Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Bonang Kobamelo ya boammaaruri ka Gone

Kafa o ka Bonang Kobamelo ya boammaaruri ka Gone

Kafa o ka Bonang Kobamelo ya boammaaruri ka Gone

MADUMEDI a le mantsi a re se a se buang se tswa kwa Modimong. Ka jalo re tshwanetse go tsaya tsia mafoko a moaposetoloi wa ga Jesu e bong Johane yo o neng a kwala jaana: “Baratwa, lo se ka lwa dumela dipolelwana dingwe le dingwe tse di tlhotlheleditsweng, mme tlhatlhobang dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng go bona gore a di tswa mo Modimong, ka gonne baporofeti ba le bantsi ba maaka ba tswetse mo lefatsheng.” (1 Johane 4:1) Re ka tlhatlhoba jang sengwe go bona gore a se tswa kwa Modimong?

Sengwe le sengwe se se tswang kwa Modimong se bontsha botho jwa gagwe, segolobogolo nonofo ya gagwe e e di gaisang tsotlhe e leng lorato. Ka sekai, temosi ya rona ya go dupa e e re thusang go itumelela monko o o monate wa ditlhatshana, dithunya kana borotho jo bo fetsang go bakiwa ke nngwe ya dilo tse di bontshang lorato lwa Modimo. Bokgoni jo re nang le jone jwa go bona letsatsi le phirima, serurubele kana go nyenya ga ngwana yo monnye bo bontsha kafa Modimo a re ratang ka gone. Go ntse fela jalo le ka bokgoni jwa rona jwa go utlwa mmino o o monate, molodi wa dinonyane, kana lentswe la mongwe yo re mo ratang. Tota le tsela e re bopilweng ka yone, le fa gone re sa itekanela, e bontsha lorato lwa Modimo. Ke gone ka moo ka metlha re bonang boammaaruri jwa mafoko a ga Jesu a a reng: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Re itumelela go bontsha ba bangwe lorato gonne re dirilwe “mo setshwanong sa Modimo.” (Genesise 1:27) Le fa Jehofa a na le dinonofo tse dingwe gape tse dintsi, lorato ke nonofo e e tlhomologileng thata ya botho jwa gagwe.

Dikwalo tse di tswang kwa Modimong di tshwanetse go bontsha lorato lwa gagwe. Madumedi a lefatshe a na le dikwalo di le dintsi tsa bogologolo. Mme gone a di bontsha lorato lwa Modimo?

Boammaaruri ke gore bontsi jwa dibuka tsa bogologolo tsa bodumedi di tlhalosa go le gonnye fela kafa Modimo a re ratang ka gone kgotsa kafa rona re ka ratang Modimo ka gone. Ka jalo, dimilione tsa batho ga di bone karabo fa di botsa gore, “Ke ka ntlha yang fa dilo tse Modimo a di bopileng di bontsha gore o lorato mme gone pogo le bosula tsone di ntse di tsweletse jaana?” Kafa letlhakoreng le lengwe, Baebele ke yone fela buka ya bogologolo e e tlhalosang lorato lwa Modimo ka botlalo. Gape e re ruta kafa re ka bontshang ba bangwe lorato ka gone.

Buka e e Buang ka Lorato

Lefoko la Modimo Baebele la re Jehofa ke “Modimo wa lorato.” (2 Bakorintha 13:11) Baebele e tlhalosa kafa lorato lo neng lwa tlhotlheletsa Modimo ka gone gore a neye batho ba ntlha botshelo jo bo se nang bolwetse le loso. Mme go tsuologela bolaodi jwa Modimo go ne ga dira gore batho ba simolole go boga. (Duteronome 32:4, 5; Baroma 5:12) Jehofa o ne a tsaya kgato go busetsa batho se se neng se ba latlhegetse. Lefoko la Modimo la re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Dikwalo tse di Boitshepo di senola lorato lwa Modimo le eleng go feta fa di tlhalosa kafa Modimo a tlhomileng puso e e itekanetseng ka teng e eteletswe pele ke Jesu gore e busetse batho ba ba boikobo kagiso.—Daniele 7:13, 14; 2 Petere 3:13.

Baebele e sobokanya boikarabelo jo batho ba nang le jone ka mafoko ano: “‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha. Ya bobedi, e e tshwanang le yone, ke eno, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’ Molao otlhe . . . [o] ikaegile ka ditaelo tse pedi tseno.” (Mathaio 22:37-40) Baebele e re bolelela gore e tlhotlheleditswe ke Modimo. E re ka e bontsha botho jwa gagwe ka botlalo, re ka tlhomamisega gore e tswa kwa ‘Modimong wa lorato.’—2 Timotheo 3:16.

Fa re dirisa molao ono re ka kgona go bona gore ke dibuka dife tsa bogologolo tse tota di tswang kwa Modimong. Gape baobamedi ba boammaaruri ba bontsha lorato jaaka Modimo.

Kafa Batho ba ba Ratang Modimo ba Bonwang ka Gone?

Batho ba tota ba ratang Modimo ba bonala thata gone jaanong gonne re tshela mo nakong e Baebele e e bitsang ‘metlha ya bofelo.’ Batho ba ntse ba nna “baithati, barati ba madi, . . . barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.”—2 Timotheo 3:1-4.

O ka bona jang batho ba ba ratang Modimo? Baebele ya re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe.” (1 Johane 5:3) Go rata Modimo go tlhotlheletsa batho gore ba tlotle melao ya Baebele ya boitsholo. Ka sekai, Lefoko la Modimo le na le melao e e malebana le tlhakanelodikobo le lenyalo. Tlhakanelodikobo e letlelelwa fela mo bathong ba ba nyalaneng, mme lenyalo le tshwanetse go nnela ruri. (Mathaio 19:9; Bahebera 13:4) Fa mosadi mongwe wa kwa Spain yo o neng a ithuta bodumedi a sena go ya pokanong e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba ithuta melao ya Baebele ya boitsholo ka tlhoafalo mo go yone o ne a re: “Ke tlogile kwa pokanong eo ke sa agiwa fela ke dipuo tsa Dikwalo tse di neng di ruta, gape ke ne ke agilwe ke tsela e batho bano ba leng seoposengwe ka gone le ke maitsholo a bone a a siameng.”

Mo godimo ga go rata Modimo, Bakeresete ba boammaaruri ba bonwa motlhofo ka tsela e ba bontshang baagelani ba bone lorato ka yone. Tiro ya bone ya botlhokwatlhokwa ke go bua le ba bangwe ka tsholofelo e le yosi e batho ba nang le yone e leng Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14) Ga go sepe se se ka solegelang baagelani ba bone molemo ka bosakhutleng go feta go ba thusa go nna le kitso ka Modimo. (Johane 17:3) Gape Bakeresete ba boammaaruri ba bontsha lorato lwa bone ka ditsela tse dingwe gape. Ba thusa batho ba ba bogang. Ka sekai, fa thoromo ya lefatshe e ne e bakile masetlapelo kwa Italy, lekwalodikgang la lefelo leo le ne la bega gore Basupi ba ga Jehofa “ba naya batho thuso e ba e tlhokang, ba thusa ba ba bogang, ba sa ipotse pele gore ke ba bodumedi bofe.”

Kwantle ga go rata Modimo le baagelani ba bone, Bakeresete ba boammaaruri ba a ratana. Jesu o ne a re: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”—Johane 13:34, 35.

A tsela e Bakeresete ba boammaaruri ba ratanang ka yone e tlhomologile? Mosadi mongwe yo o bidiwang Ema yo tiro ya gagwe e leng go phepafatsa matlo o akanya jalo. O dira kwa La Paz, kwa Bolivia, kwa gantsi go farologana ga merafe go kgaoganyang bahumi le bahumanegi. O ne a re: “Lekgetlo la ntlha fa ke ne ke ya kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka bona lekawana le le apereng sentle le ntse le tlotla le lekgarebe la Moindia. E ne e le la ntlha ke bona selo se se ntseng jalo. Ka yone nako eo, ke ne ka itse gore bano e tshwanetse ya bo e le batho ba Modimo.” Mosadi mongwe wa kwa Brazil yo o bidiwang Miriam le ene o ne a re: “Ke ne ke sa itumela tota le fa ke na le ba lelapa la me. Batho ba ntlha ke ba bona ba bontsha lorato ka ditiro ke Basupi ba ga Jehofa.” Kwa United States, mokaedi wa dikgang wa seteishene sengwe sa thelebishene o ne a kwala jaana: “Fa batho ba le bantsi ba ne ba tshela kafa bodumedi jwa lona bo dirang ka gone, setšhaba seno se ka bo se se mo boemong jo se leng mo go jone gone jaanong. Ke mmegadikgang yo o itseng gore mokgatlho wa lona o theilwe mo loratong le mo tumelong e e nonofileng e lo nang le yone mo Mmoping.”

Batla Kobamelo ya Boammaaruri

Lorato ke lone lo tlhaolang kobamelo ya boammaaruri. Jesu o ne a tshwantsha go bona kobamelo ya boammaaruri le go bona tsela e e siameng o bo o tlhopha go tsamaya mo go yone. Ke yone fela tsela e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng. Jesu o ne a re: “Tsenang ka kgoro e tshesane; ka gonne tsela e e isang tshenyegong e atlhame e bile e bulegile, mme ba ba tsenang ka yone ba bantsi; fa kgoro e e isang botshelong yone e le tshesane le tsela e pitlagane, mme ba ba e bonang ba le mmalwa.” (Mathaio 7:13, 14) Ke setlhopha se le sengwe fela sa Bakeresete ba boammaaruri se se tsamayang mmogo le Modimo mo tseleng ya kobamelo ya boammaaruri. Ka jalo, go botlhokwa gore o tlhopha bodumedi bofe. Fa o ka bona tsela eo, wa bo wa tlhopha go tsamaya mo go yone, o tla bo o bone tsela e e molemolemo ya botshelo gonne ke yone tsela ya lorato.—Baefeso 4:1-4.

Akanya fela kafa o tla itumelang ka gone fa o ntse o tsamaya mo tseleng ya kobamelo ya boammaaruri! Go tshwana le go tsamaya le Modimo. O ka kgona go ithuta botlhale le lorato mo Modimong gore o nne le kamano e e molemo le ba bangwe. Gape o ka kgona go ithuta ka boikaelelo jwa botshelo mo go ene mme o ka kgona go tlhaloganya ditsholofetso tsa Modimo mme o nne le tsholofelo ka isagwe. Ga o na go tsamaya o ikotlhaela go batla kobamelo ya boammaaruri.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Mo dibukeng tsotlhe tsa bodumedi tsa bogologolo, ke Baebele fela e senolang lorato lwa Modimo

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Bakeresete ba boammaaruri ba a bonala gonne ba bontsha lorato ka ditiro