Kago ya Tshwantshetso Kwa “Ntlong ya Maje”
Kago ya Tshwantshetso Kwa “Ntlong ya Maje”
Leina la naga eno ya Afrika le raya “Ntlo ya Maje.” Ke naga e e itsegeng thata ka diphororo tsa metsi tse di bidiwang Victoria Falls le ka go nna le diphologolo tsa naga tsa mefutafuta. Le fa go ntse jalo, e na le dikago tse dikgolo go di feta tsotlhe tse di agilweng ke motho mo borwa jwa Sahara. E na le setlhaba sa keranite go e ralala. Tlelaemete e e siameng mo setlhabeng seo e dira gore naga eno e nne le dimela tse di golang sentle tse ditala. Naga eno ke Zimbabwe, e e nang le banni ba ka nna dimilione di le 12.
KE KA ntlha yang fa e bidiwa Ntlo ya Maje? Ka 1867, motho yo e neng e le motsomi e bile e le mmatlisisi, Adam Renders, o ne a kopana le maje a magolo a a neng a le mo lefelong le le bogolo jwa diheketara di le 720. O ne a ntse a tsamaya mo sekgweng sa Afrika, kwa gantsi matlo a neng a dirilwe ka mmu, dipale le marulelo a bojang. Go tswa foo o ne a bona matlotla a motse o mogolo o o neng o agilwe ka maje, o jaanong o bidiwang the Great Zimbabwe.
Matlotla ano a kwa borwa jwa lefelo le jaanong le bidiwang Masvingo. Mangwe a mabota a teng a boleele jwa dimetara di feta 9, mme ke maje a keranite a a tlhatlagantsweng fela a sa kopanngwa ka samente. Mo matlotleng ano go na le tora e e sa tlwaelegang ya sebopego sa khounu ya boleele jwa dimetara di le 11 mme motheo wa yone o bophara jwa dimetara di le 6. Go ntse go sa itsiwe gore kago eno e ne e agelwang. Matlotla ano ga a bolo go nna teng go simolola ka lekgolo la borobedi la dingwaga C.E., mme go na le bosupi jwa
gore go kile ga nniwa mo lefelong leo dingwaga di le makgolokgolo pele ga foo.Ka 1980 naga e ka nako eo e neng e bidiwa Rhodesia e ne ya bona boipuso go tswa mo Boritane mme ya bidiwa ka leina le lesha e leng Zimbabwe. Banni ba teng ba akaretsa batho ba ditso tse pedi tse dikgolo—Bashona, ba e leng bone ba leng bantsi thata, le Bandebele. Batho ba teng ba rata batho mme Basupi ba ga Jehofa ba tlhola ba bona seno fa ba le mo tirong ya bone ya go rera ka ntlo le ntlo. Ka dinako tse dingwe le pele ba itse gore ke mang yo o etileng, fa motho a kokota fela ba setse ba mo raya ba re, “Tsena” ba bo ba re, “Tsweetswee nna fa fatshe.” Batho ba bantsi ba kwa Zimbabwe ba tlotla Baebele thata mme gantsi ba batla gore le bana ba bone ba nne fa fatshe ba reetse fa go tlotliwa ka Baebele.
Go Naya Batho Molaetsa wa Kgomotso
“AIDS” le “leuba” ke mafoko a gantsi a buiwang mo dikgannyeng fa go buiwa ka Zimbabwe. Go anama ga AIDS go amile thata palo ya batho le ikonomi ya dinaga tse di mo Afrika e e kwa borwa jwa Sahara. Mono gantsi batho ba ba robadiwang kwa bookelong ba a bo ba tshwaeditswe ke HIV. Bolwetse jono bo senyeditse batho ba le bantsi botshelo jwa lelapa.
Gore Basupi ba ga Jehofa ba tle ba thuse batho ba kwa Zimbabwe, ba tshwaregile ka go bolelela batho gore tsela e e molemolemo ya botshelo ke e e kaelwang ke melao ya Modimo e e mo Baebeleng. Ka sekai, Lefoko la Modimo le ruta gore mpho ya Modimo ya tlhakanelodikobo e tshwanetse go ipelelwa fela mo lenyalong le gore Modimo ga a amogele bosodoma, le gore molao wa ga Jehofa o thibela go tshelwa madi le go dirisa diokobatsi go ijesa monate. (Ditiro 15:28, 29; Baroma 1:24-27; 1 Bakorintha 7:2-5; 2 Bakorintha 7:1) Gape Basupi ba anamisa molaetsa o o nayang tsholofelo ya mmatota, mme ba gatelela kgang ya gore mo bogautshwaneng Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa malwetse otlhe.—Isaia 33:24.
Go Aba Dithoto Tsa Namolo
Leuba le ntse le gaketse kwa Zimbabwe mo dingwageng di le lesome tse di fetileng. Diphologolo tsa naga di idibadiwa ke tlala le lenyora. Go sule dikgomo di le diketekete. Melelo e laitse dikgwa tse dikgolo tsa dikota. Bana ba bantsi le bagolo ba bolailwe ke phepelotlase. Le metsi a Noka e kgolo ya Zambezi a ne a batla a kgala mme seo se ne se dira gore go mafelo a a dirisang metsi go fetlha motlakase a thatafalelwe ke go dira tiro ya one.
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba arabela mo mathateng ao ka go tlhoma dikomiti di le robedi tsa namolo mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga eo. Balebedi ba ba etang ba ne ba etela diphuthego gore ba ye go bona gore di tlhoka eng. Tshedimosetso eo e ne e newa komiti e e tshwanetseng ya namolo. Molebedi mongwe wa potologo o ne a re: “Mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, re abile ditone di feta sekete tsa mmidi, ditone di le lesome tsa tlhapi e e omisitsweng le dinawa. Bakaulengwe ba rona ba ne ba dira ditone di le pedi tsa mufushwa [merogo e e omisitsweng]. Gape re abile diaparo di le dintsintsi le meneelo e e neng e tlhokega.” Molebedi yo mongwe wa potologo o ne a re: “Fa ke akanya ka mathata a re nnileng le one fa re ne re batla ditetla tse di batlwang ke dinaga tsa Zimbabwe le Afrika Borwa gore dilo tseno di tsene mo nageng, le ka go tlhokega ga lookwane lo lo neng lo tla dirisiwa go tsamaisa dithoto tseno tse di neng di tlhokega thata tsa namolo, ke swetsa ka gore go isiwa ga tsone ke bosupi jwa se Jesu a neng a se bua fa a ne a re Rraarona yo o kwa legodimong o itse gore re tlhoka dilo tseno tsotlhe.”—Mathaio 6:32.
Balebedi ba ba etang bone ba kgona jang fa ba etetse mafelo a a tlhasetsweng ke leuba? Bangwe ba bone ba itlela ka dijo gore ba tle ba je le malapa a ba gorogelang kwa go one. Mongwe wa bone o ne a bega gore bokgaitsadi
bangwe ba Bakeresete ba ne ba ipotsa gore a ke ba se ka ba ya go rera mo letsatsing lengwe gore ba tle ba kgone go tsena mo moleng wa go bona dithoto dingwe tsa namolo tsa puso. Ba ne ba swetsa ka gore ba ikanye Jehofa mme ba tlhome mogopolo mo tirong ya go rera mme ba bone gore go tla diregang. Ga go a ka ga fitlha dithoto dipe tsa namolo tse di tswang kwa pusong mo letsatsing leo.Go ne go na le pokano ya Bokeresete e e neng e tlile go tshwarwa mo letsatsing le le latelang mme bokgaitsadi bano gape ba ne ba tshwanelwa ke go dira tshwetso. A ba ne ba tla nna teng kwa pokanong kana ba ne ba tla ya go emela dithoto tsa namolo? Ba ne ba baya dilo tse di tlang pele kwa pele mme ba ya pokanong kwa Holong ya Bogosi. (Mathaio 6:33) Fa ba ne ba opela pina ya bofelo, ba ne ba utlwa modumo wa lori. Ba ne ba tlile go newa dithoto tsa namolo tse di neng di rulagantswe ke bakaulengwe ba bone ba ba mo komiting ya namolo! Boitumelo jo bogolo le ditebogo tsa Basupi ba ba ikanyegang ba ba neng ba le teng kwa pokanong eo di ne di ama maikutlo.
Lorato lo a Aga
Ditiro tsa bopelonomi tse di direlwang batho ba ba kwa ntle ga phuthego ya Bokeresete di butse ditshono tsa go neela bosupi jo bo molemo. Molebedi yo o etang kwa lefelong la Masvingo, mmogo le Basupi bangwe ba mo lefelong leo, ba ne ba tshwaregile ka tiro ya go rera. Molebedi yo o etang o ne a bona mosetsana yo o neng a rapame fa thoko ga tsela. Basupi ba ne ba lemoga gore mosetsana yono o ne a lwala thata mme o ne a sa kgone go bua sentle e bile lentswe la gagwe le ne le roroma. Leina la mosetsana yono e ne e le Hamunyari, le ka Seshona le rayang gore, “A ga Lo Tlhabiwe ke Ditlhong?” Bakaulengwe ba ne ba utlwa gore o ne a phuagantswe ke maloko a kereke ya gagwe a a neng a ya kwa tirelong ya bodumedi kwa dithabeng. Basupi ba ne ba thusa mosetsana yono ka lorato, mme ba mo isa kwa motseng o o gaufi.
Kwa motseng oo, batho bangwe ba ne ba itse Hamunyari mme ba ne ba kopa ba masika a gagwe gore ba tle go mo tsaya. Batho ba mo motseng ba ne ba bua jaana ka Basupi: “Jono ke bodumedi jwa boammaaruri. Lono ke lone lorato lo Bakeresete ba tshwanetseng go lo bontsha.” (Johane 13:35) Pele ga bakaulengwe ba tsamaya ba ne ba naya Hamunyari pampitshana e e reng A o Ka Rata go Itse mo go Oketsegileng ka Baebele? *
Mo bekeng e e latelang molebedi yo o etang o ne a etetse phuthego nngwe mo lefelong le Hamunyari a neng a nna mo go lone. O ne a batla go itse gore a o gorogile a babalesegile kwa gae. Lelapa lotlhe le ne le itumetse thata fa le bona molebedi yo o etang mmogo le bakaulengwe ba mo lefelong leo. Batsadi ba gagwe ba ne ba re: “Lo mo bodumeding jwa boammaaruri. Lo bolokile botshelo jwa ngwana wa rona, yo batho ba neng ba mo tlogetse fela gore a swe fa thoko ga tsela.” Ba ne ba kile ba botsa maloko a kereke ya gagwe ba re: “A lo ne lo sa tlhabiwa ke ditlhong, jaaka leina Hamunyari le kaya, go mo tlogela a swa?” Basupi ba ne ba simolola go buisana le bone ka Baebele mme ba tlogela dibuka tse di theilweng mo Baebeleng le lelapa la ga Hamunyari ba ba neng ba kopa bakaulengwe gore ba boe mme ba tle go ba tshwarela thuto ya Baebele. Bangwe mo lelapeng ba pele ba neng ba ganetsa Basupi ba ne ba fetola tsela e ba lebang dilo ka yone. Mongwe wa bone, e bong monna wa ga mogolowe Hamunyari, e ne e le moeteledipele wa kereke nngwe mo lefelong leo. O ne a dumela go ithuta Baebele.
Go Aga Mafelo a Kobamelo
Mmoki yo o tlhotlheleditsweng wa bogologolo o ne a re: “Wena Modimo, . . . Moya wa me o a go nyorelwa. . . . Mo lefatsheng le le omileng le le se nang sepe, kwa go se nang metsi gone.” (Pesalema ) Go diragetse fela jalo ka batho ba bantsi kwa Zimbabwe! Ba ne ba itshokela leuba la mmatota, mme ka tsela ya semoya ba nyorelwa Modimo le molemo wa gagwe. O kgona go bona seno mo go se se fitlheletsweng mo bodireding jwa Bokeresete jwa Basupi ba ga Jehofa. Fa Zimbabwe e ne e bona boipuso ka 1980, go ne go na le Basupi ba ka nna 10 000 mo diphuthegong di le 476. Gone jaanong, dingwaga di le 27 morago ga moo, palo ya Basupi ba ba tlhagafetseng e oketsegile go menagane gararo mme palo ya diphuthego e batlile e oketsega go menagane gabedi. 63:1
Ke di le mmalwa fela tsa diphuthego tseno tse di nang le mafelo a kobamelo. Ka January 2001, e ne e le diphuthego di le 98 fela mo go tse di fetang 800 kwa Zimbabwe tse di neng di na le ntlo ya kobamelo—Holo ya Bogosi—e di neng di ka kopanela mo go yone. Diphuthego tse dintsi di ne di tshwarela dipokano tsa tsone kafa tlase ga ditlhare kana mo matlong a maemo a a kwa tlase a a dirilweng ka dipale, a dipota tsa one di polasetarilweng ka seretse a a ruletsweng ka bojang.
Ka ntlha ya meneelo ya bopelotshweu le tiro e baithaopi ba lefatshe lotlhe ba Bakeresete ba neng ba e dira ka tlhoafalo, Basupi ba kwa Zimbabwe ba simolotse thulaganyo e e thusang diphuthego tse dintsi go nna le Diholo Tsa Bogosi tse e seng tsa maemo a a kwa godimo mme di na le seriti. Basupi ba bantsi ba kwa moseja ba ba nang le bokgoni jwa go aga ba ne ba dira dithulaganyo tsa go ya kwa Zimbabwe le go dira mmogo le baithaopi ba koo. Mongwe wa Basupi ba kwa Zimbabwe o ne a re: “Ruri re leboga bakaulengwe botlhe le bokgaitsadi ba ba tswang kwa dinageng tse dintsi jaana ba ba tlileng mo Zimbabwe go tla go thusa go aga Diholo Tsa Bogosi tse dintle. Mme re lo leboga lotlhe ka meneelo ya lona e lo neng lo e tsenya mo Letloleng la Diholo Tsa Bogosi e e dirang gore tiro eno e kgone go tswelela.”
Kwa karolong e e kwa botlhaba mo nageng eno bakaulengwe ba ne ba kopanela kafa tlase ga setlhare se segolo sa mowana ka dingwaga di le 50. Fa bagolwane ba Bakeresete ba ne ba bolelelwa gore go ne go tlilwe go agiwa ntlo ya mmatota ya kobamelo, mongwe wa bone o ne a tsholola dikeledi. Mo phuthegong nngwe e e gaufi, mogolwane mongwe wa dingwaga tse 91 o ne a re: “Ke ntse ke ikuela kwa go Jehofa ka nako e telele ke kopa gore go direge sengwe sa go tshwana le seno!”
Batho ba bantsi ba akgetse ka lobelo lo dikago tseno tse dintle di agiwang ka lone. Motho mongwe o ne a re: “Lona lo aga motshegare, mme Modimo o tshwanetse a bo a aga bosigo!” Batho ba lemoga gore badiri ba a utlwana e bile ba itumetse. Go fitlha jaanong, go agilwe Diholo Tsa Bogosi tse disha di feta 350 mo nageng eno yotlhe. Seno se dira gore diphuthego di le 534 di kopanele mo Diholong Tsa Bogosi tse di agilweng sentle ka ditena.
Go ntse go dirwa tiro ya botlhokwa ya go aga ka tsela ya tshwantshetso kwa Zimbabwe. Fa re akanya ka se se setseng se dirilwe, re tlhotlheletsega go leboga Jehofa, yo e leng motswedi wa masego ano. Eleruri “fa Jehofa a sa age ntlo, baagi ba yone ba diretse lefela ka natla mo go yone.”—Pesalema 127:1.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 16 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
[Dimmapa mo go tsebe 9]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
ZIMBABWE
HARARE
Masvingo
Great Zimbabwe
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Tora ya sebopego sa khounu
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Holo e ntšha ya Bogosi, Phuthego ya Concession
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Maloko a Phuthego ya Lyndale kafa ntle ga Holo ya bone ya Bogosi e ntšha
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]
Ruins with steps: ©Chris van der Merwe/AAI Fotostock/age fotostock; tower inset: ©Ingrid van den Berg/AAI Fotostock/age fotostock