Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mpho e e Nnelang Ruri e e Tswang Kwa Mmoping

Mpho e e Nnelang Ruri e e Tswang Kwa Mmoping

Mpho e e Nnelang Ruri e e Tswang Kwa Mmoping

A GA o gakgamadiwe ke go lemoga gore dilo tse baitsesaense ba reng di botlhokwa gore go nne le botshelo mo polaneteng epe fela di umakiwa ka tsela nngwe mo kgaolong ya ntlha ya Baebele? Dilo tseno ke eng?

Gore botshelo bo tswele pele sentle, go tshwanetse ga nna le metsi a mantsi, jaaka go umakiwa mo go Genesise 1:2. Themperetšha e tshwanetse go nna e e siameng gore metsi mo lefatsheng a kgone go nna a elela. Seno se raya gore polanete e tshwanetse go nna sekgala se se lekaneng go tswa kwa letsatsing. Pego ya Genesise e bua kgapetsakgapetsa ka letsatsi le kafa le amang lefatshe ka teng.

Polanete e tshwanetse go nna le atemosefere e e nang le motswako o o rileng wa digase gore batho kgone go nna mo go yone. Ntlha eno ya botlhokwa e umakiwa mo go Genesise 1:6-8. Go gola ga dimela, mo go umakiwang mo go Genesise 1:11, 12 go thusa thata ka okosejene e re nang le yone. Polanete e mefuta e e farologaneng ya diphologolo e ka kgonang go tshela mo go yone e tshwanetse go nna le dikarolo tse di seng mo metsing, e nne naga e e ungwang jaaka go tlhalosiwa mo go Genesise 1:9-12. La bofelo, gore go nne le maemo a bosa a a siameng, polanete e tshwanetse go sekama ka selekanyo se se tshwanetseng mme e se ka ya suta—mme mo lefatsheng seo se se dirwa bontlhanngwe ke maatlakgogedi a ngwedi wa rona. Mengwe ya melemo ya ngwedi e tlhalosiwa mo go Genesise 1:14, 16.

Mokwadi wa bogologolo Moshe o ne a kgona jang go tlhalosa dilo tse di fa godimo ka gonne a ne a sa itse saense ya segompieno? A Moshe o ne a na le bokgoni jo bo tlhomologileng jwa go tlhaloganya botlhokwa jwa tsone? Tlhaloso ke gore o ne a tlhotlheleditswe ke Mmopi wa magodimo le lefatshe. Seno se tshwanelwa ke go elwa tlhoko fa re leba tsela e pego ya Genesise e nepileng ka botlalo ka teng.

Baebele e tlhomamisa gore go na le lebaka la go bo go dirilwe dikgakgamatso tse re di bonang mo lobopong lo lo re dikologileng. Pesalema 115:16 ya re: “Fa e le magodimo, magodimo ke a ga Jehofa, mme lefatshe o le neile bana ba batho.” Pesalema e nngwe ya re: “O thaile lefatshe mo mafelong a lone a a tlhomameng; ga le kitla le reketlisiwa ka bosakhutleng, kgotsa ka bosaengkae.” (Pesalema 104:5) Fa e le gore lobopo le polanete ya rona e ntle di tlhamilwe e bile di dirilwe ke Mmopi wa rona, ruri go a utlwala go dumela gore gape o na le bokgoni jwa go di tlhokomela. Seno se raya gore o ka leba pele o na le tshepo mo go diragadiweng ga tsholofetso eno e e molemolemo: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Re ka tlhomamisega gore Modimo ga a ka a ‘bopela lefatshe lefela’ mme ‘o le bopetse go nniwa’ ka bosakhutleng ke batho ba ba nang le kanaanelo ba ba amogelang dilo tse a di dirileng.—Isaia 45:18.

Go ya ka Baebele, Jesu o ne a tla mo lefatsheng go re ruta ka Modimo le ka maikaelelo a gagwe a go naya batho ba ba kutlo botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 3:16) Re tlhomamisediwa gore go ise go ye kae Modimo o tla “senya ba ba senyang lefatshe” mme batho ba ba ratang kagiso ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba ba amogelang poloko ya gagwe ba tla falola. (Tshenolo 7:9, 14; 11:18) Botshelo bo tla nna monate tota fa batho ba tswelela ba bona le go itumelela kgakgamatso ya popo ya Modimo ka bosakhutleng!—Moreri 3:11; Baroma 8:21.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]

NASA photo