“O Ipele Fela Thata”
“O Ipele Fela Thata”
“O ketekele Jehofa . . . moletlo . . . mme o ipele fela thata.”—DUTERONOME 16:15.
1. (a) Ke dikgang dife tse Satane a neng a di tsosa? (b) Jehofa o ile a bolelela pele eng morago ga fa Adame le Efa ba sena go tsuologa?
FA Satane a ne a dira gore Adame le Efa ba tsuologele Mmopi wa bone, o ne a tsosa dikgang tse pedi tse di botlhokwa thata. Sa ntlha, o ne a bolela gore Jehofa ga a ikanyege le gore ga a buse ka tsela e e siameng. Sa bobedi, o ne a bolela gore batho ba direla Modimo fela ka ntlha ya mabaka a bogagapa. Kgang eno ya bobedi o ile a e bua ka tlhamalalo mo motlheng wa ga Jobe. (Genesise 3:1-6; Jobe 1:9, 10; 2:4, 5) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ile a tsaya kgato ka bonako go rarabolola maemo ao. Tota le ka nako ya fa Adame le Efa ba sa ntse ba le mo tshimong ya Edene, Jehofa o ile a bolelela pele kafa a neng a tlile go rarabolola dilo ka teng. O ile a bolelela pele go tla ga “losika” lo e neng e tla re morago ga go gobadiwa serethe, lo neng lo tla gobatsa Satane mo tlhogong.—Genesise 3:15.
2. Jehofa o ne a senola tshedimosetso efe malebana le gore o tla diragatsa jang boporofeti jo bo kwadilweng mo go Genesise 3:15?
2 Fa nako e ntse e ya, Jehofa o ile a ntsha tshedimosetso e e oketsegileng ka boporofeti joo, ka go dira jalo a tlhomamisa gore ruri bo tla feleletsa bo diragaditswe. Ka sekai, Modimo o ile a bolelela Aborahame gore “losika” lo ne lo tla tswa mo ditlogolwaneng tsa gagwe. (Genesise 22:15-18) Jakobe, setlogolwana sa ga Aborahame o ne a nna rre wa ditso tse 12 tsa Iseraele. Ka 1513 B.C.E., fa ditso tseo di ne di nna setšhaba, Jehofa o ne a di naya melao e e neng e akaretsa meletlo e e farologaneng ya ngwaga le ngwaga. Moaposetoloi Paulo o ile a bolela gore meletlo eo e ne e le “moriti wa dilo tse di tlang.” (Bakolosa 2:16, 17; Bahebera 10:1) E ne e le malebela a go diragadiwa ga boikaelelo jwa ga Jehofa ka Losika. Go keteka meletlo eo go ne go leretse Baiseraele boipelo jo bogolo. Go sekaseka meletlo eno ka bokhutshwane go tla nonotsha tumelo ya rona ya gore ditsholofetso tsa ga Jehofa di boammaaruri.
Losika lo a Tlhaga
3. Ke mang yo e neng e le Losika lo lo solofeditsweng, mme serethe sa gagwe se ne sa gobadiwa ka tsela efe?
3 Dingwaga di feta 4 000 morago ga gore Jehofa a bolele boporofeti jwa kwa tshimologong, Losika lo lo solofeditsweng lo ne lwa tlhaga. Losika loo e ne e le Jesu. (Bagalatia 3:16) E re ka Jesu e ne e le motho yo o itekanetseng, o ne a ikanyega go isa losong mme ka go dira jalo a bontsha fa ditatofatso tsa ga Satane di ne di le maaka. Mo godimo ga moo, e re ka Jesu a ne a se na boleo, loso lwa gagwe e ne e le setlhabelo sa boleng jo bo kwa godimo. Ka gone, Jesu o ne a golola ditlogolwana tse di ikanyegang tsa ga Adame le Efa mo boleong le mo losong. Loso lwa ga Jesu mo koteng ya tlhokofatso e ne e le go ‘gobadiwa mo seretheng’ ga Losika lo lo solofeditsweng.—Bahebera 9:11-14.
4. Setlhabelo sa ga Jesu se ne se tshwantshediwa ke eng?
4 Jesu o ile a swa ka Nisane 14, 33 C.E. * Kwa Iseraele, Nisane 14 e ne e le letsatsi le le itumedisang la mokete wa Tlolaganyo. Ngwaga le ngwaga mo letsatsing leo, malapa a ne a ja dijo tse di neng di akaretsa kwana e e se nang bogole. Ka tsela eno, ba ne ba ikgopotsa seabe se madi a kwana a nnileng le sone mo go namoleng maitibolo a Baiseraele fa moengele a ne a bolaya maitibolo a Baegepeto ka Nisane 14, ka ngwaga wa 1513 B.C.E. (Ekesodo 12:1-14) Kwana eo ya Tlolaganyo e ne e tshwantshetsa Jesu, yo moaposetoloi Paulo a ileng a bua jaana ka ene: “Keresete tlolaganyo ya rona o ntshitswe setlhabelo.” (1 Bakorintha 5:7) Fela jaaka madi a kwana ya Tlolaganyo, madi a a tsholotsweng a ga Jesu a thusa batho ba le bontsi go bona poloko.—Johane 3:16, 36.
‘Mabutswapele a Baswi’
5, 6. (a) Jesu o ile a tsosiwa leng, mme tiragalo eo e ne e tshwantshediwa ke eng mo Molaong? (b) Go tsosiwa ga ga Jesu go ne ga dira jang gore Genesise 3:15 e diragadiwe?
5 Ka letsatsi la boraro, Jesu o ne a tsosiwa mo baswing e le gore a ye go tlhagisa boleng jwa setlhabelo sa gagwe kwa ga Rraagwe. (Bahebera 9:24) Tsogo ya gagwe e ile ya tshwantshediwa ke moletlo o mongwe gape. Letsatsi morago ga Nisane 14 e ne e le nako ya go simologa ga Mokete wa Dikuku Tse di sa Bedisiwang. Mo letsatsing leo la Nisane 16, Baiseraele ba ne ba tlisa ngata ya mabutswapele a thobo ya barele, thobo ya ntlha ya ngwaga kwa Iseraele, gore moperesiti a tle go e fokisetsa fa pele ga Jehofa. (Lefitiko 23:6-14) A bo go tshwanela jang ne go bo ka ngwaga wa 33 C.E., ka lone letsatsi leo, Jehofa a kgoreletse maiteko a a setlhogo a ga Satane a go bolaya “mosupi yo o ikanyegang le yo o boammaaruri” wa gagwe! Ka Nisane 16, 33 C.E., Jehofa o ne a tsosa Jesu mo baswing gore a bone botshelo jwa semoya jwa bosasweng.—Tshenolo 3:14; 1 Petere 3:18.
6 Jesu o ne a nna “mabutswapele a ba ba robetseng mo losong.” (1 Bakorintha 15:20) Go farologana le batho ba ba ileng ba tsosiwa pele ga moo, Jesu ene o ne a se ka a boa a swa gape. Go na le moo, o ne a tlhatlogela kwa legodimong kafa seatleng sa moja sa ga Jehofa, koo a neng a leta go fitlha a tlhongwa go nna Kgosi ya Bogosi jwa ga Jehofa kwa legodimong. (Pesalema 110:1; Ditiro 2:32, 33; Bahebera 10:12, 13) Fa e sa le Jesu a tlhongwa go nna Kgosi, jaanong o kgona go gobatsa mmaba yo mogolo e bong Satane mo tlhogong mme ka go dira jalo a mo nyeletsa ka bosakhutleng le go nyeletsa losika lwa gagwe.—Tshenolo 11:15, 18; 20:1-3, 10.
Maloko a a Oketsegileng a Losika Lwa ga Aborahame
7. Moletlo wa Dibeke e ne e le eng?
7 Jesu e ne e le Losika lo lo neng lwa solofediwa kwa Edene le lo Jehofa a neng a tlile go “senya ditiro tsa ga Diabolo” ka lone. (1 Johane 3:8) Le fa go ntse jalo, fa Jehofa a ne a bua le Aborahame, o ne a bontsha gore “losika” lwa ga Aborahame lo ne lo se kitla e nna motho a le mongwe fela. Lo ne lo tla nna “jaaka dinaledi tsa magodimo le jaaka moshawa o o fa losing lwa lewatle.” (Genesise 22:17) Go tlhaga ga maloko a mangwe a “losika” go ne ga tshwantshediwa ke moletlo o mongwe gape o o itumedisang. Malatsi a le 50 morago ga Nisane 16, Iseraele e ne e keteka Moletlo wa Dibeke. Molao o o malebana le moletlo ono o ne o re: “Go ya letsatsing la morago ga sabata wa bosupa, lo bale malatsi a le masome a matlhano, mme lo isetse Jehofa tshupelo e ntšha ya dijo tsa ditlhaka. Lo tlise dinkgwe di le pedi go tswa kwa mafelong a lona a bonno e le tshupelo e e fokwang. E nne tsa nngwesomeng tse pedi tsa ifa ya bupi jo bo boleta. Di besiwe di bedisitswe, jaaka maungo a mabutswapele a a yang kwa go Jehofa.” *—Lefitiko 23:16, 17, 20.
8. Ke tiragalo efe e e kgethegileng e e neng ya direga ka Pentekosete ya 33 C.E.?
8 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Moletlo wa Dibeke o ne o bidiwa Pentekosete (go tswa mo lefokong la Segerika le le kayang “la bomasome a matlhano”). Ka Pentekosete ya 33 C.E., Moperesiti yo Mogolwane, Jesu Keresete yo o tsositsweng, o ne a tshololela moya o o boitshepo mo setlhotshwaneng sa barutwa ba ba 120 ba ba neng ba kokoane Baroma 8:15-17) Ba ne ba nna setšhaba se sesha, “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:16) Setšhaba seo se ne se tla simolola ka palonyana e nnye mme kwa bofelong palo ya sone e ne e tla nna 144 000.—Tshenolo 7:1-4.
kwa Jerusalema. Ka gone, barutwa bao ba ne ba nna barwa ba ba tloditsweng ba Modimo le bomorwarraagwe Jesu Keresete. (9, 10. Phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e ne e tshwantshediwa ke eng ka nako ya Pentekosete?
9 Phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e ne e tshwantshediwa ke dinkgwe tse pedi tse di bedisitsweng tse di neng di fokisiwa fa pele ga Jehofa ka nako ya Pentekosete nngwe le nngwe. Dinkgwe tseo tse di bedisitsweng di ne di bontsha gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tla bo ba sa ntse ba na le sebediso sa boleo jo ba tsalwang ba na le jone. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ka atamela Jehofa ka thuso ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. (Baroma 5:1, 2) Ke eng fa go ne go dirisiwa dinkgwe tse pedi? Seo se ka tswa se ne se tshwantshetsa kgang ya gore barwa ba ba tloditsweng ba Modimo kgabagare ba ne ba tla tsewa go tswa mo ditlhopheng tse pedi—sa ntlha e le go tswa mo Bajudeng ba tlholego mme moragonyana mo go Baditšhaba.—Bagalatia 3:26-29; Baefeso 2:13-18.
10 Dinkgwe tse pedi tse di neng di ntshiwa setlhabelo ka nako ya Pentekosete di ne di tswa mo mabutswapeleng a thobo ya korong. Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete bao ba ba tsetsweng ka moya ba bidiwa “mabutswapele mangwe a dibopiwa tsa gagwe.” (Jakobe 1:18) Ke bone ba pele go itshwarelwa maleo ka ntlha ya madi a a tsholotsweng a ga Jesu, mme seo se dira gore ba kgone go newa botshelo jwa bosasweng kwa legodimong, koo ba tla busang teng le Jesu mo Bogosing jwa gagwe. (1 Bakorintha 15:53; Bafilipi 3:20, 21; Tshenolo 20:6) Fa ba le mo maemong ao, mo isagweng ba tla “disa [ditšhaba] ka thobane ya tshipi” le go bona Satane a ‘tapetwa kafa tlase ga dinao tsa bone.’ (Tshenolo 2:26, 27; Baroma 16:20) Moaposetoloi Johane o ile a re: “Bano ke bone ba ba nnang ba sala Kwana morago go sa kgathalesege gore o ya kae. Bano ba ne ba rekwa mo bathong e le mabutswapele a Modimo le a Kwana.”—Tshenolo 14:4.
Letsatsi le le Gatelelang Kgololo
11, 12. (a) Go ne go direga eng ka Letsatsi la Tetlanyo? (b) Baiseraele ba ne ba bona melemo efe go tswa mo ditlhabelong tsa poo le dipodi?
11 Mo letsatsing la bolesome la kgwedi ya Ethanime (e moragonyana e neng ya bidiwa Tishri), * Baiseraele ba ne ba keteka moletlo o o neng o tshwantshetsa kafa melemo ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu e neng e tlile go dira ka teng. Mo letsatsing leo, setšhaba sotlhe se ne se kgobokana go keteka Letsatsi la Tetlanyo go ntshediwa ditlhabelo gore go tle go bipiwe maleo a bone.—Lefitiko 16:29, 30.
12 Mo Letsatsing la Tetlanyo, moperesiti yo mogolo o ne a tlhaba powana, mme o ne a kgatsha mangwe a madi a yone makgetlo a le supa fa pele ga sekhurumelo sa Letlole mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo, ka go dira jalo go nna jaaka e kete o tlisa madi ao fa pele ga Jehofa. Setlhabelo seo e ne e le sa maleo a moperesiti yo mogolo le “ntlo ya gagwe,” sa baperesiti ba babotlana le Balefi. Go tswa foo, moperesiti yo mogolo o ne a tsaya dipodi tse pedi. E nngwe o ne a e tlhaba gore e nne setlhabelo sa maleo a “batho.” Mangwe a madi a yone le one o ne a a kgatsha fa pele ga sekhurumelo sa Letlole mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo. Morago ga moo moperesiti yo mogolo o ne a baya diatla tsa gagwe mo tlhogong ya podi ya bobedi mme a bo a bolela diphoso tsa bomorwa Iseraele. Go tswa foo o ne a letla gore podi e itsamaele e ye le naga go tsamaisa maleo a setšhaba ka tsela ya tshwantshetso.—Lefitiko 16:3-16, 21, 22.
13. Ditiragalo tsa Letsatsi la Tlolaganyo di ne di tshwantshetsa jang seabe se Jesu a nang le sone?
13 Jaaka fa ditiragalo tseo di ne di tshwantshetsa, Moperesiti yo Mogolo e bong Jesu, o dirisa boleng jwa madi a gagwe go dira gore batho ba itshwarelwe maleo. Sa ntlha, boleng jwa madi a gagwe bo dirisiwa mo ‘ntlong ya semoya’ ya Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000, e leng se se dirang gore ba bolelwe ba siame le go itumelela go nna le kamano e e molemo le Jehofa. (1 Petere 2:5; 1 Bakorintha 6:11) Seno se tshwantshediwa ke setlhabelo sa poo. Ka gone, seno se ba bulela tshono ya go amogela boswa jwa bone jwa kwa legodimong. Sa bobedi, boleng jwa madi a ga Jesu bo dira mo boemong jwa dimilione tse dingwe tsa batho ba ba dumelang mo go Keresete, jaaka fa go ne go bontshiwa ka setlhabelo sa podi. Batho bano ba tla segofadiwa ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng, boswa jo bo neng jwa latlhegela Adame le Efa. (Pesalema 37:10, 11) Ka ntlha ya madi a ga Jesu a a tsholotsweng, o rwala maleo a batho fela jaaka podi e e tshelang ka tsela ya tshwantshetso e ne e rwala maleo a Baiseraele go ya ka one kwa nageng.—Isaia 53:4, 5.
Go Ipela fa Pele ga Jehofa
14, 15. Go ne go direga eng ka nako ya Moletlo wa Diobo, mme seno se ne se gakolola Baiseraele eng?
14 Morago ga Letsatsi la Tetlanyo, Baiseraele ba ne ba keteka Moletlo wa Diobo, moletlo o o itumedisang go gaisa yotlhe mo meletlong ya Bajuda. (Lefitiko 23:34-43) Moletlo oo o ne o dirwa go tloga ka letsatsi la bo15 go ya go la bo21 la kgwedi ya Ethanime mme o ne o konelwa ka kokoano ka letsatsi la bo22 la kgwedi eo. Letsatsi leo le ne le tshwaya bokhutlo jwa go phuthwa ga thobo mme e ne e le nako ya go lebogela Modimo bopelotshweu jwa gagwe. Ka lebaka leo, Jehofa o ne a laela batho ba ba neng ba keteka moletlo ono jaana: “Jehofa Modimo wa gago o tla go segofatsa mo maungong otlhe a gago le mo tirong nngwe le nngwe ya seatla sa gago, mme o ipele fela thata.” (Duteronome 16:15) Nako eo e tshwanetse ya bo e ne e le nako e e itumedisang tota!
15 Ka nako ya moletlo oo, Baiseraele ba ne ba dula mo diobong ka malatsi a le supa. Ka go dira jalo ba ne ba gakololwa gore nako nngwe ba ne ba nna mo diobong fa ba le kwa nageng. Mokete oo o ne o ba naya nako e ntsi ya go akanya ka tsela e e lorato e Jehofa a neng a ba tlhokomela ka yone. (Duteronome 8:15, 16) Mme e re ka Baiseraele botlhe, bahumi le bahumanegi, ba ne ba nna mo diobong tse di tshwanang, ba ne ba gakololwa gore ka nako ya moletlo oo ba ne ba lekana botlhe fela.—Nehemia 8:14-16.
16. Moletlo wa Diobo o ne o tshwantshetsa eng?
16 Moletlo wa Diobo e ne e le moletlo wa thobo, mokete o o itumedisang wa go kokoanya thobo mme o ne o tshwantshetsa go phuthwa ka boitumelo ga batho ba ba dumelang mo go Jesu Keresete. Go phuthwa goo go ne ga simologa ka Pentekosete ya 33 C.E., fa barutwa ba ga Jesu ba le 120 ba ne ba tlodiwa go nna karolo ya “boperesiti jo bo boitshepo.” Fela jaaka Baiseraele ba ne ba nna mo diobong ka malatsi a le mmalwa, batlodiwa ba a itse gore le bone ke “baagi ba nakwana” mo lefatsheng leno le le tletseng boikepo. Tsholofelo ya bone ke ya go tshela kwa legodimong. (1 Petere 2:5, 11) Go phuthwa jalo ga Bakeresete ba ba tloditsweng go tloga go fitlha kwa bokhutlong mo ‘metlheng eno ya bofelo,’ e mo go yone go phuthwang maloko a bofelo a ba ba 144 000.—2 Timotheo 3:1.
17, 18. (a) Ke eng se se bontshang gore kwantle ga Bakeresete ba ba tloditsweng go na le batho ba bangwe ba le bone ba solegelwang molemo ke setlhabelo sa ga Jesu? (b) Ke bomang gompieno ba ba solegelwang molemo ke tiragalo e e tshwantshediwang ke Moletlo wa Diobo, mme moletlo oo o o itumedisang o tla fitlha leng kwa setlhoeng sa one?
17 Sengwe se re se lemogang ke gore ka nako ya moletlo ono wa bogologolo, go ne go ntshiwa dipoo Dipalo 29:12-34) Palo ya 70 e emela 7 a atisitswe ga 10, palo e mo Baebeleng e emelang boitekanelo go ya ka dilo tsa kwa legodimong le tsa mo lefatsheng. Ka gone, setlhabelo sa ga Jesu se tla solegela batho ba ba ikanyegang molemo ba ba tswang mo malapeng otlhe a le 70 a batho, a a tswang mo go Noa. (Genesise 10:1-29) Go dumalana le seo, mo motlheng wa rona tiro ya go phutha e atolositswe go akaretsa batho go tswa mo ditšhabeng tsotlhe ba ba dumelang mo go Jesu mme ba na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng la paradaise.
di le 70 setlhabelo. (18 Moaposetoloi Johane o ile a bona tiro eno ya go phutha ya motlha wa rona mo ponatshegelong. Sa ntlha, o ne a utlwa go bolelwa ka go tshwaiwa ga ba bofelo ba setlhopha sa ba ba 144 000. Go tswa foo, o ne a bona “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala,” bo eme fa pele ga Jehofa le Jesu, ka “dikala tsa mokolane mo diatleng tsa bone.” (Tshenolo 7:1-10, 14-17) Batho bano ‘ba tswa mo pitlaganong e kgolo’ mme ba fetela mo lefatsheng le lesha. Le bone ke baagi ba nakwana mo tsamaisong eno e e kgologolo ya dilo, mme ba lebile pele ka tsholofelo go bona nako ya fa “Kwana . . . [a] ba disa, e bile [a] ba kaela go ya kwa metsweding ya metsi a botshelo.” Ka nako eo, “Modimo o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.” (Tshenolo 7:1-10, 14-17) Tiragalo eo e e tshwantshediwang ke Moletlo wa Diobo, e tla fitlha kwa setlhoeng sa yone fa bone le batho ba ba ikanyegang ba ba tsositsweng mo baswing, ba newa botshelo jo bo sa khutleng morago ga Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete.—Tshenolo 20:5.
19. Re solegelwa molemo jang ke go sekaseka meletlo e e neng e ketekwa kwa Iseraele?
19 Le rona re ka ‘ipela fela thata’ fa re ntse re tlhatlhanya ka bokao jwa meletlo ya bogologolo ya Sejuda. Go a itumedisa go sekaseka gore Jehofa o ile a re neela malebela a kafa boporofeti jo bo ileng jwa bolelwa bogologolo kwa Edene bo neng bo tla diragadiwa ka teng, mme go a kgatlha go bona bo diragadiwa ka mmatota, kgato ka kgato. Gompieno re a itse gore Losika lo ile lwa tlhaga le gore lo ile lwa gobadiwa mo seretheng. Jaanong Losika lono ke Kgosi kwa legodimong. Mo godimo ga moo, bontsi jwa ba ba 144 000 ba setse ba itshupile ba ikanyega go isa losong. Ke eng se se sa ntseng se setse? Boporofeti jono bo tla tloga bo diragadiwa ka botlalo ka bonako go le kana kang? Kgang eno e tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 4 Kgwedi ya Nisane e tsamaisana le dikgwedi tsa March/ April go ya ka alemanaka ya gompieno.
^ ser. 7 Fa go dirwa setlhabelo seno se se fokisiwang sa dinkgwe tse pedi tse di bedisitsweng, gantsi moperesiti o ne a tshwara dinkgwe ka diatla, a tsharolola matsogo a bo a tsamaisetsa dinkgwe kafa le kafa. Go tsamaisa dinkgwe jalo go ne go tshwantshetsa go neela Jehofa dilo tse di isiwang setlhabelo.—Bona Insight on the Scriptures, Bolumo ya 2, tsebe 528, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
^ ser. 11 Ethanime, kana Tishri, e tsamaisana le dikgwedi tsa September/October go ya ka alemanaka ya gompieno.
A o Ka Tlhalosa?
• Kwana ya Tlolaganyo e ne e tshwantshetsa eng?
• Moletlo wa Pentekosete o ne o tshwantshetsa tiro efe ya go phutha?
• Ke dikarolo dife tsa Letsatsi la Tetlanyo tse di neng di emela tsela e setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo se dirang ka yone?
• Moletlo wa Diobo o tshwantshetsa go phuthwa ga Bakeresete ka tsela efe?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Tšhate mo go tsebe 22, 23]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Tlolaganyo
Nisane 14
Tiragalo:
Go tlhabiwa kwana ya Tlolaganyo
E Tshwantshetsa:
Jesu o ntshiwa setlhabelo
Moletlo wa Dikuku Tse di sa Bedisiwang (Nisane 15-21)
Nisane 15
Tiragalo:
Sabata
Nisane 16
Barele e ntshiwa setlhabelo
Jesu o a tsosiwa
Malatsi a le 50
Moletlo wa Dibeke (“Pentekosete”)
Sivan 6
Tiragalo:
Dinkgwe tse pedi di ntshiwa setlhabelo
E Tshwantshetsa:
Jesu o tlhagisa bomorwarraagwe kwa go Jehofa
Letsatsi la Tetlanyo
Tishri 10
Tiragalo:
Poo le dipodi tse pedi di ntshiwa setlhabelo
E Tshwantshetsa:
Jesu o ne a ntsha boleng jwa madi a gagwe mo boemong jwa batho botlhe
Moletlo wa Diobo (Go phutha, Metlaagana)
Tishri 15-21
Tiragalo:
Ka boitumelo Baiseraele ba ne ba nna mo diobong mme ba itumelela thobo, ba ntsha dipoot tse 70 setlhabelo
Go phuthwa ga batlodiwa le “boidiidi jo bogolo”
[Ditshwantsho mo go tsebe 21]
Fela jaaka madi a kwana ya Tlolaganyo, madi a a tsholotsweng a ga Jesu a thusa batho ba le bantsi go bona poloko
[Ditshwantsho mo go tsebe 22]
Mabutswapele a thobo ya barele a a neng a ntshiwa setlhabelo ka Nisane 16 a ne a tshwantshetsa tsogo ya ga Jesu
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Dinkgwe tse pedi tse di neng di ntshiwa setlhabelo ka Pentekosete di ne di tshwantshetsa phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng
[Ditshwantsho mo go tsebe 24]
Moletlo wa Diobo o ne o tshwantshetsa tiro e e itumedisang ya go phuthwa ga batlodiwa le “boidiidi jo bogolo” jo bo tswang mo ditšhabeng tsotlhe