Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Botlhokwa Gore o Tlhopha Bodumedi Bofe?

A go Botlhokwa Gore o Tlhopha Bodumedi Bofe?

A go Botlhokwa Gore o Tlhopha Bodumedi Bofe?

BONTSI jwa rona re rata gore go nne le dilwana di le dintsi tse re ka tlhophang mo go tsone fa re ile mabenkeleng. Fa go na le maungo le merogo e e farologaneng mo mmarakeng, re kgona go tlhopha tse re di ratang thata le tse di siametseng lelapa la rona. Fa lebenkele la diaparo le na le diaparo tsa mesego e e farologaneng le mebala e e farologaneng, re kgona go tlhopha tse di re tshwanelang sentle. Dingwe tsa dilo tse re di tlhophang mo botshelong di bontsha fela gore re rata eng. Le fa go ntse jalo, tse dingwe tsone, tse di jaaka dijo tse di nang le dikotla tse re di tlhophang kana ditsala tse di botlhale tse re di tlhophang, di ama boitekanelo jwa rona. Mme go tweng ka bodumedi jo re bo tlhophang? A kobamelo ya rona e tshwanetse go nna fela tsela e re supang se re se ratang ka yone? Kana a ke kgang e e amang boitekanelo jwa rona ka tsela e e masisi?

Go na le mefuta e le mentsi ya madumedi a motho a ka tlhophang mo go one. Gone jaanong mo dinageng di le dintsi go na le kgololesego ya bodumedi, mme batho ba le bantsi ba ikutlwa ba gololesegile go tlogela bodumedi jwa batsadi ba bone. Patlisiso e e dirilweng kwa United States e bontsha gore diperesente di le 80 tsa Baamerika “di dumela gore bodumedi jo bo farologaneng e ka nna yone tsela e e isang polokong.” Go ya ka yone patlisiso eo, “motho a le mongwe mo go ba le batlhano ba ba botsoloditsweng o ne a re o ne a fetola bodumedi jo a neng a le mo go jone a ntse a godile.” Patlisiso ya kwa Brazil yone e bontshitse gore mo e ka nnang kwatara ya batho botlhe ba kwa Brazil ba fetotse bodumedi jwa bone.

Mo nakong e e fetileng batho ba ne ba ganetsana ba shakgetse ka dithuto tse di neng di farologanya madumedi. Gone jaanong ba le bantsi ba re, ‘Ga go botlhokwa gore o tlhopha bodumedi bofe.’ Mme a gone go botlhokwa? A bodumedi jo o bo tlhophang bo ka go ama?

Fela jaaka bareki ba ba botlhale ba botsa gore selo se ba batlang go se reka se tswa kae, le wena o tla bo o le botlhale go botsa gore, ‘Madumedi ano otlhe a a farologaneng a simologile kae le gone ka ntlha yang?’ Baebele e na le dikarabo tsa dipotso tseo.

Madumedi a Simologa Jang?

Kwa Iseraele wa bogologolo, Kgosi Jeroboame o ne a simolola bodumedi jo bosha mo e ka nnang dingwaga di le sekete pele Jesu a tla mo lefatsheng. Jeroboame e ne e le kgosi ya ntlha ya bogosi jwa bokone jo bo ikemetseng jwa Iseraele. O ne a lebane le tiro e e thata ya go phutha batho gore a kgone go fitlhelela mekgele ya gagwe. “Kgosi ya batla kgakololo e bo e dira dinamane tse pedi tsa gouta mme ya raya batho ya re: ‘Go thata mo go lona gore lo tlhatlogele kwa Jerusalema. Modimo wa gago ke yo, wena Iseraele.’” (1 Dikgosi 12:28) Ga go pelaelo gore kgosi e ne e batla go dirisa bodumedi go tlosa boikanyegi jwa batho kwa Jerusalema e leng kwa ba neng ba tlwaetse go obamela teng. Bodumedi jo Jeroboame a neng a bo simolola bo ne jwa nna teng makgolokgolo a dingwaga mme jwa felela ka gore batho ba le dimilione ba bolawe fa kgabagare Modimo a ne a atlhola batlhanogi ba ba neng ba le mo setšhabeng seo sa Iseraele. Bodumedi jwa ga Jeroboame e ne e le tsela fela ya go mo thusa mo dipolotiking. Mangwe a madumedi a Naga a a sa ntseng a le teng le gompieno a simolotse fela jalo e le tsela ya go nonotsha maatla a sepolotiki.

Moaposetoloi Paulo o ne a senola maitlhomo a mangwe a batho ba nang le one fa ba simolola bodumedi jo bosha fa a ne a re: “Ke a itse gore fa ke sena go tsamaya diphiri tse di gatelelang di tla tsena mo gare ga lona mme ga di na go tshwara letsomane ka bonolo, e bile go tla tsoga banna mo gare ga lona mme ba tla bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (Ditiro 20:29, 30) Gantsi baeteledipele ba ba ikgodisang ba simolola mekgatlho ya bodumedi gore ba tle ba itlotlomatse bone ka bobone. Dikereke tse di ipolelang gore ke tsa Bokeresete mme e se tsone di kgaogantswe ka makoko a le mantsi.

Madumedi a Batla go Kgatlha Mang?

Bangwe ba simolola bodumedi jo bosha fela ka gonne batho ba le bantsi ba bo batla. Ka sekai, makasine wa Economist o ne wa bega ka dikereke tsa kwa United States tse di bidiwang dikereke tse dikgolo. Setlhogo seno se tlhalosa gore dikereke tseno di gola thata gonne, “di dirisa molaomotheo o o dirisiwang mo dikgwebong tsotlhe tse di atlegileng: go naya moreki sengwe le sengwe se a se batlang.” Dingwe tsa dikereke tseno tse dikgolo di “tshwara ditirelo tse di tletseng boitlosobodutu ka dibidio, diterama le mmino wa segompieno.” Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba dikereke tseno ba bolela gore ba ruta maloko a bone gore a “hume, a nne a itekanetse mo mmeleng mme a tshele botshelo jo bo senang mathata.” One makasine oo wa re, le fa gone dikereke tseo di nyadiwa ka gore di mo kgwebong ya boitlosobodutu, kana “kgwebo ya go naya batho dikgakololo, di a bo di naya fela maloko a tsone se tota a se batlang.” Pego eno e konela jaana: “Go kopana ga kgwebo le bodumedi go atlegile go gaisa.”

Le fa gone madumedi a mangwe one a ka tswa a sa bonale a le mo kgwebong, dikereke tse di “nayang batho se ba se batlang” tsone di re gakolola ka tlhagiso e Paulo a neng a e naya. O ne a kwala jaana: “Go tla nna le lobaka lwa nako lo ba tla se keng ba iteseletse go amogela thuto e e itekanetseng, mme, tumalanong le dikeletso tsa bone, ba tla ikokoanyetsa barutisi gore ditsebe tsa bone di tsikitliwe; mme ba tla faposa ditsebe tsa bone mo boammaaruring, mme bone ba tla faposediwa kwa dipolelong tsa maaka.”—2 Timotheo 4:3, 4.

E re ka madumedi a le mantsi a nnile teng ka gonne batho ba eletsa go nna le taolo ya sepolotiki, maemo a a kwa godimo le go amogelwa ke batho ba le bantsi go na le go eletsa go kgatlha Modimo, ga go gakgamatse go bo bodumedi bo na le seabe jaana mo dilong tse di bosula tse di jaaka go sotla bana, boferefere, ntwa kana borukhutlhi. Gantsi bodumedi ke tsietso fela. Ke eng se o ka se dirang gore o se ka wa tsiediwa?

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

Madumedi a le mantsi a nnile teng ka gonne batho ba eletsa go nna le taolo ya sepolotiki, maemo a a kwa godimo le go amogelwa ke batho ba le bantsi go na le go eletsa go kgatlha Modimo