Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna o Nitame fa Ngwana a Tsuologa

Go Nna o Nitame fa Ngwana a Tsuologa

Go Nna o Nitame fa Ngwana a Tsuologa

MOSADI mongwe wa Mokeresete yo re tla mmitsang Joy o ne a leka go godisa morwawe gore a rate Jehofa Modimo. Le fa go ntse jalo, fa morwa yo a atamela dingwaga tse 20, o ne a tsuologa mme a tswa mo gae. Joy a re: “E ne e le la ntlha ke utlwa botlhoko jo bo kalo. Ke ne ke ikutlwa ke tsieditswe, ke phatlogile pelo e bile ke swabile. Ke ne ke tletse dikakanyo tse di botlhoko fela.”

Gongwe le wena o lekile go godisa bana ba gago gore ba rate Modimo ba bo ba mo direle, mme morago mongwe kgotsa bangwe ba bone ba bo ba mo tlogela. O ka itshokela jang kutlobotlhoko e e kalokalo? Ke eng se se tla go thusang gore o nne o nitame mo go direleng Jehofa?

Fa Barwa ba ga Jehofa Ba ne Ba Tsuologa

Kgato ya ntlha ke go lemoga gore Jehofa o itse sentle kafa o ikutlwang ka teng. Isaia 49:15 ya re: “A mosadi a ka lebala losea lwa gagwe lo lo anyang gore a bo a tlhoke go tlhomogela morwa wa sebopelo sa gagwe pelo? Le e leng basadi bano ba ka lebala, mme nna ga nkitla ke go lebala.” Ee, Jehofa o ikutlwa ka tsela e gantsi batsadi ba ikutlwang ka yone. Akanya he gore o tshwanetse a bo a ile a itumela jang fa barwa ba gagwe botlhe ba baengele ba ne ba mmaka le go mo direla. Fa Jehofa a ne a araba tlhogo ya lotso Jobe “go tswa mo sefefong,” o ne a gopola dinako tse di monate tsa fa a ne a na le lelapa la gagwe le le utlwanang la semoya, a re: “O ne o le kae fa ke thaya lefatshe? . . . Fa dinaledi tsa moso di ne di goa mmogo ka boipelo, le bomorwa Modimo botlhe ba ne ba simolola go goa ba baka?”—Jobe 38:1, 4, 7.

Fa nako e ntse e ya, Modimo wa boammaaruri o ne a bona morwa wa gagwe wa moengele yo o itekanetseng a mo tsuologela a bo a nna Satane, lefoko la Sehebera le le rayang “Moganetsi.” Gape Jehofa o ne a lebelela morwa wa gagwe wa ntlha wa motho, Adame, le mosadi wa gagwe yo o itekanetseng, Efa, le bone ba tsuologa. (Genesise 3:1-6; Tshenolo 12:9) Moragonyana, barwa ba bangwe ba baengele ba ne ba “latlha lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno” mme ba tsuologela Modimo.—Jude 6.

Dikwalo ga di re bolelele gore Jehofa o ne a ikutlwa jang fa bangwe ba barwa ba gagwe ba ba itekanetseng ba ne ba tsuologa. Le fa go ntse jalo, Baebele e bolela jaana ka tlhamalalo: “Jehofa o ne a bona gore bosula jwa motho bo ne bo le bogolo mo lefatsheng le tshekamelo nngwe le nngwe ya dikakanyo tsa pelo ya gagwe e ne e le bosula fela ka dinako tsotlhe. Mme Jehofa a ikutlwa a ikwatlhaya go bo a dirile batho mo lefatsheng, a utlwa botlhoko mo pelong.” (Genesise 6:5, 6) Go tsuologa ga setšhaba se Jehofa a se itlhophetseng sa Iseraele, le gone go ne ga “mo utlwisa botlhoko.”—Pesalema 78:40, 41.

Kwantle ga pelaelo Jehofa o tlhomogela pelo batsadi ba ba utlwisiwang botlhoko ke boitshwaro jwa bana ba bone fa ba tsuologa. Mo Lefokong la gagwe e leng Baebele, o neile kgakololo e e mosola le kgothatso go thusa batsadi bano go lebana le seemo sa bone. Modimo o ba kgothatsa gore ba latlhele tlhobaelo ya bone mo go ene, ba ikokobetse, mme ba ganetsane le Satane Diabolo. A re bone gore go latela kgakololo eno go ka go thusa jang gore o nne o nitame fa ngwana wa gago a tsuologa.

Latlhela Tlhobaelo ya Gago mo go Jehofa

Jehofa o itse gore batsadi ba tshwenngwa thata ke go itse gore bana ba bone ba ka tloga ba ikgobatsa kgotsa ba gobadiwa ke ba bangwe. Moaposetoloi Petere o bontsha tsela nngwe ya go itshokela go tshwenyega ka seno le dilo tse dingwe. O kwala jaana: “[Latlhelang] tlhobaelo yotlhe ya lona mo go [Jehofa], ka gonne o a lo kgathalela.” (1 Petere 5:7) Ke ka ntlha yang fa taletso eno le kgothatso e tshwanela segolo bogolo mo batsading ba ngwana yo o tsuologang?

Fa ngwana wa gago a ne a sa le mmotlana, o ne o mo sireletsa ka tlhoafalo mo dikotsing, mme o tshwanetse a bo a ne a latela kaelo ya gago e e lorato. Le fa go ntse jalo, fa a ntse a gola, taolo ya gago mo go ene e ka tswa e ile ya fokotsega, mme keletso ya gago e kgolo ya go mo sireletsa mo dikotsing yone ga e a ka ya fokotsega. E bile tota, gongwe e ile ya oketsega.

Ka jalo, fa ngwana wa gago a tsuologa a bo a gobala mo semoyeng, mo maikutlong kgotsa mo mmeleng, o ka nna wa akanya gore molato ke wa gago. Joy, yo o umakilweng pelenyana, o ne a akanya jalo. A re: “Ke ne ke bona ke paletswe, mme letsatsi le letsatsi ke ne ke nnela go akanya ka ditiragalo tsa nako e e fetileng ke leka go bona gore ke dirile phoso fa kae.” Bogolo jang ka dinako tse di ntseng jalo, Jehofa o batla gore o ‘latlhele tlhobaelo yotlhe ya gago mo go ene.’ Fa o dira jalo, o tla go thusa. Mopesalema o ne a re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.” (Pesalema 55:22) Joy o ne a gomotsega fela jalo. O tlhalosa jaana: “Ke ne ka tlhalosetsa Jehofa maikutlo a me otlhe a a kwa teng. Ke ne ka mo tshololela maikutlo a me otlhe, mme seo se ne sa nthusa thata.”

E re ka o le motsadi yo o sa itekanelang, o ka tswa o ile wa dira diphoso fa o ntse o godisa ngwana wa gago. Mme ke eng fa o nnela go akanya fela ka tsone? Jehofa ene ga a dire jalo, ka gonne mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o ne a opela jaana: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema?” (Pesalema 130:3) Le fa o ka bo o nnile motsadi yo o sa direng diphoso, ngwana wa gago o ne a ka nna a tsuologa fela. Ka jalo bolelela Jehofa maikutlo a gago ka thapelo, mme o tla go thusa go itshoka. Le fa go ntse jalo, fa wena o batla go nna o nitame o direla Jehofa e bile o sa batle go tlhaselwa ke Satane, o tshwanetse wa dira mo go oketsegileng.

Ikokobetse

Petere o ne a kwala jaana: “Ikokobetseng kafa tlase ga seatla se se thata sa Modimo, gore a tle a lo godise mo nakong e e tshwanetseng.” (1 Petere 5:6) Ke ka ntlha yang fa go tlhokega boikokobetso fa ngwana wa gago a tsuologa? Kwantle ga go dira gore o ikutlwe o le molato e bile o phatlogile pelo, ngwana yo o tsuologang a ka nna a ga bakela le ditlhong. O ka nna wa tshwenyega ka gore ditiro tsa ngwana wa gago di sentse leina la lelapa la gago, bogolo jang fa a ile a tshwanelwa ke go kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete. Go ikgoba le go tlhabiwa ke ditlhong go ka go kgoba marapo gore o se ka wa ya dipokanong tsa Bokeresete.

Fa o le mo seemong se se ntseng jalo, o tshwanetse wa bontsha botlhale. Diane 18:1 e tlhagisa jaana: “Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha; o tla nna kgatlhanong le botlhale jotlhe jo bo mosola.” Ka go ya dipokanong tsa Bokeresete ka metlha le fa o phatlogile pelo, o tla kgona go amogela thuto le kgothatso ya botlhokwa. Joy a re: “Kwa tshimologong, ke ne ke sa batle go kopana le ope. Mme ke ne ka ikgopotsa gore thulaganyo ya me ya dilo tsa semoya e botlhokwa. E bile, fa ke ne nka nna kwa gae, nkabo ke ile ka nnela go touta ka mathata a me. Dipokano di ne tsa nthusa go tlhoma mogopolo mo dilong tsa semoya tse di kgothatsang. Ke itumela thata go bo ke sa ka ka itlhaola mme ka latlhegelwa ke lorato le kemonokeng ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba me.”—Bahebera 10:24, 25.

Gakologelwa gape gore mongwe le mongwe mo lelapeng o tshwanetse a “rwala morwalo wa gagwe” wa boikarabelo jwa Bokeresete. (Bagalatia 6:5) Jehofa o lebeletse gore batsadi ba rate bana ba bone le go ba otlhaya. Gape o lebeletse gore bana ba ikobele le go tlotla batsadi ba bone. Fa batsadi ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go godisetsa bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa,” ba tla nna le leina le le molemo le Modimo. (Baefeso 6:1-4) Fa ngwana a tsuologela kotlhao e e lorato ya batsadi, leina la gagwe ke lone le tla senyegang. Diane 20:11 ya re: “Mosimane o dira gore a lemogiwe ka ditiro tsa gagwe gore a tiro ya gagwe e itshekile e bile e thokgame.” Go tsuologa ga ga Satane ruri ga go a senya Jehofa leina mo bathong ba ba itseng se tota se diragetseng.

Ganetsana le Diabolo

Petere o tlhagisa jaana: “Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang. Mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.” (1 Petere 5:8) Fela jaaka tau, gantsi Diabolo o itebaganya le basha le batho ba ba se nang maitemogelo. Mo metlheng ya bogologolo, ditau di ne di kaila mo Iseraele e bile di tlhasela diruiwa. Fa kwanyana e ne e ka tswa mo letsomaneng, e ne e ka tlhaselwa motlhofo. Nku e namagadi ka tlholego fela e ka tsenya botshelo jwa yone mo kotsing gore e sireletse kwanyana ya yone. Le fa go ntse jalo, tota le yone nku e e godileng e ka se kgone go emelana le tau. Ka jalo, go ne go tlhokega badisa ba ba pelokgale go sireletsa letsomane.—1 Samuele 17:34, 35.

Jehofa o sireleditse dinku tsa gagwe tsa tshwantshetso mo ‘taung e e kurutlang’ ka go rulaganya gore go nne le badisa ba semoya ba ba tlhokomelang letsomane ba eteletswe pele ke “modisa yo mogolo,” Jesu Keresete. (1 Petere 5:4) Petere o naya banna bano ba ba tlhomilweng kgothatso eno: “Disang letsomane la Modimo le lo le tlhokometseng, e seng ka go patelelwa, mme e nne ka go rata; e bile e seng ka go rata poelo ya go sa ikanyege, mme e nne ka tlhagafalo.” (1 Petere 5:1, 2) Fa lona batsadi lo dirisana le badisa bano, ba ka nna ba kgona go thusa mosha go baakanya ditsela tsa gagwe semoyeng.

Fa badisa ba Bakeresete ba tlhoka go kgalema ngwana yo o tsuologang, o ka nna wa ikutlwa o batla go sireletsa ngwana wa gago mo kotlhaong eo. Le fa go ntse jalo, go dira jalo e tla bo e le phoso e e masisi. Petere o bolela jaana: “Ganetsanang le [Diabolo]”—e seng le badisa ba semoya.—1 Petere 5:9.

Fa Kotlhao e Gagametse

Fa ngwana wa gago a sa ikwatlhaye mme e le Mokeresete yo o kolobeditsweng, a ka nna a otlhaiwa ka tsela e e gagametseng go feta tsotlhe—go kgaolwa mo phuthegong. Tsela e o tla dirisanang le ene ka yone morago ga foo e tla ikaega ka dingwaga tsa gagwe le maemo a mangwe.

Fa ngwana yono a le mmotlana e bile a nna kwa gae, ka tlholego fela o tla tswelela pele o mo tlamela ka se a se tlhokang mo mmeleng. Gape ngwana yono o tlhoka go thapisiwa mo boitsholong le go otlhaiwa, mme ke wena o nang le boikarabelo jwa go dira jalo. (Diane 1:8-18; 6:20-22; 29:17) O ka nna wa rata go mo tshwarela thuto ya Baebele, e mo go yone a nnang le seabe ka botlalo. O ka mmontsha ditemana tse di farologaneng le dikgatiso tsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45) Gape o ka tsamaya le ngwana yo kwa dipokanong tsa Bokeresete mme wa dira gore a bape le wena. O ka dira sotlhe seno ka tsholofelo ya gore o tla utlwa kgakololo ya Dikwalo.

Seemo e nna se se farologaneng fa e le gore motho yo o kgaotsweng ga se ngwana yo mmotlana e bile a sa nne mo lapeng. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba kwa Korintha wa bogologolo a re: “Lo tlogele go ikopanya le motho yo o bidiwang mokaulengwe yo e leng mogokafadi kgotsa motho yo o bogagaru kgotsa moobamedi wa medingwana kgotsa mogobolodi kgotsa letagwa kgotsa yo o tsayang ka dikgoka, le gone lo se ka lwa ja le motho yo o ntseng jalo.” (1 Bakorintha 5:11) Le fa gone motsadi wa Mokeresete a ka nna a tlhoka go dirisana le motho yo o kgaotsweng fa a rulaganya dilo dingwe tsa lelapa, o tshwanetse a leka go tila go dirisana le ene go sa tlhokege.

Fa ngwana yo o dirileng phoso a otlhaiwa ke badisa ba Bakeresete, go tla bo go se botlhale gore o gane kgotsa o nyatse kgato ya bone e e theilweng mo Baebeleng. Fa o ema le ngwana wa gago yo o tsuologang, tota o tla bo o sa mo sireletse mo go Diabolo. E bile o tla bo o tsenya botsogo jwa gago jwa semoya mo kotsing. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o ema nokeng maiteko a badisa, o tla nna o “nonofile mo tumelong” mme o tla naya ngwana wa gago thuso e e molemo thata.—1 Petere 5:9.

Jehofa o Tla go Nonotsha

Fa ngwana wa gago a ka tsuologa, gopola gore ga o esi. Batsadi ba bangwe ba Bakeresete ba ile ba diragalelwa ke se se tshwanang. Le fa re ka lebana le diteko tse di ntseng jang, Jehofa a ka re nonotsha.—Pesalema 68:19.

Ikaege ka Jehofa ka thapelo. Kopanela le phuthego ya Bokeresete ka metlha. Ema nokeng kotlhao ya badisa ba ba tlhomilweng. Fa o dira jalo, o tla kgona go nna o nitame. Mme sekao sa gago se se molemo se ka thusa ngwana wa gago gore a amogele taletso e e lorato ya ga Jehofa a bo a boele kwa go ene.—Malaki 3:6, 7.

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Inonotshe ka thapelo le ka phuthego ya Bokeresete