Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basadi ba ba Nyetsweng—Tlotlang Banna ba Lona ka Tlotlo e e Boteng

Basadi ba ba Nyetsweng—Tlotlang Banna ba Lona ka Tlotlo e e Boteng

Basadi ba ba Nyetsweng—Tlotlang Banna ba Lona ka Tlotlo e e Boteng

‘Basadi ikobeleng banna ba lona.’—BAEFESO 5:22.

1. Ke eng fa gantsi go se motlhofo go tlotla monna?

MO DINAGENG di le dintsi fa batho ba nyalana, monyadiwa o dira maikano, a ikana gore o tla tlotla monna wa gagwe ka tlotlo e e boteng. Le fa go ntse jalo, tsela e banna ba le bantsi ba tshwarang basadi ba bone ka yone e ama kgang ya gore a go tla nna motlhofo gore mosadi a diragatse maikano ao kana nnyaa. Mme gone, lenyalo le simologile ka tsela e e itumedisang. Modimo o ne a ntsha logopo mo go Adame, monna wa ntlha, mme a mo direla mosadi. Adame o ile a bontsha boitumelo ka go bua jaana: “Kgabagare yono ke lerapo la marapo a me le nama ya nama ya me.”—Genesise 2:19-23.

2. Go diragetse eng ka seemo sa basadi le lenyalo bosheng jaana?

2 Le mororo lenyalo le simolotse jalo ka tsela e e itumedisang, mokgatlho o o bidiwang kgololesego ya basadi—o boikaelelo jwa one e neng e le go golola basadi mo kgatelelong ya banna—o ne wa tlhamiwa ka 1960 kwa United States. Ka nako eo, palo ya banna ba ba neng ba tlogela basadi ba bone e ne e nna ba le 300 mo mosading mongwe le mongwe a le 1 yo o tlogelang monna wa gagwe. Kwa bofelong jwa bo1960, palo eo e ne e fetogile go nna banna ba le 100 mo mosading mongwe le mongwe a le 1 yo o tlogelang monna wa gagwe. Jaanong go bonala basadi ba tlhapatsa, ba nwa, ba goga le go nna le boitshwaro jo bo maswe fela jaaka banna. Ka gone, a go bonala basadi ba itumetse go feta pele? Nnyaa. Kwa dinageng dingwe, mo e ka nnang halofo ya batho ba ba nyalanang ba feleletsa ba tlhalane. A maiteko a basadi bangwe ba a dirileng go leka go tokafatsa maemo a bone mo lenyalong a tokafaditse dilo kana a di gakaditse?—2 Timotheo 3:1-5.

3. Bothata jwa konokono jo bo amang lenyalo ke bofe?

3 Matsapa di a tsaya kae? Ka tsela nngwe, seno se bakwa ke bothata jo bo sa bolong go nna gone fa e sa le Efa a raelwa ke moengele wa motsuolodi, “noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane.” (Tshenolo 12:9; 1 Timotheo 2:13, 14) Satane o ile a nyatsa se Modimo a se rutang. Ka sekai, Diabolo o dirile gore lenyalo le lebege le gatelela le go amoga motho kgololesego. Maaka a a a anamisang ka metswedi ya dikgang ya lefatshe leno—le a leng mmusi wa lone—a diretswe go dira gore melao ya Modimo e bonale e le setlhogo le go siiwa ke nako. (2 Bakorintha 4:3, 4) Le fa go ntse jalo, fa re sekaseka melao ya Modimo sentle malebana le seabe sa mosadi mo lenyalong, re tla kgona go bona kafa Lefoko la Modimo le leng molemo le mosola ka teng.

Kgakololo Mo go Ba ba Nyalang

4, 5. (a) Ke eng fa go akanyetsa dilo ka kelotlhoko go le botlhokwa fa motho a akanyetsa go nyalwa? (b) Ke eng se mosadi a tshwanetseng go se dira pele ga a dumela go nyalwa?

4 Baebele e a re tlhagisa. Ya re mo lefatsheng leno le le laolwang ke Diabolo, tota le batho ba ba leng mo lenyalong le le itumetseng ba tla nna le “pitlagano.” Ka jalo, le fa lenyalo e le thulaganyo e e simolotsweng ke Modimo, Baebele e tlhagisa ba ba tsenang mo lenyalong. Mokwadi mongwe yo o tlhotlheleditsweng wa Baebele o ile a bua jaana malebana le mosadi yo monna wa gagwe a suleng mme ka gone a gololesegile go ka nyalwa gape: “O itumela thata fa a nna jaaka a ntse.” Jesu le ene o ile a kgothaletsa batho ba ba “ka go tsholang” gore ba nne ba sa nyala. Le fa go ntse jalo, fa motho a tlhopha go nyala, o tshwanetse go nyala “mo Moreneng,” ke go re, go nyalana le moobamedi wa Modimo yo o ineetseng le go kolobediwa.—1 Bakorintha 7:28, 36-40; Mathaio 19:10-12.

5 Lebaka la go bo mosadi e le ene yo segolobogolo a tshwanelwang ke go ela tlhoko thata gore o nyalana le mang, le amana le tlhagiso eno ya Baebele: “Mosadi yo o nyetsweng o golegeletswe ke molao mo monneng wa gagwe.” Mosadi “o gololesegile mo molaong wa [monna] gagwe” fela fa monna a ka swa kana a dira boaka mme mosadi a bo a mo tlhalela seo. (Baroma 7:2, 3) Go rata motho e le la ntlha o mmona e ka nna selo se se itumedisang, mme gone ga se motheo o o lekaneng wa go nna le lenyalo le le itumetseng. Ka gone, mosadi yo o sa nyalwang, o tshwanetse go ipotsa, ‘A ke iketleeleditse go tsena mo thulaganyong e e tla dirang gore ke nne kafa tlase ga molao wa monna yono?’ O tshwanetse go akanyetsa potso eno pele ga a dumela go nyalwa, e seng morago ga moo.

6. Ke tshwetso efe e bontsi jwa basadi ba ka e dirang gompieno, mme ke eng fa e le botlhokwa thata?

6 Mo mafelong a le mantsi gompieno, mosadi a ka tlhopha go dumela kgotsa go gana fa monna a mo kopa go mo nyala. Le fa go ntse jalo, go dira tshwetso e e molemo e ka nna selo se se thata mo mosading, e re ka keletso ya go ratwa le go nna le kamano e e atamalaneng e e nnang gone mo lenyalong e le kgolo thata. Mokwadi mongwe o ile a re: “Fa re eletsa thata go dira sengwe—e ka ne e le go nyala kana go pagama thaba nngwe—go ka direga thata gore re tlhaetse dilo dingwe matlho mme re bo re ela tlhoko fela tshedimosetso e rona re batlang go e utlwa.” Motho yo o palamang thaba a ka tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing fa a dira tshwetso ka go itlhokomolosa dilo dingwe; go dira tshwetso e e seng botlhale fa o tlhopha molekane wa lenyalo le gone go ka nna kotsi fela jalo.

7. Ke kgakololo efe e e molemo e batho ba ba batlang molekane wa lenyalo ba e newang?

7 Mosadi o tshwanetse go akanyetsa ka kelotlhoko se se akarediwang ke go nna kafa tlase ga molao wa monna yo a mo kopang go mo nyala. Dingwaga di sekae tse di fetileng mosetsana mongwe wa kwa India ka boingotlo o ile a re: “Batsadi ba rona ba godile e bile ba botlhale go re feta, mme ga ba tsietsege motlhofo jaaka rona. . . . Go motlhofo thata gore nna ke dire phoso.” Thuso e batsadi le batho ba bangwe ba ka go nayang yone e botlhokwa thata. Mogakolodi mongwe yo o botlhale o ile a fetsa dingwaga di le dintsi a gakolola basha go itse batsadi ba motho yo ba batlang go nyalana le ene le go leba ka kelotlhoko kafa a dirisanang ka teng le batsadi ba gagwe le ba bangwe mo lelapeng.

Kafa Jesu a Neng a Bontsha Boikobo ka Teng

8, 9. (a) Jesu o ne a leba go ikobela Modimo ga gagwe jang? (b) Go ikoba go ka lere melemo efe?

8 Le mororo go ikoba e ka nna kgwetlho e kgolo, basadi ba ka leba go ikoba e le seabe se se tlotlegang fela jaaka Jesu a ile a go leba. Le fa go ikobela Modimo go ne go mo tlhoka gore a boge, go akaretsa le go swela mo thupeng ya tlhokofatso, o ne a itumelela go ikobela Modimo. (Luke 22:41-44; Bahebera 5:7, 8; 12:3) Basadi ba ka tsaya Jesu e le sekao sa bone, ka gonne Baebele ya re: “Mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna; Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.” (1 Bakorintha 11:3) Le fa go ntse jalo, basadi ga ba nne kafa tlase ga botlhogo jwa banna fela fa ba nyalwa.

9 Baebele e tlhalosa gore basadi, e ka ne ba nyetswe kana ba sa nyalwa, ba tshwanetse go ikobela botlhogo jwa banna ba ba tshwanelegang semoyeng ba ba okamelang phuthego ya Bokeresete. (1 Timotheo 2:12, 13; Bahebera 13:17) Fa basadi ba latela kaelo ya Modimo ka go dira jalo, ba tlhomela baengele sekao mo thulaganyong ya phuthego ya Modimo. (1 Bakorintha 11:8-10) Mo godimo ga moo, basadi ba ba nyetsweng ba ba godileng, ba ruta basadi ba babotlana ‘go ipaya mo taolong ya banna ba bone’ ka go ba tlhomela sekao se se molemo le go ba naya dikakantsho tse di thusang.—Tito 2:3-5.

10. Jesu o ne a tlhoma sekao jang mo go nneng boikobo?

10 Jesu o ile a lemoga botlhokwa jwa go nna boikobo ka tsela e e tshwanetseng. Nako nngwe o ile a laela moaposetoloi Petere go ba duelela makgetho mo balaoding ba batho, o ile a ba a naya Petere madi a go dira jalo. Moragonyana Petere o ile a re: “Ka ntlha ya Morena ipeyeng mo taolong ya sebopiwa sengwe le sengwe se e leng motho.” (1 Petere 2:13; Mathaio 17:24-27) Re bala jaana malebana le sekao se se di gaisang tsotlhe sa ga Jesu sa go nna boikobo: “O ne a iithontsha, a tsaya sebopego sa motlhanka mme a nna mo setshwanong sa batho. Mo godimo ga moo, e rile a iphitlhela a le mo sebopegong sa motho, a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha losong.”—Bafilipi 2:5-8.

11. Ke eng fa Petere a ile a kgothaletsa basadi go ikobela le e leng banna ba ba sa dumeleng?

11 Petere o ile a tlhalosa jaana fa a ne a kgothaletsa Bakeresete go ikobela le e leng balaodi ba ba sa siamang le ba ba setlhogo ba lefatshe leno: “Tota e bile, lo ne lwa bilediwa tseleng eno, ka gonne le Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.” (1 Petere 2:21) Fa Petere a sena go tlhalosa kafa Jesu a ileng a boga ka teng le kafa a ileng a itshoka ka teng ka boikokobetso, o ile a kgothaletsa basadi ba ba nyetsweng ke banna ba ba sa dumeleng jaana: “Ka mokgwa o o tshwanang, lona basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e le gore, fa bangwe ba sa utlwe lefoko, ba gapiwe kwantle ga lefoko ka boitshwaro jwa basadi ba bone, ka ntlha ya go bo ba nnile basupi ba ba boneng ka matlho ba boitshwaro jwa lona jo bo itshekileng mmogo le tlotlo e e boteng.”—1 Petere 3:1, 2.

12. Ke melemo efe e Jesu a neng a e bona ka ntlha ya go nna boikobo ga gagwe?

12 Go nna boikobo fa o sotlwa le fa o kgobiwa go ka tsewa e le sesupo sa go nna bokoa. Le fa go ntse jalo, ga se kafa Jesu a neng a go leba ka teng. Petere o ile a re: “E rile a gobololwa, a se ka a gobolola le ene. E rile a boga, a se ka a tshosetsa.” (1 Petere 2:23) Batho bangwe ba ba neng ba bona Jesu a boga ba ne ba fetoga badumedi, bobotlana ka selekanyo se se rileng, go akaretsa le senokwane se se neng se le mo koteng e e bapileng le ya gagwe le molaodi wa masole yo o neng a bona go bolawa ga gagwe. (Mathaio 27:38-44, 54; Mareko 15:39; Luke 23:39-43) Ka tsela e e tshwanang, Petere o ile a bontsha gore le banna bangwe ba ba sa dumeleng—tota le ba ba sotlang basadi ba bone—ba tla nna Bakeresete fa ba sena go bona boikobo jwa basadi ba bone. Re bone bosupi jwa seno bo direga gompieno.

Kafa Basadi ba ka Gapang Banna ba Bone ka Teng

13, 14. Go ikobela banna ba ba sa dumeleng go ile ga nna le melemo efe?

13 Basadi ba e leng badumedi ba ile ba kgona go gapa banna ba bone ka boitshwaro jwa bone jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. Kwa kopanong ya kgaolo ya bosheng jaana ya Basupi ba ga Jehofa, monna mongwe o ile a bua jaana ka mosadi wa gagwe wa Mokeresete: “Ke ne ke le setlhogo mo tseleng e ke neng ke mo tshwara ka yone. Le fa go ntse jalo, o ne a ntlotla. Le ka motlha ga a ise a ko a nnyenyefatse. O ne a sa leke go mpateletsa go dumela se a se dumelang. O ne a ntlhokomela ka lorato. Fa a ya kwa kopanong, o ne a dira ka natla go nkapeela go sa le gale le go dira ditiro tsa lelapa. Boitshwaro jwa gagwe bo ne jwa simolola go dira gore ke kgatlhegele Baebele. Mme jaanong ke nna yono ke Mosupi!” Ee, tota o ile a gapiwa ke boitshwaro jwa mosadi wa gagwe “kwantle ga lefoko.”

14 Jaaka fa Petere a ile a gatelela, selo se se tlhagisang matswela a a molemo ga se se mosadi a se buang go na le moo ke se a se dirang. Seno se ne sa bonala mo kgannyeng ya mosadi mongwe yo o neng a ithuta boammaaruri jwa Baebele mme a iketleeleditse go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Monna wa gagwe o ile a mo goeletsa jaana: “Agnes, fa o ka tswa ka kgoro eo, o se ka wa tlhola o boela kwano!” O ne a se ka a tswa ka “kgoro eo,” go na le moo, a tswa ka kgoro e sele. Ka nako ya dipokano tse di latelang o ile a mo tshosetsa jaana: “Fa o boa koo o ka se mphitlhele mo ntlong.” Fa a boa o ne a se ka a mo fitlhela—o ne a fetsa malatsi a mararo a ile. Fa a boa, mosadi o ne a mmotsa jaana ka bopelonomi: “A o ka rata sengwe sa go ja?” Agnes o ne a se ka a reketla mo boineelong jwa gagwe go Jehofa. Kgabagare monna wa gagwe o ne a dumela go ithuta Baebele, a neela botshelo jwa gagwe mo Modimong, mme moragonyana a nna molebedi yo o nang le maikarabelo a le mantsi.

15. Basadi ba Bakeresete ba kgothalediwa go nna le “moaparo” ofe?

15 Moaposetoloi Peter o ile a kgothaletsa sengwe se basadi ba go builweng ka bone fa godimo ba ileng ba se bontsha, e leng, “mokgabo” e seng go tlhoma mogopolo ka tsela e e feteletseng mo go ‘logeng moriri loetse’ kgotsa “go apara diaparo tsa kafa ntle.” Go na le moo, Petere o ile a re: “A [moaparo wa lona] e nne motho wa sephiri wa pelo yo o apereng diaparo tse di sa senyegeng tsa moya o o didimetseng le o o bonolo, tse e leng tsa botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo.” Moya o o ntseng jalo o utlwala mo segalong sa lentswe le ka maitsholo a mantle go na le go nna manganga kana go rata go ngongorega. Ka gone, mosadi wa Mokeresete o bontsha go tlotla monna wa gagwe ka tlotlo e e boteng.—1 Petere 3:3, 4.

Dikai Tse re ka Ithutang mo go Tsone

16. Sara ke sekao se se molemo mo basading ba Bakeresete ka ditsela dife?

16 Petere o ile a re: “Gonne pele, basadi ba ba boitshepo ba ba neng ba solofetse mo Modimong le bone ba ne ba tle ba ikgabise jalo, ba ipaya mo taolong ya banna ba bone.” (1 Petere 3:5) Basadi ba ba ntseng jalo ba ne ba itse gore go itumedisa Jehofa ka go sekegele tsebe kgakololo ya gagwe go ne go tla felela ka gore ba nne le malapa a a itumetseng le go duelwa ka botshelo jo bo sa khutleng. Petere o umaka Sara, mosadi yo montle wa ga Aborahame, a bolela gore o ne “a tlwaetse go utlwa Aborahame, a mmitsa ‘morena.’” Sara o ne a ema monna wa gagwe yo o boifang Modimo nokeng, yo Modimo a neng a mo neile kabelo ya go ya go mo direla kwa nageng e e kwa kgakala. O ne a tlogela botshelo jwa manobonobo le e leng go tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing. (Genesise 12:1, 10-13) Petere o ne a bua bontle ka Sara ka ntlha ya sekao sa gagwe sa bopelokgale, a re: “Lo fetogile bana ba gagwe, fa fela lo nna lo dira molemo e bile lo sa boife sepe se se tshosang.”—1 Petere 3:6.

17. Ke eng fa Petere a ka tswa a ne a akantse ka Abigaile fa a ne bua ka sekao mo basading ba Bakeresete?

17 Abigaile e ne e le mosadi yo mongwe yo o neng a le pelokgale yo o neng a ikanya Modimo, mme Petere a ka tswa a ne a akantse le ka ene. O ne a le “botlhale,” fa monna wa gagwe ene a ne “a le bogale e bile a le bosula mo ditirong tsa gagwe.” Fa Nabale a ne a gana go thusa Dafide le banna ba gagwe, ba ne ba ipaakanyetsa go nyeletsa Nabale le ba lelapa la gagwe lotlhe. Le fa go ntse jalo Abigaile o ile a tsaya kgato go namola lelapa la gagwe. O ne a belesa diesele ka merwalo ya dijo mme a ya go kgatlhantsha Dafide le banna ba gagwe ba ba tlhometseng. Fa a bona Dafide o ne a fologa, a wela fa dinaong tsa gagwe mme a mo kopa gore a se ka a dira tshwetso ya lepotlapotla. Seo se ne sa ama Dafide pelo fela thata. O ile a re: “A go bakwe Jehofa Modimo wa Iseraele, yo o go rometseng mo letsatsing leno gore o tle go nkgatlhantsha! Mme a go bakwe tlhaloganyo ya gago.”—1 Samuele 25:2-33.

18. Basadi ba ba nyetsweng ba ka akanya ka sekao sa ga mang fa ba kgatlhegelwa ke monna o sele, mme ka ntlha yang?

18 Sekao se sengwe se basadi ba ba nyetsweng ba ka se etsang ke sa mosetsana wa Moshunema yo o neng a tswelela a ikanyega mo modiseng wa maemo a a kwa tlase yo a neng a mo solofeditse go nyalana le ene. O ile a tswelela a mo rata ka lorato lo logolo le mororo mmusi mongwe yo o humileng a ile a bontsha go mo kgatlhegela. O ile a tlhotlheletsega go bua jaana a tlhalosa kafa a ikutlwang ka teng ka modisa yono: “Mpaya jaaka letshwao mo pelong ya gago, jaaka letshwao mo lebogong la gago; ka gonne lorato lo nonofile jaaka loso . . . Metsi a le mantsi ka boone ga a kgone go tima lorato, le gone dinoka ka botsone ga di kgone go lo gogola.” (Sefela sa Difela 8:6, 7) E kete basadi botlhe ba ba dumelang go nyalwa ba ka ititaya sehuba jalo gore ba tla nna ba ikanyega mo banneng ba bone le go ba tlotla ka tlotlo e e boteng.

Kgakololo e Nngwe ya Bomodimo

19, 20. (a) Basadi ba tshwanetse go ikobela banna ba bone ka ntlha ya mabaka afe? (b) Basadi ba ba nyetsweng ba beetswe sekao sefe se se molemo?

19 Kwa bofelong, akanya ka ditemana tse di dikologileng temana ya rona ya setlhogo: ‘Basadi ikobeleng banna ba lona.’ (Baefeso 5:22) Ke eng fa ba tshwanelwa ke go ba ikobela jalo? Temana e e latelang e tswelela ka go re: “Ka gonne monna ke tlhogo ya mosadi wa gagwe jaaka Keresete le ene a le tlhogo ya phuthego.” Ka gone, basadi ba kgothadiwa jaana: “Jaaka phuthego e ikobela Keresete, jalo a basadi le bone ba nne jalo mo banneng ba bone mo go sengwe le sengwe.”—Baefeso 5:23, 24, 33.

20 Go ikobela taelo eno, basadi ba tshwanetse go ithuta sekao sa phuthego ya balatedi ba ga Keresete ba ba tloditsweng mme go tswa foo ba se etse. Tsweetswee bala 2 Bakorintha 11:23-28 mme ka go dira jalo o ithute kafa leloko lengwe la phuthego eo, e bong moaposetoloi Paulo, a ileng a itshoka ka teng ka go nna a ikanyega mo go ene yo e leng Tlhogo ya gagwe, Jesu Keresete. Jaaka Paulo, basadi ba ba nyetsweng le phuthego yotlhe ba tshwanetse go ikobela Jesu. Basadi ba bontsha seno ka go ikokobeletsa banna ba bone.

21. Ke eng se se ka tlhotlheletsang basadi ba ba nyetsweng go nna ba ikokobeletsa banna ba bone?

21 Le fa gompieno basadi ba le bantsi ba ka tswa ba sa rate kgang ya gore ba ikokobetse, mosadi yo o botlhale o tla akanyetsa melemo ya go dira jalo. Ka sekai, fa monna e le yo o sa dumeleng, go ikokobeletsa botlhogo jwa gagwe mo dilong tsotlhe tse di sa thulaneng le melao le melaometheo ya Modimo go ka felela ka matswela a a molemo a gore a ‘boloke monna wa gagwe.’ (1 Bakorintha 7:13, 16) Mo godimo ga moo, a ka bona kgotsofalo ka ntlha ya go itse gore Jehofa Modimo o itumedisiwa ke boitshwaro jono jwa gagwe mme o tla mo duela ka masego a magolo ka ntlha ya go bo a etsa sekao sa Morwawe yo o rategang.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa e ka nna kgwetlho e kgolo mo mosading go tlotla monna wa gagwe?

• Ke eng fa go dumela go nyalwa ke mongwe e le kgang e e masisi?

• Jesu o tlhometse basadi ba ba nyetsweng sekao se se molemo jang, mme ke melemo efe e e ka nnang gone fa motho a etsa sekao sa gagwe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Ke eng fa go dumela go nyalwa ke mongwe e le kgang e e masisi?

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Basadi ba ba nyetsweng ba ka ithuta eng mo sekaong sa batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba jaaka Abigaile?