Bona! Lesedi le Molemo!
Bona! Lesedi le Molemo!
FA e le gore o kile wa apaapa mo lefifing, o itse gore seo se ka go kgoba marapo jang. Lesedi le naya tsholofelo! O ka tswa o kile wa nna mo boemong jo bo neng bo dira gore o ikutlwe e kete o mo lefifing. Gongwe o ne o ikutlwa jalo fa o ne o sa kgone go rarabolola bothata bongwe. Mme o ne wa bona lesedi ka iketlo—mme kgabagare wa bona tharabololo. Gore o kgone go tswa mo lefifing le le ntseng jalo o bo o tsena mo leseding ke sengwe se se itumedisang.
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho ba kakaretso ba ne ba le mo lefifing la semoya. Fa moaposetoloi Petere a ne a bua le batho ba ba neng ba tlogetse se ba neng ba se dumela pele mme ba nna Bakeresete, o ne a re, ‘Modimo o ne a lo bitsa mo lefifing a lo isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.’ (1 Petere 2:9) Mo go bone, seno se ne se tshwana le se se diregang fa motho a tswa mo lefifing le lentshontsho a tsena mo leseding le le phatsimang. Gape seno se ka tshwantshiwa le fa motho a le esi a se na tsholofelo mme a bo a nna leloko la lelapa le le nang le bokamoso jo bo sireletsegileng.—Baefeso 2:1, 12.
“O Tlogetse Lorato lo o Neng O na Le Lone Pele”
Bakeresete ba pele ba ne ba bona “boammaaruri”—tumelo ya boammaaruri ya Bokeresete. (Johane 18:37) Ba ne ba bona lesedi le le phatsimang la boammaaruri mme ba dira diphetogo ba tswa mo lefifing la semoya ba tsena mo leseding le le sedifaletsang. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, matlhagatlhaga a Bakeresete bangwe ba neng ba na le one kwa tshimologong a ne a fela. Ka sekai, kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, go ne go na le bothata jo bo masisi mo phuthegong ya kwa Efeso. Jesu Keresete yo o neng a tsositswe o ne a bona bothata joo, mme a re: “Ke na le seno se ke se nyatsang ka wena, gore o tlogetse lorato lo o neng o na le lone pele. Jalo gakologelwa gore o ole mo go eng, mme o ikwatlhaye o bo o dire ditiro tsa pele.” (Tshenolo 2:4, 5) Bakeresete ba kwa Efeso ba ne ba tlhoka go tsosolosa lorato lwa bone mo Modimong le mo dithutong tsa boammaaruri.
Rona re mo boemong bofe? Le rona re bone boitumelo jwa go bona lesedi, jwa go itse boammaaruri jo bo molemolemo jwa Lefoko la Modimo. Re ithutile go rata boammaaruri. Mme mathata a a welang batho botlhe a ka fokotsa tsela e re ratang boammaaruri ka yone. Gape go na le mathata a a nnang teng mo “metlheng ya bofelo.” Re tshela mo lefatsheng la “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone”—lefatshe le le tletseng ka batho ba e leng “baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng.” (2 Timotheo 3:1, 2) Tlhotlheletso ya bone e ka fokotsa matlhagatlhaga a rona le lorato lwa rona mo Modimong.
Fa e le gore re tlogetse lorato lo re neng re na le lone pele, re tshwanetse go ‘gakologelwa gore re ole mo go eng, mme re ikwatlhaye.’ Re tshwanetse go boela kwa boemong jwa rona jwa pele jwa semoya. Gape re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se letle gore tsela e re anaanelang boammaaruri ka yone e fokotsege. Go botlhokwa thata gore rotlhe re nne re na le tsholofelo mme re itumetse mme re dire gore lorato lwa rona mo Modimong le mo boammaaruring jwa gagwe lo nne lo tshela!
‘Lorato Lo lo Re Gololang’
Lesedi la boammaaruri jwa Baebele le molemo ka gonne Baebele e araba dipotso tsa botlhokwa
tse di ntseng di akabatsa batho ka dingwagangwaga. Dingwe tsa dipotso tseno ke tse: Ke ka ntlha yang fa re le fano? Boikaelelo jwa botshelo ke eng? Ke ka ntlha yang fa bosula bo le teng? A go na le botshelo morago ga loso? Jehofa o re sedifaleditse ka dithuto tse di molemolemo tsa boammaaruri. A ga re a tshwanela go anaanela seo? E kete re ka tswelela re anaanela se re se ithutileng!Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Johane 8:32) Setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo se dirile gore re kgone go gololesega mo boleong le mo losong. Mme dithuto tseno tsa boammaaruri tse di tlhwatlhwakgolo di re golotse mo botlhokakitsong le mo ditlhobaelong tse di leng teng mo lefatsheng le le aparetsweng ke lefifi. Go tlhatlhanya ka kanaanelo ka se re se ithutileng go tla re thusa go nonotsha lorato lwa rona mo go Jehofa le mo Lefokong la gagwe.
Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Thesalonika jaana: “E rile lo amogela lefoko la Modimo, le lo neng lwa le utlwa mo go rona, lwa le amogela, e seng jaaka lefoko la batho, mme, fela jaaka ruri le ntse, jaaka lefoko la Modimo, le gape le dirang mo go lona badumedi.” (1 Bathesalonika 2:13) Bathesalonika ba ne ba utlwa mme ba “amogela lefoko [la Modimo] ka boipelo.” Ba ne ba sa tlhole ba le “mo lefifing.” Go na le moo, ba ne ba setse ba le “bana ba lesedi.” (1 Bathesalonika 1:4-7; 5:4, 5) Bakeresete bao ba ne ba ithuta gore Jehofa ke Mmopi le gore ke mothatayotlhe, o botlhale, o lorato e bile o kutlwelobotlhoko. Jaaka balatedi ba bangwe ba ga Keresete, gape ba ne ba ithuta gore Jehofa o dirile thulaganyo ya go phimola maleo a bone ka setlhabelo sa thekololo sa Morwawe, Jesu Keresete.—Ditiro 3:19-21.
Le fa Bathesalonika ba ne ba sa itse dilo tsotlhe tse ba neng ba tlhoka go di itse ka boammaaruri, ba ne ba itse kwa ba ka batlang kitso teng. Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di ka dira gore motho wa Modimo a “tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (2 Timotheo 3:16, 17) Bakeresete ba kwa Thesalonika ba ne ba ka tswelela ba ithuta, mme ba iponele gantsintsi gore lesedi le le tswang mo Lefokong la Modimo le molemo eleruri. Ba ne ba na le lebaka la go ipela ka dinako tsotlhe. (1 Bathesalonika 5:16) Le rona re na le lone.
Lesedi la Tsela ya Rona
Mopesalema o ne a opela jaana fa a ne a tlhalosa lebaka la go bo lesedi le le molemo: “Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me, le lesedi la tsela ya me.” (Pesalema 119:105) Kaelo ya Modimo e re e bonang mo Lefokong la gagwe e ka re thusa go rulaganya botshelo jwa rona ka tsela e e siameng mme re itumelele botshelo jo bo nang le boikaelelo. Ga go tlhokege gore re nne jaaka sekepe se se ikelang go sele. Go itse le go dirisa boammaaruri go re sireletsa gore re se ka ra “heheutlelwa kwa le kwa jaaka e kete re heheutlwa ke makhubu e bile re akgaakgelwa kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto.”—Baefeso 4:14.
Baebele ya re: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene. Gape ya re: “Go itumela yo Modimo wa ga Jakobe e leng thuso ya gagwe, yo o solofetseng mo go Jehofa Modimo wa gagwe.” (Pesalema 146:3, 5) E bile go tshepa Jehofa go re thusa go fenya poifo le tlhobaelo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Go kaelwa ke lesedi la Lefoko la Modimo ruri go re solegela molemo.
Phatsimang Jaaka Masedi mo Lefatsheng
Lebaka le lengwe gape la go bo lesedi la Lefoko la Modimo le le molemo ke gore le re bulela sebaka sa go dira tiro ya maemo a a kwa godimo thata e e ka dirwang ke batho. Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe a re: “Tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme, bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” Pele ga a tlhalosa taelo eo o ne a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.”—Mathaio 28:18-20.
Akanya ka motho yo o thusang Bakeresete ba boammaaruri mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo le go ruta batho ba ditšhaba tsotlhe boammaaruri jwa Baebele. Jesu o ne a solofetsa balatedi ba gagwe gore o tla nna le bone. Tota o ntse a ba thusa le go ba ema nokeng mo bodireding jwa bone fa ‘lesedi la bone le phatsimela batho’ ka tsela eo le ka ‘ditiro tse dingwe tse di molemo.’ (Mathaio 5:14-16) Baengele le bone ba na le seabe mo tirong ya go rera. (Tshenolo 14:6) Jehofa Modimo ene seabe sa gagwe ke sefe? Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Ke ne ka jala, Apolose a nosetsa, mme Modimo o ne a nna a godisa.” Ruri go nna gareng ga “badirimmogo le Modimo” ke tshiamelo e kgolo!—1 Bakorintha 3:6, 9.
Gape akanya kafa maiteko a rona mo tirong eno e re e neilweng ke Modimo a segofadiwang ka teng. Ga go na sepe se re ka se bapisang le tshiamelo e re e neilweng ke Modimo ya go ‘phatsima jaaka masedi mo lefatsheng.’ Ka go bontsha lesedi le le tswang mo Lefokong la Modimo mo tseleng e re buang ka yone le e re dirang dilo ka yone, re kgona go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang. (Bafilipi 2:15) Mme re ka ipela fa re ntse re rera e bile re ruta ka matlhagatlhaga, ‘gonne Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya rona le lorato lo re lo bontshitseng leina la gagwe.’—Bahebera 6:10.
“O Reke Molemo o o Tshasiwang wa Matlho Gore o Tshase Matlho a Gago”
Mo molaetseng o o neng o ya kwa phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Laodikia, Jesu o ne a re: “O reke mo go nna . . . molemo o o tshasiwang wa matlho gore o tshase matlho a gago o tle o bone. Botlhe ba ke ba ratang ke a ba kgalemela ke ba ke ba otlhaya.” (Tshenolo 3:18, 19) Tsela ya go alafa bofofu jwa semoya ke “molemo o o tshasiwang wa matlho”—dithuto le kotlhao ya ga Jesu. Fa re batla go nna re na le pono e e siameng ya semoya, re tshwanetse go amogela kgakololo ya gagwe mme re e ikobele mmogo le kaelo yotlhe e e mo Baebeleng. Gape re tshwanetse go nna le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jwa ga Keresete mme re etse sekao sa gagwe. (Bafilipi 2:5; 1 Petere 2:21) Molemo o o tshasiwang wa matlho ga o bonwe mahala. Jesu o rile: “O reke mo go nna.” Seno se tlhoka nako le maiteko.
Fa re tswa mo lefifing mme re tsena mo kamoreng e e bonesitsweng sentle, go ka nna ga tsaya nako pele ga matlho a rona a tlwaela lesedi leo. Ka tsela e e tshwanang, go tsaya nako go ithuta Lefoko la Modimo le go bona lesedi la boammaaruri. Go tsaya nako go tlhatlhanya ka se re se ithutang le go akanya kafa boammaaruri bo leng botlhokwa thata ka teng. Le fa go ntse jalo, seno ga se tlhwatlhwa e e kwa godimo. Ka ntlha yang? Ka gonne lesedi le molemo!
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
“O reke mo go nna . . . molemo o o tshasiwang wa matlho gore o tshase matlho a gago o tle o bone”