Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Tsogo ya Ntlha’—Gone Jaanong e Tsweletse!

‘Tsogo ya Ntlha’—Gone Jaanong e Tsweletse!

‘Tsogo ya Ntlha’—Gone Jaanong e Tsweletse!

“Ba ba suleng ba le seoposengwe le Keresete ba tla tsoga pele.”—1 BATHESALONIKA 4:16.

1, 2. (a) Go na le tsholofelo efe ka batho ba ba suleng? (b) Ke eng se se dirang gore re dumele gore go na le tsogo? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)

“BATSHEDI ba a itse gore ba tla swa.” Go ntse go le jalo go tloga fela ka nako ya fa Adame a ne a leofa. Go ralala hisitori, mongwe le mongwe yo o ileng a tsholwa o ntse a itse gore kgabagare o tla swa, mme batho ba le bantsi ba ile ba ipotsa jaana: ‘Go tla direga eng morago ga moo? Baswi ba mo boemong bofe?’ Baebele e araba jaana: “Fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.”—Moreri 9:5.

2 Ka gone, a go na le tsholofelo nngwe ka batho ba ba suleng? Ee, e teng. Tota e bile, ba tshwanetse go nna le yone fa e le gore boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka batho bo tla diragadiwa. Go ralala makgolokgolo a dingwaga, batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ile ba bontsha go dumela tsholofetso ya ga Jehofa kaga Losika lo lo neng lo tla nyeletsa Satane le go tlosa tshenyo e a e bakileng. (Genesise 3:15) Bontsi jwa bone ba ile ba swa. Gore ba bone tsholofetso eo le tse dingwe tse Jehofa a di solofeditseng di diragala, ba tshwanetse go tsosiwa mo baswing. (Bahebera 11:13) A selo se se ntseng jalo se a kgonega? Ee, se a kgonega. Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) Paulo o kile a tsosa lekawana lengwe le le bidiwang Yutiko, le le neng la wa go tswa mo fensetereng ya boalo jwa boraro mme “la selwa le sule.” Eno ke tsogo ya bofelo mo go tse robonngwe tse di kwadilweng mo Baebeleng.—Ditiro 20:7-12. *

3. Wena ka bowena o kgothadiwa jang ke mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Johane 5:28, 29, mme ka ntlha yang?

3 Ditsogo tseo tse robongwe ke tsone tse di dirang gore re dumele mafoko a ga Paulo. Di nonotsha tsholofelo ya rona mo mafokong ano a Jesu a re tlhomamisetsang ka one: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la [ga Jesu] ka yone mme ba tla tswa.” (Johane 5:28, 29) A mafoko a a nametsang pelo ruri! Mme a bo go kgothatsa dimilione tsa batho ba baratiwa ba bone ba robetseng mo losong thata jang ne!

4, 5. Baebele e umaka ditsogo dife tse di sa tshwaneng, mme go tla tlotliwa ka efe mo setlhogong seno?

4 Bontsi jwa batho ba ba tla tsosiwang ba tla tsosediwa mo lefatsheng le le dirilweng gore le nne le kagiso mo Bogosing jwa Modimo. (Pesalema 37:10, 11, 29; Isaia 11:6-9; 35:5, 6; 65:21-23) Le fa go ntse jalo, go ne go tshwanetse ga nna le ditsogo tse dingwe pele ga eo e direga. Sa ntlha, Jesu Keresete o ne a tshwanetse go tsosiwa gore a ise boleng jwa setlhabelo sa gagwe kwa Modimong mo boemong jwa rona. Jesu o ile a swa mme a tsosiwa ka 33 C.E.

5 Morago ga moo, maloko a a tloditsweng a “Iseraele wa Modimo” a tshwanetse go kopana le Morena Jesu Keresete ba le mo kgalalelong kwa legodimong, gore ba nne “le Morena ka metlha” teng. (Bagalatia 6:16; 1 Bathesalonika 4:17) Tiragalo eo e bidiwa gore ke “tsogo ya pele” kgotsa ‘tsogo ya ntlha.’ (Bafilipi 3:10, 11; Tshenolo 20:6) Fa tsogo eo e setse e weditswe, nako e tla bo e fitlhile ya gore dimilione tsa batho di tsosediwe mo lefatsheng ka tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng. Ka gone, re kgatlhegela thata ‘tsogo eno ya ntlha,’ e ka ne tsholofelo ya rona e le ya kwa legodimong kana ya mo lefatsheng. Tsogo eno ke tsogo ya mofuta mang? E direga leng?

“Ka Mofuta Ofe wa Mmele?”

6, 7. (a) Pele ga Bakeresete ba ba tloditsweng ba ya legodimong go tshwanetse ga direga eng? (b) Ba tla tsosiwa ka mebele ya mofuta ofe?

6 Mo lekwalong la ntlha le Paulo a le kwaletseng Bakorintha, o ile a botsa potso eno kaga tsogo ya ntlha: “Baswi ba tla tsosiwa jang? Ee, ba tla ka mofuta ofe wa mmele?” Go tswa foo o araba potso eo jaana: “Se o se jalang ga se tshele fa se sa swe pele . . . mme Modimo o e naya mmele fela jaaka go mo itumedisa . . . Kgalalelo ya mebele ya selegodimo ke mofuta o le mongwe, mme ya mebele ya selefatshe ke mofuta o sele.”—1 Bakorintha 15:35-40.

7 Mafoko a ga Paulo a bontsha gore Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo ba tshwanetse go swa pele ga ba amogela tuelo ya bone ya kwa legodimong. Fa ba swa mebele ya bone ya selefatshe e boela mo leroleng. (Genesise 3:19) Ka nako e Modimo a e beileng, ba tsosiwa ka mmele wa mofuta o o tshwanelang botshelo jwa kwa legodimong. (1 Johane 3:2) Gape Modimo o ba abela bosasweng. Seo ga se selo se ba tsalwang ba na le sone, jaaka e kete ba ne ba budulelwa se go tweng ke moya o o sa sweng. Paulo a re: “Se se swang seno se tshwanetse go apara bosasweng.” Bosasweng ke mpho e Modimo a ba abelang yone, ke mpho e batho ba ba tsosiwang ka tsogo ya ntlha ba e ‘aparang.’—1 Bakorintha 15:50, 53; Genesise 2:7; 2 Bakorintha 5:1, 2, 8.

8. Re itse jang gore Modimo ga a tlhophe batho ba ba 144 000 go tswa mo malokong a madumedi a a farologaneng?

8 Ke batho ba ba 144 000 fela ba ba bonang tsogo ya ntlha. Jehofa o ne a simolola go ba tlhopha ka Pentekosete ya 33 C.E., ka bonako fela morago ga tsogo ya ga Jesu. Botlhe fela “ba kwadilwe leina la [ga Jesu] le leina la ga Rraagwe mo diphatleng tsa bone.” (Tshenolo 14:1, 3) Ka gone, ga ba tlhophiwe go tswa mo madumeding a mantsi a a farologaneng. Botlhe fela ke balatedi ba ga Keresete mme ba motlotlo go bidiwa ka leina la ga Rara—Jehofa. Fa ba tsosiwa, ba newa kabelo ya go dira kwa legodimong. Tebelelo ya go direla Modimo jalo ka tlhamalalo e ba itumedisa tota.

A Gone Jaanong Tsogo Eno e Tsweletse?

9. Tshenolo 12:7 le 17:14 di re thusa jang go fopholetsa nako e tsogo ya ntlha e simololang ka yone?

9 Tsogo eno ya ntlha e direga leng? Go na le bosupi jo bo nonofileng jwa gore e tsweletse gone jaanong. Ka sekai, bapisa dikgaolo tse pedi tsa Tshenolo. Sa ntlha, leba Tshenolo kgaolo 12. Mo go yone re bolelelwa gore Jesu Keresete yo o sa tswang go tlhongwa le baengele ba gagwe ba ba boitshepo ba lwa le Satane le badimona ba gagwe. (Tshenolo 12:7-9) Jaaka fa makasine ono o ile wa bontsha gangwe le gape, ntwa eo e simolotse ka 1914. * Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore ga go ope wa balatedi ba ba tloditsweng ba ga Keresete yo go tweng o thusa Jesu mo ntweng eo ya kwa legodimong. Jaanong leba kgaolo 17 ya buka ya Tshenolo. Mo go yone re bolelelwa gore morago ga go senngwa ga “Babelona o Mogolo,” Kwana o tla fenya ditšhaba. Go tswa foo e oketsa jaana: “Gape, ba ba biditsweng e bile ba tlhophilwe mme ba ikanyega mo go ene ba tla dira jalo.” (Tshenolo 17:5, 14) “Ba ba biditsweng e bile ba tlhophilwe mme ba ikanyega” ba tshwanetse ba bo ba setse ba tsositswe fa e le fano ba bonwa ba na le Jesu fa a sena go fenya lefatshe la ga Satane ka phenyo ya makgaolakgang. Ka gone, go a utlwala go bo re ka re, batlodiwa ba ba swang pele ga Aramagedona ba tsosiwa nako nngwe gareng ga 1914 le Aramagedona.

10, 11. (a) Bagolwane ba ba 24 ke bomang mme mongwe wa bone o senolela Johane eng? (b) Ke eng se re ka se lemogang go tswa mo go seno?

10 A re ka kgona go nepa ka botlalo nako e tsogo ya ntlha e simologileng ka yone? Tshedimosetso e e kgatlhang re e bona mo go Tshenolo 7:9-15, e mo go yone moaposetoloi Johane a tlhalosang ponatshegelo e mo go yone a boneng “boidiidi jo bogolo jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala.” Mongwe wa bagolwane ba ba 24 o senolela Johane gore boidiidi jono jo bogolo ke bo mang, mme bagolwane bano ba emela baruaboswa mmogo le Keresete ba ba 144 000 fa ba le mo kgalalelong ya bone ya kwa legodimong. * (Luke 22:28-30; Tshenolo 4:4) Johane ka boene o ne a na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong; mme e re ka e ne e sa ntse e le motho mo lefatsheng fa mogolwane yono a bua le ene, Johane mo ponatshegelong eno o tshwanetse a bo a emela batlodiwa fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng ba ise ba amogele tuelo ya bone ya kwa legodimong.

11 Ka gone, ke eng se re se lemogang go tswa mo kgannyeng ya gore mongwe wa bagolwane ba ba 24 o tlhalosetsa Johane gore boidiidi jo bogolo ke bomang? Go bonala bangwe ba batho ba setlhopha sa bagolwane ba ba 24 ba ba tsositsweng mo baswing ba ka tswa ba nna le seabe mo go boleleng boammaaruri jwa Modimo gompieno. Ke eng fa seo se le botlhokwa? Ka gonne tshedimosetso e e boammaaruri kaga gore boidiidi jo bogolo ke bomang e ne ya senolelwa batlhanka ba Modimo ba ba tloditsweng ba mo lefatsheng ka 1935. Fa e le fano mongwe wa bagolwane ba ba 24 a ile a dirisiwa go bolela boammaaruri jo bo botlhokwa, o tshwanetse a bo a ne a tsoseditswe kwa legodimong bobotlana ka 1935. Seno se ne se tla bontsha gore tsogo ya ntlha e simolotse nako nngwe gareng ga 1914 le 1935. A re ka kgona go ntsha karabo e e tlhamaletseng go feta eo?

12. Tlhalosa gore ke eng fa dikgakologo tsa 1918 di ka tsewa e le nako e go ka diregang gore tsogo ya ntlha e simolotse go direga ka yone.

12 Fa re fitlha fano, go ka nna ga thusa go sekaseka se re ka reng ke setshwani sa Baebele. Jesu Keresete o ile a tlodiwa go nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ka letlhabula la 29 C.E. Dingwaga di le tharo le halofo morago ga moo, ka dikgakologo tsa 33 C.E., o ne a tsosiwa e le motho yo o maatla wa semoya. Ka gone, a re ka tsaya gore e re ka Jesu a ile a tlhomiwa go nna kgosi ka letlhabula la 1914, seo se ka tswa se bolela gore tsogo ya balatedi ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba gagwe e simolotse dingwaga di le tharo le sephatlo morago ga moo, ka dikgakologo tsa 1918? Go ka tswa go ntse jalo. Le fa seno re sa kgone go se tlhomamisa ka tlhamalalo mo Baebeleng, tshwetso eo e dumalana le dikwalo tse dingwe tse di bontshang gore tsogo ya ntlha e ne ya simologa ka bonako fela morago ga gore go nna gone ga ga Keresete go simologe.

13. 1 Bathesalonika 4:15-17 e bontsha jang gore tsogo ya ntlha e ne ya simologa go sa le gale mo nakong ya go nna gone ga ga Keresete?

13 Ka sekai, Paulo o ile a re: “Rona batshedi ba re tshelang go fitlha kwa go nneng gone ga Morena [e seng go fitlha kwa bokhutlong jwa go nna gone ga gagwe] ga re na go etelela pele ba ba robetseng mo losong ka gope; ka gonne Morena ka boene o tla fologa kwa legodimong ka mokgosi wa taelo, ka lentswe la moengele yo mogolo le ka terompeta ya Modimo, mme ba ba suleng ba le seoposengwe le Keresete ba tla tsoga pele. Morago ga moo rona batshedi ba re tshelang, mmogo le bone, re tla phamolelwa kwa marung go kgatlhantsha Morena mo moyeng; mme ka gone re tla nna le Morena ka metlha.” (1 Bathesalonika 4:15-17) Ka gone, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba swang pele ga go nna gone ga ga Keresete ba tsosediwa botshelong jwa kwa legodimong pele ga ba ba sa ntseng ba tshela ka nako ya go nna gone ga ga Keresete. Seno se bolela gore tsogo ya ntlha e tshwanetse ya bo e ile ya simologa go sa le gale mo nakong ya go nna gone ga ga Keresete, mme e tswelela pele “mo nakong ya go nna gone ga gagwe.” (1 Bakorintha 15:23) Go na le gore tsogo ya ntlha e direge ka nako e le nngwe fela, e direga mo lobakeng lo lo rileng lwa nako.

‘Mongwe le Mongwe wa Bone a Newa Seaparo se se Telele se Sesweu’

14. (a) Diponatshegelo tse di kwadilweng mo go Tshenolo kgaolo 6 di diragadiwa leng? (b) Ke eng se se kaiwang ke Tshenolo 6:9?

14 Akanyetsa le bosupi jo bo mo go Tshenolo kgaolo 6. Mo go yone Jesu o bonwa a pagame pitse e le Kgosi e e fenyang. (Tshenolo 6:2) Ditšhaba di nna le seabe mo ntweng ya bogolo jo bo boitshegang. (Tshenolo 6:4) Go na le leuba le le anameng. (Tshenolo 6:5, 6) Maroborobo a a kotsi a aparetse batho. (Tshenolo 6:8) Ditiragalo tseno tsotlhe tse di boleletsweng pele di tshwanela sentle maemo a lefatshe fa e sa le ka 1914. Mme go na le sengwe gape se se diregang. Re tlhokomedisiwa sebeso sa ditlhabelo. Kwa tlase ga sone go na le “meya ya ba ba neng ba bolawa ka ntlha ya lefoko la Modimo le ka ntlha ya tiro ya go supa e ba kileng ba bo ba e dira.” (Tshenolo 6:9) E re ka “moya [kana botshelo] jwa nama [bo le] mo mading,” se tota se leng kwa tlase ga sebeso ke madi a batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jesu ba ba neng ba bolawa ka ntlha ya go neela ga bone bosupi ka bopelokgale le ka tlhagafalo.—Lefitiko 17:11.

15, 16. Tlhalosa gore ke eng fa mafoko a Tshenolo 6:10, 11 a amana le tsogo ya ntlha.

15 Fela jaaka madi a ga Abele yo o siameng, madi a baswelatumelo bano ba Bakeresete a lelela gore a busolosediwe. (Genesise 4:10) Meya eno e ne ya “goa ka lentswe le le kwa godimo, ya re: ‘Morena Molaodimogolo yo o boitshepo le yo o boammaaruri, o tla ithiba go atlhola le go busolosa madi a rona mo go ba ba nnang mo lefatsheng go fitlha leng?’” Go direga eng morago ga moo? “Mongwe le mongwe wa yone wa newa seaparo se se telele se sesweu; mme ya bolelelwa gore e ikhutse ka lobakanyana, go fitlha go tladiwa le palo ya batlhankammogo le yone le bomorwarraayone ba ba neng ba tloga ba bolawa fela jaaka le yone e bolailwe.”—Tshenolo 6:10, 11.

16 A diaparo tseno tse ditshweu di ne tsa newa madi a a neng a elela fa tlase ga sebeso? Legoka! Diaparo tseno di ne tsa newa batho ba madi a bone a neng a tshololwa mo sebesong, jaaka fa re ka rialo. Ba ile ba ntsha matshelo a bone setlhabelo ka ntlha ya leina la ga Jesu mme jaanong ba tsosiwa e le batho ba moya. Re itse seo jang? Pelenyana mo bukeng ya Tshenolo re bolelelwa jaana: “Yo o fenyang o tla apesiwa diaparo tsa kafa ntle tse ditshweu; mme ga ke na go phimola leina la gagwe ka gope mo bukeng ya botshelo.” Se lebale gape gore bagolwane ba ba 24 ba ne ba “apere diaparo tsa kafa ntle tse ditshweu, mme mo godimo ga ditlhogo tsa bone ga bo go le dirwalo tsa gouta.” (Tshenolo 3:5; 4:4) Ka jalo, morago ga fa ntwa, leuba le leroborobo di sena go senya lefatshe, maloko a ba ba 144 000 ba ba neng ba sule, ba ba emelwang ke madi a a kwa tlase ga sebeso, ba ne ba tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong mme ba apesitswe diaparo tse ditshweu tsa tshwantshetso.

17. Batho ba ba newang diaparo tse ditshweu ba ‘ikhutsa’ ka tsela efe?

17 Batho bao ba ba sa tswang go tsosiwa mo baswing ba tshwanetse go ‘ikhutsa.’ Ba tshwanetse go letela ka bopelotelele letsatsi la Modimo la go ba busolosetsa. ‘Batlhanka ka bone,’ Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng, ba sa ntse ba tshwanelwa ke go supa boikanyegi jwa bone fa ba lebane le diteko. Fa nako ya dikatlholo tsa Modimo e goroga, ‘go ikhutsa’ goo go tla bo go fedile. (Tshenolo 7:3) Ka nako eo, batho bao ba ba tsositsweng mo baswing ba tla nna le seabe le Morena Jesu Keresete mo go senyeng baikepi, go akaretsa le ba ba tsholotseng madi a Bakeresete ba ba se nang molato.—2 Bathesalonika 1:7-10.

Seo se Bolela Eng ka Rona

18, 19. (a) Ke mabaka afe a a dirang gore re swetse ka gore tsogo ya ntlha e a direga gone jaanong? (b) Tsela e o tlhaloganyang tsogo ya ntlha ka yone e dira gore o ikutlwe jang?

18 Lefoko la Modimo ga le senole letlha le le tlhomameng le tsogo ya ntlha e tla diregang ka lone, mme gone le senola gore e direga mo lobakeng lo lo rileng lwa nako, ka nako ya go nna gone ga ga Keresete. Ba ntlha go tsosiwa ke Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba suleng pele ga go nna gone ga ga Keresete go simologa. Fa go nna gone ga ga Keresete go ntse go tsweletse, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ka boikanyegi ba wetsang botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng ba fetolwa “ka ponyo ya leitlho” go nna dibopiwa tse di maatla tsa moya. (1 Bakorintha 15:52) A batlodiwa botlhe ba tla amogela tuelo ya bone ya kwa legodimong pele ga ntwa ya Aramagedona? Ga re itse. Le fa go ntse jalo, se re se itseng ke gore ka nako ya Modimo e e tshwanetseng, botlhe ba ba 144 000 ba tla fitlhelwa ba eme fa pele ga Thaba ya Siona ya kwa legodimong.

19 Gape re a itse gore bontsi jwa ba ba 144 000 ba setse ba kopantswe le Keresete. Ke ba se kae fela ba ba setseng mo lefatsheng. A bo e le bosupi jo bo maatla jang ne jwa gore nako ya go diragadiwa ga dikatlholo tsa Modimo e atamela ka bofefo! Go ise go ye kae, tsamaiso yotlhe ya ga Satane e tla bo e nyeleditswe. Satane ka boene o tla bo a latlhetswe mo moleteng. Morago ga moo, ke gone tsogo ya batho botlhe e ka simologang, mme ka thuso ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu batho ba ba ikanyegang ba ka busediwa mo maemong a boitekanelo jo bo neng jwa latlhegela Adame. Boporofeti jwa ga Jehofa jo bo mo go Genesise 3:15 bo diragadiwa ka tsela e e gakgamatsang. A bo e le tshiamelo e e molemo jang ne go bo re tshela mo metlheng eno!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Go bona bosupi jwa Dikwalo jwa gore go nna gone ga ga Keresete go simologile ka 1914, bona buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? ditsebe 215-18, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 10 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya gore re itse jang gore bagolwane ba ba 24 ba emela Bakeresete ba ba tloditsweng fa ba le mo maemong a bone a kwa legodimong, bona buka ya Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! tsebe 77, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

A o Ka Tlhalosa?

Dikwalo tse di latelang di re thusa jang go tlhaloganya nako e “tsogo ya ntlha” e diregang ka yone?

Tshenolo 12:7; 17:14

Tshenolo 7:13, 14

1 Bakorintha 15:23; 1 Bathesalonika 4:15-17

Tshenolo 6:2, 9-11

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Ke ditsogo dife tse di diregang pele ga gore batho ba bangwe botlhe ba tsosiwe mo baswing?

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Bangwe ba batho ba ba robetseng mo losong ba ne ba newa diaparo tse ditshweu ka tsela efe?