa mo botshelong. (Duteronome 6:6, 7; Moreri 3:4) Gape Lefoko la Modimo le gakolola batsadi jaana: “Lo se ka lwa tshwenya bana ba lona.” Fa kgakololo eno e dirisiwa, go nna motlhofo gore bana ba ‘utlwe batsadi ba bone,’ ba bo ba ‘tlotle rraabone le mmaabone.’ (Baefeso 6:1-4) Fa ba latela kgakololo eno e e tswang kwa Modimong ba tla nna le botshelo jo bo atlegileng jwa lelapa.

Ditsala: Batho ba le bantsi ba batla ditsala. Mo mogopolong le mo maikutlong re kgona go rata e bile re eletsa go ratwa. Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ba tshwanetse go “ratana.” (Johane 13:34, 35) Mo go bone re fitlhela ditsala tse re ka kgonang go di rata le go di ikanya—tota le ka dikgang tse di masisi tse di amang maikutlo a rona. (Diane 18:24) Se se molemo go feta tsotlhe, fa re dirisa melaometheo e e mo Baebeleng, re kgona go ‘atamela Modimo’ mme fela jaaka Aborahame re bo re bidiwe “tsala ya ga Jehofa.”—Jakobe 2:23; 4:8.

Boikaelelo mo Botshelong: Go na le go tshela botshelo fela jo bo se nang boikaelelo, batho ba tota ba atlegileng ba bona botlhokwa le boikaelelo jwa botshelo. Botshelo jwa bone ga bo a ikaega ka maemo a a sa tlhomamang a tsamaiso eno ya dilo. Mekgele ya bone e ba tlisetsa kgotsofalo ya mmatota le e e nnelang ruri gonne e ikaegile ka boikaelelo jwa mmatota jwa botshelo. Ke eng se se dirang gore motho a nne le boikaelelo mo botshelong? “Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.”—Moreri 12:13.

Tsholofelo: Fa Modimo e le Tsala ya rona seno le sone se dira gore re nne le tsholofelo mo isagweng. Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete gore “ba se ka ba solofela mo dikhumong tse di sa tlhomamang, mme ba solofele mo Modimong.” Ka tsela eno ba tla bo “ba ipolokela motheo o o molemo wa isagwe ka pabalesego, gore ba tshware botshelo jwa mmatota ka thata.” (1 Timotheo 6:17-19) Go ise go ye kae botshelo jono jwa mmatota bo tla tla fa Bogosi jwa Modimo jo bo kwa legodimong bo tla bo bo dira lefatshe leno Paradaise.—Luke 23:43.

O sa ntse o tla nna le mathata le fa o dirisa melaometheo eno ya Baebele, mme gone o tla kgona go tila mahutsana a batho ba ba boikepo ba ipakelang one. David yo o umakilweng pelenyana mmogo le dimilione tsa batho ba bangwe ba ba tshwanang le ene ba ithutile botlhokwa jwa go dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa bone. Fa David a sena go bona tiro e e neng e mo naya nako ya go nna le ba lelapa la gagwe o ne a re: “Ke lebogela kamano e ke nang le yone le mosadi wa me le banake mmogo le tshiamelo ya go direla Jehofa Modimo ke le mogolwane mo phuthegong.” Ga go gakgamatse go bo mopesalema a ne a bua jaana ka motho yo o reetsang kgakololo ya Modimo: “Sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega”!

[Tšhate mo go tsebe 6]

DIKGATO TSE TLHANO TSE DI KA DIRANG GORE O ATLEGE

1 Tila go tlhotlhelediwa ke mekgwa ya lefatshe leno.

Pesalema 1:1; Baroma 12:2

2 Bala o bo o tlhatlhanye ka Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi.

Pesalema 1:2, 3

3 Dirisa kgakololo ya Baebele mo botshelong jwa gago.

Joshua 1:7-9

4 Dira gore Modimo a nne tsala ya gago.

Jakobe 2:23; 4:8

5 Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe.

Moreri 12:13

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

A o latela dikgato tse di ka thusang gore o atlege?