Etsa Bopelonomi Jwa ga Jehofa
Etsa Bopelonomi Jwa ga Jehofa
JEHOFA MODIMO o etelela pele e bile ke sekao se se molemo thata sa mongwe yo o bontshang ba bangwe bopelonomi ka ditsela tse dintsi, tota le ba ba sa lebogeng le ba ba boikepo, a ba kgothaletsa gore ba ikwatlhaye. (Luke 6:35) Bakeresete le bone, ba le kafa tlase ga jokwe ya ga Keresete ya bopelonomi, ba kgothalediwa gore ba apare bopelonomi le gore ba nne le leungo la moya wa Modimo, le le akaretsang bopelonomi. (Bagalatia 5:22; Bakolosa 3:12) Ka go rialo ba itshupa e le badiredi ba Modimo.—2 Bakorintha 6:4-6.
Bopelonomi Jwa Lorato Jwa ga Jehofa
Bopelonomi jwa lorato ke nonofo e e tlhwatlhwakgolo ya ga Jehofa Modimo e a e itumelelang, mme e bonala mo ditirisanong tsa gagwe tsotlhe le batlhanka ba gagwe. (Pesalema 36:7) Fa e ka bo e se ka seo, ba ka bo ba fedile bogologolo. (Dikhutsafalo 3:22) Ka gone, Moshe o ne a ka rapelela Baiseraele ba ba tsuologang, a dira jalo ka ntlha ya leina la ga Jehofa le legolo le ka gonne e le Modimo wa bopelonomi jwa lorato.—Dipalo 14:13-19.
Dikwalo di bontsha gore bopelonomi jwa lorato jwa ga Jehofa kgotsa lorato lwa gagwe lo lo ikanyegang, lo bontshiwa ka ditsela tse di farologaneng e bile e le mo maemong a a farologaneng—fa a golola le fa a boloka batho, a ba dibela e bile a ba sireletsa, le fa a thusa go ba namola mo mathateng. (Pesalema 6:4; 31:16, 21; 40:11) Batho ba Modimo ba ba tlhophilweng ba thusiwa ke jone.—Pesalema 44:26.
Fa setšhaba sa Iseraele se sena go nna teng le morago ga moo, bopelonomi jwa ga Jehofa jwa lorato malebana le kgolagano ya gagwe bo ne jwa tswelela pele go gola. (Ekesodo 15:13) Go ne go ntse jalo ka Dafide, jaaka go ne go ntse ka Esera le ba ba neng ba na le ene. (2 Samuele 7:15; Esera 7:28; 9:9) Jehofa o ne a ema nokeng kgolagano ya bogosi le Dafide ka go tswelela a bontsha bopelonomi jwa gagwe jwa lorato tota le morago ga loso lwa ga Jesu, ka gonne o ne a tsosa “yo o ikanyegang” yono mo baswing a diragatsa boporofeti jono: “Ke tla lo naya mapelonomi a lorato a a neng a bontshiwa Dafide a a ikanyegang.”—Ditiro 13:34, 35; Isaia 55:3.
Bopelonomi jono jwa lorato jwa ga Jehofa ke jone jo bo gogelang batho mo go ene. (Jeremia 31:3) Ba leboga Jehofa ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jwa lorato, ba mmaka ka ntlha ya jone e bile ba bua le ba bangwe kaga jone. Ruri bopelonomi jono jwa lorato bo ntse jaaka tsela e e rategang e go ka tsamaiwang mo go yone.—Pesalema 25:10.
Gantsi nonofo eno e e molemo ya ga Jehofa e leng bopelonomi jwa gagwe jwa lorato, e amana le dinonofo tse dingwe tse di molemo—bopelotlhomogi jwa Modimo, bopelontle jwa gagwe, boammaaruri jwa gagwe, boitshwarelo jwa gagwe, tshiamo ya gagwe, kagiso, katlholo le tshiamiso ya gagwe.—Ekesodo 34:6; Nehemia 9:17; Pesalema 85:10.
Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang Jwa Modimo
Sengwe se se ileng sa bontsha thata bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo Modimo a bo bontshitseng batho ka kakaretso ke fa a ne a ba golola mo katlholong ka go ba rekolola ka madi a Morwa yo o rategang wa ga Jehofa e bong Keresete Jesu. (Baefeso 1:7) Modimo o dirisa bopelonomi jono jo bo sa re tshwanelang go tlisetsa batho ba mefuta yotlhe poloko. (Tito 2:11) Ka jalo, tsela e Paulo a bayang mabaka ka yone e a utlwala: “Jaanong fa e le ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang, ga e tlhole e le ka ntlha ya ditiro; go seng jalo, bopelonomi jo bo sa re tshwanelang ga bo tlhole bo supega e le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.”—Baroma 11:6.
1 Timotheo 1:13, 14) Paulo ga a ka a gana bopelonomi jono jwa lorato jaaka bangwe ba ile ba dira ka boeleele, mme o ne a bo amogela ka boitumelo le ditebogo a ba a rotloetsa le ba bangwe ba ba bo amogelang gore ‘ba se ka ba fosa boikaelelo jwa jone.’—Ditiro 20:24; 2 Bakorintha 6:1.
Paulo o umakile bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo gantsi go feta mokwadi ope o sele. Mo makwalong a gagwe a a 14 o bo umakile makgetlho a feta 90. Paulo o ne a na le mabaka a a utlwalang a go bua thata ka bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo sa re tshwanelang ka gonne o ne a kile a nna “motlhapatsi le mmogisi le motho yo o se nang maitseo.” O tlhalosa jaana: “Le fa go ntse jalo, ke ne ka bontshiwa kutlwelobotlhoko, ka gonne ke ne ke se na kitso e bile ke dira ka go tlhoka tumelo. Mme bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Morena wa rona bo ne jwa tota fela thata mmogo le tumelo le lorato lo lo ka ga Keresete Jesu.” (Bopelonomi Jwa Lorato Jwa Motho
Go na le makgetlho a mantsi mo Baebeleng a mo go one batho ba neng ba bontsha ba bangwe bopelonomi jwa lorato. Ka sekai, Sara o ne a bontsha monna wa gagwe lorato lo lo ikanyegang jalo fa ba ne ba le mo nageng ya baba ba bone, a mo sireletsa ka go bolela gore ke kgaitsadie. (Genesise 20:13) Jakobe o ne a kopa Josefa gore a mmontshe bopelonomi jo bo ntseng jalo ka go solofetsa gore a ka se mo fitlhe kwa Egepeto. (Genesise 47:29; 50:12, 13) Rahabe o ne a kopa gore Baiseraele ba mmontshe bopelonomi jo bo lorato ka go mo falotsa le lelapa la gagabo, fela jaaka le ene a ne a faloditse ditlhola tsa Baiseraele. (Joshua 2:12, 13) Boase o ne a akgolela Ruthe go bo a bontshitse nonofo eno. (Ruthe 3:10) Jonathane o ne a kopa Dafide go bontsha ene le ba ntlo ya gagwe nonofo eno.—1 Samuele 20:14, 15.
Maitlhomo le maemo a a bakelang batho go bontsha bopelonomi kgotsa bopelonomi jwa lorato a farologana fela thata. Ditiro tse di sa reng sepe tsa bopelonomi di ka tswa di bontsha botho jo bo tlwaelegileng kgotsa go nna pelontle mme ga se ka metlha di kayang gore motho o na le bomodimo. (Bapisa Ditiro 27:1, 3; 28:1, 2.) Monna mongwe yo o neng a tswa kwa motseng wa Bethele ene o ne a solofediwa go direlwa bopelonomi ke batho bangwe ka gonne ba ne ba lebeletse gore le ene a ba direle melemo mengwe. (Baatlhodi 1:22-25) Ka dinako tse dingwe, gongwe e le ka gonne motho a le mo mathateng, o ne a ka kopa bangwe gore ba mo direle bopelonomi jwa lorato, e le batho ba a kileng a ba direla melemo mengwe mo nakong e e fetileng. (Genesise 40:12-15) Mme ka dinako dingwe batho ba ne ba sa busetse ba bangwe bopelonomi jwa lorato jo ba kileng ba ba direla jone.—Genesise 40:23.
Jaaka seane se bontsha, batho ba bantsintsi ba ka ipolela ba na le bopelonomi jwa lorato, mme ke ba se kae ba ba tla ikanyegang gore ba bo diragatse. (Diane 20:6) Saulo mmogo le Dafide boobedi ba ne ba gopola bopelonomi jwa lorato jo ba bangwe ba neng ba bo bontshitse, mme go lebega dikgosi tsa Iseraele di ne tsa itsege ka bopelonomi jwa lorato, gongwe fa di bapisiwa le babusi ba baheitane. (1 Samuele 15:6, 7; 2 Samuele 2:5, 6; 1 Dikgosi 20:31) Le fa go ntse jalo, nako nngwe bopelonomi jwa ga Dafide jwa lorato ga bo a ka jwa amogelwa ka gonne batho ba ile ba tlhaloganya maitlhomo a jone ka tsela e e phoso.—2 Samuele 10:2-4.
Ba ba batlang go amogelwa ke Modimo ba tshwanetse ba “rata bopelonomi” le gore ba “direlane bopelonomi jwa lorato le mautlwelobotlhoko.” (Mika 6:8; Sekarea 7:9) Jaaka seane se bolela, “Selo se se eletsegang mo mothong wa mo lefatsheng ke bopelonomi jwa gagwe jwa lorato,” mme bo mo tlisetsa maduo a magolo. (Diane 19:22; 11:17) Modimo o ne a gopola bopelonomi jwa lorato jo bo bontshitsweng ke setšhaba sa Iseraele mo bosheng jwa sone mme a bo itumelela. (Jeremia 2:2) Mme fa bo setse “bo tshwana le maru a moso le . . . monyo o o nyelelang phakela,” Jehofa o ne a sa itumele, gonne a re, “ke natefeletswe ke bopelonomi jwa lorato, mme e seng ke setlhabelo.”—Hosea 6:4, 6.
Baiseraele ba ne ba kgalemelelwa go tlhaela bopelonomi jwa lorato, mme kgalemo eo ka boyone e ne e bontsha gore Modimo o na le bopelonomi jwa lorato. (Hosea 4:1) Gape setšhaba seo se ne sa gakololwa gore se boele kwa Modimong ka go bontsha bopelonomi jwa lorato le tshiamiso. (Hosea 12:6) Dinonofo tse di jaaka tseno di tshwanetse tsa bonala ka dinako tsotlhe gore motho a tle a amogelwe ke Modimo le ke batho.—Jobe 6:14.