Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Kgona go Itshokela Mathata

O ka Kgona go Itshokela Mathata

O ka Kgona go Itshokela Mathata

MO DINAKONG tseno tse di thata ba le bantsi ba itshokela mathata a a jaaka difefo. Le fa go ntse jalo, go rata Modimo le go ikanyega mo melaometheong ya gagwe go thusa Bakeresete go lebana le mathata ano. Go ba thusa jang? Karabo ya seno e ka bonwa mo setshwantshong se se neng sa dirwa ke Jesu Keresete. O ne a bapisa barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang le “monna yo o botlhale, yo o neng a aga ntlo ya gagwe mo lefikeng.” Jesu o ne a re: “Pula ya tshologa le merwalela ya tla le diphefo tsa foka tsa itaaka ntlo eo, mme ya se ka ya wela, gonne e ne e thailwe mo lefikeng.”—Mathaio 7:24, 25.

Ela tlhoko gore le fa monna yo o mo setshwantshong seno a ne a le botlhale, o ne a lebana le mathata—a a tshwantshediwang ke pula e e tshologang, merwalela le diphefo tse di maatla. Ka jalo Jesu ga a ka a re barutwa ba gagwe ga ba na go lebana le mathata mme ba tla nna ba tshela botshelo jwa kagiso le thetebalo. (Pesalema 34:19; Jakobe 4:13-15) Mme go na le moo, o ne a re batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba tshwanetse go ipaakanyetsa go lebana le mathata a a jaaka ditsuatsue le masetlapelo.

Jesu o ne a simolola setshwantsho sa gagwe ka go re: “Mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko ano a me a ba a a dira o tla tshwantshanngwa le monna yo o botlhale, yo o neng a aga ntlo ya gagwe mo lefikeng.” Ke boammaaruri gore Jesu o ne a sa bue ka go aga matlo a mmatota, mme o ne a bua ka go aga matshelo. Batho ba ba utlwang mafoko ano a ga Keresete ba dirisa temogo mme ba dira ditshwetso tse di siameng. Ba aga dilo tse ba batlang go di dira mo lefikeng le le nonofileng ka go dirisa se ba se rutilweng. Se se kgatlhang ke gore lefika leno ga le fitlhelwe fela fa godimo. Monna yo go buiwang ka ene mo setshwantshong seno o ne a tshwanelwa ke go epa “kwa tlase kwa tengteng” gore a le fitlhelele. (Luke 6:48) Ka tsela e e tshwanang, barutwa ba ga Jesu ba nna ba dira ka thata gore ba nne le dinonofo tsa go itshoka tse di ba atametsang gaufi le Modimo.—Mathaio 5:5-7; 6:33.

Go diregang fa mathata a a jaaka difefo a leka motheo wa Bokeresete wa balatedi ba ga Jesu go bona gore o tiile go le kae? Go utlwa ga bone dithuto tsa ga Keresete ka go rata le dinonofo tsa bone tsa Bokeresete di nna di tlhomame gore di ba nonotshe mo dinakong tseo tse di thata, segolobogolo ka nako ya sefefo se se tlang sa Haramagedona. (Mathaio 5:10-12; Tshenolo 16:15, 16) Ee, ka go latela dithuto tsa ga Keresete, ba le bantsi ba kgona go itshokela diteko tse di jaaka difefo. Le wena o ka kgona.—1 Petere 2:21-23.