Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A re Godiseng Leina la ga Jehofa Mmogo

A re Godiseng Leina la ga Jehofa Mmogo

A re Godiseng Leina la ga Jehofa Mmogo

“Godisang Jehofa le nna, a re godiseng leina la gagwe mmogo.”—PESALEMA 34:3.

1. Jesu o ne a tlhoma sekao sefe se se molemo fa a dira bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng?

MO BOSIGONG jwa Nisane 14, 33 C.E., Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba opelela Jehofa dipako mmogo mo phaposing e e kwa godimo ya ntlo nngwe kwa Jerusalema. (Mathaio 26:30) E ne e tla nna lone lekgetlho la bofelo Jesu a dira jalo le baaposetoloi ba gagwe. Le fa go ntse jalo, go ne go tshwanela gore a bo a ka konela pokano ya gagwe le bone ka tsela eo. Go tloga kwa tshimologong ya bodiredi jwa ga Jesu mo lefatsheng go ya kwa bofelong, Jesu o ne a baka Rraagwe e bile a itsise batho leina la gagwe ka tlhoafalo. (Mathaio 4:10; 6:9; 22:37, 38; Johane 12:28; 17:6) Totatota o ne a etsa taletso eno e e lorato ya mopesalema: “Godisang Jehofa le nna, a re godiseng leina la gagwe mmogo.” (Pesalema 34:3) A bo seo e le sekao se se molemo jang ne gore re se latele!

2, 3. (a) Re itse jang gore Pesalema 34 e na le bokao jwa boporofeti? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno le se se latelang?

2 Diura di se kae morago ga go opela dipako le Jesu, moaposetoloi Johane o ne a bona tiragalo e e farologaneng gotlhelele le eo. O ne a bona Mong wa gagwe le dikebekwa tse pedi ba bolawa mo dikoteng tsa tlhokofatso. Masole a Baroma a ne a roba maoto a dikebekwa tse pedi gore di swe ka bonako. Le fa go ntse jalo, Johane o bega gore Jesu ene ga ba a ka ba mo roba maoto. Fa masole a tla fa go Jesu, o ne a setse a sule. Johane mo Efangeleng ya gagwe o ne a tlhalosa tiragalo eo e le go diragadiwa ga karolo e nngwe ya Pesalema 34: “Ga go kitla go rojwa le fa e le lerapo la gagwe.”—Johane 19:32-36; Pesalema 34:20, Septuagint.

3 Pesalema 34 e na le dintlha tse dingwe tse dintsi tse Bakeresete ba di kgatlhegelang. Ka jalo, mo setlhogong seno le se se latelang, re tla sekaseka maemo a Dafide a neng a kwala pesalema a le mo go one re bo re bone gore pesalema eo e ka re kgothatsa jang.

Dafide o Tshabela Saulo

4. (a) Ke ka ntlha yang fa Dafide a ile a tlodiwa go nna kgosi e e latelang ya Iseraele? (b) Ke ka ntlha yang fa Saulo a ile ‘a rata Dafide thata’?

4 Fa Dafide a sa le mmotlana, Saulo e ne e le kgosi ya Iseraele. Le fa go ntse jalo, Saulo o ne a se ka a nna kutlo mme Jehofa a se ka a tlhola a mo amogela. Ka lebaka leo, moporofeti Samuele o ne a mo raya a re: “Jehofa o gagotse puso ya segosi ya Iseraele mo go wena gompieno, mme ruri o tla e naya mongwe ka wena yo o botoka mo go wena.” (1 Samuele 15:28) Moragonyana, Jehofa o ne a kaela Samuele gore a tlotse Dafide, morwa yo mmotlana mo barweng botlhe ba ga Jese gore a nne kgosi e e latelang ya Iseraele. Mo nakong eo, fa Kgosi Saulo a ne a se na moya wa Modimo, o ne a nna a hutsafetse. Dafide, yo e neng e le setswerere sa mmino, o ne a tlisiwa kwa Gibea gore a tle go direla kgosi, mme mmino wa ga Dafide o ne o ritibatsa Saulo, yo o neng a simolola go “mo rata thata.”—1 Samuele 16:11, 13, 21, 23.

5. Ke ka ntlha yang fa boikutlo jwa ga Saulo ka Dafide bo ile jwa fetoga, mme Dafide o ne a patelesega go dira eng?

5 Fa nako e ntse e ya, Jehofa o ne a nna le Dafide. Jehofa o ne a mo thusa go fenya mokaloba wa Mofilisitia e bong Goliathe mme a ema Dafide nokeng fa a ntse a tseelwa kwa godimo mo Iseraele ka ntlha ya bokgoni jwa gagwe jwa sesole. Le fa go ntse jalo, fa Jehofa a ntse a segofatsa Dafide, seo se ne sa dira gore Saulo a fufege, mme a tlhoe Dafide. Makgetlho a mabedi fa Dafide a ntse a leletsa Saulo harepa, kgosi e ne ya mo konopa ka lerumo. Ka makgetlho ao a mabedi, Dafide o ne a kgona go tila lerumo. Fa Saulo a leka go mmolaya lekgetlho la boraro, kgosi eno ya Iseraele ya mo isagweng e ne ya lemoga gore e tshwanetse go sia gore e iphalotse. Kgabagare Dafide o ne a bona gore a tshabele kwantle ga naga ya Iseraele ka gonne Saulo o ne a tswelela pele a leka go mo tshwara le go mmolaya.—1 Samuele 18:11; 19:9, 10.

6. Ke ka ntlha yang fa Saulo a ile a laela gore banni ba kwa Nobe ba bolawe?

6 Fa Dafide a le mo tseleng a ya kwa molelwaneng wa Iseraele, o ne a fapogela mo motseng wa Nobe, kwa motlaagana wa ga Jehofa o neng o le teng. Go bonala gore fa Dafide a ntse a tshaba o ne a patilwe ke setlhopha sa makawana, mme o ne a kopa dijo a kopela le bone. Saulo o ne a utlwa gore moperesiti yo mogolo o ne a neile Dafide le banna ba gagwe dijo le tšhaka e Dafide a neng a e tsere mo go Goliathe fa a sena go swa. Ka bogale, Saulo o ne a laela gore banni botlhe ba motse oo, go akaretsa baperesiti ba le 85, ba bolawe.—1 Samuele 21:1, 2; 22:12, 13, 18, 19; Mathaio 12:3, 4.

O Falola Loso Gape

7. Ke ka ntlha yang fa Gathe e ne e se lefelo le le babalesegileng gore Dafide a ka iphitlha mo go lone?

7 Fa Dafide a tswa kwa Nobe, o ne a tshaba dikilometara di ka nna 40 a siela kwa bophirima mo nageng ya Bafilisitia mme a kopa botshabelo kwa go Kgosi Akishe kwa Gathe, motse wa kwa gaabo Goliathe. Gongwe Dafide o ne a akanya gore Saulo a ka se akanye go mmatla koo. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae batlhanka ba kgosi ya kwa Gathe ba ne ba lemoga Dafide. Fa Dafide a utlwalela gore o ne a lemogilwe, o ne “a simolola go boifa thata ka ntlha ya ga Akishe kgosi ya Gathe.”—1 Samuele 21:10-12.

8. (a) Pesalema 56 e re bolelela eng ka se se diragaletseng Dafide kwa Gathe? (b) Dafide o ne a falola loso jang ka tshoba la mogodu?

8 Go tswa foo Bafilisitia ba ne ba tshwara Dafide. Eno e ka tswa e le yone nako e ka yone Dafide a neng a tlhama pesalema e e tswang mo pelong e mo go yone a neng a ikuela jaana mo go Jehofa: “A ko o tsenye dikeledi tsa me mo modutwaneng wa gago.” (Pesalema 56:8 le mafoko a a tlhagang fa godimo ga kgaolo) Ka go rialo o ne a bontsha go ikanya ga gagwe gore Jehofa o ne a ka se lebale bohutsana jwa gagwe mme o ne a tla mo tlamela ka lorato le go mo sireletsa. Gape Dafide o ne a loga leano la go tsietsa kgosi ya Bafilisitia. O ne a itira jaaka e kete o latlhegetswe ke tlhaloganyo. Fa Kgosi Akishe a bona seo o ne a omanyetsa batlhanka ba gagwe go mo tlisetsa monna yo o “tsenwang.” Go bonala sentle gore Jehofa o ne a segofatsa leano la ga Dafide. Dafide o ne a lelekwa mo motseng, a sena go falola loso gape ka tshoba la mogodu.—1 Samuele 21:13-15.

9, 10. Ke ka ntlha yang fa Dafide a ne a kwala Pesalema 34, mme Dafide o ka tswa a ne a gopotse bomang gape fa a tlhama pesalema eno?

9 Baebele ga e bolele gore a baemanokeng ba ga Dafide ba ne ba siela mo Gathe le ene kgotsa ba ne ba sala mo metseng e e fa gaufi ya Iseraele go mo sireletsa. Mme gone go tshwanetse ga bo go ile ga nna monate fa Dafide a kopana le bone a bo a ba begela kafa Jehofa a neng a mo namotse gape ka teng. Tiragalo eo ke yone e go buiwang ka yone mo go Pesalema 34, jaaka mafoko a a kwa godimo ga kgaolo a bontsha. Mo ditemaneng tsa ntlha tse supa tsa pesalema eno, Dafide o baka Modimo ka gonne a mo golotse e bile o laletsa ba ba mo emang nokeng gore ba godise Jehofa le ene jaaka e le Monamodi yo Mogolo wa batho ba gagwe.—Pesalema 34:3, 4, 7.

10 Dafide le banna ba gagwe ba ne ba iphitlha mo logageng lwa Adulama mo kgaolong e e dithaba ya Iseraele, dikilometara di ka nna 15 kwa botlhaba jwa Gathe. Fa ba le koo, Baiseraele ba ba neng ba sa kgotsofalele maemo a puso ya ga Kgosi Saulo ba ne ba simolola go ikopanya le bone. (1 Samuele 22:1, 2) Fa Dafide a ne a tlhama mafoko a Pesalema 34:8-22, o ka tswa a ne a akantse ka batho bao. Dikgakololo tse di mo ditemaneng tseo di botlhokwa le mo go rona gompieno, mme ruri re tla solegelwa molemo ke go tlotla ka botlalo ka pesalema eno e e molemo.

A o Amegile Thata ka se Dafide a Neng a Amegile ka Sone?

11, 12. Re na le mabaka afe a go baka Jehofa ka dinako tsotlhe?

11 “Ke tla baka Jehofa ka dinako tsotlhe; pako ya gagwe e tla nna mo molomong wa me ka metlha.” (Pesalema 34:1) E re ka Dafide e ne e le mofaladi, o tshwanetse a bo a ne a na le dilo tse dintsi go tshwenyega ka tsone malebana le se a ka itshedisang ka sone, mme jaaka mafoko ano a bontsha, ga a ka a itetla go tshwenyega ka tsone gore a bo a tlogele go baka Jehofa. A bo e le sekao se se molemo jang mo go rona fa re lebana le mathata! Le fa re ka tswa re le kwa sekolong, kwa tirong, re na le Bakeresete ka rona, kgotsa re le mo bodireding jwa phatlalatsa, keletso ya rona e kgolo e tshwanetse ya nna go baka Jehofa. Akanya fela ka mabaka a mantsintsi a re nang le one a go dira jalo! Ka sekai, dilo tse re ka di ithutang mme ra di itumelela mo ditirong tse di molemo tsa ga Jehofa tsa popo ga di na palo. Mme akanya ka se a se fitlheletseng a dirisa karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya gagwe! Jehofa o dirisitse thata batho ba ba ikanyegang mo motlheng wa gompieno le fa ba sa itekanela. Ditiro tsa Modimo di ka bapisiwa jang le ditiro tsa batho ba ba tsewang jaaka medimo mo lefatsheng? A ga o dumalane le Dafide, yo gape a neng a kwala a re: “Ga go na ope yo o tshwanang le wena mo medimong, wena Jehofa, e bile ga go na ditiro dipe tse di tshwanang le tsa gago”?—Pesalema 86:8.

12 Fela jaaka Dafide, re ikutlwa re patelesega go baka Jehofa ka metlha ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di ka se bapisiweng le dipe. Mo godimo ga moo, re itumelela go itse gore Bogosi jwa Modimo jaanong bo mo diatleng tsa Moruaboswa yo o nnetseng ruri wa ga Dafide, Jesu Keresete. (Tshenolo 11:15) Seno se bolela gore bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo bo gaufi. Isagwe ya bosakhutleng ya batho ba feta dibilione tse thataro e mo kotsing. Ga go ise go ke go tlhokege jaaka go tlhokega gompieno gore re bolelele ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo le se bo tla tlogang bo se direla batho le go ba thusa go baka Jehofa le rona. Ruri se se tshwanetseng sa tla pele mo botshelong jwa rona e tshwanetse ya nna go dirisa sebaka sengwe le sengwe se re nang le sone go kgothatsa ba bangwe gore ba amogele “dikgang tse di molemo” tseno pele go nna thari.—Mathaio 24:14.

13. (a) Dafide o ne a ipelafatsa ka mang, mme go ne ga arabela batho ba mofuta ofe? (b) Batho ba ba pelonomi ba gogelwa jang mo phuthegong ya Bokeresete gompieno?

13 “Moya wa me o tla ipelafatsa mo go Jehofa; ba ba pelonolo ba tla utlwa mme ba tla ipela.” (Pesalema 34:2) Fano Dafide o ne a sa ipelafatse ka sepe se ene a se dirileng. Ka sekai, o ne a sa ikgantshe ka tsela e a neng a tsieditse kgosi ya Gathe ka yone. O ne a lemoga gore o ne a sireleditswe ke Jehofa fa a ne a le kwa Gathe le gore o ne a falotse ka thuso ya ga Jehofa. (Diane 21:1) Ka jalo, Dafide ga a ka a ipelafatsa ka esi, mme o ne a ipelafatsa mo go Jehofa. Mme batho ba ba pelonomi ba ne ba gogelwa kwa go Jehofa ka ntlha ya seo. Jesu le ene o ne a godisa leina la ga Jehofa, mme seo sa gogela batho ba ba ikokobeditseng le ba ba ka rutegang kwa go Jehofa. Gompieno, batho ba ba pelonomi ba ditšhaba tsotlhe ba gogelwa mo phuthegong ya ditšhabatšhaba ya Bakeresete ba ba tloditsweng, ba Jesu e leng Tlhogo ya bone. (Bakolosa 1:18) Dipelo tsa batho bano ba ba pelonomi di a amega fa ba utlwa leina la Modimo le galalediwa ke batlhanka ba gagwe ba ba ikokobeditseng le fa ba utlwa molaetsa wa Baebele, o moya wa Modimo o o boitshepo o dirang gore ba kgone go o tlhaloganya.—Johane 6:44; Ditiro 16:14.

Dipokano di Nonotsha Tumelo ya Rona

14. (a) A Dafide o ne a kgotsofalela go baka Jehofa a le esi fela? (b) Jesu o ne a tlhoma sekao sefe malebana le dipokano tsa kobamelo?

14 “Godisang Jehofa le nna, a re godiseng leina la gagwe mmogo.” (Pesalema 34:3) Dafide o ne a sa kgotsofalele go baka Jehofa a le esi fela. O ne a laletsa ditsala tsa gagwe ka lorato gore ba godise leina la Modimo mmogo le ene. Ka tsela e e tshwanang, Jesu Keresete, Dafide yo Mogolwane, o ne a ipelela go baka Jehofa phatlalatsa—kwa sinagogeng, kwa meletlong ya kwa tempeleng ya Modimo kwa Jerusalema, le fa a na le balatedi ba gagwe. (Luke 2:49; 4:16-19; 10:21; Johane 18:20) A bo e le tshiamelo e e itumedisang jang ne go latela sekao sa ga Jesu sa go baka Jehofa nako le nako fa go kgonega re na le badumedi ka rona, bogolo jang gone jaanong e re ka re “bona letsatsi le atamela”!—Bahebera 10:24, 25.

15. (a) Se se diragaletseng Dafide se ne sa ama banna ba gagwe jang? (b) Re solegelwa molemo jang ke go nna gone kwa dipokanong tsa rona?

15 “Ke ne ka botsa Jehofa, mme a nkaraba, mme a nkgolola mo letshogong lotlhe la me.” (Pesalema 34:4) Tiragalo eno e ne e le botlhokwa mo go Dafide. Ka jalo, o ne a tswelela a re: “Yo o bogisiwang yono o ne a bitsa, mme Jehofa a utlwa. Mme A mmoloka mo matshwenyegong otlhe a gagwe.” (Pesalema 34:6) Fa re kopane le badumedi ka rona, re na le nako e ntsi ya go anela maitemogelo a a kgothatsang a kafa Jehofa a re thusitseng ka teng go itshokela maemo a a thata. Seno se nonotsha tumelo ya badumedikarona, fela jaaka mafoko a ga Dafide a ile a nonotsha tumelo ya ba ba neng ba mo ema nokeng. Balekane ba ga Dafide ba ne ba “leba [Jehofa] mme ba phatsima, mme go ne go ka se kgonege gore difatlhego tsa bone di tlhabiwe ke ditlhong.” (Pesalema 34:5) Le fa ba ne ba tshabela Kgosi Saulo, ba ne ba sa tlhabiwe ke ditlhong. Ba ne ba tlhomamisegile gore Modimo o ne a eme Dafide nokeng, mme difatlhego tsa bone di ne di phatsima. Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba sa tswang go kgatlhega bosheng mmogo le ba ba sa bolong go nna Bakeresete ba boammaaruri ka lobaka lo loleele ba kopa Jehofa gore a ba eme nokeng. E re ka ba iponetse kafa Jehofa a ba thusitseng ka teng, difatlhego tsa bone tse di phatsimang di bontsha gore ba iketleeditse go nna ba ikanyega.

Anaanela Thuso ya Baengele

16. Jehofa o dirisitse baengele ba gagwe jang go re namola?

16 “Moengele wa ga Jehofa o thibelela go dikologa ba ba mmoifang, mme o a ba namola.” (Pesalema 34:7) Dafide o ne a sa tseye gore ke ene fela a ka namolwang ke Jehofa. Ke boammaaruri gore Dafide e ne e le motlodiwa wa ga Jehofa, ene yo o neng a tla nna kgosi ya Iseraele; mme o ne a itse gore Jehofa o dirisa baengele ba gagwe go tlhokomela baobamedi ba gagwe botlhe ba ba ikanyegang, go sa kgathalesege gore a ke ba maemo a a kwa godimo kgotsa a a kwa tlase. Mo motlheng wa rona, baobamedi ba boammaaruri ba ile ba sirelediwa ke Jehofa. Kwa Jeremane ya Bonasi—mmogo le kwa Angola, Malawi, Mozambique le kwa dinageng tse dingwe tse dintsi—babusi ba ile ba tswa matsholo a go fedisa Basupi ba ga Jehofa. Maiteko a bone a ne a itaya se fololetse. Mo boemong jwa moo, batho ba ga Jehofa mo dinageng tseo ba ntse ba atlega jaaka ba godisa leina la Modimo mmogo. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa o dirisa baengele ba gagwe ba ba boitshepo go sireletsa batho ba gagwe le go ba kaela.—Bahebera 1:14.

17. Baengele ba Modimo ba re thusa ka ditsela dife?

17 Mo godimo ga moo, baengele ba ga Jehofa ba ka rulaganya dilo gore ope yo o dirang gore ba bangwe ba kgotšwe a tlosiwe mo gare ga batho ba ga Jehofa. (Mathaio 13:41; 18:6, 10) Mme le fa re ka tswa re sa lemoge ka nako eo, baengele ba tlosa dikgoreletsi tse di ka re thibelang go dira tirelo ya Modimo, mme ba re sireletsa mo dilong tse di ka tsenyang kamano ya rona le Jehofa mo kotsing. Sa botlhokwa le go feta, ba re kaela mo tirong ya go bolela “dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng” mo bathong botlhe, go akaretsa kwa mafelong a kwa go one tiro ya go rera e dirwang mo maemong a a kotsi. (Tshenolo 14:6) Bosupi jwa gore baengele ba a thusa bo tlhola bo anelwa mo dikgatisong tsa Baebele tsa Basupi ba ga Jehofa. * Ditiragalo tseo di dintsi mo go ka se kang ga twe ke kwelano fela.

18. (a) Re tshwanetse ra dira eng gore re thusiwe ke baengele? (b) Ke eng se se tla sekasekwang mo setlhogong se se latelang?

18 Fa re batla go nna re kaelwa le go sirelediwa ke baengele, re tshwanetse ra tswelela pele re godisa leina la ga Jehofa le fa re ganediwa. Gakologelwa, moengele wa Modimo o thibelela fela ‘go dikologa ba ba boifang Jehofa.’ Seo se kaya eng? Go boifa Modimo ke eng, mme re ka go tlhagolela jang? Ke ka ntlha yang fa Modimo yo o lorato a ka batla re mmoifa? Dipotso tseno di tla tlhalosiwa mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Bona Basupi ba ga JehofaBaboledi ba Bogosi jwa Modimo, tsebe 550; 2005 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, tsebe 53-4; Tora ya Tebelo, March 1, 2000, tsebe 5-6; January 1, 1991, tsebe 27; le February 15, 1991, tsebe 26.

O ne O ka Araba Jang?

• Fa Dafide e le lekawana o ne a itshokela diteko dife?

• Fela jaaka Dafide, re amegile thata ka eng?

• Re leba dipokano tsa Bokeresete jang?

• Jehofa o dirisa baengele ba gagwe jang go re thusa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mmapa mo go tsebe 21]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Rama

Gathe

Sikelage

Gibea

Jerusalema

Adulama

Keila

Heberone

Siife

Horeshe

Maone

Nobe

Bethelehema

Ene-gedi

Karemele

Lewatle la Letswai

[Motswedi wa Setshwantsho]

Map: Based on maps copyrighted by Pictorial Archive (Near Eastern History) Est. and Survey of Israel

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Tota le ka nako ya fa Dafide e ne e le mofaladi, o ne a godisa leina la ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Tumelo ya rona e a nonofa fa re ntse re utlwa maitemogelo a a kgothatsang a tlotliwa kwa dipokanong tsa rona tsa Bokeresete