Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Monna le Mosadi—Ba a Tlhokana

Monna le Mosadi—Ba a Tlhokana

Monna le Mosadi—Ba a Tlhokana

MONNA le mosadi ga ba bolo go eletsa go nna mmogo. Modimo ke ene a ba dirileng jalo. Jehofa o ne a bona go se molemo gore monna wa ntlha e bong Adame a nne a le nosi. Ka jalo Modimo o ne a direla “[monna] mothusi, gore e nne motlatsi wa gagwe.”

Jehofa o ne a dira gore Adame a welwe ke boroko jo bogolo mme morago ga moo o ne a tsaya longwe lwa dikgopo tsa gagwe a “dira logopo . . . go nna mosadi a bo a mo tlisa kwa monneng.” Adame o ne a itumetse tota fa a kopana le mosadi yono yo montle yo o bopilweng ke Jehofa mo e leng gore o ne a re: “Kgabagare yono ke lerapo la marapo a me le nama ya nama ya me.” Ka dinonofo tsa gagwe tsa bosadi, mosadi yono yo o itekanetseng e bong Efa, o ne a ratega tota. Mme Adame ka seriti sa gagwe o ne a tshwanelwa ke go tlotlwa. Ba ne ba tlhokana. Baebele ya re: “Ke gone ka moo monna o tla tlogelang rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.”—Genesise 2:18-24.

Le fa go ntse jalo, gompieno malapa a a kgaogana, mme gantsi monna le mosadi ba tshwarana ka tsela e e setlhogo kgotsa e e laolwang ke bogagapa. Moya wa kgaisano fa gare ga monna le mosadi o dira gore go nne le dikgotlhang. Dilo tseno tsotlhe ga di dumalane le boikaelelo jwa Modimo ka monna le mosadi. Monna o ne a bopetswe go nna le seabe sa botlhokwa mo lefatsheng. Mosadi o ne a tshwanetse go nna le maemo a a kgethegileng le a a botlhokwa a go nna mothusi wa monna wa gagwe. Ba ne ba tshwanetse go dira dilo mmogo ka kutlwano. Go tloga fela kwa tshimologong ya batho, banna le basadi ba ba boifang Modimo ba ne ba leka ka boikanyegi go dira dilo ka tsela e Jehofa a neng a ikaeletse ka yone, mme seno se dirile gore ba itumele le go kgotsofala. Seabe se monna le mosadi ba tshwanetseng go nna le sone ke sefe mme re ka se diragatsa jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Monna le mosadi ba bopetswe go nna le seabe se se tlotlegang mo thulaganyong ya Modimo