Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Leta Bogosi jo ‘e Seng Karolo ya Lefatshe Leno’

Go Leta Bogosi jo ‘e Seng Karolo ya Lefatshe Leno’

Kgang ya Botshelo

Go Leta Bogosi jo ‘e Seng Karolo ya Lefatshe Leno’

Jaaka go boletse Nikolai Gutsulyak

Go ne ga feta malatsi a le 41 le masigo a teng ke le mo gare ga dikhuduego tse di neng di le mo kgolegelong. Ke ne ka thanya ka tshoganyetso fela ke tsosiwa ke modumo wa dikanono. Dikoloi tsa dikanono mmogo le masole di ne tsa thelegela mo kgolegelong mme masole a simolola go tlhasela magolegwa. Botshelo jwa me bo ne bo le mo kotsing.

GO TLILE jang gore ke nne mo boemong jono? Mma ke tlhalose. Tiragalo eno e diragetse ka 1954. Ka nako eo ke ne ke na le dingwaga di le 30. Fela jaaka Basupi ba bangwe ba bantsi ba ga Jehofa ba ba neng ba le kafa tlase ga puso ya Soviet, ke ne ka tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya go sa tseye letlhakore mo dipolotiking le go bolelela ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo. Palo ya setlhopha sa rona sa Basupi ba ba neng ba tshwerwe e ne e le banna ba le 46 le basadi ba le 34. Re ne re le mo kgolegelong e batho ba dirisiwang tiro e e bokete mo go yone gaufi le motse wa Kengir mo bogareng jwa Kazakhstan. Re ne re nna koo le magolegwa a mangwe gape a a diketekete.

Joseph Stalin, yo e neng e le moetapele wa Soviet Union o ne a tlhokafatse ngwaga pele ga foo. Magolegwa a le mantsi a ne a solofetse gore gongwe puso e ntšha ya kwa Moscow, e tla reetsa dingongorego tsa bone malebana le maemo a a makgwakgwa a mo kgolegelong eo. Kgabagare go sa kgotsofale mono ga magolegwa go ne ga dira gore ba tsuologe. Fa dikhuduego di ntse di tsweletse, rona Basupi re ne ra tshwanelwa ke go itsise batsuolodi bano ba ba neng ba gaketse mmogo le masole boemo jwa rona. Mme gone re ne re tlhoka go dumela mo Modimong gore re kgone go nna re sa tseye letlhakore jalo.

Dikhuduego di a Simologa!

Dikhuduego tse di neng tsa runya mo kampeng ya kgolegelo di simologile ka di 16 tsa kgwedi ya May. Malatsi a le mabedi morago ga moo, magolegwa a a fetang 3 200 a ne a gana go ya tirong, ba ne ba lopa gore go nne le maemo a a botoka mo kgolegelong mme magolegwa a sepolotiki a newe ditshwanelo tse di rileng. Ditiragalo tseo di ne tsa direga ka bonako tota. Sa ntlha, batsuolodi ba ne ba pateletsa balebedi gore ba tswe mo kampeng. Mme morago ga moo ba ne ba phunya legora le le dikologileng kampa eo. Go tswa foo ba ne ba thuba dipota tse di kgaoganyang kgolegelo ya banna le ya basadi mme ba itirela bonno jo bo tshwanang le jwa masole jo ba neng ba tla nna mo go jone botlhe e le lelapa. Mo malatsing a a itumedisang a a neng a latela, magolegwa mangwe a ne a nyalana mme ditirelo tsa teng tsa manyalo di ne di tshwarwa ke baruti bangwe ba le bone e neng e le magolegwa. Mo dikampeng di le tharo tsa kgolegelo tse go neng ga runya dikhuduego mo go tsone, bontsi jwa magolegwa a le 14 000 a ne a nna le seabe mo botsuoloding joo.

Batsuolodi ba ne ba rulaganya gore go nne le komiti ya mo kampeng e e neng e tla tshwara dipuisano le masole. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae go ne ga tsoga dikganetsano fa gare ga maloko a komiti eo, mme go ne ga felela ka gore kampa e laolwe ke batho bangwe ba ba tlhogo e thata. Maemo a ne a thatafalela pele mo kgolegelong. Baeteledipele ba ba tsuologileng ba ne ba rulaganya gore go nne le lephata la polokesego, lephata la sesole le lephata la kgaso gore go nne le se ba neng ba re ke thulaganyo mo kgolegelong. Baeteledipele bano ba ne ba dirisa digodisamantswe tse di neng di manegilwe mo dikoteng tse di dikologileng kampa go gasa melaetsa e e bogale, gore go nne go ntse go rena moya wa botsuolodi. Batsuolodi ba ne ba thibela ba bangwe gore ba se ka ba tshaba, ba otlhaya ba ba ba ganetsang mme ba ipolela gore ba tla bolaya mongwe le mongwe fela yo ba sa mmatleng. Go ne go na le magatwe a gore magolegwa mangwe a setse a bolailwe.

E re ka batsuolodi bano ba ne ba bona gore go ka nna le tlhaselo ya sesole, ba ne ba ipaakanya ka kelotlhoko gore ba kgone go iphemela. Go tlhomamisa gore palo e e kwa godimo ya magolegwa e tlhometse go sireletsa kampa, baeteledipele bano ba ne ba laela gore magolegwa otlhe a nne le dibetsa. Gore magolegwa a kgone go nna le dibetsa tseo, a ne a ntsha ditshipi tse di mo difensetereng mme a dira dithipa le dibetsa tse dingwe tsa tshipi. Ba ne ba bo ba kgona le go bona ditlhobolo le dibomo.

Basupi ba Patelediwa go Nna le Seabe

Ka nako eo, batsuolodi ba le babedi ba ne ba tla kwa go nna. Mongwe wa bone o ne a tshotse thipa e a neng a sa tswa go e lootsa. O ne a ntaela a re: “Tsaya thipa eno! O tlile go e tlhoka go itshireletsa.” Ke ne ka rapela Jehofa ka tidimalo mme ka mo kopa gore a nthuse go nna ke ritibetse. Mme ka araba ka re: “Nna ke Mokeresete, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Nna mmogo le Basupi ba bangwe re mo kgolegelong gonne re sa lwe le batho ba bangwe mme re lwa le mephato e e sa bonaleng ya semoya. Mme dibetsa tse re lwantshanang le yone ka tsone ke tumelo ya rona le tsholofelo ya rona mo Bogosing jwa Modimo.”—Baefeso 6:12.

Ke ne ka gakgamala fa ke bona monna yoo a koma fela ka tlhogo go bontsha gore o a tlhaloganya. Le fa go ntse jalo, monna yo mongwe yo a neng a na le ene o ne a mpetsa botlhoko. Mme ba tsamaya. Batsuolodi bano ba ne ba tsena mo seleng nngwe le nngwe ya kgolegelo ba leka go pateletsa Basupi gore ba nne le seabe mo dikhuduegong. Mme bakaulengwe le bokgaitsadi botlhe ba Bakeresete ba ne ba gana.

Kwa pokanong nngwe ya komiti ya batsuolodi go ne ga tlotlwa ka go sa tseye letlhakore ga Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba re: “Maloko a madumedi otlhe—Bapentekosete, Ba-Adventist, Ba-Baptist le ba bangwe botlhe—ba nna le seabe mo dikhuduegong. Ke Basupi ba ga Jehofa fela ba ba ganang. Re tlile go dira eng ka bone?” Mongwe o ne a akantsha gore ba latlhele Mosupi a le mongwe mo ontong ya kgolegelo gore ba bangwe ba tle ba tshoge. Mme legolegwa lengwe le le tlotlwang thata le e kileng ya bo e le modiredi wa masole o ne a ema a bo a re: “Eo ga se kakanyo e e botlhale. Re tshwanetse go ba tsenya botlhe mo seleng e le nngwe ya kgolegelo e e kwa bofelong jwa kampa gaufi le heke. Ka tsela eo, fa masole a re tlhasela ka dikoloi tsa dikanono, ba tla bolaya Basupi pele. Mme rona ga re kitla re nna le molato wa go ba bolaya.” Ba bangwe le bone ba ne ba amogela kakantsho eno.

Go Tsenngwa mo Kotsing

Moragonyana fela ga pokano eo, magolegwa a ne a tsamaya mo kampeng a ntse a goa a re: “Basupi ba ga Jehofa, tswang!” Mme ba ne ba re isa rotlhe re le 80 kwa seleng ya kgolegelo e e kwa bofelong jwa kampa. Ba ne ba ntsha malao a masesane a a neng a le mo seleng eo gore re kgone go lekana mo teng mme ba re laela gore re tsene. Sele eo e ne ya nna yone kgolegelo ya rona le fa gone re ne re ntse re le mo kgolegelong.

Bokgaitsadi ba Bakeresete ba ba neng ba le mo setlhopheng sa rona ba ne ba rokaganya matsela, mme ra a dirisa go kgaoganya sele ya rona dikarolo di le pedi—e nngwe e ne e le ya banna mme e nngwe e le ya basadi. (Moragonyana Mosupi mongwe wa kwa Russia o ne a taka setshwantsho sa sele eo ya kgolegelo, se se bontshitsweng fa tlase fano.) Fa re ntse re nna mo seleng eo e e pitlaganeng, gantsi re ne re rapela mmogo, re kopa Jehofa ka tlhoafalo gore a re neye botlhale le “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.”—2 Bakorintha 4:7.

Mo nakong eo yotlhe, re ne re le mo lefelong le le kotsi, fa gare ga batsuolodi le masole a Soviet. Ga go ope wa rona yo o neng a itse gore lengwe le lengwe la matlhakore ano a mabedi le ne le tlile go dirang. Mokaulengwe mongwe yo o godileng, yo o ikanyegang wa Mokeresete o ne a re raya a re: “Lo se ka lwa leka go fopholetsa se se tlileng go direga. Jehofa ga a kitla a re latlha.”

Bokgaitsadi ba rona ba ba rategang ba Bakeresete—ba basha le ba ba godileng—ba ne ba itshoka fela thata. Mongwe wa bone o ne a na le dingwaga di ka nna 80 mme o ne a tlhoka go thusiwa. Bangwe ba bone ba ne ba lwala mme ba tlhoka thuso ya kalafi. Mo nakong eo yotlhe, mejako ya sele eo e ne e tshwanetse go nna e butswe gore batsuolodi ba kgone go nna ba tla go re tlhola gangwe le gape. Bosigo magolegwa a a tshotseng dibetsa a ne a tla mo seleng ya rona. Ka dinako dingwe re ne re ba utlwa ba ntse ba re, “Bogosi jwa Modimo bo robetse jaanong.” Motshegare fa ba re letla gore re ye kwa lefelong la go jela le le mo kampeng, re ne re tsamaya mmogo ka dinako tsotlhe mme re rapela Jehofa gore a re sireletse mo banneng bano ba ba dikgoka.

Fa re ntse re le mo seleng re ne re leka ka natla go nonotshana semoyeng. Ka sekai, gantsi mokaulengwe mongwe o ne a re anela pego nngwe ya Baebele a buela kwa godimo gore rotlhe re kgone go mo utlwa. Mme morago ga moo, a bo a re tlhalosetsa gore pego eo e amana jang le maemo a re neng re le mo go one. Mokaulengwe mongwe yo o neng a setse a godile o ne a rata thata go bua ka masole a ga Gidione. O ne a re gakolola gore, “banna ba le 300 ba ba neng ba tshotse dinaka mo diatleng tsa bone ba ne ba lwa le masole a a tlhometseng a le 135 000, mo leineng la ga Jehofa. Mme banna bano ba le 300 ba ne ba boela gae go se ope wa bone yo o gobetseng.” (Baatlhodi 7:16, 22; 8:10) Sekai seno se se mo Baebeleng mmogo le tse dingwe di ne tsa re nonotsha semoyeng. Ke ne ke sa tswa go nna Mosupi mme fa ke bona tumelo e e nonofileng ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba ba nang le maitemogelo, seno se ne sa nnonotsha fela thata. Ke ne ke bona gore ruri Jehofa o na le rona.

Ntwa e a Simolola

Dibeke di ne di ntse di feta mme tshisibalo e e neng e le mo kampeng e ne e ntse e golela pele. Dipuisano fa gare ga batsuolodi le balaodi di ne di gagamala le go feta. Baeteledipele ba batsuolodi ba ne ba re ba batla gore puso ya Moscow e romele moemedi gore a tle go kopana le bone. Balebedi bone ba ne ba batla gore batsuolodi ba ineele, ba latlhe dibetsa tsa bone mme ba boele mo tirong. Go ne go se yo o batlang go ineela. Ka nako eo, kampa e ne e dikanyeditswe ke masole, a a neng a letile fela gore a laelwe go tlhasela. Batsuolodi le bone ba ne ba siametse ntwa, ba dirile dithibedi mme ba beile le mekoa ya dibetsa. Mongwe le mongwe o ne a solofetse gore ntwa fa gare ga masole le magolegwa e ne e ka simologa nako nngwe le nngwe.

Ka June 26 re ne ra tsoswa ke modumo o o kabang ditsebe wa sefako sa dikolo tse di neng di tswa mo dikanonong. Dikoloi tsa dikanono di ne tsa thula legora le le neng le beilwe mme tsa tsena mo kampeng. Morago ga moo, masole a ne a tlhasela ka ditlhobolo tsa metšhinekane. Magolegwa—banna le basadi—ba ne ba tabogela kwa dikanonong tseo ba ntse ba goa ba re “Huree!” e bile ba konopa maje, dibomo tse ba itiretseng tsone le sengwe le sengwe fela se ba neng ba ka kopana le sone. Go ne ga runya ntwa e e matlho mahibidu mme rona Basupi re ne ra iphitlhela re le fa gare ga ditlhopha tseno tse di lwang. Jehofa o ne a tla araba jang dithapelo tsa rona?

Ka tshoganyetso fela masole a ne a tsena mo diseleng tsa rona tsa kgolegelo. Ba ne ba goa ba re: “Tswang, lona baitshepi! Itlhaganeleng, tswelang kwa ntle ga legora!” Mookamedi wa masole o ne a a laela gore a se ka a re thuntsha mme a nne le rona a re sireletse. Fa ntwa e ntse e fagile jalo, re ne re ntse mo dipoeng tse di nang le bojang kafa ntle fela ga kampa. Go ne ga feta diura di le nnè re reeditse medumo ya dibomo tse di thunyang, ditlhobolo, batho ba ba goang le ba ba lelang mo teng ga kampa. Morago ga foo go ne ga nna le tidimalo. Mme fa go nna lesedi mo mosong, re ne ra bona masole a rwele ditopo tse di tswang mo kampeng. Re ne ra utlwela gore batho ba le makgolokgolo ba ne ba gobetse kana ba bolailwe.

Moragonyana mo letsatsing leo, modiredi mongwe yo ke neng ke mo itse o ne a tla kwa go rona. O ne a botsa jaana ka boipelo: “A ko o mpolelele Nikolai, ke mang yo o lo faloditseng? A ke rona kana ke Jehofa?” Re ne ra mo leboga ka boitumelo go bo a bolokile matshelo a rona mme ra oketsa ka gore: “Re dumela gore Modimo wa rona Mothatayotlhe Jehofa, o ne a lo tlhotlheletsa gore lo re sireletse fela jaaka a ne a tlhotlheletsa ba bangwe mo metlheng ya Baebele go boloka batlhanka ba gagwe.”—Esera 1:1, 2.

Ene mookamedi yoo o ne a re bolelela kafa masole a neng a itse ka gone gore re bomang le gore re kwa kae. O ne a re ka nako ya fa go tshwerwe nngwe ya dipuisano fa gare ga masole le batsuolodi, masole a ne a latofatsa batsuolodi bano ka gore ba bolaya magolegwa a a sa ba tshegetseng. Batsuolodi bano ba ne ba itshireletsa ka gore Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe mo dikhuduegong mme ga ba a bolawa. Go na le moo, Basupi botlhe ba otlhailwe ka go tsenngwa mo seleng e le nngwe. Badiredi bagolo ba masole ba ne ba ntse ba gakologelwa mafoko ao.

Re ne Ra Nna re Nitame ka Ntlha ya Bogosi

Mokwadi yo o itsegeng thata wa Mo-Russia e bong Aleksandr Solzhenitsyn, mo bukeng ya gagwe e e bidiwang The Gulag Archipelago, o umaka botsuolodi jwa kwa kgolegelong jo re neng ra lebana le jone. Fa a tlhalosa tiragalo eo, o ne a kwala gore botsuolodi bo simolotse ka gonne “re ne re batla kgololesego, mme tota . . . ke mang yo o neng a ka re naya yone?” Le rona Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba le mo kampeng eo, re ne re batla kgololesego. Le fa go ntse jalo, re ne re sa batle go gololwa fela mo kgolegelong, mme re ne re batla kgololesego e re neng re ka e newa fela ke Bogosi jwa Modimo. Fa re ntse re le mo kgolegelong, re ne re itse gore re tlhoka nonofo e e tswang kwa Modimong gore re kgone go nna re nitame mo letlhakoreng la Bogosi jwa gagwe. Mme Jehofa o ne a re naya sengwe le sengwe se re neng re se tlhoka. O ne a dira gore re fenye re sa tshola dithipa le dibomo tsa seatla.—2 Bakorintha 10:3.

Jesu o ne a raya Pilato a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno. Fa bogosi jwa me e ne e le karolo ya lefatshe leno, batlhokomedi ba me ba ka bo ba tlhabane.” (Johane 18:36) Ka jalo, e re ka re le balatedi ba ga Keresete, ga re a ka ra nna le seabe mo dintweng tsa sepolotiki. Re ne ra itumela tota gore ka nako ya dikhuduego le morago ga tsone, tsela e re ikanyegang ka yone mo Bogosing jwa Modimo e ne ya bonala sentle mo bathong ba bangwe. Fa Solzhenitsyn a ne a kwala ka tsela e re neng re itshwere ka yone ka nako eo o ne a re: “Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ikutlwa ba gololesegile go boloka melao ya bone ba sa okaoke, ba ne ba gana go aga dikago tse dikgolo tsa sesole le go di disa.”

Go setse go fetile dingwaga di feta 50 fa e sa le ka nako eo ya dikhuduego. Le fa go ntse jalo, gangwe le gape fa ke akanya ka dinako tseo ke a itumela gonne ke ne ka ithuta dilo dingwe tse ke sa di lebaleng tse di jaaka, go letela Jehofa le go ikanya ka botlalo seatla sa gagwe se se nonofileng. Ee, fela jaaka Basupi ba bangwe ba bantsi ba ba rategang ba kwa Soviet Union wa maloba, ke ne ka iponela gore ruri Jehofa o naya ba ba letelang Bogosi jo ‘e seng karolo ya lefatshe leno’ kgololesego, tshireletso le kgololo.

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Kampa e go dirwang tiro e e boima mo go yone kwa Kazakhstan kwa re neng re tshwerwe teng

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Setshwantsho sa sele ya Basupi, karolo ya basadi

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Re na le bakaulengwe ba Bakeresete fa re sena go gololwa