Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Itumelela go Leta Jehofa

Re Itumelela go Leta Jehofa

Re Itumelela go Leta Jehofa

AO KILE wa ja leungo le le sa butswang? Ga go pelaelo gore ga wa ka wa itumelela tatso ya lone. Maungo a tsaya nako go butswa, mme gone go molemo go a emela gore a butswe pele a ka jewa. Go na le maemo mangwe a mo go one go leng molemo gore re lete. Baebele ya re: “Go molemo gore motho a lete poloko ya ga Jehofa, le eleng ka tidimalo.” (Dikhutsafalo 3:26; Tito 2:13) Bakeresete ba tshwanetse go leta Jehofa ka ditsela dife? Re ka solegelwa molemo jang fa re mo leta?

Go Leta Jehofa—Go Akaretsa Eng?

Rona Bakeresete re ‘letetse e bile re ntse re akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa.’ Re lebile pele nako e re tla gololwang ka yone fa a tla bo a ‘senya baikepi.’ (2 Petere 3:7, 12) Jehofa ka boene o batla thata go fedisa boikepo jotlhe, mme o sa ntse a letile e le gore a falotse Bakeresete ka tsela e e tla galaletsang leina la gagwe. Baebele ya re: “Modimo, le mororo a na le thato ya go bontsha tšhakgalo ya gagwe le go itsise maatla a gagwe, a ne a leseletsa dijana tsa tšhakgalo tse di dirilweng gore di tshwanele tshenyego ka go nna pelotelele thata, gore a itsise dikhumo tsa kgalalelo ya gagwe mo dijaneng tsa kutlwelobotlhoko.” (Baroma 9:22, 23) Fela jaaka Jehofa a ne a dira mo motlheng wa ga Noa, le gompieno o itse nako e e siameng ya go boloka batho ba gagwe. (1 Petere 3:20) Ka jalo, go leta Modimo go akaretsa go leta nako e a tla tsayang kgato ka yone.

Fa re ntse re letetse letsatsi la ga Jehofa, ka dinako dingwe re ka kgobega marapo fa re bona ka tsela e mekgwa ya boitsholo ya batho ba ba re dikologileng e ntseng e senyegela pele ka yone. Fa re ikutlwa jalo, go molemo gore re akanye ka mafoko a moporofeti wa Modimo e bong Mika yo o neng a kwala jaana: “Motho yo o ikanyegang o nyeletse mo lefatsheng, mme mo bathong ga go na ope yo o thokgameng.” Mme o ne a oketsa ka gore: “Mme fa e le nna, ke tla nna ke lebeletse Jehofa. Ke tla supa boikutlo jwa go leta mo Modimong wa poloko ya me.” (Mika 7:2, 7) “Boikutlo jwa go leta” jo re tshwanetseng go nna le jone ke bofe? E re ka gantsi go leta go fedisa pelo, re ka bona jang boitumelo fa re ntse re letetse Modimo?

Go Itumela fa re Ntse re Letile

Re ka ithuta go nna le boikutlo jo bo siameng mo go Jehofa. Ga a ise a ko a emise go nna “Modimo yo o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11) O itumetse fa a ntse a letile gonne o ntse a tsweletse a dira gore a kgone go diragatsa maikaelelo a a neng a ntse a na le one fa a bopa batho, e leng gore batho ba ba mo ratang ba itekanele. (Baroma 5:12; 6:23) O bona matswela a a molemo mo tirong e a e dirang—batho ba le dimilionemilione ba tsena mo kobamelong ya boammaaruri. Jesu o ne a re: “Rre o ntse a dira go fitlha jaanong, le nna ke ntse ke a dira.” (Johane 5:17) Go direla ba bangwe dilo go botlhokwa gore re nne re itumetse. (Ditiro 20:35) Ka tsela e e tshwanang Bakeresete ba boammaaruri ga ba a leta ba phuthile matsogo fela. Go na le moo, ba ntse ba dira, ba thusa ba bangwe go ithuta ka maikaelelo a Modimo a nang le one ka batho.

Fa e sale batho ba ba ikanyegang ba ntse ba kgotsofaletse go baka Modimo fa ba ntse ba letile gore nako ya gagwe ya go tsaya kgato e fitlhe. Ka sekai, a re bue ka mopesalema Dafide. Dafide o ne a bogisiwa ke kgosi ya gagwe, a okiwa ke tsala e kgolo ya gagwe a bo a okiwa le ke morwawe tota. Mo go bongwe le bongwe jwa maemo ano, a Dafide o ne a ka kgona go itumela fa a ntse a letile gore Jehofa a mo golole ka nako ya gagwe? Pesalema 71, e go lebegang e kwadilwe ke Dafide ya re: “Fa e le nna, ke tla leta ka metlha, mme ke tla oketsa pako yotlhe ya gago. Molomo wa me o tla anela tshiamo ya gago, poloko ya gago letsatsi lotlhe.” (Pesalema 71:14, 15) Go na le gore Dafide a fele pelo fa a ne a tshwanelwa ke go leta, o ne a itumetse gonne a ne a tshwaregile ka go baka Jehofa le ka go nonotsha ba bangwe mo kobamelong ya boammaaruri.—Pesalema 71:23.

Go letela Jehofa ga go fedise pelo jaaka go letela bese e e diegang. Go na le moo, go tshwana le fa batsadi ba letetse ka boitumelo go bona ngwana wa bone a ntse a gola go nna mogolo yo ba ka ipelang ka ene. Dingwaga tseo di feta ba tshwaregile—ba mo thapisa, ba mo laya le go mo otlhaya—tseno tsotlhe ba di dira gore ba bone matswela a a molemo. Ka tsela e e tshwanang le rona ba re letelang Jehofa re bona boitumelo fa re ntse re thusa ba bangwe gore ba atamalane le Modimo. Le rona re batla go amogelwa ke Modimo mme kwa bokhutlong re bone poloko.

Re se Ka ra Latlhegelwa ke Tsholofelo

Go leta Jehofa go raya go tswelela re mo rata le go mo direla re sa latlhegelwe ke tsholofelo. Seno ga se motlhofo. Gompieno batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba nna mo mafelong a batho ba teng ba sotlang mongwe le mongwe fela yo tsela e a tshelang ka yone e supang gore o na le tumelo mo ditsholofetsong tsa Modimo. Mma re sekasekeng sekao sa Baiseraele ba ba ikanyegang ba ba neng ba nna ba na le tsholofelo ka nako ya fa ba le kwa botshwarwa kwa Babelona ka dingwaga di le 70. Ke eng se se neng sa ba thusa go nna ba bolokile tsholofelo? Ga go pelaelo gore go bala dipesalema go ne ga ba thusa fela thata. Nngwe ya dipesalema tse di kgothatsang e e ka tswang e kwadilwe ka yone nako eo ya re: “Ke letetse lefoko la gagwe. Moya wa me o letetse Jehofa go feta kafa balebeledi ba letetseng moso ka gone, ba ba lebeletseng moso. A Iseraele a nne a letetse Jehofa.”—Pesalema 130:5-7.

Bajuda ba ba neng ba boloka tsholofelo ya bone e tshela ka go bala le go bua ka yone ba ne ba duelwa fa Babelona e ne e thopiwa. Ka bonako fela diketekete tsa Bajuda ba ba ikanyegang ba ne ba boela kwa Jerusalema. Go ne ga kwalwa jaana ka se se neng sa diragala ka nako eo: “Fa Jehofa a ne a busa batshwarwa ba Siona, . . . molomo wa rona o ne wa tlala setshego.” (Pesalema 126:1, 2) Bajuda bao ga ba a ka ba ineela, mme ba ne ba tswelela ba nonotsha tumelo ya bone. Mme ga ba a ka ba tlogela go opelela Jehofa dipako.

Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba boammaaruri ba ba letang Jehofa mo nakong ya “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” ba leka ka natla go boloka tumelo ya bone e tshela. Ba ithuta Lefoko la Modimo, ba a kgothatsana mme ba nna ba baka Jehofa ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe.—Mathaio 24:3, 14.

Go Leta Gore Kotlhao e re Solegele Molemo

Moporofeti wa Modimo e bong Jeremia o ne a kwala jaana: “Go molemo gore motho a lete poloko ya ga Jehofa, le eleng ka tidimalo.” (Dikhutsafalo 3:26) Jeremia o ne a raya gore go molemo gore batho ba Modimo ba se ka ba ngongorega ka tsela e Jehofa a ba otlhaileng ka yone fa a ne a letla gore Jerusalema e timediwe. Go na le moo, ba tshwanetse go ithuta mo tiragalong eo ka go akanya ka go se utlwe ga bone le lebaka la go bo ba tlhoka go fetola boikutlo jwa bone.—Dikhutsafalo 3:40, 42.

Tsela e Jehofa a re otlhayang ka yone e ka tshwantshiwa le tsela e leungo le golang ka yone go fitlha le butswa. Baebele e bua jaana ka kotlhao e e tswang kwa Modimong: “Ba ba thapisitsweng ka yone e ba ungwela leungo la kagiso, e leng tshiamo.” (Bahebera 12:11) Fela jaaka leungo le tlhoka nako gore le butswe, le rona re tlhoka nako gore re fetole boikutlo jwa rona malebana le thapiso e Modimo a re nayang yone. Ka sekai, fa go sa itshole sentle go ka dira gore re latlhegelwe ke ditshiamelo dingwe mo phuthegong, go batla go leta Modimo go tla re thusa gore re se ka ra kgobega marapo mme ra ineela. Mo maemong a a ntseng jalo, re kgothadiwa ke mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga Dafide a a reng: “Ka gonne go nna mo bogaleng jwa [Modimo] ke ga nakwana, go nna mo kamogelong ya gagwe ke ga botshelo jotlhe. Go lela go ka nna teng mo maitseboeng, mme mo mosong go na le go goa ka boipelo.” (Pesalema 30:5) Fa re lwela go nna le boikutlo jwa go leta mme re dirisa kgakololo e re e bonang mo Lefokong la Modimo le mo phuthegong ya gagwe, nako ya go “goa ka boipelo” e tla tla.

Go Gola Semoyeng go Tsaya Nako

Fa o sa ntse o le mosha kana o sa tswa go kolobediwa, o ka tswa o tlhoafaletse go nna le maikarabelo mangwe mo phuthegong ya Bokeresete. Mme gone go tsaya nako go gola semoyeng gore o kgone go rwala maikarabelo a a ntseng jalo. Ka jalo, dirisa dingwaga tsa gago tsa bosha go gola semoyeng. Ka sekai, nako ya bosha ke nako e e molemo ya go bala Baebele yotlhe, go nna le dinonofo tsa Bokeresete le go ithuta bokgoni jwa go dira barutwa. (Moreri 12:1) Fa ka boikobo o supa boikutlo jwa go leta, nako ya gore Jehofa a go neye boikarabelo jo bo oketsegileng e tla tla.

Gape tiro ya go dira barutwa e tlhoka bopelotelele. Fela jaaka molemi a tshwanetse go tswelela a nosetsa go fitlha Modimo a dira gore peo e mele, go ntse fela jalo le ka tiro ya go dira barutwa. (1 Bakorintha 3:7; Jakobe 5:7) Go tsaya dikgwedi kana le eleng dingwaga tsa go ithuta Baebele ka bopelotelele go thusa ba bangwe go nna le tumelo mo go Jehofa le go mo rata. Go leta Jehofa go akaretsa go itshoka, tota le fa kwa tshimologong batho ba re ithutang le bone ba sa tsibogele se ba ithuta sone. Fa fela ba supa kgatlhego e e rileng, seo e ka tswa e le sesupo sa gore ba tsibogela moya wa ga Jehofa. Fa o le pelotelele, o ka itumelela go bona Jehofa a dira gore motho yo o ithutang le ene a gole semoyeng a bo a nne morutwa wa ga Keresete.—Mathaio 28:20.

Go Supa Lorato ka go Leta

Go supa kafa go leta e leng sesupo sa lorato le tsholofelo ka gone, ela tlhoko boemo jo mosadimogolo mongwe yo o nnang kwa sekakeng se se mo kgaolong ya Andes kwa Borwa jwa Amerika a neng a le mo go jone. Mosadimogolo yono le kgaitsadi mongwe wa Mokeresete e ne e le bone fela Basupi ba ga Jehofa mo motseng wa bone. Akanya fela kafa ba neng ba letela go etelwa ke Bakeresete mmogo le bone ka tlhoafalo ka gone. Nako nngwe molebedi yo o etang o ne a latlhega fa a ne a ya go ba etela lekgetlho la ntlha. O ne a tshwanelwa ke go boela morago gore a tseye tsela e e siameng, mme seno se ne sa dira gore a diege ka diura di le mmalwa. E ne e setse e le morago ga bosigogare fa kgabagare a ne a bonela kgakala motsana o a yang kwa go one. E re ka go ne go se na motlakase mo tikologong eo, o ne a gakgamala go bona lesedi le phatsima. Ruri o ne a itumela tota fa a goroga mo motseng oo mme a fitlhela gore lesedi leo le ne le tswa mo leboneng la oli le mosadimogolo a neng a le tshwaretse kwa godimo! Mosadimogolo o ne a tlhomamisegile gore molebedi yo o etang o a tla, ka jalo o ne a ntse a letile.

Le rona re itumelela go leta Jehofa ka bopelotelele jo bo tshwanang le joo. Re tlhomamisegile gore o tla boloka ditsholofetso tsa gagwe. Mme fela jaaka molebedi yole yo o etang re anaanela ba ba re letang ka lorato. Ka gone ga go gakgamatse gore Modimo o rata batho ba ba mo letang. Baebele ya re: “Jehofa o ipelela . . . ba ba letelang bopelonomi jwa gagwe jwa lorato.”—Pesalema 147:11.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Batho ba ba tshwaregileng ka go baka Modimo ba itumelela go leta Jehofa