Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Se o Ka se Ithutang mo Baneng?

Ke Eng Se o Ka se Ithutang mo Baneng?

Ke Eng Se o Ka se Ithutang mo Baneng?

“O ITSHWERE jaaka ngwana!” Fa re ne re ka tewa mafoko ao re ne re tla kgopisega. Le fa bana ba bannye ba ratega jaana, ga ba ise ba gole ka mo go lekaneng e bile ga ba na maitemogelo mo botshelong le botlhale jo gantsi batho ba ba godileng ba nang le jone.—Jobe 12:12.

Le fa go ntse jalo, nako nngwe Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ammaaruri ke a lo raya, Fa lo sa sokologe lo bo lo nna jaaka bana ba babotlana, ga lo na go tsena mo bogosing jwa magodimo ka gope.” (Mathaio 18:3) Ke eng se Jesu a neng a se kaya ka mafoko ao? Ke dinonofo dife tse bana ba bannye ba nang le tsone tse bagolo ba tshwanetseng go di etsa?

Go Nna Boikokobetso Jaaka Bana

Akanya ka boemo jo bo neng jwa dira gore Jesu a bue seo. Fa Jesu a sena go goroga kwa Kaperenama morago ga mosepele o moleele, o ne a botsa barutwa ba gagwe jaana: “Ke eng se lo neng lo ngangisana ka sone mo tseleng?” Barutwa bano ka gonne ba ne ba tlhabilwe ke ditlhong ba ne ba didimala, ka gonne ba ne ba ngangisana ka gore ke mang mo go bone yo mogolo. La bofelo ba ne ba ipeta sebete mme ba botsa Jesu ba re: “Ke mang tota yo mogolo thata mo bogosing jwa magodimo?”—Mareko 9:33, 34; Mathaio 18:1.

Go ka lebega go gakgamatsa gore barutwa ba ngangisane ka maemo morago ga gore ba nne le Jesu ka dingwaga di ka nna tharo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba godiseditswe mo bodumeding jwa Bajuda, jo bo neng bo tsaya maemo a le botlhokwa thata. Go lebega go golela mo bodumeding jono, mmogo le go bo e le batho ba ba sa itekanelang, go ile ga tlhotlheletsa tsela e barutwa ba akanyang ka yone.

Jesu o ne a nna fa fatshe, a bitsa barutwa, mme a re: “Fa mongwe a batla go nna wa ntlha, o tshwanetse go nna wa bofelo mo go botlhe le modiredi wa botlhe.” (Mareko 9:35) Mafoko ano a tshwanetse a bo a ile a ba gakgamatsa thata. Tsela e Jesu a neng a tlhalosa dilo ka yone e ne e sa tshwane le e Bajuda ba lebang dilo ka yone mo kgannyeng ya go nna mogolo! Go tswa foo Jesu o ne a biletsa ngwana yo mmotlana fa go ene. O ne a gatelela ntlha ka go tlamparela ngwana ka lorato, a bo a re: “Ammaaruri ke a lo raya, Fa lo sa sokologe lo bo lo nna jaaka bana ba babotlana, ga lo na go tsena mo bogosing jwa magodimo ka gope. Jalo, le fa e le mang yo o tla ikokobetsang jaaka ngwana yo mmotlana yono ke ene yo mogolo thata mo bogosing jwa magodimo.”—Mathaio 18:3, 4.

Eno ke thuto e kgolo thata ya boikokobetso! Akanya ka tiragalo eno. Setlhopha sa banna ba bagolo ba ba masisi se dikaganyeditse ngwana yo monnye ba mo tlhomile matlho. Banna bano ba ne ba tlhoma ngwana yono matlho. Ngwana yono o ne a sa belaele sepe! O ne a se na letlhoo! O ne a le boikobo e bile a sa ikgogomose! Ngwana yono o ne a emela sentle nonofo eno ya bomodimo ya boikokobetso.

Se Jesu a neng a se bua se utlwala sentle. Rotlhe re tshwanetse go nna boikokobetso jaaka bana gore re tle re rue Bogosi jwa Modimo. Mo thulaganyong ya ga Jehofa e e tshwanang le lelapa, kgaisano kana boikgogomoso ga di letlelelwe. (Bagalatia 5:26) Tota e bile eno ke yone mekgwa e e dirileng gore Satane Diabolo a tsuologele Modimo. Ke sone se Jehofa a e tlhoileng jaana!—Diane 8:13.

Bakeresete ba boammaaruri ba batla go direla ba bangwe, e seng go bontsha gore ba na le maatla go le kana kang. Le fa tiro e sa ratege go le kana kang kana motho yo re mo direlang e le wa maemo a a kwa tlase go le kana kang, boikokobetso jwa boammaaruri bo re tlhotlheletsa go direla ba bangwe. Tirelo e e ntseng jalo ya boikokobetso e kgotsofatsa tota. Jesu a re: “Le fa e le mang yo o amogelang mongwe wa bana ba babotlana ba ba ntseng jaana mo motheong wa leina la me, o amogela nna; mme le fa e le mang yo o nkamogelang, o amogela, e seng nna fela, mme le yo o nthometseng.” (Mareko 9:37) Go leka go nna le moya wa go aba, wa boikokobetso jaaka bana go dira gore re nne seoposengwe le Motho yo o kwa godimo thata mo lobopong mmogo le Morwawe. (Johane 17:20, 21; 1 Petere 5:5) Re tla itumela fa re aba. (Ditiro 20:35) Mme re kgotsofadiwa ke go nna le seabe mo go atiseng kagiso le kutlwano tse di leng teng mo gare ga batho ba Modimo.—Baefeso 4:1-3.

Ba Rutega Motlhofo e Bile ba a Ikanya

Go tswa foo Jesu o tlhalosa thuto e nngwe e bagolo ba ka e ithutang mo baneng: “Le fa e le mang yo o sa amogeleng bogosi jwa Modimo jaaka ngwana yo mmotlana ga a na go tsena mo go jone ka gope.” (Mareko 10:15) Bana ba ikokobeditse mme gape ba rutega motlhofo. Mmè mongwe a re: “Ba monya tshedimosetso jaaka sepontšhe.”

Ka jalo, re tshwanetse gore re amogele re bo re ikobele molaetsa wa Bogosi gore re tle re rue Bogosi jwa Modimo. (1 Bathesalonika 2:13) Jaaka masea a a sa tswang go tsholwa, re tshwanetse go ‘tlhologelelwa mashi a a sa tswakanngwang a e leng a lefoko, gore re gole go ya polokong ka one.’ (1 Petere 2:2) Re ka dirang fa re fitlhela go le thata go tlhaloganya thuto nngwe ya Baebele? Motho mongwe yo tiro ya gagwe e leng go tlhokomela bana a re: “Bana ba rata go nna ba botsa ba re ‘Ka ntlha yang?’ go fitlha ba newa dikarabo tse di ba kgotsofatsang.” Go molemo gore le rona re ba etse. Ka jalo, tswela pele o ithuta. Bua le Bakeresete ba ba nang le maitemogelo. Kopa Jehofa gore a go neye botlhale. (Jakobe 1:5) Kwa ntle ga pelaelo, fa o tswelela o rapela ka metlha, o tla arabiwa.—Mathaio 7:7-11.

Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka ipotsa jaana, ‘A batho ba ba rutegang motlhofo ba ka se tsiediwe motlhofo?’ Go ka se nne jalo fa ba na le kaelo e ba ka e ikanyang. Ka sekai, bana ka tlholego ba batla kaelo mo batsading ba bone. Rre mongwe a re: “Batsadi ba itshupa gore ba ka ikanngwa ka go sireletsa bana ba bone le go ba tlhokomela letsatsi le letsatsi.” Le rona re na le mabaka a a tshwanang a go ikanya Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa. (Jakobe 1:17; 1 Johane 4:9, 10) Jehofa o re naya kaelo ya gagwe e e tlhomameng mo Lefokong la gagwe le le kwadilweng. Moya wa gagwe o o boitshepo le phuthego ya gagwe di a re gomotsa le go re nonotsha. (Mathaio 24:45-47; Johane 14:26) Go dirisa dilo tseno go tla re boloka re babalesegile gore re se ka ra gobala semoyeng.—Pesalema 91:1-16.

Gape go ikanya Modimo jalo jaaka bana go dira gore re nne le kagiso ya mogopolo. Mokanoki mongwe wa Baebele a re: “Fa re le bana re tsaya mosepele re se na le se re tla o duelang ka sone, re sa itse le gore mosepele o tlile go felela kae, mme ga nke le ka motlha re belaela gore batsadi ba rona ba tla tlhomamisa gore re goroga re babalesegile kwa re yang teng.” A re ikanya Jehofa ka tsela e e tshwanang jaaka botshelo e le mosepele o re o tsereng?—Isaia 41:10.

Go ikanya Modimo ka botlalo go re thusa go tila mekgwa le ditiro tse di ka bayang bomoya jwa rona mo kotsing. Mme go na le moo, re dumela mafoko a ga Jesu ka botlalo fa a ne a re Rraarona yo o kwa legodimong o itse ditiro tsa rona le gore fa fela re baya Bogosi le tshiamo ya Modimo kwa pele, Modimo o tla re tlhokomela. Seno se tla re thusa go emelana le teko ya go tlhoma mogopolo mo dilong tse re di tlhokang go na le go diragatsa maikarabelo a rona a semoya.—Mathaio 6:19-34.

“Masea Malebana le Bosula”

Le fa bana ba bannye ba tshotswe ba sa itekanela, ba na le pelo le tlhaloganyo tse di itshekileng ka tsela e e itumedisang. Ke sone se Baebele e kgothatsang Bakeresete jaana: “Nnang masea malebana le bosula.”—1 Bakorintha 14:20.

Akanya ka Monique, yo o nang le dingwaga di le tlhano, yo o neng a raya mmaagwe jaana a itumetse: “Tsala ya me e ntšha, Sarah, o na le moriri o o itshopileng jaaka wa me!” Ga a ka a umaka mmala wa letlalo la ga Sarah kana lotso lwa gagwe. Motsadi mongwe a re: “Bana ba bannye ga ba bone mmala wa letlalo la motho. Ga ba itse sepe ka lotso kana ka go tlhaola batho go ya ka mmala wa bone.” Mo kgannyeng eno, bana ba etsa tsela e Modimo wa rona yo o senang tlhaolele a lebang dilo ka yone, ka gonne o rata batho ba ditšhaba tsotlhe.—Ditiro 10:34, 35.

Bana gape ba na le bokgoni jo bo tlhomologileng jwa go itshwarela. Motsadi mongwe a re: “Fa Jack le Levi ba lwa, re ba raya re re ba kopane maitshwarelo, mme go tswa foo ba tshameka mmogo gape ba itumetse. Ga ba ngale, e bile ga ba nnele go bua ka dilo tse di fetileng, gape ga ba sokodise pele ga ba itshwarelana. Ba tswela pele ba itshamekela ba itumetse.” Seno ke sekao se se molemo se bagolo ba ka se etsang!—Bakolosa 3:13.

Gape bana ba dumela ba sa belaele gore Modimo o teng. (Bahebera 11:6) Go bo e le batho ba ba gololesegileng ka tlholego gantsi go dira gore ba rerele ba bangwe ba sa tshabe. (2 Dikgosi 5:2, 3) Dithapelo tsa bone tse di sa raraanang tse di tswang mo pelong di ka ama le motho yo o nang le pelo e e thata. Mme fa ba lebane le teko, ba kgona go nna le maatla a a tlhomologileng a go dira se se siameng. Bana ba bannye ke dimpho tse di tlhwatlhwakgolo tota!—Pesalema 127:3, 4

Bontle bo a Busediwa

O ka nna wa ipotsa gore, ‘A go ka kgonega gore bagolo ba boe ba nne le dinonofo tse di molemo tse bana ba nang le tsone?’ Karabo e e tlhamaletseng le e e kgothatsang ke gore ee, seo se ka kgonega! Go bo Jesu a ile a ntsha taelo ya gore re ‘nne jaaka bana ba babotlana’ go bontsha gore go ka kgonega.—Mathaio 18:3.

Go tshwantsha: Setlhopha sa bataki se ka baakanya setshwantsho sengwe se se tlhwatlhwakgolo se se takilweng gore se boe se nne sentle gape. Fa ba ntse ba tshwaragane le tiro eo, ba tlosa leswe le le pakelelaneng ba bo ba baakanya se se neng sa senngwa ke batho bangwe ba ba se nang bokgoni fa ba ne ba leka go baakanya setshwantsho seo se se takilweng. Fa batho bano ba ba baakanyang setshwantsho seo se se takilweng ba sena go nna pelotelele ba se baakanya, se boela se nne sentle gape ka mebala ya sone e mentle gore botlhe ba se bone. Ka tsela e e tshwanang, fa re dira maiteko, re na le thuso ya moya o o boitshepo wa ga Jehofa le go engwa nokeng ke phuthego ya Bokeresete, re ka boa ra nna le dinonofo tse dintle tse di neng di itlela fela ka tlholego fa re ne re le bana.—Baefeso 5:1.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Bana ba ikokobeditse ka tlholego

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Bana ba bannye ga ba na tlhaolele, mme ba itshwarela ka bonako ba bo ba lebala