Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A re Patelela go Tla”

“A re Patelela go Tla”

“A re Patelela go Tla”

KWA dinageng tsa Botlhaba batho ba amogela baeng sentle. Ka sekai, kwa India batho ba mo lapeng ba ka ipolaisa tlala gore ba kgone go fepa moeng yo o tlileng a sa lebelelwa. Bommè ba kwa Iran ba tlatsa foriji ka dijo ka metlha gore ba tle ba kgone go amogela baeng ba ba ka tlang ba sa lebelelwa.

Batho ba le bantsi ba ba umakiwang mo Baebeleng ba ne ba na le moya wa go aba ka bopelotshweu jalo. Sekai sengwe se se tlhomologileng ke sa ga Lydia, yo go lebegang e ne e le mosokologi wa Mojuda yo o neng a nna kwa Filipi, e e neng e le motse o mogolo wa kgaolo ya Makedonia. Ka letsatsi lengwe go le sabata, moaposetoloi Paulo le batho ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba fitlhela Lydia le basadi ba bangwe ba phuthegile fa thoko ga noka kwa ntle ga Filipi. Jehofa o ne a bula pelo ya gagwe fa Paulo a ne a bua ka nako eo. Ka ntlha ya seo, o ne a kolobediwa mmogo le ba lelapa la gagwe. Go tswa foo o ne a kopa baeng a re: “Fa lo nkatlhotse gore ke a ikanyega mo go Jehofa, tsenang mo ntlong ya me.” Luke yo a neng a tsamaya le Paulo o ne a re: “A re patelela go tla.”—Ditiro 16:11-15.

Jaaka Lydia, Bakeresete gompieno ba amogela badumedi mmogo le bone, jaaka balebedi ba ba etang le basadi ba bone. Batho ba ba ba amogelang go tla mo magaeng a bone ‘ba ba patelela go tla.’ Mme le bone ba ba amogelang baeng ba solegelwa molemo ka go nna le metlotlo e e agang le botsalano jwa semoya. Le fa bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa e se batho ba ba humileng, ba ‘latela mokgwa wa go tshola baeng.’ (Baroma 12:13; Bahebera 13:2) Moya wa bone wa go aba o a ba itumedisa. Jesu o ne a nepile fa a ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.