Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgatelopele e Kgolo mo go Gatiseng Dibaebele Tsa Dipuo tsa Seafrika

Kgatelopele e Kgolo mo go Gatiseng Dibaebele Tsa Dipuo tsa Seafrika

Kgatelopele e Kgolo mo go Gatiseng Dibaebele Tsa Dipuo tsa Seafrika

BABADI ba ba tlhoafetseng ba Baebele go tswa kwa Yuropa le Amerika Bokone ga ba bolo go lemoga botlhokwa jwa gore Baafrika ba kgone go bala Lefoko la Modimo ka dipuo tsa bone. Go fitlhelela mokgele ono o o molemolemo, banna ba le bantsi ba ne ba tla mo Afrika gore ba ithute dipuo tsa Seafrika. Bangwe ba ne ba dira gore dipuo dingwe tsa Seafrika e nne dipuo tse di kwalwang le go gatisa didikishinare. Morago ga moo, ba ne ba simolola go ranolela Baebele mo dipuong di le dintsi tsa Seafrika. Tiro eno e ne e se motlhofo. The Cambridge History of the Bible ya re: “Moranodi o ne a tshwanelwa ke go batlisisa ka dingwaga di le dintsi pele a bona lefoko le le tshwanetseng le le tlhalosang dikgopolo tse di sa raraanang le tsa konokono tsa Bokeresete.”

Ka 1857 Batswana e ne ya nna bone ba ntlha go nna le thanolo e e feletseng ya Baebele, e le nngwe ya dipuo tse pele di neng di sa kwalwe tsa Seafrika. * E ne ya gatisiwa le go kopanngwa ka dikarolo, e seng jaaka buka e le nngwe. Fa nako e ntse e ya, dithanolo tsa Baebele di ne tsa nna gone ka dipuo tse dingwe tsa Seafrika. Bontsi jwa dithanolo tseno tsa pele tsa Seafrika di ne di na le leina la Modimo, e bong Jehofa, mo Dikwalong Tsa Sehebera kgotsa “Tesetamente e Kgologolo” le mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika kgotsa “Tesetamente e Ntšha.” Le fa go ntse jalo, dikgatiso tse di tlhabolotsweng le tse di ranotsweng sesha di ne tsa dirwa ke batho ba ba neng ba sa tlotle leina le le boitshepo la Mokwadi wa Baebele e bong Jehofa. Go na le moo, ba ne ba latela ngwao ya Bajuda ya tumelabotlhodi ya go dirisa direto tse di jaaka Modimo kgotsa Morena mo boemong jwa leina la Modimo. Ka jalo, go ne ga tlhokega gore batho ba ba ratang Modimo ba mo Afrika ba nne le thanolo ya Baebele e e busetsang leina la Modimo.

Fa e sa le ka dingwaga tsa bo1980, Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ile sa leka ka natla gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e ranolelwe mo dipuong di le dintsi tse dikgolo tsa Seafrika. Ka ntlha ya seo, gompieno batho ba ba ratang Baebele ba le diketekete mo Afrika ba kgona go bala Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka puo ya bone. Go fitlha jaana, Thanolo ya Lefatshe le Lesha, e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone, e gone ka dipuo di le 17 tsa Seafrika.

Babadi ba Dibaebele tseno tsa dipuo tsa Seafrika ba itumelela go nna le thanolo e e dirisang leina le le galalelang la Modimo, e bong Jehofa. Ka sekai, fa Jesu a ne a ema mo sinagogeng kwa Nasaretha, o ne a itsise thomo ya gagwe ka go bala karolo nngwe mo momenong wa ga Isaia, mo leina la ga Rraagwe le tlhagang gone. (Isaia 61:1, 2) Go ya ka Efangele ya ga Luke jaaka e ranotswe mo kgatisong ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha, Jesu o ne a bala jaana: “Moya wa ga Jehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go bolelela bahumanegi dikgang tse di molemo, o ne a nthomela go rerela batshwarwa kgololo le difofu go kgona go bona gape, go tsamaisa ba ba gateletsweng thata ba golotswe, go rera ngwaga o o amogelesegang wa ga Jehofa.”Luke 4:18, 19.

Kgatelopele e nngwe mo go gatisiweng ga Dibaebele tsa dipuo tsa Seafrika e ne ya nna gone ka August 2005. Mo kgweding eo, dikhopi di feta 76 000 tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka dipuo tse di buiwang mo Afrika di ne tsa gatisiwa le go kopanngwa kwa lekaleng la Afrika Borwa la Basupi ba ga Jehofa. Mo palong eo go ne go na le Dibaebele di le 30 000 ka Seshona. Baebele eno e ne ya gololwa kwa Dikopanong tsa Basupi ba ga Jehofa tsa “Go Ikobela Modimo” kwa Zimbabwe.

Mo kgweding eo e e sa lebalesegeng, batho ba ba neng ba etetse lekala la Afrika Borwa ba ne ba itumelela go bona go gatisiwa Dibaebele tse dintšha ka dipuo tsa Seafrika. Nhlanhla, yo e leng leloko la lelapa la Bethele le le berekang mo motšhineng o o kopanyang dibuka a re: “Ke itumeletse thata go nna le tshiamelo ya go thusa mo go gatisiweng ga Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka Seshona le ka dipuo tse dingwe tsa Seafrika.” Eleruri, o sobokanya tsela e lelapa lotlhe la Bethele ya Afrika Borwa le ikutlwang ka yone.

Jaanong Dibaebele tseno tse disha di tla romelelwa batho ba Afrika ka bonako e bile go tla nna tlhwatlhwatlase go feta fa di ne di gatisiwa kwa moseja le go romelwa go tswa teng. Sa botlhokwa le go feta, gone jaanong Baafrika ba na le thanolo e e boammaaruri e e dirisang leina le le boitshepo la Mokwadi yo mogolo wa Baebele, e bong Jehofa Modimo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Ka 1835 Baebele e ne e setse e ranoletswe mo puong ya Se-Madagascar, mme ka 1840 mo puong ya Se-Amharic sa kwa Ethiopia. Dipuo tseno e ne e le tse di kwalwang pele ga Baebele e ranolelwa mo go tsone.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Leina la Modimo mo Baebeleng ya Setswana e e gatisitsweng ka 1840

[Motswedi wa Setshwantsho]

Harold Strange Library of African Studies

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Baeng ba ba tswang kwa Swaziland ba lebile Dibaebele tse disha jaaka di kopanngwa mo lekaleng la Afrika Borwa