Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Monna yo o Neng a Rata Botshelo le Batho

Monna yo o Neng a Rata Botshelo le Batho

Monna yo o Neng a Rata Botshelo le Batho

DANIEL SYDLIK yo e ntseng e le leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa ka nako e telele o ne a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka Labobedi, April 18, 2006. O ne a na le dingwaga di le 87 mme a nnile leloko la lelapa la Bethele kwa Brooklyn, New York, ka dingwaga di ka nna 60.

Mokaulengwe Dan, e leng tsela e ditsala tsa gagwe di neng di mmitsa ka yone, o gorogile kwa Bethele ka 1946. Pele ga foo, e ne e le mmulatsela yo o kgethegileng kwa California mme gape o ne a fetsa nako kwa kgolegelong ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II ka ntlha ya boitlhaodi jwa Bokeresete. Maitemogelo a gagwe ka nako eo a tlhalosiwa sentle mo kgannyeng ya gagwe ya botshelo e e tlhagang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 1, 1985, mo setlhogong se se reng, “Abo Botsala jwa Gago Modimo, Bo Le Tlhotlhwa Kgolo Ruri!”

Mokaulengwe Sydlik o ne a itsege e le motho yo o boingotlo yo go leng motlhofo go bua le ene. Fa a ne a tshwara temana ya letsatsi mo lelapeng la Bethele, tsela e a neng a na le boikutlo jo bo siameng le e a neng a rata botshelo ka yone gantsi e ne e utlwala mo mafokong a gagwe a a neng a simolola ka one fa a re: “Abo go le molemo jang ne go bo re tshela mme re direla Modimo wa boammaaruri le yo o tshelang.” E ne e le sebui sa phatlalatsa, mme o ne a tle a tlhotlheletse batho go rata botshelo ka tsela e e tshwanang fa a beile dipuo tse di nang le ditlhogo tse di jaaka, “Go Itumela Batho ba Modimo wa Bone e Leng Jehofa,” “Bontsha Boitumelo Jwa ga Jehofa,” “Boloka Molelo wa Moya wa Modimo o Tuka,” le “Go sa Ntse go Tla Dilo Tse di Molemo Thata.”

Ka 1970, Mokaulengwe Sydlik o ne a nyala Marina Hodson yo a neng a tswa kwa Engelane, mme o ne a mmitsa “mpho e e tswang kwa Modimong.” Ba ne ba direla Jehofa mmogo ka dingwaga di feta 35.

Fa Mokaulengwe Sydlik a ntse a le kwa Bethele, o ne a dira mo maphateng a a farologaneng go akaretsa bogatisetso le mo Lephateng la Bokwaledi. Gape o ne a bereka le mo seteisheneng sa radio sa WBBR. Mme ka November 1974, o ne a tlhomiwa go nna leloko la Setlhopha se se Laolang mme kgabagare a dira mmogo le Komiti ya Badiri le ya Bakwadi.

Mo dingwageng di feta 30, tse Mokaulengwe Sydlik a neng a dira le Komiti ya Badiri ka tsone, tiro ya gagwe e ne e supa gore o rata batho fela thata. O ne a kgothatsa ba le bantsi a bua ka kodu ya gagwe, ka dinako tsotlhe a bua ka tshiamelo e e molemo e re nang le yone ya go direla Jehofa. Ka metlha o ne a gatelela gore boitumelo jwa boammaaruri ga bo tswe mo dilong tse di bonalang mme bo tswa mo kamanong ya rona le Jehofa le mo tseleng e re lebang botshelo ka yone.

Le fa gone Mokaulengwe Sydlik a gopolwa thata ke lelapa la Bethele, sekao se a ba tlhometseng sone sa go nna motho yo ratang botshelo le batho se tla nna se ba thusa. Re na le tsholofelo e e tletseng ya gore ke mongwe wa ba go buiwang ka bone mo go Tshenolo 14:13: “Go itumela baswi ba ba swang ba le seoposengwe le Morena go tloga mo nakong eno go ya pele. Ee, go bua moya, a ba ikhutse mo ditirong tsa bone tsa bonatla, gonne dilo tse ba neng ba di dira di tsamaya le bone.”