Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thulaganyo ya Rona e e Tlhomologileng ya Masedi a Tlholego—Kafa go Diregileng ka Gone Gore e Nne Teng

Thulaganyo ya Rona e e Tlhomologileng ya Masedi a Tlholego—Kafa go Diregileng ka Gone Gore e Nne Teng

Thulaganyo ya Rona e e Tlhomologileng ya Masedi a Tlholego—Kafa go Diregileng ka Gone Gore e Nne Teng

GO NA le dilo tse dintsi tse di dirang gore karolo ya lobopo e re nnang mo go yone e tlhomologe. Thulaganyo ya rona ya masedi a tlholego e fa gare ga Lesomo la Molala wa Tladi mo karolong e e nang le dinaledi di le mmalwa fela. Mo e ka nnang dinaledi tsotlhe tse re di bonang bosigo di kgakala thata le rona mo e leng gore di lebega o ka re ke marontho fela a lesedi fa di lejwa ka dithelesekoupu tse dikgolo. A ke kafa dilo di neng di tshwanetse go nna ka teng?

Fa thulaganyo ya rona ya masedi a tlholego e ka bo e le gaufi le bogare jwa Molala wa Tladi, re ne re tla gobadiwa ke go nna fa gare ga dinaledi tse dintsintsi. Ka sekai, modikologo wa lefatshe o ne o tla kgoreletsega go sekae mme seo se ne se tla ama botshelo jwa batho thata. Kafa dilo di ntseng ka teng gone jaanong, thulaganyo ya masedi a tlholego e mo boemong jo bo siameng mo losagaripeng gore kotsi eno le tse dingwe di tilwe, jaaka mogote o montsi fa e feta mo marung a gase le go sa sirelediwe mo dinaleding tse di thunyang le metswedi e mengwe ya marang a a kotsi.

Letsatsi ke mofuta o re o tlhokang wa naledi. Le fisa ka selekanyo se se lekanang, le nnela ruri, ga le legolo thata e bile ga le mogote thata. Dinaledi tse dintsintsi tse di mo losagaripeng lwa rona di dinnye thata fa di bapisiwa le letsatsi mme ga di na lesedi le le lekaneng kana mogote o o lekaneng gore di kgone go tlamela botshelo mo polaneteng e e tshwanang le lefatshe. Gape, bontsi jwa dinaledi di laolwa ke maatlakgogedi a a di kopanyang le naledi kana dinaledi tse dingwe mme di bo di dikologana. Go farologana le seo, letsatsi la rona lone le ikemetse ka bolone. Go ne go ka se kgonege gore thulaganyo ya rona ya masedi a tlholego e nne e itshetletse fa e ne e ka laolwa ke maatlakgogedi a matsatsi a mabedi kana go feta.

Selo se sengwe se se dirang gore thulaganyo ya rona ya masedi a tlholego e tlhomologe ke lefelo le dipolanete tse dingwe tse dikgolo tse di kafa ntle di leng mo go lone tse di dikologang ka tsela ya sediko mme di sa kgoreletse maatlakgogedi a dipolanete tse dingwe tse di kafa teng. * Go na le moo, dipolanete tseno tse dikgolo tse di kafa ntle di a sireletsa ka gonne di monya le go latlha dilo tse di kotsi. Borasaense e bong Peter D. Ward le Donald Brownlee mo bukeng ya bone Rare Earth—Why Complex Life Is Uncommon in the Universe ba re: “Di-asteroid le di-comet ga di re iteye ka bontsi ka gonne go na le dipolanete tse dikgolo tsa gase tse di tshwanang le Jupiter.” Go setse go bonwe dithulaganyo tse dingwe tsa masedi a tlholego tse di nang le dipolanete tse dikgolo. Mme bontsi jwa dipolanete tseno tse dikgolo di dikologa ka tsela e e ka tsenyang polanete e potlana e e lekanang le lefatshe mo kotsing.

Se Ngwedi o se Dirang

Go tloga bogologolo, ngwedi wa rona o ntse o gakgamatsa batho. O tlhotlheleditse baboki le diopedi. Ka sekai, mmoki mongwe wa bogologolo wa Mohebera o tlhalosa ngwedi a re o ‘tlhomamisitswe ka thata ka bosakhutleng, le jaaka mosupi yo o ikanyegang mo loaping.’—Pesalema 89:37.

Tsela e nngwe ya botlhokwa e ngwedi o amang botshelo mo lefatsheng ka yone ke gore maatlakgogedi a yone a laola tsela e metsi a elelang ka yone mo lewatleng, mme seo sone se laola maemo a rona a bosa.

Selo se sengwe sa botlhokwa se ngwedi wa rona o se dirang ke gore maatlakgogedi a one a dira gore lefatshe le itshetlele mo aseng ya lone fa le ntse le dikologa letsatsi. Go ya ka buka ya saense e e bidiwang Nature, fa ngwedi o seyo, ase ya lefatshe e ne e tla fetoga go tloga go “mo e ka nnang [didikirii] di le 0 go ya go [didikirii] di le 85.” Akanya fela gore go ne go tla diragalang fa e ka bo e le gore ase ya lefatshe ga e a sekama! Re ne re se na go itumelela go nna le dipaka tse di sa tshwaneng e bile re ne re tla tlhaelelwa ke pula. Tsela e lefatshe le sekameng ka yone gape e dira gore go se ka ga nna tsididi ka tsela e e feteletseng e bile go se ka ga nna mogote ka tsela e e feteletseng gore re kgone go tswelela re tshela. Moithutadinaledi Jacques Laskar a re: “Tlelaemete ya rona gone jaanong e tlhomame jaana ka ntlha ya sengwe se se tlhomologileng: go nna teng ga Ngwedi.” Gore ngwedi wa rona a kgone go dira jalo, o mogolo—o feta bongwedi ba dipolanete tse dikgolo.

Le fa go ntse jalo, selo se sengwe se ngwedi wa rona o se dirang jaaka, mokwadi wa buka ya Baebele ya bogologolo ya Genesise a buile, ke gore o a bonesa bosigo.—Genesise 1:16.

A di Itiragaletse Fela Kana di Tlhamilwe?

Motho a ka tlhalosa jang kgang ya go bo go na le dilo tse dintsi tse di dirang gore go kgonege gore botshelo bo nne teng mo lefatsheng e bile bo itumedise? Go lebega go na le ditsela tse pedi tsa go tlhalosa seo. Sa ntlha ke gore dilo tseno tsotlhe tse di diregang di itiragalela fela. Sa bobedi ke gore go na le go na le motho yo o botlhale yo o di tlhamileng.

Dingwaga di le diketekete tse di fetileng, Dikwalo Tse di Boitshepo di ne tsa re lobopo lwa rona lo ne lwa simololwa lwa ba lwa dirwa ke Mmopi—Modimo Mothatayotlhe. Fa e le gore go ntse jalo, go raya gore ga go a itiragalela fela gore thulaganyo ya rona e e leng teng gone jaanong ya masedi a tlholego e nne teng, mme e tlhamilwe ke mongwe. Ka mafoko a mangwe re ka re Mmopi o re tlogeletse pego ya dilo tse a di dirileng go dira gore go nne le botshelo mo lefatsheng. O ka nna wa gakgamadiwa ke go itse gore le fa pego eno e na le dingwaga di le 3 500 e le teng, dilo tse di diragetseng mo lobopong tse di tlhalosiwang mo go yone di dumalana sentle le se baitsesaense ba dumelang gore se diragetse. Pego eno e mo bukeng ya Baebele ya Genesise. Sekaseka se e se buang.

Pego ya Genesise ya Popo

“Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” (Genesise 1:1) Mafoko a Baebele a kwa tshimologong a bua ka go dirwa ga thulaganyo ya rona ya masedi a tlholego go akaretsa polanete ya rona, mmogo le go dirwa ga dinaledi tse di mo masagaripeng a mantsintsi a a dirang lobopo lwa rona. Go ya ka Baebele, go na le nako e ka yone lefatshe le neng le “tobekane fela le kgakgabetse.” Go ne go se na dikontinente e bile go se na naga e e ungwang. Mme mafoko a a latelang a tlhomolola se baitsesaense ba reng ke selo sa botlhokwa thata se se tlhokegang gore go nne go na le botshelo mo polaneteng—metsi a mantsi. Moya wa Modimo o ne o “ya kwa le kwa mo godimo ga metsi.”—Genesise 1:2.

Gore metsi a nne a elela, polanete e tshwanetse go nna sekgala se se siameng go tswa kwa letsatsing. Rasaense wa dipolanete e bong Andrew Ingersoll a re: “Polanete e e bidiwang Mars e tsididi thata, e go tweng Venus e mogote thata, Lefatshe lone le siame.” Ka tsela e e tshwanang, go tshwanetse ga nna le lesedi le le lekaneng gore dimela di kgone go gola. E bile, pego ya Baebele ya re kwa tshimologong fa go ne go bopiwa, Modimo o ne a dira gore lesedi la letsatsi le tsenelele mo marung a a lefifi a mouwane wa metsi o o neng o okame lewatle jaaka “letsela le le hapang” mo ngwaneng.—Jobe 38:4, 9; Genesise 1:3-5.

Mo ditemaneng tse di latelang tsa Genesise, re bala gore Mmopi o ne a dira se Baebele e se bitsang “phuthologo.” (Genesise 1:6-8) Phuthologo eno e tletse ka digase tse di dirang lefaufau la lefatshe.

Go tswa foo Baebele e tlhalosa gore Modimo o ne a fetola tobekano ya lefatshe mme a dira mmu o o omileng. (Genesise 1:9, 10) Go lebega a ile a dira gore lefatshe le obege le bo le sute. Ka ntlha ya seo go ka tswa go ile ga nna le mesele e e boteng mme dikontinente tsa tswa mo lewatleng.—Pesalema 104:6-8.

Ka nako nngwe e e sa tlhalosiweng bogologolo mo lefatsheng, Modimo o ne a dira bolele jo bo sa bonaleng mo mawatleng. Ka go dirisa maatla a letsatsi, ditshedi tseno tse di itirang tsone ka botsone tse di nang le sele e le nngwe fela di ne tsa simolola go fetola khabonetaeokosaete tsa e dira dijo mme tsa ntshetsa okosejene mo lefaufaung. Tiragalo eno e e gakgamatsang e ne ya potlakisiwa mo pakeng ya boraro ya popo ka go dira dimela tse di neng tsa feletsa di apesitse lefatshe. Ka jalo okosejene e ne ya oketsega mo lefaufaung, mme e ne e tlile go thusa batho le diphologolo go tswelela di tshela ka go hema.—Genesise 1:11, 12.

Go dira gore lefatshe le ungwe, Mmopi o ne a dira gore ditshedi tse di farologaneng tse dinnyennye di tshele mo mmung. (Jeremia 51:15) Dibopiwa tseno tse dinnye di bodisa dilo tse di suleng, di bo di boa di dira dilo tse dimela di di tlhokang gore di gole. Mefuta e e kgethegileng ya baketeria e e nnang mo mmung e dirisa naeterojene e e tswang mo moweng mme e naya dimela naeterojene eno e e botlhokwa thata gore di kgone go gola. Go a gakgamatsa gore mmu o o tletseng seatla o ka nna le ditshedi tse dinnyennye di ka nna dibilione di le thataro!

Genesise 1:14-19 e tlhalosa go bopiwa ga letsatsi, ngwedi le dinaledi mo pakeng ya bonè ya popo. Kwa tshimologong, seno se ka lebega se sa dumalane le tlhaloso ya Dikwalo e e fa godimo. Le fa go ntse jalo, o gakologelwe gore Moshe, mokwadi wa Genesise o ne a kwala pego ya popo go ya ka pono ya motho yo o neng a bona dilo a le mo lefatsheng, jaaka e kete go na le motho yo o neng a le mo lefatsheng a bona dilo tseo. Go lebega e kete letsatsi, ngwedi le dinaledi di ne tsa bonwa la ntlha mo lefaufaung la lefatshe ka nako eo.

Pego ya Genesise ya re lewatle le nnile teng mo pakeng ya botlhano ya popo mme diphologolo le batho bone ba nnile teng mo pakeng ya borataro ya popo.—Genesise 1:20-31.

Lefatshe le Diretswe Gore Batho ba Itumelele Botshelo mo go Lone

A ga o lemoge gore botshelo mo lefatsheng, jo bo nnileng teng go ya ka tlhaloso ya pego ya Genesise, bo diretswe gore batho ba bo itumelele? A o kile wa tsoga letsatsi le tlhabile sentle, wa hema phefo e e phepa mme wa itumelela go bo o tshela? Gongwe o kile wa tsamaya mo tshingwaneng mme wa itumelela go bona dithunya tse dintle le go dupelela monko wa tsone o o monate. Kana gongwe o kile wa tsamaya mo tshingwaneng ya maungo mme wa kgetla leungo lengwe le le monate. Dilo tseno di ka bo di seyo fa e ka bo e se ka mabaka a a latelang: (1) metsi a mantsi a a leng teng mo lefatsheng, (2) mogote le lesedi le le lekaneng tse di tswang kwa letsatsing, (3) lefaufau la rona le le nang le digase tse di tswakantsweng sentle, le (4) mmu o o nonneng.

Dilo tseno tsotlhe tse di seyong kwa Mars, Venus le mo dipolaneteng tse dingwe tse di re dikologileng—ga di a itiragalela fela. Di dirilwe ka matsetseleko go dira gore botshelo mo lefatsheng bo itumedise. Jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha, Baebele gape ya re Mmopi o tlhamile polanete ya rona e ntle gore e nnele ruri.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Dipolanete tse nnè tse di kafa teng tsa thulaganyo ya rona ya masedi a tlholego e leng Mercury, Venus, Earth, le Mars di amanngwa le lefatshe ka gonne di na le maje. Karolo e kgolo ya dipolanete tse dikgolo tse di kafa ntle e leng Jupiter, Saturn, Uranus, le Neptune ke gase.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

“Fa nna jaaka ke le moithutajioloji ke ne nka ka kopiwa gore ke tlhalosetse ka bokhutshwane batho ba maemo a a kwa tlase, ba kwa magaeng, jaaka ditso tse di neng di kwaletswe Buka ya Genesise gore mo metlheng ya segompieno re tlhaloganya jang tshimologo ya lefatshe le go nna teng ga botshelo mo go lone, ke ne ke se kitla ke kgona go tlhalosa fa ke ne ke sa dirise bontsi jwa dilo tse di kwadilweng mo kgaolong ya ntlha ya Genesise.”—Moithutajioloji Wallace Pratt.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

LE SIAMETSE LE BOLEPADINALEDI

Fa letsatsi le ka bo le le mo lefelong le sele mo losagaripeng lwa rona, re ne re se na go bona dinaledi sentle jaana. Buka ya The Privileged Planet, ya re: “Thulaganyo ya Rona ya Masedi a Tlholego, e . . . kgakala le dikarolo tse di lorole tse di kgotletsweng ke lesedi, mme seo se dira gore re kgone go bona dinaledi tse di gaufi mmogo le dikarolo tse di kgakala tsa lobopo sentle thata.”

Bogolo jwa ngwedi le sekgala sa ngwedi go tswa mo lefatsheng di siametse gore ngwedi a kgone go bipa letsatsi gotlhelele fa go na le phifalo ya letsatsi. Dinako tseno tsa phifalo ya letsatsi tse di tlang ka sewelo, tse di gakgamatsang thata di dira gore baithutadinaledi ba kgone go ithuta ka letsatsi. Dipatlisiso tse di ntseng jalo di ba thusitse go itse dilo tse dintsi tse pele di neng di sa itsiwe malebana le gore ke eng se se dirang gore dinaledi di phatsime.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Ngwedi o mogolo ka mo go lekaneng gore a dire gore ase ya lefatshe e e sekameng e itshetlele

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Ke eng se se dirang gore go nne le botshelo mo lefatsheng? Ke metsi a mantsi, lesedi le mogote o o lekaneng, lefaufau, le mmu o o nonneng

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Globe: Based on NASA Photo; wheat: Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.