Se se Dirang Gore ke Itumelele go Dira Barutwa
Kgang ya Botshelo
Se se Dirang Gore ke Itumelele go Dira Barutwa
Jaaka go Boletse Pamela Moseley
Ntwa e ne e gaketse kwa Engelane ka 1941 fa mmè a ne a ya le nna kwa Leicester kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa. Re ne ra reetsa puo e e kgethegileng e e neng e beilwe ke Joseph Rutherford a bua ka bana. Fa nna le Mmè re ne re kolobediwa kwa kopanong eo, ke ne ka bona gore batho ba ba neng ba re thusitse gore re gole semoyeng ba ne ba itumetse thata. Ka nako eo ke ne ke sa itse gore go dira barutwa ba ga Jesu Keresete go itumedisa thata jaana.
RE ne re simolotse go dira kgatelopele mo kgannyeng ya go nna barutwa mo ngwageng wa 1940. Ke sa ntse ke gakologelwa letsatsi le le boifisang leo ka September 1939 fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e simologa. Ke ne ka bona mmè a tsholola dikeledi a ntse a re: “Ke eng fa go se na kagiso mo lefatsheng?” Batsadi ba me ba ne ba kile ba direla mo bosoleng ka Ntwa ya Lefatshe I mme ba ne ba bone matlhotlhapelo a e a bakileng. Mmè o ne a botsa moruti mongwe wa kereke ya Anglican kwa Bristol potso ya gore ke eng fa go se na kagiso mo lefatsheng. Moruti yoo o ne a re: “Dintwa ga di bolo go nna teng e bile di tla nna di ntse di le teng.”
Le fa go ntse jalo, ka bonako fela morago ga moo re ne ra etelwa ke mosadimogolo mongwe kwa gae. E ne e le Mosupi wa ga Jehofa. Mmè o ne a mmotsa potso eo: “Ke eng fa go se na kagiso mo lefatsheng?” Mosupi yoo o ne a tlhalosa gore dintwa ke karolo ya sesupo sa gore re tshela mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo e e tletseng thubakanyo. (Mathaio 24:3-14) Morago ga moo morwadie o ne a ithuta Baebele le rona. Mosadimogolo yono le morwadie ba ne ba le gareng ga batho ba ba neng ba re lebeletse fa re ne re kolobediwa. Ke eng fa go dira barutwa go itumedisa batho thata jaana? Ke ne ka tlhaloganya karabo ya potso eo moragonyana. Mma ke go bolelele ka dingwe tsa dilo tse ke di ithutileng mo dingwageng tse di fetang 65 fa ke ntse ke dira barutwa.
Go Bona Boitumelo jo bo Tlisiwang ke go Ruta
Ke ne ka simolola go rera ka Bogosi kwa Bristol fa ke ne ke na le dingwaga di le 11. Mokaulengwe mongwe o ne a nnaya fonokerafa le karata ya go neela bosupi, a bo a re: “Jaanong tsamaya o tsene mo magaeng otlhe a a ka kwa ga mmila.” Ke ne ka tsamaya jalo ke le esi. Ke ne ke tshogile fela thata. Ke ne ka tshameka theipi ya puo ya Baebele mme ka bontsha mong wa ntlo karata ya go neela bosupi, e e neng e kgothaletsa batho gore ba tseye dibuka tse di theilweng mo Baebeleng.
Go simolola ka bo1950 go ne ga gatelelwa thata kgang ya gore re bale Baebele fa re etela batho ka ntlo le ntlo. Kwa tshimologong, ka gonne ke ne ke le ditlhong, ke ne ke thatafalelwa ke go bua le batho ba ke sa ba itseng le go tlhalosa ditemana tsa Baebele. Mme fa nako e ntse e ya ke ne ka kgona go itshepa ka selekanyo se se rileng. Go tswa foo ke ne ka simolola go itumelela bodiredi tota. Batho bangwe ba ne ba re tsaya re le barekisi ba dibuka fela, mme fa re ne re ba balela re bo re ba tlhalosetsa ditemana tsa Baebele, ba ne ba lemoga gore re ruta batho Lefoko la Modimo. Ke ne ke rata go rera thata mo e leng gore ke ne ke batla go oketsa nako e ke e dirisang mo bodireding. Ka jalo, ka September 1955, ke ne ka tsenela tirelo ya nako e e tletseng ke le mmulatsela.
Go Itshoka go a Duela
Nngwe ya dithuto tsa ntlha tse ke neng ka di ithuta ke gore go itshoka go a duela. Go na le nako e nngwe e ke neng ka tlogelela mosadi mongwe yo o bidiwang Violet Morice makasine wa Tora ya Tebelo. Fa ke ne ke mo etela gape o ne a bula lebati thata, a phutha diatla mme a reetsa ka kelotlhoko fa ke mo tlhalosetsa ditemana tsa Baebele. Nako le nako fa ke mo etetse o ne a lebega a kgatlhega tota. Le fa go ntse jalo, fa ke ne ke mo kopa gore re ithute Baebele mmogo ka metlha, o ne a re “Nnyaa. Ke tla ithuta fa bana ba godile.” Ke ne ke swabile thata! Baebele e bua ka “nako ya go batla le nako ya go tlhoboga selo gore se latlhegile.” (Moreri 3:6) Ke ne ka ititaya sehuba gore ga nkitla ke itlhoboga.
Morago ga kgwedi ke ne ka boa mme ka ya go tlotla ka ditemana tse dingwe gape le Violet. Go ise go ye kae, re ne re ithuta Baebele mo kgorong ya ntlo ya gagwe beke le beke. Kgabagare o ne a re: “Ke bona go le botoka gore o tsene mo tlong, wena wa reng?” Violet o ne a nna modumedi mmogo le nna yo o molemo le tsala ya me! Violet o ne a kolobediwa a nna Mosupi wa ga Jehofa.
Letsatsi lengwe Violet o ne a gamaregile fa a ne a utlwa gore monna wa gagwe o ne a rekisitse ntlo ya bone a sa mmolelela, e bile o ne a mo tlogetse. Se se itumedisang ke gore Mosupi mongwe o ne a mo thusa go bona legae le lengwe mo go lone letsatsi leo. O ne a dira tshwetso ya gore a nne mmulatsela botshelo jotlhe jwa gagwe e le tsela ya gagwe ya go leboga Jehofa. Fa ke ne ke bona moya wa ga Jehofa o mo tlhotlheletsa gore a nne matlhagatlhaga mo kobamelong ya boammaaruri, ke ne ka lemoga lebaka la go bo go dira barutwa go itumedisa thata jaana. Ke ne ka ipolelela gore eno ke tiro e ke neng ke tla e dira botshelo jwa me jotlhe!
Ka 1957, nna le Mary Robinson re ne ra abelwa go nna babulatsela kwa lefelong la madirelo kwa Rutherglen kwa Glasgow, kwa Scotland. Re ne re rera go na le mouwane, go le phefo, pula e na, e bile go na le kapoko, mme re ne re bona melemo ya teng. Letsatsi lengwe ke ne ka kopana le Jessie. Ke ne ke rata go ithuta Baebele le ene. Monna wa gagwe, Wally, e ne e le Mokomonise, mme kwa tshimologong o ne a sa rate go ntheetsa. Fa Wally a ne a simolola go ithuta Baebele a bo a lemoga gore Bogosi jwa Modimo bo tla tlisetsa batho maemo a a siameng, o ne a itumetse thata. Kgabagare boobabedi ba ne ba dira tiro ya go dira barutwa.
Tsela e Motho a Itshwarang ka Yone Lekgetlho la Ntlha e ka Tsietsa
Moragonyana re ne ra amogela kabelo e nngwe ya go ya go direla kwa Paisley, kwa Scotland. Letsatsi lengwe fa ke ne
ke rera koo, mosadi mongwe o ne a tswala lebati ke leka go bua le ene. Mme ka bonako fela morago ga foo o ne a tla go mpatla gore a ikope maitshwarelo. Fa ke ne ke boa mo bekeng e e latelang, o ne a re: “Ke na ke ikutlwa e kete ke tswaletse Modimo lebati. Ke ne ka ikutlwa ke patelesega go ya go go batla.” Leina la gagwe e ne e le Pearl. O ne a mpolelela gore o ne a swabisitswe thata ke ditsala tsa gagwe le ba losika mo e leng gore o ne a rapela Modimo gore a mo neye tsala ya mmatota. O ne a re: “Go ne ga kokota wena. Jaanong ke lemoga gore o tshwanetse wa bo o le yone tsala eo ya mmatota.”Go nna tsala ya ga Pearl go ne go se motlhofo. O ne a nna kwa godimo ga thota e e mokgokolosa thata, mme ke ne ke e palama ka dinao. Fa ke ne ke ya kwa legaeng la gagwe ke ya go mo tsaya gore a ye dipokanong lekgetlho la ntlha, ke ne ka batla ke tsewa ke phefo le pula. Ke ne ka latlha sekhukhu sa me fa se sena go senyega. Dikgwedi le di thataro fela morago ga gore Pearl a tswale lebati ke leka go bua le ene, o ne a bontsha boineelo jwa gagwe mo Modimong ka go kolobediwa mo metsing.
Go ise go ye kae morago ga moo, monna wa gagwe o ne a ithuta Baebele, mme mo nakong e khutshwane o ne a tsamaya le nna mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Pula e a bo e ne e ntse e na. O ne a re: “O se ka wa tshwenyega. Ke tlhola ke ema jaana nako e telele mo puleng ke lebile kgwele ya dinao, ka jalo nka ema mo puleng ka ntlha ya ga Jehofa.” Ga ke bolo go nna ke kgatlhwa thata ke boikemisetso jwa batho ba kwa Scotland.
Go ne go itumedisa tota fa ke ne ke boa morago ga dingwaga tse dintsi mme ke fitlhela bontsi jwa batho ba ke ithutileng le bone ba ntse ba tsweletse mo tumelong! Joo ke jone boitumelo jo bo tlisiwang ke go dira barutwa. (1 Bathesalonika 2:17-20) Ka 1966 fa ke sena go nna mmulatsela ka dingwaga di le robedi kwa Scotland, ke ne ka lalediwa go ya Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade go thapisiwa go nna morongwa.
Mo Tshimong ya Naga e Sele
Ke ne ka abelwa go ya go direla kwa Bolivia, kwa toropong ya Santa Cruz, kwa go neng go na le phuthego ya batho ba le 50. Toropo eo e ne e nkgopotsa bophirima jwa United States kwa go tletseng thubakanyo teng jaaka go bontshiwa mo difiliming tsa Hollywood. Fa ke akanya ka botshelo jwa me, ke akanya gore ke nnile morongwa fela yo o sa diragalelwang ke dilo tse di tlhomologileng. Ga ke ise nke ke tlhaselwe ke dikwena, ke dikaganyediwe ke digopa tsa batho ba ba dikgoka, ke latlhege mo sekakeng, kana ke thubegelwe ke sekepe mo lewatleng. Mme le fa go ntse jalo, go dira barutwa go ne go intumedisa thata.
Mongwe wa basadi ba ntlha ba ke neng ka ithuta Baebele le bone kwa Santa Cruz e ne e le mosadi yo o bidiwang Antonia. Go ruta ka Se-Spain go ne go nthatafalela. Nako nngwe, ngwana wa ga Antonia wa mosimanyana o ne a re: “Mama, a o dira diphoso ka boomo gore re tshege?” Kgabagare Antonia o ne a nna morutwa mmogo le morwadie, e bong Yolanda. Yolanda o ne a na le tsala, moithuti wa tsa molao yo ba neng ba mmitsa Dito, yo le ene a neng a simolola go ithuta Baebele le go nna teng kwa dipokanong tsa rona. Fa ke ntse ke ithuta le Dito ke ne ka ithuta selo se sengwe ka go ruta batho boammaaruri jwa Baebele: Ka dinako tse dingwe batho ba tlhoka gore ba kgoromediwe fela go le gonnye gore ba tseye kgato.
Fa Dito a ne a simolola go sa nne teng ka metlha mo thutong, ke ne ka re: “Dito, Jehofa ga a go pateletse gore o tshegetse Bogosi jwa gagwe. O tshwanetse go itlhophela.” Fa a ne a araba a re o batla go direla Modimo, ke ne ka re: “O na le dinepe tsa moeteledipele wa motsuolodi fano. A moeng yo o ka di bonang o tla lemoga gore o itlhophetse go tshegetsa Bogosi jwa Modimo?” O ne a tlhoka go kgoromediwa jalo go le gonnye fela.
Dibeke di le pedi morago ga moo, go ne ga tsoga ntwa ya ditsuolodi, mme baithuti ba yunibesithi le mapodise ba ne ba lwa ka ditlhobolo. Dito o ne a raya tsala ya gagwe a re: “A re tsamaye re tswe fa!” Tsala ya gagwe e ne ya re: “Nnyaa! Leno ke letsatsi le re sa bolong go le letela.” O ne a bua jalo a phamola tlhobolo a tabogela kwa godimo ga marulelo a yunibesithi. E ne ya nna mongwe wa ditsala tse robedi tsa ga Dito tse di neng tsa swa mo go lone letsatsi leo. Akanya fela gore go intumedisa jang go bona, Dito, yo o ka bong a sule fa a ka bo a sa dira tshwetso ya go nna Mokeresete wa boammaaruri!
Go Bona Moya wa ga Jehofa o Dira
Letsatsi lengwe ke ne ke feta fa legaeng lengwe, ka gonne ke ne ke dumela gore ke setse nkile ka tsena teng, mme mong wa ntlo o ne a mpitsa. Leina la gagwe e ne e le Ignacia. O ne a itse ka Basupi ba ga Jehofa, mme monna wa gagwe o ne a mo ganetsa
thata. Monna wa gagwe e ne e le rre yo o itekanetseng wa lepodise yo o bidiwang Adalberto, mme o ne a sa batle gore mosadi wa gagwe a gatele pele semoyeng. Ignacia o ne a tlhakanngwa tlhogo ke dithuto di le dintsi tsa motheo tsa Baebele, mme ka jalo ke ne ka simolola go ithuta Baebele le ene. Le fa Adalberto a ne a ikemiseditse go emisa dithuto tseno tsa Baebele, ke ne ke na le go bua le ene ka nako e telele ka dikgang tse dingwe fela. Re ne ra simolola go nna ditsala jalo.Akanya fela gore ke ne ka itumela jang fa ke ne ke bona Ignacia a nna leloko le le molemo la phuthego, a tlhokomela batho ba ba tlhokang kgomotso ka dilo tsa semoya le tsa senama tse ba di tlhokang. Mo tsamaong ya nako, monna wa gagwe le bana ba bone ba bararo ba ne ba nna Basupi. Tota e bile, kgabagare fa Adalberto a ne a lemoga bokao jwa dikgang tse di molemo, o ne a boela kwa seteisheneng sa mapodise mme a bua ka matlhagatlhaga mo e leng gore mapodise a ne a dira dipeeletso di le 200 tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!
Jehofa o a Godisa
Fa ke sena go direla kwa Santa Cruz ka dingwaga di le thataro, ke ne ka newa kabelo ya go direla kwa toropong e kgolo ya Bolivia, e bong La Paz, kwa ke neng ka nna teng dingwaga di le 25 tse di neng di latela. Kwa tshimologong ya bo1970, legae la lekala ya Basupi ba ga Jehofa, kwa La Paz le ne le na le maloko a le 12 fela. Fa tiro ya go rera e ntse e oketsega, mme go tlhokega madirelo a magolwane, go ne ga agiwa kago e ntšha ya lekala mo toropong e e golang thata ya Santa Cruz. Lekala le ne la busediwa teng ka 1998, mme ke ne ka kopiwa go nna mongwe wa badiri ba kwa lekaleng, le jaanong le nang le maloko a feta 50.
Phuthego e le nngwe fela e e neng e le kwa Santa Cruz bogologolo ka 1966 jaanong e godile e setse e le diphuthego di feta 50. Basupi ba le 640 ba ba neng ba le kwa Bolivia ka nako eo jaanong ba oketsegile ba batla ba tshwara 18 000 gompieno!
Go a itumedisa gore kabelo ya me kwa Bolivia e nnile le matswela a a molemo. Le fa go ntse jalo, ka metlha ke kgothadiwa ke boikanyego jwa Bakeresete mmogo le nna kwa mafelong a mangwe. Rotlhe re itumelela go bona Jehofa a segofatsa tiro ya go rera ka Bogosi. Ruri go a itumedisa go nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa.—Mathaio 28:19, 20.
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Fa ke ne ke le mmulatsela kwa Scotland
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Ke direla kwa ofising ya lekala kwa Bolivia; (mo gare) kwa kalogong ya tlelase ya bo42 ya Gileade