Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itumelele Botshelo o Boifa Jehofa

Itumelele Botshelo o Boifa Jehofa

Itumelele Botshelo o Boifa Jehofa

“Boifang Jehofa, lona baitshepi ba gagwe, gonne ba ba mmoifang ga ba tlhaele sepe.”—PESALEMA 34:9.

1, 2. (a) Ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di leba go boifa Modimo ka ditsela dife tse di farologaneng? (b) Jaanong re tla sekaseka dipotso dife?

BARERI ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ba rutang gore batho ba boife Modimo gantsi ba dira jalo ba dirisa thuto e e seng ya Dikwalo ya gore Modimo o otlhaya baleofi ka bosakhutleng mo molelong wa dihele. Thuto e e ntseng jalo ga e tsamaisane le se Baebele e se rutang kaga Jehofa gore ke Modimo wa lorato le tshiamiso. (Genesise 3:19; Duteronome 32:4; Baroma 6:23; 1 Johane 4:8) Baruti ba bangwe ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete bone ba dira ka tsela e e farologaneng thata le eo. Ga ba ke ba umaka go boifa Modimo le ka motlha. Go na le moo, ba ruta gore Modimo o letlelela sengwe le sengwe e bile o amogela mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore o tshela jang. Seo le sone ga se rutiwe ke Baebele.—Bagalatia 5:19-21.

2 Tota Baebele e re kgothaletsa gore re boife Modimo. (Tshenolo 14:7) Thuto eo ya boammaaruri e tsosa dipotso. Ke eng fa Modimo yo o lorato a batla re mmoifa? Modimo o batla go boifiwa ka tsela e e ntseng jang? Go boifa Modimo go ka re solegela molemo jang? Re tla sekaseka dipotso tseno fa re ntse re tsweletse le motlotlo wa rona ka Pesalema ya bo34.

Lebaka la go Boifa Modimo

3. (a) O akanyang ka taelo ya gore re boife Modimo? (b) Ke ka ntlha yang fa batho ba ba boifang Jehofa ba itumela?

3 E re ka Jehofa e le Mmopi e bile e le Mmusimogolo wa lobopo, o tshwanelwa ke go boifiwa. (1 Petere 2:17) Le fa go ntse jalo, eo ga se poifo e e feteletseng ya go boifa modimo yo o setlhogo. Ke go sisimoga Jehofa ka tlotlo ka ntlha ya se a leng sone. E bile ke go tshaba go mo utlwisa botlhoko. Poifo ya Modimo e molemo e bile e a kgothatsa, ga e ngomole pelo e bile ga e reregise motho. Jehofa, “Modimo yo o itumetseng,” o batla gore batho ba a ba bopileng ba itumelele botshelo. (1 Timotheo 1:11) Le fa go ntse jalo, fa re batla go dira jalo, re tshwanetse go tshela go dumalana le se Modimo a se batlang. Ba le bantsi ba tlhoka go fetola mokgwa wa bone wa go tshela gore o dumalane le thato ya Modimo. Botlhe ba ba dirang phetogo e e tlhokegang ba bona kafa mafoko ano a ga mopesalema Dafide a leng boammaaruri ka teng: “Lekang mme lo bone gore Jehofa o molemo; go itumela monna yo o nonofileng yo o tshabelang mo go ene. Boifang Jehofa, lona baitshepi ba gagwe, gonne ba ba mmoifang ga ba tlhaele sepe.” (Pesalema 34:8, 9) Botlhe ba ba boifang Jehofa ga ba tlhaele sepe sa mosola o o nnelang ruri ka gonne ba na le kamano e e molemo le Modimo.

4. Dafide le Jesu ba ne ba fa kgothatso efe?

4 Ela tlhoko gore Dafide o ne a tlotla banna ba gagwe ka go ba bitsa “baitshepi,” go ya kafa lefoko leno le neng le dirisiwa ka teng mo motlheng wa gagwe. Ba ne ba le karolo ya setšhaba sa Modimo se se boitshepo. Le bone ba ne ba itsenya mo kotsing ka go latela Dafide. Le fa ba ne ba le mo lobelong ba tshabela Kgosi Saulo, Dafide o ne a tlhomamisegile gore Jehofa o ne a tla tswelela a ba tlamela ka dilo tsa botlhokwa tse ba di tlhokang. Dafide o ne a kwala jaana: “Ditawana tse di seriri di nnile le mo gonnye mme tsa tshwarwa ke tlala; mme fa e le ba ba senkang Jehofa bone, ga ba na go tlhaela sepe se se molemo.” (Pesalema 34:10) Jesu o ne a tlhomamisetsa balatedi ba gagwe fela jalo.—Mathaio 6:33.

5. (a) Balatedi ba le bantsi ba ga Jesu e ne e le batho ba mofuta ofe? (b) Jesu o ne a naya kgakololo efe mo kgannyeng ya poifo?

5 Batho ba bantsi ba ba neng ba reetsa Jesu ba ne ba tswa mo setlhopheng sa Bajuda ba ba humanegileng, ba maemo a a kwa tlase. Ka jalo, Jesu o ne a “ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:36) A batho ba maemo a a kwa tlase jalo ba ne ba tla nna le bopelokgale jwa go latela Jesu? E le gore ba dire jalo, ba ne ba tla tshwanelwa ke go boifa Jehofa e seng batho. Jesu o ne a re: “Lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele mme morago ga seno ba sa kgone go dira sepe se se fetang seo. Mme ke tla lo supetsa gore lo boife mang: Boifang ene yo fa a sena go bolaya, a nang le taolo ya go latlhela mo teng ga Gehena. Ee, ke a lo bolelela, boifang ene Yono. Dithaga di le tlhano di rekisiwa ka madi a tshipi a le mabedi a tlhwatlhwa e e kwa tlase, ga ke re? Le fa go ntse jalo ga go le fa e le nngwe ya tsone e e lebalwang fa pele ga Modimo. Mme le e leng meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe. Se boifeng; lo botlhokwa go feta dithaga di le dintsi.”—Luke 12:4-7.

6. (a) Ke mafoko afe a ga Jesu a a ileng a nonotsha Bakeresete? (b) Ke ka ntlha yang fa Jesu e le sekao se se molemolemo sa go bontsha poifomodimo?

6 Fa batho ba ba boifang Jehofa ba tlhotlhelediwa ke baba ba bone gore ba tlogele go direla Modimo, ba ka nna ba gopola kgakololo eno ya ga Jesu: “Mongwe le mongwe yo o ipolelang fa a le seoposengwe le nna fa pele ga batho, Morwa motho le ene o tla ipolela fa a le seoposengwe le ene fa pele ga baengele ba Modimo. Mme ene yo o intatolang fa pele ga batho o tla itatolwa fa pele ga baengele ba Modimo.” (Luke 12:8, 9) Mafoko ao a ile a nonotsha Bakeresete, bogolo jang kwa dinageng tse kobamelo ya boammaaruri e thibetsweng kwa go tsone. Bano ba tswelela pele ba baka Jehofa ka botlhale kwa dipokanong tsa Bokeresete le mo bodireding jwa bone jwa phatlalatsa. (Ditiro 5:29) Jesu o re tlhomela sekao se se molemo thata sa go bontsha ‘poifo ya bomodimo.’ (Bahebera 5:7) Lefoko la boporofeti le ne la bolelela pele jaana kaga gagwe: “Moya wa ga Jehofa o tla nna mo go ene, moya . . . wa go boifa Jehofa; mme o tla ipelela go boifa Jehofa.” (Isaia 11:2, 3) Ka jalo, Jesu ke ene a tshwanelang thata go ka re ruta melemo ya go boifa Modimo.

7. (a) Tota Bakeresete ba arabela jang mo taletsong e e tshwanang le e e neilweng ke Dafide? (b) Batsadi ba ka latela sekao se se molemo sa ga Dafide jang?

7 Botlhe ba ba latelang sekao sa ga Jesu le ba ba ikobelang dithuto tsa gagwe, tota ba arabela taletso e e tshwanang le e Dafide a neng a e ntsha: “Tlang, bana ke lona, ntheetsang; ke tla lo ruta go boifa Jehofa.” (Pesalema 34:11) Go ne go le motlhofo gore Dafide a bitse banna ba gagwe a re “bana” ka gonne ba ne ba mo tsaya e le moeteledipele wa bone. Fa e le Dafide ene, o ne a naya balatedi ba gagwe thuso ya semoya gore ba kgone go utlwana mme ba amogelwe ke Modimo. A bo seo e le sekao se se molemo jang mo batsading ba Bakeresete! Jehofa o ba neile taolo mo baneng ba bone gore ba ba ‘godisetse mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.’ (Baefeso 6:4) Fa batsadi ba tlotla ka dikgang tsa semoya le bana ba bone malatsi otlhe e bile ba ba tshwarela thuto ya Baebele ka metlha, ba ba thusa go itumelela botshelo fa ba ntse ba boifa Jehofa.—Duteronome 6:6, 7.

Tsela ya go Bontsha Poifomodimo

8, 9. (a) Ke eng se se dirang gore botshelo jwa go boifa Modimo e nne jo bo eletsegang jaana? (b) Go dibela loleme go akaretsa eng?

8 Jaaka go bontshitswe pelenyana, go boifa Jehofa ga go re amoge boitumelo. Dafide o ne a botsa a re: “Ke mang motho yo o natefelelwang ke botshelo, yo o ratang malatsi a a lekaneng gore a bone se se molemo?” (Pesalema 34:12) Go bonala sentle gore go boifa Jehofa go botlhokwa gore motho a tshele lobaka lo loleele mme a bone molemo. Le fa go ntse jalo, go motlhofo go bolela gore, “Ke boifa Modimo.” Mme go supa seo ka ditiro ga go motlhofo. Ka jalo, Dafide o tswelela pele go tlhalosa kafa re ka bontshang poifomodimo ka teng.

9 “Dibela loleme lwa gago mo go se se bosula, le dipounama tsa gago mo go bueng tsietso.” (Pesalema 34:13) Moaposetoloi Petere o ne a tlhotlhelediwa go nopola karolo eno ya Pesalema 34 fa a sena go gakolola Bakeresete gore ba dirisane ka lorato lwa bokaulengwe. (1 Petere 3:8-12) Go dibela loleme lwa rona mo go se se maswe go kaya gore re tla tila go anamisa tshebo e e kotsi. Go na le moo, re tla nna re leka ka dinako tsotlhe go kgothatsa ba bangwe fa re tlotla le bone. Mo godimo ga moo, re tla leka go nna pelokgale mme re bue boammaaruri.—Baefeso 4:25, 29, 31; Jakobe 5:16.

10. (a) Tlhalosa gore go furalela se se bosula go kaya eng. (b) Go dira se se molemo go akaretsa eng?

10 “Furalela se se bosula, mme o dire se se molemo; senka kagiso, mme o e latelele.” (Pesalema 34:14) Re tila dilo tse Modimo a di kgalang tse di jaaka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, ditshwantsho tse di hepisang, bogodu, go dirisana le meya, thubakanyo, botagwa le go sa dirise diokobatsi sentle. Gape re tila boitlosobodutu jo bo bontshang dilo tse di makgapha jalo. (Baefeso 5:10-12) Mo boemong jwa moo, re dirisa nako ya rona go dira se se siameng. Sengwe se se molemo go gaisa tsotlhe se re ka se dirang ke go nna le seabe ka metlha mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa, re thusa ba bangwe go bolokwa. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Gape go dira molemo go akaretsa go baakanyetsa dipokano tsa Bokeresete le go nna teng kwa go tsone, go ntsha meneelo ya tiro ya lefatshe lotlhe, go tlhokomela Holo ya rona ya Bogosi, le go amega ka Bakeresete ba ba tlhokang.

11. (a) Dafide o ne a diragatsa jang se a se bolelang malebana le kagiso? (b) Ke eng se o ka se dirang go ‘latelela kagiso’ mo phuthegong?

11 Dafide o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go latelela kagiso. Ka makgetlho a le mabedi o ne a bulegelwa ke phatlha ya gore a ka bolaya Saulo. Mo makgetlhong ao a mabedi, o ne a tila tirisodikgoka mme moragonyana a bua ka tlotlo le kgosi, a solofetse go agisana le ene. (1 Samuele 24:8-11; 26:17-20) Go ka dirwang gompieno fa seemo sengwe se lebega se tla senya kagiso ya phuthego? Re tshwanetse ra ‘senka kagiso, mme ra e latelela.’ Ka jalo, fa re bona gore go na le bothata fa gare ga rona le modumedi ka rona, re latela kgakololo ya ga Jesu e e reng: “Agisanya le morwarraago pele.” Go tswa foo re tswelela pele ka dikarolo tse dingwe tsa kobamelo ya boammaaruri.—Mathaio 5:23, 24; Baefeso 4:26.

Go Boifa Modimo go Tlisa Tuelo e Kgolo

12, 13. (a) Batho ba ba boifang Modimo ba bona melemo efe gompieno? (b) Baobamedi ba ba ikanyegang ba tla tloga ba ipelela tuelo efe e e molemo?

12 “Matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya go goa ga bone ba kopa thuso.” (Pesalema 34:15) Pego ya ditirisano tsa Modimo le Dafide e bontsha gore mafoko ao a boammaaruri. Gompieno, re nna le boipelo jo bogolo le kagiso ya mogopolo ka gonne re itse gore Jehofa o re tlhokometse. Re tlhomamisa gore ka metlha o tla re fa se re se tlhokang, le fa re le mo mathateng a magolo. Re itse gore go ise go ye kae, baobamedi botlhe ba boammaaruri ba tla tlhaselwa ke Gogo wa Magogo fela jaaka go boleletswe pele, ba bo ba lebane le ‘letsatsi le le boitshegang la ga Jehofa.’ (Joele 2:11, 31; Esekiele 38:14-18, 21-23) Le fa re ka tshwanelwa ke go lebana le seemo sefe ka nako eo, mafoko a ga Dafide a tla bo a diragetse mo go rona: “Ba ne ba goa, mme Jehofa a utlwa, mme a ba golola mo matshwenyegong otlhe a bone.”Pesalema 34:17.

13 A bo go tla itumedisa jang ne ka nako eo go bona Jehofa a godisa leina la gagwe le legolo! Dipelo tsa rona di tla bo di tletse ka tlotlo go feta le fa e le leng pele, mme baganetsi botlhe ba tla fela ka tsela e e tlhabisang ditlhong. “Sefatlhego sa ga Jehofa se kgatlhanong le ba ba dirang se se bosula, gore a fedise go umakiwa ga bone mo lefatsheng.” (Pesalema 34:16) A bo e tla nna tuelo e e molemo jang go bona re gololwa ka tsela e e molemo jalo re tsena mo lefatsheng la Modimo le lesha la tshiamo!

Ditsholofetso Tse di re Thusang go Itshoka

14. Ke eng se se ka re thusang go itshoka le fa re na le masetlapelo?

14 Pele seo se direga, re tlhoka boitshoko gore re tswelele pele re ikobela Jehofa mo lefatsheng le le bosula le le tletseng letlhoo. Go boifa Modimo go re thusa thata fa re ntse re leka go nna kutlo. Ka ntlha ya dinako tse di thata tse re tshelang mo go tsone, batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba nna le mathata a a ba phatlolang pelo le go ba pitlaganya mo moyeng, jaaka fa go ka tualo. Le fa go ntse jalo, ba ka tlhomamisega tota gore fa ba ikaega ka Jehofa, o tla ba thusa go itshoka. Mafoko a ga Dafide a na le kgomotso ya boammaaruri: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.” (Pesalema 34:18) Dafide o ne a kgothatsa ka go tswelela pele a re: “Masetlapelo a mosiami a mantsi, mme Jehofa o mo golola mo go one otlhe.” (Pesalema 34:19) Le fa re ka welwa ke masetlapelo a a kana kang, Jehofa o nonofile sentle gore a ka re namola.

15, 16. (a) Dafide o ne a utlwa ka masetlapelo afe fela fa a sena go tlhama Pesalema 34? (b) Ke eng se se tla re thusang go itshokela diteko?

15 Fela fa Dafide a sena go tlhama Pesalema 34, o ne a utlwela ka masetlapelo a a neng a wetse banni ba kwa Nobe, fa Saulo a ne a ba gaila mmogo le bontsi jwa baperesiti. A bo a tshwanetse a bo a ile a utlwa botlhoko jang ne fa a gopola gore go etela ga gagwe kwa Nobe ke gone go bakileng bogale jwa ga Saulo! (1 Samuele 22:13, 18-21) Kwantle ga pelaelo Dafide o ne a kopa thuso mo go Jehofa, mme o tshwanetse a bo a ile a gomodiwa ke tsholofelo ya gore “ba ba siameng” ba tla tsosiwa mo isagweng.—Ditiro 24:15.

16 Gompieno, tsholofelo ya tsogo e a re nonotsha le rona. Re a itse gore ga go sepe se baba ba rona ba se dirang se se ka re tlisetsang kotsi e e nnelang ruri. (Mathaio 10:28) Dafide le ene o ne a bontsha gore o dumela seo fa a re: “O disa marapo otlhe a yoo [mosiami]; ga go na lepe la one le le robegileng.” (Pesalema 34:20) Temana eo e ne ya diragadiwa ka tsela ya mmatota mo go Jesu. Le fa Jesu a ile a bolawa setlhogo, ga go lerapo lepe la gagwe le le ileng la “rojwa.” (Johane 19:36) Fa Pesalema 34:20 e diragadiwa ka tsela e nngwe, e re tlhomamisetsa gore le fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ka lebana le diteko dife, bone le balekane ba bone ba “dinku tse dingwe” ba ka se tsene mo kotsing e e nnelang ruri. Marapo a bone a ka se tsoge a robilwe, fa re bua re tshwantshetsa.—Johane 10:16.

17. Batho ba ba tlhoileng batho ba ga Jehofa ba sa ikwatlhaye ba tla welwa ke masetlapelo afe?

17 Baikepi bone ba lebane le seemo se se farologaneng le seo. Go ise go ye kae ba tla roba bosula jo ba bo jadileng. “Masetlapelo a tla bolaya moikepi; mme ba ba tlhoileng mosiami ba tla bonwa molato.” (Pesalema 34:21) Botlhe ba ba tswelelang pele ka go ganetsa batho ba Modimo ba tla lebana le masetlapelo a a maswe le go feta. Fa Jesu Keresete a senolwa, ba tla “tlelwa ke kotlhao ya katlholo ya tshenyego ya bosakhutleng.”—2 Bathesalonika 1:9.

18. Ba “boidiidi jo bogolo” ba setse ba rekolotswe ka tsela efe, mme ba tla diragalelwa ke eng mo isagweng?

18 Pesalema ya ga Dafide e konela ka mafoko ano a a kgothatsang: “Jehofa o golola moya wa batlhanka ba gagwe; mme ga go na ope wa ba ba tshabelang mo go ene yo o tla bonwang molato.” (Pesalema 34:22) Go ela kwa bokhutlong jwa puso ya gagwe ya dingwaga tse 40, Kgosi Dafide o ne a re: ‘Modimo o golotse moya wa me mo matshwenyegong otlhe.’ (1 Dikgosi 1:29) Fela jaaka Dafide, batho ba ba boifang Jehofa ba tla tloga ba kgona go leba kwa morago ba bo ba ipela ka gonne ba golotswe mo maikutlong ape a go ikutlwa ba le molato ka ntlha ya boleo e bile ba golotswe mo ditekong tsotlhe tsa bone. Bakeresete ba bantsi ba ba tloditsweng ba setse ba bone tuelo ya bone ya go ya legodimong. “Boidiidi jo bogolo” go tswa mo ditšhabeng tsotlhe jaanong bo kopana le masalela a bomonnawe Jesu ba direla Modimo le bone mme ka jalo ba ipelela go nna le seemo se se siameng fa pele ga Jehofa. Seno se dirwa ke gore ba na le tumelo ya gore madi a ga Jesu a a tsholotsweng a na le maatla a go rekolola. Mo lobakeng lo lo tlang lwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga tse di Sekete, ba tla newa melemo e e feletseng ya setlhabelo sa thekololo, mme ba felele e le batho ba ba itekanetseng.—Tshenolo 7:9, 14, 17; 21:3-5.

19. Ba “boidiidi jo bogolo” ba iketleeditse go dira eng?

19 Ke ka ntlha yang fa “boidiidi jo bogolo” jwa baobamedi ba Modimo ba tla tlelwa ke masego ano otlhe? Ka gonne ba iketleeditse go tswelela pele ba boifa Jehofa, ba mo direla ka tlotlo le kutlo. Ee ruri, go boifa Jehofa go dira gore botshelo bo nne monate gone jaanong mme gape go re thusa gore re “tshware botshelo jwa mmatota ka thata”— botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Modimo le lesha.—1 Timotheo 6:12, 18, 19; Tshenolo 15:3, 4.

A o A Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go boifa Modimo, mme go mmoifa go kaya eng?

• Go boifa Modimo go tshwanetse ga ama boitshwaro jwa rona jang?

• Go boifa Modimo go na le melemo efe?

• Ke ditsholofetso dife tse di re thusang go itshoka?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ba ba boifang Jehofa ba dirisa botlhale fa tiro ya bone e thibetswe

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Molemo o mogolo o re ka o direlang baagelani ba rona ke go ba bolelela dikgang tse di molemo tsa Bogosi