Baengele—Kafa ba Amang Batho ka Teng
Baengele—Kafa ba Amang Batho ka Teng
“Morago ga dilo tseno ka bona moengele yo mongwe a fologa kwa legodimong, a na le taolo e kgolo . . . Mme a goa ka lentswe le le nonofileng, a re: ‘O ole! Babelona o Mogolo o ole!’”—TSHENOLO 18:1, 2.
1, 2. Ke eng se se bontshang gore Jehofa o dirisa baengele go diragatsa thato ya gagwe?
FA MOPOROFETI Johane yo o godileng a ntse a tshwerwe kwa setlhaketlhakeng sa Patamose, o newa diponatshegelo tsa boporofeti. O tsena “mo letsatsing la Morena” ka “tlhotlheletso” a bo a bona ditiragalo tse di kgatlhang. Letsatsi leo le simolola ka go tlhomiwa ga ga Jesu Keresete mo bogosing ka 1914 le bo le ye go fitlha kwa bofelong jwa Puso ya gagwe ya Dingwaga Tse di Sekete.—Tshenolo 1:10.
2 Jehofa Modimo ga a ka a naya Johane tshenolo eno ka tlhamalalo. O ne a dirisa thulaganyo nngwe. Tshenolo 1:1 ya re: “Tshenolo ka Jesu Keresete, e Modimo a neng a e mo naya, gore a bontshe batlhanka ba gagwe dilo tse di tla akofang di diragala. A roma moengele wa gagwe mme ka ene a e neela motlhanka wa gagwe Johane ka ditshupo.” Jehofa o ne a dirisa moengele ka Jesu go itsise Johane dilo tse di molemo ka ‘letsatsi la Morena.’ Nako nngwe, Johane o ne a “bona moengele yo mongwe a fologa kwa legodimong, a na le taolo e kgolo.” Moengele yono o ne a rometswe go tla go dira eng? “A goa ka lentswe le le nonofileng, a re: ‘O ole! Babelona o Mogolo o ole.’” (Tshenolo 18:1, 2) Moengele yono yo o maatla o ne a nna le tshiamelo ya go itsise ka go wa ga Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. Ka jalo, ga go pelaelo gore Jehofa o dirisa baengele ka tsela e e botlhokwa go diragatsa thato ya gagwe. Pele re sekaseka ka botlalo seabe se baengele ba nang le sone mo boikaelelong jwa Modimo le kafa ba re amang ka teng, a re sekasekeng gore dibopiwa tseno tsa semoya di tswa kae.
Baengele ba Nnile Teng Jang?
3. Batho ba le bantsi ba dumela dilo dife tse di phoso ka baengele?
3 Batho ba le dimilionemilione gompieno ba dumela gore baengele ba teng. Mme ba le bantsi ba na le megopolo e e phoso ka bone le ka gore ba tswa kae. Ka sekai, batho bangwe ba bodumedi ba akanya gore fa mongwe yo ba mo ratang a swa, o a bo a bilediwa kwa Modimong gore a ye go nna moengele. A ke sone se Lefoko la Modimo le se rutang ka go bopiwa le go nna teng ga baengele mmogo le boikaelelo jwa bone?
4. Dikwalo tsa re baengele ba nnile teng jang?
4 Moengele yo o nang le thata le taolo go ba feta botlhe o bidiwa Mikaele moengele yo mogolo. (Jude 9) Moengele yono ke Jesu Keresete. (1 Bathesalonika 4:16) Dingwaga tse dintsintsi tse di fetileng, fa Jehofa a ne a ikaelela go nna Mmopi, o ne a simolola ka go bopa ene Morwa yono wa moengele. (Tshenolo 3:14) Moragonyana, Jehofa o ne a dirisa Morwa yono wa motsalwapele go bopa dibopiwa tse dingwe tsotlhe tsa semoya. (Bakolosa 1:15-17) Jehofa o ne a botsa tlhogo ya lotso e bong Jobe jaana, a bua ka dibopiwa tseno tsa baengele a ba bitsa bomorwawe: “O ne o le kae fa ke thaya lefatshe? Mpolelele, fa o tlhaloganya. . . . Ke mang yo o beileng leje la lone la sekhutlo, fa dinaledi tsa moso di ne di goa mmogo ka boipelo, le bomorwa Modimo botlhe ba ne ba simolola go goa ba baka?” (Jobe 38:4, 6, 7) Go bonala sentle gore baengele ba bopilwe ke Modimo mme ba nnile teng lobaka lo loleele pele ga batho.
5. Baengele ba rulagantswe jang?
5 Temana ya 1 Bakorintha 14:33 ya re: “Modimo ke Modimo, e seng wa tlhakatlhakano, mme ke wa kagiso.” Ka jalo, Jehofa o rulagantse barwa ba gagwe ba semoya ka ditlhopha tse tharo tsa konokono: (1) boserafe, ba e leng badiredi fa setulong sa Modimo sa bogosi, ba bolela boitshepo jwa gagwe e bile ba boloka batho ba gagwe ba le phepa semoyeng; (2) ditšheruba tse di tlotlomatsang bolaodi jwa ga Jehofa; le (3) baengele ba bangwe ba ba dirang thato ya gagwe. (Pesalema 103:20; Isaia 6:1-3; Esekiele 10:3-5; Daniele 7:10) Ditsela dingwe tse dibopiwa tseno tsa semoya di amang batho ka tsone ke dife?—Tshenolo 5:11.
Baengele Ba na Le Seabe Sefe?
6. Jehofa o ne a dirisa ditšheruba jang kwa tshimong ya Edene?
6 Lekgetlho la ntlha le go buiwang ka tlhamalalo ka dibopiwa tsa semoya mo go lone ke mo go Genesise 3:24, e e reng: “[Jehofa] a lelekela monna kwa ntle a ba a tlhoma ditšheruba kwa botlhaba jwa tshingwana ya Edene le bogale jo bo tsabakelang jwa tšhaka e e neng e itikolosa e sa kgaotse go disa tsela e e yang kwa setlhareng sa botshelo.” Ditšheruba tseno di ne tsa thiba kgoro gore Adame le Efa ba se ka ba kgona go boela mo legaeng la bone la ntlha la tshingwana. Seo se diragetse kwa tshimologong ya hisitori ya batho. Baengele ba nnile le seabe sefe fa e sa le ka nako eo?
7. Bokao jwa mafoko a Sehebera le Segerika a a kayang “moengele” bo bontsha eng malebana le seabe sengwe se baengele ba nang le sone?
7 Baengele ba umakwa makgetlho a ka nna 400 mo Baebeleng. Lefoko la Sehebera mmogo le la Segerika a a kayang “moengele,” a ka ranolwa go twe “morongwa.” Ka jalo Modimo o ile a dirisa baengele go buisana le batho. Jaaka go bontshitswe mo dirapeng tsa ntlha tse pedi tsa setlhogo seno, Jehofa o ile a dirisa moengele go bolelela moaposetoloi Johane molaetsa.
8, 9. (a) Manoa le mosadi wa gagwe ba ne ba amiwa jang ke go etelwa ke moengele? (b) Batsadi ba ka ithuta eng mo kgannyeng ya fa moengele wa Modimo a ne a etela Manoa?
8 Gape baengele ba dirisiwa go thusa le go kgothatsa batlhanka ba Modimo mo lefatsheng. Ka sekai, bogologolo mo motlheng wa Baatlhodi kwa Iseraele, Manoa le mosadi wa gagwe yo o moopa ba ne ba eletsa ka pelo yotlhe gore ba ka nna le ngwana. Jehofa o ne a romela moengele wa gagwe gore a itsise mosadi wa ga Manoa gore o ne a tla nna le ngwana wa mosimane. Pego eo ya re: “Bona! o tla ima, mme ruri o tla belega ngwana wa mosimane, mme go se ka ga tla legare lepe mo tlhogong ya gagwe, ka gonne ngwana o tla nna Monasirite wa Modimo fa a tswa mo sebopelong; mme ke ene yo o tla etelelang pele go boloka Iseraele mo seatleng sa Bafilisitia.”—Baatlhodi 13:1-5.
9 Kgabagare mosadi wa ga Manoa o ne a tshola ngwana wa mosimane, Samesone, yo kgabagare a neng a itsege thata mo hisitoring ya Baebele. (Baatlhodi 13:24) Pele ngwana yono a tsholwa, Manoa o ne a kopa gore moengele a boele kwa go bone a tle go ba ruta gore ba tshwanetse go godisa mosimanyana wa bone jang. Manoa o ne a botsa jaana: “Mokgwa wa botshelo jwa ngwana yo e tla nna ofe le tiro ya gagwe e tla nna eng?” Moengele wa ga Jehofa o ne a boeletsa ditaelo tse a neng a di neile mosadi wa ga Manoa. (Baatlhodi 13:6-14) A bo Manoa a tshwanetse a bo a ile a ikutlwa a kgothetse jang ne! Baengele ga ba etele batho ka tsela eo gompieno, mme fela jaaka Manoa, batsadi ba ka kopa kaelo ya ga Jehofa fa ba thapisa bana ba bone.—Baefeso 6:4.
10, 11. (a) Elisha le motlhanka wa gagwe ba ne ba amiwa jang ke masole a a neng a tlhasela a Siria? (b) Re ka solegelwa molemo jang ke go akanya ka tiragalo eno?
10 Go ne ga nna le sekai se se gakgamatsang sa go tshegediwa ke baengele mo metlheng ya ga moporofeti Elisha. Elisha o ne a nna kwa Dothane, motse mongwe kwa Iseraele. Letsatsi lengwe fa motlhanka wa ga Elisha a tsoga mo mosong a leba kwantle, o ne a bona gore motse o ne o dikologilwe ke dipitse le dikara tsa ntwa. Kgosi ya Siria e ne e rometse sesole se se nonofileng gore se tle go gapa Elisha. Motlhanka wa ga Elisha o ne a itshwara jang? O ne a tshogile e bile a roroma, mme a goa a re: “Ijoo, mong wa me! Re tla dirang?” O ne a bona fela ba fentswe. Mme Elisha o ne a araba a re: “O se ka wa boifa, gonne ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le bone.” O ne a kaya eng fa a rialo?—11 Elisha o ne a itse gore go na le masomo a baengele ba ba tla mo thusang. Le fa go ntse jalo, motlhanka wa gagwe o ne a sa bone sepe. Ka jalo “Elisha a simolola go rapela a re: ‘Ao tlhe Jehofa, bula matlho a gagwe, tsweetswee, gore a bone.’ Ka yone nako eo Jehofa a bula matlho a motlhokomedi, mme a bona; mme bona! kgaolo e e dithaba e ne e tletse dipitse le dikara tsa ntwa tsa molelo go dikologa Elisha gotlhe fela.” (2 Dikgosi 6:17) Ke gone motlhokomedi a ileng a kgona go bona lesomo la baengele. Fa re dirisa temogo ya semoya, le rona re ka lemoga gore baengele, botlhe ba kaelwa ke Jehofa le Keresete, ba thusa batho ba ga Jehofa le go ba sireletsa.
Thuso ya Baengele mo Motlheng wa ga Keresete
12. Moengele Gabariele o ne a kgothatsa Marea jang?
12 Akanya ka fa lekgarebane la Mojuda e bong Marea le ileng la kgothadiwa ka teng fa le utlwa dikgang tseno: “O tla ithwala mo sebopelong sa gago o bo o tshola ngwana wa mosimane, mme o mo reye leina o re Jesu.” Moengele Gabariele o ne a romilwe ke Modimo, mme e ne ya re pele fela a bolela molaetsa ono o o gakgamatsang, a mo raya a re: “Se boife, Marea, gonne o bone kamogelo mo Modimong.” (Luke 1:26, 27, 30, 31) A bo Marea a tshwanetse a bo a ile a kgothadiwa le go nonotshiwa ke mafoko ao jang ne a a neng a mo tlhomamisetsa gore o amogetswe ke Modimo!
13. Baengele ba ne ba thusa Jesu jang?
13 Tiragalo e nngwe e e ileng ya bontsha thuso ya baengele ke fa Jesu a sena go gana fa Satane a mo raela gararo kwa nageng. Pego e re bolelela gore kwa bofelong jwa diteko tseo, “Diabolo a mo tlogela, mme, bona! baengele ba tla mme ba simolola go mo direla.” (Mathaio 4:1-11) Go ne ga direga sengwe se se tshwanang mo bosigong jwa pele Jesu a swa. Jesu o ne a oba mangole ka kutlobotlhoko mme a simolola go rapela, a re: “‘Rara, fa o eletsa, tlosa senwelo seno mo go nna. Le fa go ntse jalo, a go diragale thato ya gago, e seng ya me.’ Foo moengele a tswa legodimong a bonala kwa go ene mme a mo nonotsha.” (Luke 22:42, 43) Mme baengele ba re thusa jang gompieno?
Thuso ya Baengele mo Metlheng Eno
14. Mo metlheng ya bosheng jaana, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tshwanelwa ke go itshokela go bogisiwa gofe, mme diphelelo e nnile dife?
14 Fa re sekaseka hisitori ya motlha ono ya tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa, a ga re bone bosupi jwa gore baengele ba e eme nokeng? Ka sekai, batho ba ga Jehofa ba ne ba kgona go itshokela tlhaselo e e setlhogo ya Banasi kwa Jeremane le Yuropa Bophirima pele ga Ntwa ya Lefatshe II le fa e ntse e fagile (1939-45). Mo pusong ya Bo-Fascist jwa Katoliki kwa Italy, Spain le Portugal, ba ne ba tshwanelwa ke go itshokela pogiso ka lobaka lo loleele le go feta loo. Mme ka masomesome a dingwaga ba ne ba itshokela pogiso mo nageng e pele e neng e bidiwa Soviet Union le dinaga tse e neng e di laola. Sekai se sengwe gape ke sa Basupi ba ba ileng ba itshokela go bogisiwa kwa dinageng dingwe tsa Afrika. * Mo dingwageng tsa bosheng jaana gone, batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba bogisiwa botlhoko kwa nageng ya Georgia. Satane o dirile sotlhe se a ka se kgonang go emisa tiro ya Basupi ba ga Jehofa. Mme jaaka phuthego, ba falotse kganetso eo e bile ba atlegile. Sengwe se se ba thusitseng ke tshireletso ya baengele.—Pesalema 34:7; Daniele 3:28; 6:22.
15, 16. Baengele ba thusa Basupi ba ga Jehofa jang mo bodireding jwa bone jwa lefatshe lotlhe?
15 Basupi ba ga Jehofa ba tsaya masisi thomo e ba e neilweng ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe le go dira barutwa ka go ruta batho ba ba ratang dithuto tsa boammaaruri jwa Baebele gongwe le Mathaio 28:19, 20) Le fa go ntse jalo, ba itse sentle gore ba ka se ka ba diragatsa thomo eno ba sa engwe nokeng ke baengele. Ka jalo, mafoko a a mo go Tshenolo 14:6, 7 a ntse a ba kgothatsa ka metlha. Mafoko ao a re: “Ka bona [go bua moaposetoloi Johane] moengele yo mongwe a fofa mo gare ga legodimo, o ne a tshotse dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng go di bolela e le mafoko a a itumedisang mo go ba ba nnang mo lefatsheng, le mo setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho, a bua ka lentswe le le kwa godimo a re: ‘Boifang Modimo lo bo lo mo neye kgalalelo, ka gonne nako ya gagwe ya go atlhola e gorogile, mme jalo obamelang Ene yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le metswedi ya metsi.’”
gongwe. (16 Mafoko ano a bontsha sentle gore tiro e kgolo ya go rera mo lefatsheng lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa e engwe nokeng ke baengele e bile ba a e kaela. Jehofa o dirisa baengele ba gagwe go kaela batho ba ba peloephepa kwa Basuping ba gagwe. Gape baengele ba ile ba kaela Basupi kwa bathong ba ba tshwanelang. Seo se bontsha gore ke ka ntlha yang fa go direga gantsi jaana—gantsi thata mo go ka se kang ga twe ke kwelano fela—gore mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a kopane le motho ka yone nako e a leng mo bothateng ka yone e bile a tlhoka thuso ya Lefoko la Modimo.
Seabe sa Botlhokwa mo Bogautshwaneng
17. Go ne ga diragalang ka Baasiria fa ba ne ba tlhasetswe ke moengele a le mongwe fela?
17 Kwantle ga gore baengele ke barongwa e bile ke thuso e e nonotshang baobamedi ba ga Jehofa, ba na le se sengwe gape se ba se dirang. Mo metlheng e e fetileng, ba ne ba diragatsa dikatlholo tsa Modimo. Ka sekai, bogologolo mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., Jerusalema e ne e tshosediwa ke lesomo le legolo la masole a Baasiria. Jehofa o ne a dira jang ka seo? O ne a re: “Eleruri ke tla femela motse ono gore ke o boloke ka ntlha ya me le ka ntlha ya ga Dafide motlhanka wa me.” Pego ya Baebele e re bolelela se se ileng sa direga: “Ga diragala mo bosigong joo gore moengele wa ga Jehofa a tswe a ye go kgemetha ba le dikete di le lekgolo le masome a robabobedi le botlhano mo bothibelelong jwa Baasiria. E rile batho ba tsoga go sa le phakela, bona, botlhe ya bo e le ditopo tse di suleng.” (2 Dikgosi 19:34, 35) A bo masole a batho a se na maatla jang ne fa a bapisiwa le maatla a moengele a le mongwe fela!
18, 19. Baengele ba tla nna le seabe sefe se segolo mo bogaufing, mme se tla ama batho jang?
18 Baengele ba tla diragatsa katlholo ya Modimo mo bogaufing. Go ise go ye kae, Jesu o tla tla “a na le baengele ba gagwe ba ba maatla mo molelong o o tutumang.” Boikaelelo jwa bone e tla bo e le go tlisa “pusoloso mo go ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu.” (2 Bathesalonika 1:7, 8) A bo kgato eno e tla ama batho thata jang ne! Ba ba ganang go tsaya kgato ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo tse jaanong di bolelwang mo lefatsheng lotlhe ba tla senngwa. Ba ba batlang Jehofa, tshiamo le bopelonolo ke bone fela ba tla ‘sujwang mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa’ ba bo ba sa senngwe.—Sefania 2:3.
19 Re a leboga go bo Jehofa a dirisa baengele ba gagwe ba ba maatla go ema nokeng le go nonotsha baobamedi ba gagwe mo lefatsheng. Go a gomotsa go tlhaloganya seabe se baengele ba nang le sone mo boikaelelong jwa Modimo ka gonne go na le baengele ba ba ileng ba tsuologela Jehofa mme ba latela Satane. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa dikgato tse Bakeresete ba boammaaruri ba ka di tsayang go itshireletsa mo tlhotlheletsong e e maatla ya ga Satane Diabolo le madimona a gagwe.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 14 Go bona dipego tse di kwadilweng ka botlalo tsa dipogiso tseno, bona Yearbook of Jehovah’s Witnesses ya 1983 (Angola), 1972 (Czechoslovakia), 2000 (Czech Republic), 1992 (Ethiopia), 1982 (Italy), 1974 le 1999 (Jeremane), 1999 (Malawi), 2004 (Moldova), 1996 (Mozambique), 1994 (Poland), 1983 (Portugal), 1978 (Spain), 2002 (Ukraine), le 2006 (Zambia).
O Ithutile Eng?
• Baengele ba nnile teng jang?
• Baengele ba ne ba dirisiwa jang mo metlheng ya Baebele?
• Tshenolo 14:6, 7 e senola eng ka tiro ya baengele gompieno?
• Baengele ba tla nna le seabe sefe se segolo mo bogaufing?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Manoa le mosadi wa gagwe ba ne ba kgothadiwa ke moengele
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
“Ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le bone”