Jehofa ke Modimo yo o Anaanelang
Jehofa ke Modimo yo o Anaanelang
“Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.”—BAHEBERA 6:10.
1. Jehofa o ne a bontsha jang gore o anaanela Ruthe wa kwa Moabe?
JEHOFA o anaanela thata matsapa a a tsewang ke batho ba ba batlang go dira thato ya gagwe ka pelo yotlhe, mme o a ba duela. (Bahebera 11:6) Monna yo o ikanyegang e bong Boase o ne a itse sentle karolo eno e ntle ya botho jwa Modimo, ka gonne o ne a raya Ruthe wa kwa Moabe, yo o neng a tlhokomela matsalaagwe wa motlholagadi ka lorato a re: “E kete Jehofa a ka duela tsela e o dirang ka yone, mme e kete o ka nna le tuelo e e feletseng go tswa kwa go Jehofa.” (Ruthe 2:12) A Modimo o ne a segofatsa Ruthe? Ee, thata! Aitse polelo ya gagwe e kwadilwe mo Baebeleng! Mo godimo ga moo, o ne a nyalwa ke Boase mme a nna mmaagwemogologolwane wa ga Kgosi Dafide le wa ga Jesu Keresete. (Ruthe 4:13, 17; Mathaio 1:5, 6, 16) Seno ke sekai se le sengwe fela fela sa tse dintsi mo Baebeleng tse di bontshang kafa Jehofa a anaanelang batlhanka ba gagwe ka teng.
2, 3. (a) Ke eng se se dirang gore mafoko a ga Jehofa a go anaanela e nne a a kgatlhang? (b) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a kgona go bontsha kanaanelo ya mmatota? Tshwantsha.
2 Jehofa o ne a ka tsaya gore o tshiamololo fa a ne a ka se bontshe go anaanela. Bahebera 6:10 ya re: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe, ka lo diretse baitshepi e bile lo tswelela lo ba direla.” Se se dirang gore mafoko ano e nne a a kgatlhang ke gore Modimo o anaanela batho ba ba ineetseng le fa gone e le baleofi e bile ba tlhaela kgalalelo ya gagwe.—Baroma 3:23.
3 E re ka re sa itekanela, re ka nna ra akanya gore ditiro tsa rona tsa boineelo jwa bomodimo ga di mosola e bile ga di tshwanelwe ke masego a Modimo. Le fa go ntse jalo, Jehofa ene o tlhaloganya maitlhomo a rona le maemo a rona ka botlalo, mme o tsaya tirelo ya rona e re e dirang ka moya otlhe e le mosola thata. (Mathaio 22:37) Re ka tshwantsha jaana: Mmè o fitlhela mpho mo tafoleng ya gagwe—sebaga se se sa jang madi a mantsi. A ka nna a tsaya mpho eno e se na mosola a bo a e tlhokomologa. Le fa go ntse jalo, karata e e tsamayang le mpho eno e senola gore e tswa mo mosetsanyaneng wa gagwe, yo o dirisitseng madi otlhe a a a bolokileng go e reka. Jaanong mmaagwe ngwana o leba mpho eno ka tsela e sele. Gongwe a putsaputsa dikeledi, o tlamparela ngwana wa gagwe a bo a mmolelela kafa a e anaanelang ka teng go tswa pelong.
4, 5. Jesu o ne a etsa Jehofa jang ka go bontsha kanaanelo?
4 E re ka Jehofa a itse sentle maitlhomo a rona le mo re tlhaelang teng, o a anaanela fa re mo direla bojotlhe jwa rona, le fa e ka tswa e le mo gontsi kgotsa mo gonnye. Mo ntlheng eno, Jesu Luke 21:1-4.
o ne a tshwana le Rraagwe ka botlalo. Gopola pego e e mo Baebeleng ya motlholagadi yo o ileng a latlhela madinyana a mabedi mo letloleng. “Jaanong ya re [Jesu] a leba a bona bahumi ba latlhela dimpho tsa bone mo matloleng a matlotlo. Foo a bona motlholagadi mongwe wa motlhoki a latlhela madinyana a tshipi a mabedi a tlhwatlhwa e nnye fela thata moo, mme a re: ‘Ke lo bolelela boammaaruri, Motlholagadi yono, le mororo a humanegile, o latlhetse go feta kafa botlhe ba dirileng ka gone. Gonne botlhe bano ba latlhetse dimpho tse di tswang mo go se se setseng sa bone, mme mosadi yono go tswa mo letlhokong la gagwe o latlhetse gotlhe mo a itshedisang ka gone mo a neng a na le gone.’”—5 Ee, e re ka Jesu a ne a itse maemo a mosadi yono—gore e ne e le motlholagadi e bile a humanegile—o ne a kgona go bona tlhwatlhwa ya mmatota ya mpho ya gagwe, mme o ne a e anaanela thata. Go ka bolelwa se se tshwanang ka Jehofa. (Johane 14:9) A ga go kgothatse go itse gore le fa o ka nna mo maemong a a ntseng jang, o ka amogelwa ke Modimo wa rona yo o anaanelang le Morwawe?
Jehofa o Duela Moethiopia yo o Boifang Modimo
6, 7. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a bontsha go anaanela Ebede-meleke, mme o ne a bontsha seo jang?
6 Dikwalo di bontsha kgapetsakgapetsa gore Jehofa o bontsha batho ba ba dirang thato ya gagwe gore o a ba anaanela. Akanya kafa a ileng a dirisana ka teng le Ebede-meleke, Moethiopia yo o neng a boifa Modimo yo o neng a tshela mo motlheng wa ga Jeremia e bile e le motlhanka mo ntlong ya ga Kgosi Sedekia yo o sa ikanyegeng wa Juda. Ebede-meleke o ne a utlwa gore dikgosana tsa Juda di ne di latofaditse moporofeti Jeremia ka maaka di re o epa puso mme tsa mo latlhela mo mogobeng, gore a swele koo a bolawa ke tlala. (Jeremia 38:1-7) A ntse a itse gore Jeremia o ne a tlhoilwe fela thata ka ntlha ya molaetsa o a neng a o rera, Ebede-meleke o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing mme a ikuela mo kgosing. Moethiopia o ne a bua jaana ka bopelokgale: “Ao tlhe morena wa me kgosi, banna bano ba dirile bosula mo go sotlhe se ba se dirileng moporofeti Jeremia, yo ba mo latlhetseng mo mogobeng, gore a swele mo a leng teng ka ntlha ya leuba.” Fa kgosi e sena go ntsha taelo, Ebede-meleke o ne a tsaya banna ba le 30 mme a namola moporofeti wa Modimo.—Jeremia 38:8-13.
7 Jehofa o ne a bona gore Ebede-meleke o ne a na le tumelo, mme e ne ya mo thusa go fenya poifo epe e a ka tswang a ne a na le yone. Ka jalo, Jehofa o ne a bontsha gore o a anaanela mme a raya Ebede-meleke jaana a dirisa Jeremia: “Bona, ke diragatsa mafoko a me mo motseng ono gore go nne masetlapelo mme e seng molemo . . . Mme ke tla go golola mo letsatsing leo, . . . ga o na go tsenngwa mo seatleng sa banna ba o ba tshabang. Gonne eleruri ke tla go falotsa . . . ; o tla nna le moya wa gago e le thopo, ka gonne o inkantse.” (Jeremia 39:16-18) Ee, Jehofa o ne a golola Ebede-meleke, mmogo le Jeremia, mo dikgosaneng tse di bosula tsa Juda mme moragonyana mo Bababeloneng, ba ba neng ba senya Jerusalema. Pesalema 97:10 ya re: “[Jehofa] o disitse meya ya batho ba gagwe ba ba ikanyegang; o ba golola mo seatleng sa ba ba boikepo.”
“Rrago yo o Lebang mo Sephiring o Tla go Duela”
8, 9. Jaaka Jesu a bontshitse, Jehofa o anaanela dithapelo tsa mofuta ofe?
8 Bosupi jo bongwe jwa gore Jehofa o anaanela boineelo jwa rona jwa bomodimo e bile o bo tsaya bo le botlhokwa bo bonala mo go se Baebele e se bolelang malebana le thapelo. Monna yo o botlhale o ne a re: “Thapelo ya ba ba thokgameng e . . . ipedisa [Modimo].” (Diane 15:8) Mo motlheng wa ga Jesu baeteledipele ba le bantsi ba bodumedi ba ne ba rapela phatlalatsa, e se ka ntlha ya boineelo jwa mmatota mo Modimong mme e le ka ntlha ya go eletsa go kgatlha batho. Jesu o ne a re: “Ba bona maduo a bone ka botlalo.” Mme o ne a laela balatedi ba gagwe a re: “Le fa go ntse jalo, wena, fa o rapela, tsena mo phaposing ya gago mme, fa o sena go tswala setswalo sa gago, rapela Rrago yo o mo sephiring; mme Rrago yo o lebang mo sephiring o tla go duela.”—Mathaio 6:5, 6.
9 Gone ke boammaaruri gore Jesu o ne a sa kgale go rapela phatlalatsa, ka gonne ene ka boene o ne a tle a rapele phatlalatsa. (Luke 9:16) Jehofa o anaanela thata fa re mo rapela ka bopeloephepa, re se na boikaelelo bope jwa go kgatlha batho ba bangwe. Tota dithapelo tse re di rapelang re le rosi, di bontsha sentle gore lorato lwa rona mo Modimong lo boteng go le kana kang le gore re mo ikanya go le kana kang. Ka gone, ga go gakgamatse go bo gantsi Jesu a ne a batla mafelo a a fitlhegileng gore a rapele mo go one. Nako nngwe o ne a rapela jalo “go sa le phakela, go santse go le lefifi.” Ka lekgetlho le lengwe, o ne “a tlhatlogela kwa thabeng a le nosi go ya go rapela.” Mme pele a tlhopha baaposetoloi ba gagwe ba ba 12, Jesu o ne a rapela bosigo jotlhe a le esi.—Mareko 1:35; Mathaio 14:23; Luke 6:12, 13.
10. Fa dithapelo tsa rona di bontsha bopeloephepa le keletso e kgolo ya go direla Modimo, re ka tlhomamisega ka eng?
10 Akanya fela gore Jehofa o tshwanetse a bo a ile a reetsa mafoko a Morwawe a a tswang mo pelong ka tlhoafalo jang! Ee ruri, ka dinako tse dingwe Jesu o ne a rapela “ka dilelo tse dikgolo le dikeledi, mme o ne a utlwiwa ka kamogelo ka ntlha ya poifo ya gagwe ya bomodimo.” (Bahebera 5:7; Luke 22:41-44) Fa dithapelo tsa rona di bontsha bopeloephepa jalo le keletso e kgolo ya go mo direla, re ka tlhomamisa gore Rraarona yo o kwa legodimong o reetsa ka kelotlhoko e bile o a anaanela. Ee, “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba . . . mmitsang ka boammaaruri.”—Pesalema 145:18.
11. Jehofa o ikutlwa jang ka se re se dirang mo sephiring?
11 Fa e le gore Jehofa o a anaanela fa re mo rapela mo sephiring, a bo a tshwanetse a bo a itumela jang fa re le kutlo mo sephiring! Ee, Jehofa o nna a itse se re se dirang mo sephiring. (1 Petere 3:12) Ee ruri, fa re ikanyega e bile re le kutlo re sa bonwe ke ope, seo se supa sentle gore re na le “pelo e e feletseng” mo go Jehofa, pelo e e nang le maitlhomo a a itshekileng e bile e nitame mo go se se siameng. (1 Ditiragalo 28:9) A bo boitsholo jo bo ntseng jalo bo ipedisa pelo ya ga Jehofa jang ne!—Diane 27:11; 1 Johane 3:22.
12, 13. Re ka disa pelo le mogopolo wa rona jang mme ra tshwana le morutwa yo o ikanyegang e bong Nathanaele?
Bahebera 4:13; Luke 8:17) Fa re leka go tila dilo tse di sa itumediseng Jehofa, seo se dira gore re nne le segakolodi se se phepa e bile re itumelela go itse gore re amogelwa ke Modimo. Ee, ga go pelaelo gore Jehofa ruri o anaanela motho “yo o tsamayang ka go tlhoka molato le yo o dirang tshiamo e bile a bua boammaaruri mo pelong ya gagwe.”—Pesalema 15:1, 2.
12 Ka jalo, Bakeresete ba ba ikanyegang ba tila maleo a mo sephiring a a senyang pelo le mogopolo a a jaaka go lebelela ditshwantsho tse di hepisang le thubakanyo. Le fa maleo mangwe a ka tswa a fitlhegile mo bathong, re lemoga gore “dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang mo go ene.” (13 Mme re ka disa jang mogopolo le pelo ya rona mo lefatsheng le le tletseng bosula? (Diane 4:23; Baefeso 2:2) Mo godimo ga go dirisa dithulaganyo tsotlhe tsa semoya ka botlalo, re tshwanetse ra dira sotlhe se re ka se kgonang gore re tile se se bosula mme re dire se se molemo, re tsaya kgato ka bofefo gore dikeletso tse di sa siamang di se ka tsa emera mme tsa tsala boleo. (Jakobe 1:14, 15) Akanya fela gore o ne o ka itumela jang fa Jesu a ne a ka bua ka wena jaaka a ile a bua ka Nathanaele: “Bona, [monna] yo go se nang tsietso epe mo go ene.” (Johane 1:47) Nathanaele, yo gape a bidiwang Barotholomeo, moragonyana o ne a nna le tshiamelo ya go nna mongwe wa baaposetoloi ba ga Jesu ba ba 12.—Mareko 3:16-19.
“Moperesiti yo Mogolo yo o Nang le Kutlwelobotlhoko Le yo O Ikanyegang”
14. Tsela e Jesu a neng a tsaya ka yone se Marea a se dirileng e ne e farologana jang le ya ba bangwe?
14 E re ka Jesu e le “setshwano sa Modimo yo o sa bonaleng,” Jehofa, o nna a etsa Rraagwe ka mo go feletseng ka go bontsha go anaanela batho ba ba direlang Modimo ba tlhotlhelediwa ke pelo e e phepa. (Bakolosa 1:15) Ka sekai, malatsi a le matlhano pele Jesu a ineela gore a bolawe, ene le bangwe ba barutwa ba gagwe ba ne ba etetse kwa legaeng la ga Simone wa kwa Bethani. Maitseboa, kgaitsadia Lasaro e bong Marea, o ne “a tsaya ponto ya leokwane le le nkgang monate, naredo ya mmatota, e e tlhwatlhwakgolo fela thata” (e lekana ka tlhwatlhwa le dituelo tsa ngwaga o le mongwe,) mme a e tshela mo tlhogong le mo dinaong tsa ga Jesu. (Johane 12:3) Bangwe ba ne ba re: “Ke ka ntlha yang fa go dirwa tshenyo e e kana kana?” Le fa go ntse jalo, Jesu ene o ne a sa tseye se Marea a se dirang e le tshenyo. O ne a se tsaya e le bopelotshweu jo bogolo e bile se le botlhokwa thata e re ka a ne a le gaufi le gore a swe a bo a fitlhwe. Ka jalo, mo boemong jwa go tshwaya Marea phoso, Jesu o ne a mo tlotla. O ne a re: “Gongwe le gongwe fela kwa dikgang tse di molemo di rerwang gone mo lefatsheng lotlhe, se mosadi yono a se dirileng le sone se tla bolelwa e le go mo gopola.”—Mathaio 26:6-13.
15, 16. Re solegelwa molemo jang ke go bo Jesu a ile a tshela a bo a direla Modimo e le motho?
15 A bo e le tshiamelo jang ne go nna le Moeteledipele yo o anaanelang jaana jaaka Jesu! Tota e bile, botshelo jwa ga Jesu e le motho bo ne jwa mo thusa go ipaakanyetsa tiro e Jehofa a neng a mmaakanyeditse yone—go nna Moperesiti yo Mogolo le Kgosi, la ntlha e le wa phuthego ya batlodiwa mme morago e le wa lefatshe lotlhe.—Bakolosa 1:13; Bahebera 7:26; Tshenolo 11:15.
16 Pele Jesu a tla mo lefatsheng, o ne a setse a kgatlhegela batho thata e bile a ba rata thata. (Diane 8:31) Fa Jesu a ne a tshela e le motho, o ne a simolola go tlhaloganya ka botlalo diteko tse re nnang le tsone fa re ntse re direla Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “[Jesu] o ne a patelesega go tshwana le ‘bomorwarraagwe’ ka ditsela tsotlhe, gore a tle a nne moperesiti yo mogolo yo o nang le kutlwelobotlhoko le yo o ikanyegang . . . Gonne e re ka ene ka boene a bogile fa a ne a lekwa, o kgona go tswa ba ba lekwang thuso.” Jesu a ka “re utlwela botlhoko ka makoa a rona” ka gonne ‘o lekilwe ka ditsela tsotlhe jaaka rona, mme a se na boleo.’—Bahebera 2:17, 18; 4:15, 16.
17, 18. (a) Makwalo a a yang kwa diphuthegong tse supa tsa Asia Minor a senola eng ka bogolo jwa kanaanelo ya ga Jesu? (b) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba thusiwa go ipaakanyetsa eng?
17 Fa Jesu a sena go tsosiwa go ile ga bonala kafa a neng a tlhaloganya diteko tsa balatedi ba Tshenolo 2:8-10.
gagwe go feta pele ka teng. Ela tlhoko makwalo a gagwe ao a a kwaletseng diphuthego tse supa tsa kwa Asia Minor, jaaka di kwadilwe ke moaposetoloi Johane. Jesu o ne a raya phuthego ya kwa Semerena a re: “Ke itse pitlagano ya gago le lehuma.” Fano tota Jesu o ne a re, ‘Ke tlhaloganya mathata a gago sentle; ruri ke itse se o lebaneng le sone.’ Mme Jesu o ne a oketsa jaana a bua ka bopelotlhomogi le go tlhomamisega ka gonne ene a ile a boga go ya losong: “Itshupe o ikanyega go ya losong, mme ke tla go naya serwalo sa botshelo.”—18 Makwalo a Jesu a a kwaletseng diphuthego tse supa a tletse ka mafoko a a bontshang gore Jesu o ne a lemoga ka botlalo mathata a barutwa ba gagwe e bile a anaanela thata boikanyegi jo ba bo bontshitseng mo matshelong a bone. (Tshenolo 2:1–3:22) Gopola gore batho ba Jesu a neng a bua le bone e ne e le Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba nang le tsholofelo ya go ya go busa mmogo le ene kwa legodimong. Fela jaaka Morena wa bone, ba ne ba thusiwa go ipaakanyetsa maemo a bone a a kwa godimo a go thusa go diragatsa ka bopelotlhomogi jo bogolo melemo ya setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo mo bathong ba ba lwalang.—Tshenolo 5:9, 10; 22:1-5.
19, 20. Bao ba bopang “boidiidi jo bogolo” ba bontsha jang gore ba anaanela Jehofa le Morwawe?
19 Gone ke boammaaruri, lorato lo Jesu a ratang balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ka lone, o lo bontsha le “dinku tse dingwe” tsa gagwe tse di ikanyegang, ba dimilione tsa bone jaanong di bopang se e tla nnang “boidiidi jo bogolo . . . bo tswa mo merafeng yotlhe,” jo bo tla falolang ‘pitlagano e kgolo’ e e tlang. (Johane 10:16; Tshenolo 7:9, 14) Bano ba thelegela kafa letlhakoreng la ga Jesu ka gonne ba anaanela setlhabelo sa gagwe sa thekololo e bile ba solofetse go tshelela ruri. Ba bontsha jang gore ba a anaanela? Ka go “direla [Modimo] tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo.”—Tshenolo 7:15-17.
20 Pego ya lefatshe lotlhe ya ngwaga wa tirelo wa 2006, e e mo go tsebe 27 go ya go 30, e bontsha sentle gore badiredi bano ba ba ikanyegang ruri ba “direla [Jehofa] tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo.” E bile tota, ka ngwaga oo o le osi, bone mmogo le setlhopha se sennye sa masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ile ba dirisa diura di le 1 333 966 199 mo bodireding jwa phatlalatsa—nako e e lekanang le dingwaga di feta 150 000 kgakala!
Tswelela Pele o Bontsha Kanaanelo!
21, 22. (a) Mo ntlheng ya go bontsha kanaanelo, ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse ba itisa thata mo metlheng eno? (b) Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?
21 Fa Jehofa le Morwawe ba ntse ba dirisana le batho ba ba sa itekanelang, ba ile ba bontsha kanaanelo e e boteng ka tsela e e gakgamatsang. Mme ka maswabi bontsi jwa batho ga ba na sepe le Modimo, ba kgatlhegela fela dilo tse di amang bone. Paulo o ne a kwala jaana a tlhalosa batho ba ba tshelang mo “metlheng ya bofelo”: “Batho ba tla nna baithati, barati ba madi . . . Ba tla bo ba se na tebogo gotlhelele.” (2 Timotheo 3:1-5, Phillips) A bo batho bano ba farologana thata jang ne le Bakeresete ba boammaaruri, bao ka thapelo e e tswang pelong, ka go nna kutlo ka go rata le go direla ka moya otlhe ba bontshang gore ba anaanela sotlhe se Modimo a se ba diretseng!—Pesalema 62:8; Mareko 12:30; 1 Johane 5:3.
22 Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka dingwe tsa dithulaganyo tse dintsi tsa semoya tse Jehofa a re diretseng tsone ka lorato. Fa re ntse re akanya ka ‘dimpho tseno tse di molemo,’ e kete re ka nna le kanaanelo e e oketsegileng le go feta pele.—Jakobe 1:17.
O ne O ka Araba Jang?
• Jehofa o bontshitse jang gore ke Modimo yo o anaanelang?
• Fa re le rosi, re ka ipedisa pelo ya ga Jehofa jang?
• Jesu o ne a bontsha go anaanela ka ditsela dife?
• Go tshela ga ga Jesu e le motho mo lefatsheng go ne ga mo thusa jang gore a nne mmusi yo o pelotlhomogi le yo o anaanelang?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Fela jaaka motsadi a rata dilo tse dinnye tse ngwana wa gagwe a mmontshang lorato ka tsone, Jehofa o a anaanela fa re mo naya sotlhe se re ka se kgonang