Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Leba Jang Katlego?

O Leba Jang Katlego?

O Leba Jang Katlego?

MOREKISI mongwe wa ditoko e bong Jesse Livermore, yo bangwe ba neng ba mo tsaya a atlegile go feta barekisi botlhe kwa Wall Street o ne a tsewa e le motho yo o dirang ditshwetso tse di botlhale mo kgwebong. Mme ka ntlha ya seo o ne a kgona go nna le dikhumo tse dintsintsi. O ne a apara disutu tse dintle tse di rokilweng ka seatla, a nna mo ntlong e kgolo e e nang le diphaposi di le 29, mme a na le mokgweetsi yo o mo kgweeletsang koloi ya gagwe e ntsho ya modiro wa Rolls-Royce.

David * le ene o ne a ikaeletse go atlega fela jalo. E re ka e ne e le motlatsa poresidente le molaodi yo mogolo wa feme e kgolo e e dirang ditshwantsho, go ne go lebega a tlile go nna poresidente wa karolo e nngwe ya khampani eo. O ne a ngokwa ke khumo le maemo. Le fa go ntse jalo, David o ne a dira tshwetso e e neng ya dira gore a role tiro mo khampaning eo. David o ne a re: “Ke a itse gore ga nkitla ke tlhola ke nna le maemo a a kwa godimo gape mo tirong.” A o akanya gore David o ne a dirile tshwetso e e siameng?

Batho ba le bantsi ba dumela gore go atlega go akaretsa go huma, go itsiwe ke batho ba le bantsi le go nna le maemo. Le fa go ntse jalo, batho bao ba ba humileng ba ka nna ba ikutlwa ba sa kgotsofale e bile ba se na boikaelelo mo botshelong. Go bonala Rre Livermore le ene a ne a ikutlwa jalo. Le fa gone a ne a humile, botshelo jwa gagwe bo ne bo tletse ka kutlobotlhoko le masetlapelo. O ne a tshwenyegile thata mo maikutlong, manyalo a gagwe a ne a sa atlege mme a se na kamano epe le bomorwawe. Kgabagare fa Rre Livermore a sena go latlhegelwa ke bontsi jwa dikhumo tsa gagwe, letsatsi lengwe o ne a ntse a dutse mo bareng ya hotele nngwe e e magasigasi a ntse a lelela dilo tse di mo latlhegetseng. O ne a otara senō, a ntsha bukana ya gagwe e e khabarilweng ka letlalo a bo a kwala lekwalo la go laela mosadi wa gagwe. Fa a fetsa go nwa senō sa gagwe o ne a tsena mo phaposing ya go baya dithoto e e neng e le lefitshwana a bo a ipolaya.

Le fa gone go na le mabaka a le mantsi a a ka dirang gore motho a ipolaye, maitemogelo ano a supa boammaaruri jwa mafoko a Baebele a a reng: “Ba ba ikemiseditseng go huma . . . ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.”—1 Timotheo 6:9, 10.

A go ka direga gore ba ba lebang dikhumo kana go nna le maemo kana go tuma e le tsone tse di leretseng motho katlego ba ka tswa ba leba katlego ka tsela e e sa tshwanelang? A o itsaya o atlegile? Ke ka ntlha yang fa o rialo? O dirisa eng go bona gore a o atlegile kgotsa nnyaa? Ke eng se se tlhotlheletsang tsela e o lebang katlego ka yone? Setlhogo se se latelang se sekaseka kgakololo e e molemo e e thusitseng ba le bantsi gore ba atlege. A re boneng gore ke eng se le wena o ka se dirang gore o atlege.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Leina le fetotswe.