Monna le Mosadi—Seabe se se Tlotlegang sa Mongwe le Mongwe wa Bone
Monna le Mosadi—Seabe se se Tlotlegang sa Mongwe le Mongwe wa Bone
JEHOFA MODIMO o ne a bopa Adame pele, morago ga moo a bopa Efa. Pele ga Efa a bopiwa, Adame o ne a nna le boitemogelo mo botshelong. Mo nakong eno, Jehofa o ne a mo naya ditaelo tse di rileng. (Genesise 2:15-20) E re ka Adame e ne e le mmueledi wa Modimo, o ne a tshwanetse go bolelela mosadi wa gagwe ditaelo tseo. Go a utlwala he go bo a ne a tla etelela pele mo dilong tsotlhe go akaretsa le mo go tse di amanang le kobamelo.
Thulaganyo e e tshwanang le eo e gone mo phuthegong ya Bokeresete, mme re ka solegelwa molemo ke go e sekaseka. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ga ke letle mosadi . . . go dirisa taolo mo monneng, fa e se go nna ka tidimalo. Gonne Adame o ne a bopiwa pele, go tswa foo Efa.” (1 Timotheo 2:12, 13) Seno ga se reye gore mosadi o tshwanetse go didimala kwa pokanong ya phuthego ya Bokeresete. O tshwanetse go didimala ka kgopolo ya gore a se ka a ganetsana le monna. Ga a tshwanela go nyatsa maemo a monna a a neilweng kgotsa a leka go ruta phuthego. Banna ba neilwe tiro ya go okamela phuthego le go e ruta, mme basadi ba dira gore dipokano tsa Bokeresete e nne tse di itumedisang ka go nna le seabe mo go tsone ka ditsela tse di farologaneng.
Fa moaposetoloi Paulo a re lemosa gore seabe sa banna le basadi mo thulaganyong ya Modimo ke sefe, o ne a kwala jaana: “Gonne monna ga a tswe mo mosading, mme mosadi o tswa mo monneng . . . Mo godimo ga moo, mo Moreneng mosadi ga a teng kwantle ga monna le monna ga a teng kwantle ga mosadi [ba a tlhokana]. Gonne fela jaaka mosadi a tswa mo monneng, jalo monna le ene o gone ka mosadi; mme dilo tsotlhe di tswa mo Modimong.”—1 Bakor. 11:8-12.
Basadi ba Itumelela Ditshiamelo Tse di Molemo
Go ya ka Molao o Modimo a neng a o neile Baiseraele, basadi ba ne ba na le ditshiamelo di le dintsi mme ba ne ba kgona go dirisa bokgoni jwa bone. Ka sekai, Diane 31:10-31 e bua ka “mosadi yo o nang le bokgoni” yo o rekang letsela le lentle a bo a direla ba lelapa la gagwe diaparo tse dintle. Tota e bile, “o dirile le diaparo tsa kafa teng mme a di rekisa”! (Temana 13, 21-24) ‘Go tshwana le dikepe tsa mogwebi,’ mosadi yono yo o molemo o batla dijo tse di siameng, le fa a tshwanetse go di bona kwa mafelong a a kgakala. (Temana 14) “O akanyeditse tshimo mme a feleletsa a e bone,” mme o “jadile tshimo ya mofine.” (Temana 16) E re ka ‘kgwebo ya gagwe e le molemo,’ o dira madi a le mantsi. (Temana 18) Mo godimo ga go ‘tlhokomela dilo tse di diragalang mo ntlong ya gagwe,’ mosadi yono yo o senatla yo o boifang Jehofa o thusa ba bangwe ka bopelotshweu. (Temana 20, 27) Ga go gakgamatse go bo a bakwa!—Temana 31.
Melao ya ga Jehofa e e boleletsweng Moshe e ne ya naya basadi sebaka sa go gola semoyeng. Ka sekai, re bala jaana mo go Joshua 8:35: “Go ne go se na lefoko lepe mo go otlhe a Moshe a neng a a laetse le Joshua a neng a se ka a le balela kwa godimo fa pele ga phuthego yotlhe ya Iseraele, mmogo le basadi le bana ba bannye le baagi ba baeng ba ba neng ba tsamaya mo gare ga bone.” Malebana le Esera moperesiti, Baebele ya re: “A tlisa molao fa pele ga phuthego ya banna le ya basadi le ya botlhe ba ba botlhale go ka reetsa, mo letsatsing la ntlha la kgwedi ya bosupa. Mme a tswelela go e balela kwa godimo fa pele ga patlelo e e fa pele ga Kgoro ya Metsi, go simolola fa letsatsi le tlhaba go fitlha ka sethoboloko, fa pele ga banna le basadi le ba bangwe ba ba botlhale; mme ditsebe tsa batho botlhe di ne di reeditse buka ya molao.” (Nehemia 8:2, 3) Basadi ba ne ba solegelwa molemo ke go balwa ga Molao. Gape ba ne ba keteka meletlo ya bodumedi. (Duteronome 12:12, 18; 16:11, 14) Selo se se botlhokwa thata, basadi ba kwa Iseraele wa bogologolo ba ne ba ka nna le kamano le Jehofa Modimo le go mo rapela ka bobone.—1 Samuele 1:10.
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., basadi ba ba boifang Modimo ba ne ba na le tshiamelo ya go direla Jesu. (Luke 8:1-3) Mosadi mongwe o ne a tlotsa tlhogo le dinao tsa gagwe ka nako ya dijo tsa maitseboa kwa Bethani. (Mathaio 26:6-13; Johane 12:1-7) Basadi e ne e le bangwe ba batho ba Jesu a neng a bonala kwa go bone fa a sena go tsosiwa. (Mathaio 28:1-10; Johane 20:1-18) Fa Jesu a se na go tlhatlogela kwa legodimong, setlhopha sa batho ba ka nna 120 se se neng se kopane mmogo se ne se akaretsa “basadi bangwe le Marea mmaagwe Jesu.” (Ditiro 1:3-15) Kwantle ga pelaelo bontsi jwa basadi bano kgotsa botlhe fela ba ne ba le mo kamoreng e e kwa godimo kwa Jerusalema ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E., fa moya o o boitshepo o tshololelwa mo go bone mme barutwa ba ga Jesu ka kgakgamatso ba ne ba bua ka dipuo di le dintsi tse di farologaneng.—Ditiro 2:1-12.
Banna mmogo le basadi e ne e le bangwe ba batho ba ba neng ba bona go diragadiwa ga Joele 2:28, 29, jaaka e nopotswe ke moaposetoloi Petere ka letsatsi la Pentekosete: “Ke [Jehofa] tla tshololela mongwe wa moya wa me mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe, mme bomorwaalona le bomorwadialona ba tla porofeta . . . Le e leng mo batlhankeng ba me le mo malateng a me ke tla tshololela mongwe wa moya wa me mo metlheng eo.” (Ditiro 2:13-18) Ka nakwana morago ga Pentekosete ya 33 C.E., basadi ba Bakeresete ba ne ba abelwa dimpho tse di botlhokwa thata tsa moya. Ba ne ba bua ka dipuo di sele le go porofeta, seno se sa bolele gore ba ne ba bolelela dilo pele go na le moo ba ne ba ruta batho boammaaruri jwa Dikwalo.
Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a ileng a le kwalela Bakeresete ba Roma, o bua ka lorato ka “Febe kgaitsadi wa rona,” a mmuelela mo go bone. Gape o umaka Teraefina le Teraefosa, o ba Baroma 16:1, 2, 12) Le fa basadi bano ba ne ba sa tlhomiwa go nna balebedi mo phuthegong ya pele ya Bokeresete, bone le basadi ba bangwe ba le bantsi ba ne ba na le tshiamelo ya go tlhophiwa ke Modimo go kopanela le Morwawe, e bong Jesu Keresete, kwa Bogosing jwa selegodimo.—Baroma 8:16, 17; Bagalatia 3:28, 29.
bitsa “basadi ba ba dirang ka natla mo Moreneng.” (A bo basadi ba ba boifang Modimo ba itumelela tshiamelo e e molemolemo jang ne gompieno! Pesalema 68:11 ya re: “Jehofa ka boene o ntsha lefoko; basadi ba ba bolelang dikgang tse di molemo ke lesomo le legolo.” Basadi ba ba ntseng jalo ba tshwanelwa ke go akgolwa. Ka sekai, tsela e ba rutang ka yone ka botswerere fa ba tshwere dithuto tsa magae tsa Baebele e dira gore batho ba le bantsi ba amogele dithuto tsa boammaaruri tse di itumedisang Modimo. Basadi ba ba nyetsweng ba Bakeresete ba ba thusang bana ba bone go nna badumedi le ba ba emang banna ba bone nokeng ba ba nang le ditiro di le dintsi mo phuthegong le bone ba tshwanelwa ke go bakwa. (Diane 31:10-12, 28) Basadi ba ba sa nyalwang le bone ba na le maemo a a tlotlegang mo thulaganyong ya Modimo, mme banna ba Bakeresete ba gakololwa go ‘rapela basadi ba bagolwane jaaka bommaabo, makgarebana jaaka bokgaitsadiabone ka boitsheko jotlhe.’—1 Timotheo 5:1, 2.
Ditiro Tse di Farologaneng Tsa Monna
Monna wa Mokeresete o na le seabe se Modimo a mo abetseng sone mme go lebeletswe gore a se dire. Paulo o ne a re: “Ke batla gore lo itse gore tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna; Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.” (1 Bakorintha 11:3) Monna le ene o na le tlhogo—ke Keresete. Eleruri, monna o ikarabela mo go Keresete mme kgabagare mo Modimong. Mme Modimo o lebeletse gore monna a dirise botlhogo jwa gagwe ka tsela e e lorato. (Baefeso 5:25) Seno ga se bolo go nna jalo fa e sa le batho ba bopiwa.
Baebele e bontsha gore Modimo o neile monna ditiro go ya ka boemo jwa gagwe jwa botlhogo. Ka sekai, Jehofa o ne a dira gore monna yo o bidiwang Noa a age araka go boloka batho ka nako ya Morwalela. (Genesise 6:9–7:24) Monna yo o bidiwang Aborahame o ne a solofediwa gore ka losika lwa gagwe, malapa otlhe le ditšhaba tsa lefatshe di ne di tla itshegofatsa. Karolo ya konokono ya losika loo ke Keresete Jesu. (Genesise 12:3; 22:18; Bagalatia 3:8-16) Modimo o ne a tlhoma monna yo o bidiwang Moshe go etelela Baiseraele pele go tswa kwa Egepeto. (Ekesodo 3:9, 10, 12, 18) Jehofa o ne a dirisa Moshe go ntsha melao e e itsegeng e le kgolagano ya Molao kgotsa Molao wa ga Moshe. (Ekesodo 24:1-18) Bakwadi botlhe ba Baebele ke banna.
Jesu jaaka Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, o ne “a aba dimpho tse e leng banna.” (Baefeso 1:22; 4:7-13) Fa Paulo a umaka ditshwanelego tsa balebedi, o bua ka banna. (1 Timotheo 3:1-7; Tito 1:5-9) Ka jalo diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di okamelwa ke balebedi kgotsa bagolwane ba banna, le batlhanka ba bodiredi ba banna. (Bafilipi 1:1, 2; 1 Timotheo 3:8-10, 12) Banna ke bone fela ba e leng badisa mo phuthegong ya Bokeresete. (1 Petere 5:1-4) Le fa go ntse jalo, jaaka go setse go bontshitswe, basadi ba na le ditshiamelo tse di molemo tse ba di neilweng ke Modimo.
Ba Itumelela Seabe sa Bone
Go diragatsa seabe sa bone se ba se neilweng ke Modimo go leretse banna le basadi boitumelo. Manyalo a a itumetseng a nna gone fa banna le basadi ba etsa sekao sa ga Keresete le phuthego ya gagwe. Paulo o ne a kwala jaana: “Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone . . . A mongwe le mongwe wa lona ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata.” (Baefeso 5:25-33) Ka jalo, banna ba tshwanetse go dirisa botlhogo jwa bone ka lorato, e seng ka bogagapa. Phuthego ya ga Keresete ga e a dirwa ka batho ba ba itekanetseng. Le fa go ntse jalo, Jesu o a e rata le go e tlhokomela. Ka tsela e e tshwanang, monna wa Mokeresete o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe le go mo tlhokomela.
Mosadi wa Mokeresete “o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” (Baefeso 5:33) Mo kgannyeng eno, a ka leba phuthego jaaka sekao. Baefeso 5:21-24 ya re: “Ikobelaneng lo boifa Keresete. A basadi ba ikobele banna ba bone jaaka ba ikobela Morena, ka gonne monna ke tlhogo ya mosadi wa gagwe jaaka Keresete le ene a le tlhogo ya phuthego, ka ene e le mmoloki wa mmele ono. Tota e bile, jaaka phuthego e ikobela Keresete, jalo a basadi le bone ba nne jalo mo banneng ba bone mo go sengwe le sengwe.” Le fa ka dinako tse dingwe mosadi a ka fitlhela go le boima go nna mo taolong ya monna wa gagwe, seno se a “tshwanela [se siame] mo Moreneng.” (Bakolosa 3:18) Go nna mo taolong ya monna wa gagwe go tla nna motlhofo fa a gakologelwa gore seno se itumedisa Morena Jesu Keresete.
Tota le fa monna wa gagwe e se modumedi, mosadi wa Mokeresete o tshwanetse go ineela mo botlhogong jwa gagwe. Moaposetoloi Petere a re: “Lona basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e le gore, fa bangwe ba sa utlwe lefoko, ba gapiwe kwantle ga lefoko ka boitshwaro jwa basadi ba bone, ka ntlha ya go bo ba nnile basupi ba ba boneng ka matlho ba boitshwaro jwa lona jo bo itshekileng mmogo le tlotlo e e boteng.” (1 Petere 3:1, 2) Sara, yo o neng a tlotla monna wa gagwe, Aborahame, o ne a nna le tshiamelo ya go tshola Isake le go nna mmèmogologolwane wa ga Jesu Keresete. (Bahebera 11:11, 12; 1 Petere 3:5, 6) Basadi ba ba itshwarang jaaka Sara a ile a dira le bone ba ka tlhomamisega gore Modimo o tla ba segofatsa.
Kagiso le kutlwano di nna gone fa banna le basadi ba diragatsa seabe se mongwe le mongwe wa bone a se neilweng ke Modimo. Seno se dira gore ba kgotsofale le go itumela. Mo godimo ga moo, go ikobela ditaelo tsa Dikwalo go dira gore mongwe le mongwe a nne le seriti le maemo a a tlotlegang mo thulaganyong ya Modimo.
[Lebokoso mo go tsebe 7]
Kafa ba Ikutlwang ka Gone ka Seabe Se ba Se Neilweng ke Modimo
Susan a re: “Monna wa me o dirisa botlhogo jwa gagwe ka lorato le ka bopelonomi. Gantsi re tlotla ka ditshwetso tse re di dirang, mme fa a dira tshwetso, ke a itse gore e tla re solegela molemo. Thulaganyo ya ga Jehofa ka basadi ba Bakeresete ruri e a intumedisa e bile e dira gore lenyalo la rona le nonofe. Re na le kamano e e molemo mme re bereka mmogo go fitlhelela mekgele ya semoya.”
Mosadi mongwe yo o bidiwang Mindy a re: “Seabe se Jehofa a se neileng batlhanka ba gagwe ba basadi se re tlhomamisetsa gore o a re rata. Ke tsaya gore fa ke tlotla monna wa me le go mo tshegetsa mo ditirong tsa gagwe tsa phuthego ke bontsha gore ke leboga Jehofa ka thulaganyo eno.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 5]
Go ya ka maemo a monna a botlhogo, Modimo o ne a naya Noa, Aborahame le Moshe ditiro tse di farologaneng
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
“Basadi ba ba bolelang dikgang tse di molemo ke lesomo le legolo”